Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Fitlhelela Batho ba ba Thata go Fitlhelelwa

Go Fitlhelela Batho ba ba Thata go Fitlhelelwa

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Go Fitlhelela Batho ba ba Thata go Fitlhelelwa

BASUPI BA GA JEHOFA ba leka go isa molaetsa wa Bogosi kwa go mongwe le mongwe yo ba ka kgonang go mo fitlhelela. Ka dinako tse dingwe, go tlhoka boiteko jo bogolo go fitlhelela batho ba gantsi ba a bong ba seyo mo gae. (Mareko 13:10) Mo ntlheng eno, modiredi mongwe wa mmulatsela yo o kgethegileng kwa nageng nngwe kwa Amerika Borwa o bolela boitemogelo jo bo latelang.

“Letsatsi lengwe ke ne ka utlwa gore mmusi wa naga o ne a tlile go etela tshimo e nna le mosadi wa me re e abetsweng. E re ka e le mongwe wa batho ba gantsi ba a bong ba seyo mo gae, ke ne ka mo kwalela lekwalo mme ka le romela le dikgatiso di le mmalwa tse di theilweng mo Baebeleng, go akaretsa boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore re Direng? le dibuka tsa Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo le Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Lekwalo la me le ne la tlhalosa boikaelelo jwa nngwe le nngwe ya dikgatiso tseno.

“E re ka ke ne ke rata go itse gore o akanyang ka dikgatiso tseno, ke ne ka kopa go kopana le ene. Dibeke di se kae moragonyana ke ne ka letlelelwa go kopana le ene, mme ke ne ka tsamaya ke tshotse bidio ya Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name. Re ne ra kopana jalo diura di ka nna pedi. Fa re sena go lebelela bidio le mmusi, ke ne ka mmotsa gore o akanyang ka yone. O ne a araba a re: ‘Ga go na phuthego epe e nngwe mo lefatsheng e e tshwanang le ya lona. E kete nkabo ke na le batho ba ba tshwanang le lona ba ba neng ba ka nthusa go wetsa diporojeke tsa me tsa puso!’ Go tswa foo o ne a mpotsa gore a nkile ka ya kwa ntlokgolong ya lefatshe lotlhe ya mokgatlho wa rona. Ke ne ka mmolelela gore le fa ke sa le ke nna le mokgele oo ke na le dingwaga tse 14, ke ne ke ise ke nne le sebaka sa go etela ntlokgolo ya rona ya lefatshe lotlhe kwa Brooklyn, New York. E ne e le mongwe wa mekgele e go leng thata go e fitlhelela. O ne a ntlhoma matlho ka nakwana. Go tswa foo o ne a mpolelela gore a ka rata ke bulegelwa ke sebaka seo. O ne a tlhomamisa gore re nna le ditetla tsa semolao a bo a re fa dithekete tsa sefofane e le mpho!

“Jaanong mmusi yono o amogela dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka metlha. Re solofela gore mo bogautshwaneng re tla kgona go simolola thuto ya Baebele le ene.”