Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Etsa Jehofa fa o Thapisa Bana ba Gago

Etsa Jehofa fa o Thapisa Bana ba Gago

Etsa Jehofa fa o Thapisa Bana ba Gago

“A batsadi botlhe ga ba kgalemele bana ba bone?”—BAHEBERA 12:7, Contemporary English Version.

1, 2. Ke ka ntlha yang fa batsadi ba na le mathata a go godisa bana ba bone gompieno?

PATLISISO nngwe e e neng ya dirwa kwa Japane dingwaga di le mmalwa tse di fetileng e ne ya senola gore mo e ka nnang halofo ya bagolo ba ba neng ba botsolodiwa ba ne ba na le maikutlo a gore ga go na puisano epe e kalo mo gare ga batsadi le bana ba bone le gore batsadi ba repisitse letsogo thata mo baneng ba bone. Mo patlisisong e nngwe e e neng ya dirwa mo go yone naga eo, mo e ka nnang kotara ya ba ba neng ba botsolodiwa e ne ya dumela gore ba ne ba sa itse gore ba ka dirisana le bana jang. Bothata jono ga se jwa kwa Botlhaba fela. “Batsadi ba le bantsi ba Canada ba ne ba dumela gore ga ba itse gore ba dire jang gore ba nne batsadi ba ba molemo,” go ne ga bega jalo The Toronto Star. Gongwe le gongwe fela batsadi ba go fitlhela go le thata go godisa bana ba bone.

2 Ke ka ntlha yang fa batsadi ba go fitlhela go le thata go godisa bana ba bone? Lebaka le legolo ke gore re tshela “mo metlheng ya bofelo,” mme e na le “dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.” (2 Timotheo 3:1) Mo godimo ga moo, “tshekamelo ya pelo ya motho e bosula go tloga bosheng jwa gagwe go ya pele,” go rialo Baebele. (Genesise 8:21) Mme bogolo jang basha ba tlhaselwa motlhofo ke Satane, yo jaaka “tau e e kurutlang” a tlhaselang ba ba se nang maitemogelo. (1 Petere 5:8) Eleruri batsadi ba Bakeresete, bao ba lekang go simolola go godisa bana ba bone “mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa,” ba kopana le dikgoreletsi di le dintsi. (Baefeso 6:4) Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang gore ba gole ba bo ba nne baobamedi ba ba godileng ba ga Jehofa, ba ba kgonang go farologanya “se se siameng le se se sa siamang”?—Bahebera 5:14.

3. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore batsadi ba thapise le go kaela bana ba bone fa ba batla go ba godisa ka katlego?

3 “Boeleele bo bofeletswe mo pelong ya mosimane,” go ne ga rialo Kgosi Solomone yo o botlhale. (Diane 13:1; 22:15) Gore bana ba tlose boeleele jono mo dipelong tsa bone, ba tlhoka go kgalemelwa ka tsela e e lorato ke batsadi ba bone. Le fa go ntse jalo, ga se ka metlha basha ba itumelelang go kgalemelwa jalo. Tota e bile, gantsi ba gana kgakololo, go sa kgathalesege gore e newa ke mang. Ka gone, batsadi ba tshwanetse go ithuta go “thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng.” (Diane 22:6) Fa bana ba amogela kotlhao e e ntseng jalo, e ka ba thusa go bona botshelo. (Diane 4:13) A bo go le botlhokwa jang ne gore batsadi ba itse gore go thapisa bana ba bone go akaretsang!

Kotlhao—Se e Se Bolelang

4. Totatota lefoko “kotlhao” jaaka le dirisitswe mo Baebeleng le bolelang?

4 Batsadi bangwe ga ba kgalemele bana ba bone ka gonne ba tshaba gore go tla twe ba a ba sotla—mo mmeleng, ka puo, kgotsa mo maikutlong. Ga re a tshwanela go nna le poifo e e ntseng jalo. Lefoko “kotlhao” jaaka fa le dirisiwa mo Baebeleng ga le bolele mofuta ope wa go sotla kgotsa bosetlhogo. Lefoko la Segerika le le rayang “kotlhao” totatota le raya kaelo, thuto, kgalemelo mme ka dinako tse dingwe le raya gape go betsa o nitame mme e le ka lorato.

5. Ke ka ntlha yang fa go le molemo go akanyetsa tsela e Jehofa a dirisanang le batho ba gagwe ka yone?

5 Jehofa Modimo o re tlhomela sekao se se molemo tota fa go tsenwa mo go neyeng kotlhao e e ntseng jalo. Fa moaposetoloi Paulo a ne a bapisa Jehofa le rre wa motho, o ne a kwala jaana: “A batsadi botlhe ga ba siamise bana ba bone? . . . Borraarona ba batho ba a re siamisa mme e le ga nakwana fela, mme ba go dira jaaka fa ba bona go tshwanela. Mme Modimo ene o re siamisetsa se se tla re tswelang molemo, ka gonne o batla gore re nne boitshepo.” (Bahebera 12:7-10, Contemporary English Version) Ee, Jehofa o otlhaya batho ba gagwe ka boikaelelo jwa gore ba nne boitshepo, kgotsa ba itsheke. Eleruri re ka kgona go ithuta go le gontsi thata malebana le go otlhaya bana ka go sekaseka tsela e Jehofa a thapisitseng batho ba gagwe ka yone.—Duteronome 32:4; Mathaio 7:11; Baefeso 5:1.

Lorato—Selo se Segolo se se Tlhotlheletsang

6. Ke ka ntlha yang fa go ka nna thata gore batsadi ba etse lorato lwa ga Jehofa?

6 “Modimo ke lorato,” go rialo moaposetoloi Johane. Ka gone he, thapiso e Jehofa a re nayang yone ka metlha e tlhotlhelediwa ke lorato. (1 Johane 4:8; Diane 3:11, 12) A seno se raya gore batsadi ba ba ratang bana ba bone ba tla go fitlhela go le motlhofo go etsa Jehofa mo ntlheng eno? Ga go reye jalo. Lorato lwa Modimo ke lorato lo lo laolwang ke melaometheo. Mme mokanoki mongwe wa Mogerika o bontsha gore lorato lo lo ntseng jalo “ga se ka metlha lo tla dirang dilo go ya ka ditshekamelo tsa motho tsa tlholego.” Modimo ga a dire dilo ka go tseega maikutlo. Ka metlha o akanyetsa se se molemolemo mo bathong ba gagwe.—Isaia 30:20; 48:17.

7, 8. (a) Jehofa o re tlhometse sekao sefe sa lorato lo lo laolwang ke melaometheo mo tseleng e a neng a dirisana ka yone le batho ba gagwe? (b) Batsadi ba ka etsa Jehofa jang mo go thuseng bana ba bone go nna le bokgoni jwa go latela melaometheo ya Baebele?

7 Akanya ka lorato lo Jehofa a neng a lo bontsha fa a ne a dirisana le Baiseraele. Moshe o ne a dirisa setshwantsho se sentle go tlhalosa lorato lwa ga Jehofa mo setšhabeng se sennye seo sa Iseraele. Re bala jaana: “Fela jaaka ntsu e fudua sentlhaga sa yone, e fofafofa fa godimo ga mamphorwana a yone, e tsharolola diphuka tsa yone, e a tsaya, e a tshola ka dintlha tsa diphuka tsa yone, Jehofa a le nosi o ne a nna a . . . etelela [Jakobe] pele.” (Duteronome 32:9, 11, 12) Fa ntsu e ruta mamphorwana a yone go fofa, e “fudua sentlhaga sa yone,” e phaphasetsa diphuka tsa yone go tlhotlheletsa mamphorwana a yone gore a fofe. Fa kgabagare lemphorwana le photsha mo sentlhageng, se gantsi se a bong se le mo lepaweng le le kwa godimo la thaba, mmaalone o “fofafofa fa godimo ga” lone. Fa go bonala e kete lemphorwana leno le tloga le itaagana fa fatshe, mmaalone o fofela ka bonako kwa tlase ga lone, a le tshware ka ‘dintlha tsa diphuka tsa yone.’ Ka lorato, Jehofa o ne a tlhokomela setšhaba sa Iseraele se se sa tswang go tsholwa ka tsela e e tshwanang. O ne a naya batho Molao wa ga Moshe. (Pesalema 78:5-7) Go tswa foo Modimo o ne a baya setšhaba seno leitlho ka kelotlhoko e kgolo, a iketleeditse go tla go namola batho ba gagwe fa ba tsena mo mathateng.

8 Batsadi ba Bakeresete ba ka etsa lorato lwa ga Jehofa jang? Sa ntlha ba tshwanetse go ruta bana ba bone melaometheo le ditekanyetso tse di fitlhelwang mo Lefokong la Modimo. (Duteronome 6:4-9) Mokgele wa bone ke go thusa bana ba bone go ithuta go dira ditshwetso tumalanong le melaometheo ya Baebele. Fa ba dira seno, batsadi bano ba ba lorato ba fofafofa mo godimo ga bana ba bone, ka tsela ya tshwantshetso, ba etse tlhoko gore ba dirisa jang melaometheo e ba e ithutileng. Fa bana bano ba ntse ba gola mme ka iketlo ba newa kgololesego e kgolwanyane, batsadi ba ba lorato ba iketleeditse go “fofela ka bonako kwa tlase ga bone” mme ba ba ‘tshware ka dintlha tsa diphuka tsa bone’ fa kotsi e tlhaga. Kotsi ya mofuta mang?

9. Batsadi ba ba lorato ba tshwanetse go nna ba butse matlho go bona kotsi efe segolobogolo? Tshwantsha.

9 Jehofa Modimo o ne a tlhagisa Baiseraele ka ditlamorago tsa go itlwaelanya le batho ba ba bosula. (Dipalo 25:1-18; Esera 10:10-14) Go itlwaelanya le batho ba ba sa siamang ke kotsi e e leng teng le gompieno. (1 Bakorintha 15:33) Batsadi ba Bakeresete ba tshwanetse go etsa Jehofa mo ntlheng eno. Mosetsana mongwe wa dingwaga di le 15 yo o neng a bidiwa Lisa o ne a kgatlhegela mosimane mongwe yo o neng a sa tshele ka mekgwa e mentle ya boitshwaro le ya semoya e lelapa la gaabo mosetsana le neng le tshela ka yone. “Batsadi ba me ba ne ba kgona go bona ka bonako gore boikutlo jwa me bo fetogile mme ba ne ba bontsha go tshwenyega,” go rialo Lisa. “Ka dinako tse dingwe ba ne ba nkgalemela, mme ka dinako tse dingwe ba ne ba nkgothatsa ka lorato.” Ba ne ba nna fa fatshe le Lisa mme ba mo reetsa ka bopelotelele, ka go rialo ba mo thusa go lebana le se ba neng ba lemoga gore ke jone bothata jo bogolo—go eletsa go amogelwa ke balekane ba gagwe. *

Dirang Gore Puisano ya Lona E se Ka ya Kgaotsa

10. Jehofa o ne a tlhoma sekao se se molemo ka ditsela dife mo go buisaneng le Baiseraele?

10 Gore batsadi ba atlege fa ba thapisa bana ba bone, ba tshwanetse go leka go dira gore ba se ka ba kgaotsa go buisana le bana ba bone. Le fa Jehofa a itse sentle se se mo dipelong tsa rona, o re kgothaletsa go buisana le ene. (1 Ditiragalo 28:9) Fa Jehofa a sena go naya Baiseraele Molao, o ne a laela Balefi go ba ruta, mme a romela baporofeti go ya go akantshana le bone le go ba siamisa. Gape o ne a bontsha gore o iketleeditse go reetsa dithapelo tsa bone.—2 Ditiragalo 17:7-9; Pesalema 65:2; Isaia 1:1-3, 18-20; Jeremia 25:4; Bagalatia 3:22-24.

11. (a) Batsadi ba ka dira jang go kgothaletsa bana ba bone go buisana le bone ka tsela e e molemo? (b) Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore batsadi ba nne bareetsi ba ba molemo fa ba buisana le bana ba bone?

11 Batsadi ba ka etsa Jehofa jang fa ba buisana le bana ba bone? Sa ntlhantlha, ba tshwanetse go nna le nako le bone. Gape batsadi ga ba a tshwanela go bua dipuo tse di sa akanyetseng tse di sotlang tse di tshwanang le, “A o ne o batla go mpolelela seo fela? Ke ne ke ithaya ke re o batla go bua sengwe se se botlhokwa”; “O bua bomatla”; “E le gore o ne o lebeletse gore go diregeng? O buisiwa ke bongwana fela.” (Diane 12:18) Go thusa bana ba bone go ntsha mafatlha, batsadi ba ba botlhale ba leka go nna bareetsi ba ba molemo. Batsadi ba ba itlhokomolosang bana ba bone fa bana ba sa ntse ba le bannye ba ka nna ba iphitlhela ba tlhokomologiwa ke bana ba bone fa ba setse ba godile. Ka metlha Jehofa o ntse a iketleeleditse go reetsa batho ba gagwe. Tsebe ya gagwe e dula e ntse e bulegetse go utlwa ba ka boikokobetso ba retologelang kwa go ene ka thapelo.—Pesalema 91:15; Jeremia 29:12; Luke 11:9-13.

12. Ke dinonofo dife tse batsadi ba tshwanetseng go di bontsha tse di ka dirang gore go nne motlhofo gore bana ba bone ba ba atamele?

12 Gape bona kafa dikarolo dingwe tsa botho jwa Modimo di dirileng gore go nne motlhofo ka gone gore batho ba gagwe ba mo atamele ka tshosologo. Ka sekai, Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo o ne a leofa mo go maswe ka go gokafala le Bathesheba. E re ka Dafide e ne e le motho yo o sa itekanelang, o ne a dira maleo a mangwe a a masisi mo botshelong jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, le ka motlha ga a ise a ko a tsamaye a palelwe ke go atamela Jehofa le go mo kopa gore a mo itshwarele le go mo kgalemela. Ga go na pelaelo gore bopelonomi jo bo lorato jwa Modimo le boutlwelobotlhoko jwa gagwe di dirile gore go nne motlhofo gore Dafide a boele kwa go Jehofa. (Pesalema 103:8) Ka go bontsha dinonofo tsa bomodimo tse di tshwanang le kutlwelobotlhoko le bopelotlhomogi, batsadi ba ka thusa go boloka ditsela tsa puisano di ntse di bulegile tota le fa bana ba dira phoso.—Pesalema 103:13; Malaki 3:17.

Nna Tekatekano

13. Go nna tekatekano go akaretsang?

13 Fa batsadi ba reeditse bana ba bone, ba tshwanetse go nna tekatekano mme ba bontshe “botlhale jo bo tswang kwa godimo.” (Jakobe 3:17) “A go nna tekatekano ga lona go itsiwe mo bathong botlhe,” go kwadile jalo moaposetoloi Paulo. (Bafilipi 4:5) Go rayang go nna tekatekano? Tlhaloso nngwe ya lefoko la Segerika le le ranotsweng go twe “tekatekano” ke “go se gatelele gore go latelwe tlhaka nngwe le nngwe ya molao.” Batsadi ba ka nna jang tekatekano mme gone ba ntse ba bolokile ditekanyetso tse di tlhomameng tsa boitshwaro le tsa semoya?

14. Jehofa o ne a bontsha jang gore o tekatekano fa a ne a dirisana le Lote?

14 Jehofa o re tlhomela sekao se se tlhomologileng sa go nna tekatekano. (Pesalema 10:17) Fa a ne a kgothaletsa Lote le lelapa la gagwe gore ba tswe mo motseng o o atlholetsweng go senngwa wa Sodoma, Lote o ne “a nnela go diega.” Moragonyana, fa moengele wa ga Jehofa a ne a mo kopa gore a tshabele kwa karolong e e dithaba, Lote o ne a re: “Ga ke kgone go falolela kwa kgaolong e e dithaba . . . Jaanong tsweetswee, motse ono [Soare] o gaufi go ka tshabela kwa go one mme ke selo se se nnye. Tsweetswee, mma ke falolele gone—a ga se selo se sennye?” Jehofa o ne a arabela jang? O ne a re: “Bona, ke go bontsha bopelotlhomogi go tla go fitlha fano, ka go sa ribegetse motse o o buileng ka one.” (Genesise 19:16-21, 30) Jehofa o ne a iketleeditse go amogela kopo ya ga Lote. Ee, batsadi ba tshwanetse go kgomarela ditekanyetso tse Jehofa Modimo a di beileng mo Lefokong la gagwe, e leng Baebele. Le fa go ntse jalo, go ka nna ga kgonega go letla dikeletso tsa bana ba bone fa go se na melaometheo epe ya Baebele e e tlolwang.

15, 16. Batsadi ba ka ithuta thuto efe mo setshwantshong se se fitlhelwang mo go Isaia 28:24, 25?

15 Go nna tekatekano go akaretsa go baakanya pelo ya bana gore ba siamele go amogela kgakololo. Ka tsela ya tshwantshetso, Isaia o ne a bapisa Jehofa le molemi mme a re: “A molemi o lema letsatsi lotlhe gore a jale peo, a lemolola le go thuba makwete a mmu wa gagwe? Fa a sena go o rethefatsa fa godimo, a ga a gase kumina yo montsho a bo a kgatšha kumina, le gone a ga a tshwanela go tsenya korong, lebelebele, le barele mo lefelong le le tlhomilweng, le mabele a a tlhabang e le molelwane wa gagwe?”—Isaia 28:24, 25.

16 Jehofa o ‘lema gore a jale peo’ e bile o ‘lemolola le go thuba makwete a mmu wa gagwe.’ Ka gone o baakanya pelo ya batho ba gagwe pele ga a ba otlhaya. Fa batsadi ba kgalemela bana ba bone, ba ka ‘lema’ jang dipelo tsa bone? Rre mongwe o ne a etsa Jehofa fa a ne a kgalemela mosimanyana wa gagwe wa dingwaga di le nnè. Fa morwawe a sena go itaya mosimanyana wa moagelani, rre yono o ne a nna fa fatshe pele, a reetsa diipato tsa ga morwawe ka bopelotelele. Morago ga moo, jaaka e kete o ‘lema’ pelo ya mosimanyana wa gagwe, rre yono o ne a mmolelela kgang ya mosimanyana yo monnye yo o neng a tlhola a kgerisiwa ke modipa mongwe. E ne ya re fa mosimanyana yono a utlwa ka kgang eno o ne a tlhotlheletsega go bua a re modipa yono o tshwanetse go otlhaiwa. ‘Go lema’ gono go ne ga baakanya pelo ya mosimanyana mme ga dira gore a kgone go bona motlhofo gore go itaya mosimanyana wa moagelani go ne go tshwana le go go dirilweng ke modipa yole le gore go ne go le phoso.—2 Samuele 12:1-14.

17. Mo go Isaia 28:26-29 re newa thuto efe ka tsela e batsadi ba tshwanetseng go kgalema bana ka yone?

17 Isaia gape o ne a bapisa go siamisiwa ke Jehofa le tiro e nngwe gape ya go lema—go photha. Molemi o dirisa dilo tse di farologaneng go photha go ya ka gore mmoko o thata go le kana kang. Go dirisiwa thupa go photha kumina e e seng thata e ntsho go bo go dirisiwa thobane go photha kumina ya mofuta o mongwe, mme go dirisiwa leotwana la selei kgotsa la kara go photha ditlhaka tse di nang le mmoko o o thatanyana. Le fa go ntse jalo, ga a na go thuga ditlhaka tse di thatanyana gore di bo di sale di le lorole fela. Ka tsela e e tshwanang, fa Jehofa a batla go tlosa sepe fela se se sa eletsegeng mo bathong ba gagwe, o fetofetola tsela e a ba tshwarang ka yone go ya ka dilo tse di tlhokegang le maemo a nako eo. Ga a ke a dirisa dikgoka kgotsa go ba gatelela. (Isaia 28:26-29) Bana bangwe ba tlhoka fela gore batsadi ba bone ba ba lebe fela ba bo ba bona ntlha, mme go bo go sa tlhokege sepe se se fetang seo. Ba bangwe bone ba tlhoka go nna ba gakololwa gangwe le gape, mme ba bangwe bone ba tla tlhoka gore go buiwe le bone go mennwe phatlha. Batsadi ba ba tekatekano ba tla kgalema ngwana go ya kafa ngwana yoo a tlhokang ka gone.

Dira Gore Dinako Tsa go Tlotla lo le Lelapa e Nne Tse di Itumedisang

18. Batsadi ba ka dira jang gore ba nne le nako ya go ithuta Baebele mmogo e le lelapa ka metlha?

18 Dingwe tsa ditsela tse di molemolemo tsa go ruta bana ba gago ke ka go ithuta Baebele lo le lelapa ka metlha le go tlotla ka Dikwalo letsatsi le letsatsi. Thuto ya lelapa e nna le matswela a mantle thata fa e tshwarwa ka metlha. Fa e tshwarwa fela fa go diregile gore e tshwarwe, kgotsa e tshwarwa fela fa go akanngwa ka nako eo gore e tshwarwe, go ka direga gore e feletse e tshwarwa sewelo fela. Ka gone batsadi ba tshwanetse go ‘reka nako’ ya go ithuta. (Baefeso 5:15-17) Go baya nako e e tshwanetseng ya thuto e e tla siamelang mongwe le mongwe e ka nna kgwetlho. Tlhogo nngwe ya lelapa e ne ya fitlhela gore fa bana ba ntse ba gola, dithulaganyo tsa bone tse di farologaneng di ne di dira gore go se nne motlhofo go dira gore lelapa lotlhe le ithute mmogo. Le fa go ntse jalo, lelapa le ne le nna mmogo ka metlha mo maitseboeng a dipokano tsa phuthego. Ka gone rre o ne a rulaganyetsa gore thuto ya lelapa e nne mo go bongwe jwa masigo ao. Seno se ne sa atlega. Bana bano botlhe ka boraro jwa bone jaanong ke batlhanka ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa.

19. Batsadi ba ka etsa Jehofa jang fa ba tshwara thuto ya lelapa?

19 Le fa go ntse jalo, ga go a lekana go bala fela dintlha dingwe tsa Dikwalo fa lo ithuta. Jehofa o ne a ruta Baiseraele ba ba tsosolositsweng a dirisa baperesiti, ba ba neng ba ‘tlhalosa Molao ka botlalo e bile ba dira gore o nne le bokao,’ “ba dira gore go tlhaloganngwe se se balwang.” (Nehemia 8:8) Rre mongwe yo o neng a atlega go thusa bana botlhe ba gagwe ba le supa go rata Jehofa, ka metlha o ne a tsena mo kamoreng ya gagwe pele ga nako ya thuto ya lelapa gore a baakanyetse, a rulaganya dintlha tsa gagwe gore di tsamaisane le se se tlhokwang ke ngwana mongwe le mongwe. O ne a dira gore bana ba gagwe ba itumelele thuto. “Ka metlha thuto e ne e le monate tota,” go gakologelwa jalo mongwe wa bana ba gagwe ba basimane ba ba godileng. “Fa re ne re tshameka bolo kwa ntle, e ne e re fa re bidiwa gore re tle thutong ya lelapa, re bo re baya bolo ya rona ka yone nako eo re bo re tabogela mo ntlong go tla go ithuta. E ne e le mangwe a maitseboa a a neng a itumedisa thata mo bekeng.”

20. Ke bothata bofe jo bo ka nnang teng mo go godiseng bana jo bo sa ntseng bo tlhoka go akanyediwa?

20 Mopesalema o ne a bolela jaana: “Bonang! Bana ke boswa jo bo tswang kwa go Jehofa; maungo a sebopelo ke tuelo.” (Pesalema 127:3) Go thapisa bana ba rona go tlhoka nako le boiteko, mme fa re dira seno sentle go ka leretse bana ba rona botshelo jo bo sa khutleng. A bo seo e tla nna tuelo e e molemo jang ne! Ka gone he, a re etseng Jehofa ka tlhoafalo fa re thapisa bana ba rona. Le fa go ntse jalo, le mororo batsadi ba neilwe boikarabelo jwa go “godisetsa [bana] mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa,” seno ga se reye gore ba tla atlega ka metlha. (Baefeso 6:4) Tota le fa ngwana a newa tlhokomelo e e di gaisang tsotlhe, a ka nna a tsuologa mme a tlogela go direla Jehofa. Go dirweng he mo maemong a a ntseng jalo? Setlhogo se se latelang se tla tlotla ka kgang eo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 Maitemogelo a a mo setlhogong seno le mo go se se latelang a ka nna a bo a tswa kwa dinageng tsa setso se se sa tshwaneng le sa lona. Leka go lemoga melaometheo e e akarediwang fano mme o e dirise mo setsong sa ga lona.

O Araba o Reng?

• Batsadi ba ka etsa jang lorato lwa ga Jehofa lo lo tlhalosiwang mo go Duteronome 32:11, 12?

• O ithutileng mo tseleng e Jehofa a neng a buisana le Baiseraele ka yone?

• Go reetsa ga ga Jehofa boikuelo jwa ga Lote go re rutang?

• O ithutile thuto efe malebana le go kgalema bana mo go Isaia 28:24-29?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Moshe o ne a tshwantsha tsela e Jehofa a thapisang batho ba gagwe ka yone le tsela e ntsu e thapisang mamphorwana a yone ka yone

[Ditshwantsho mo go tsebe 10]

Batsadi ba tshwanetse go dira nako ya go nna le bana ba bone

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

“E ne e le mangwe a maitseboa a a neng a itumedisa thata mo bekeng”