Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Nna le Tumelo ya Boammaaruri

O ka Nna le Tumelo ya Boammaaruri

O ka Nna le Tumelo ya Boammaaruri

Fa Sarah Jayne a ne a le dingwaga di le 19, o ne a bolelelwa gore o na le kankere ya dikgeleswa tsa mae. Fa a sena go ariwa, o ne a ikutlwa a fodile, mme o ne a na le tsholofelo e ntle ka isagwe. O ne a na le tsholofelo e kgolo jaana mo e leng gore, fa a le dingwaga di le 20, o ne a beelediwa mme a simolola go dira dithulaganyo tsa lenyalo la gagwe. Ka one ngwaga oo kankere e ne ya boa, mme o ne a bolelelwa gore o saletswe ke dibeke di le mmalwa fela a tshela. Sarah Jayne o ne a swa ka June 2000, pelenyana fela ga a nna le dingwaga di le 21.

SELO se se neng sa kgatlha baeng ba ba neng ba etela Sarah Jayne kwa kokelong e ne e le tsholofelo e a neng a na le yone ka isagwe, mme a ritibetse, le tumelo ya gagwe e e nonofileng mo Modimong le mo Lefokong la gagwe e leng Baebele. Le fa a ne a lebane le masetlapelo a magolo ano, o ne a tlhomamisega ka tsholofelo ya tsogo—gore o tla boa a bona ditsala tsa gagwe tsotlhe gape. (Johane 5:28, 29) O ne a bolela jaana: “Ke tla lo bona lotlhe mo lefatsheng le lesha la Modimo.”

Bangwe ba tsaya mofuta oo wa tumelo e le go iphoufaletsa boammaaruri. Ludovic Kennedy o botsa jaana: “Botshelo morago ga loso ke eng fa e se fela tumelo ya batho ba ba sa tlhomamisegang ya gore ka nako ya terompeta ya bofelo go tla bo go jewa dikuku le bojalwa e bile gape go tla bo go le monate mme go lela diterompeta, ba dumela gore mo lefelong lengwe le letala la Edene batho ba tla bo ba itumetse le ba bangwe ba ba suleng pele ga bone le ba bangwe ba ba tlang morago ga bone?” Mo go se a se buang re tshwanetse go botsa potso eno ya go mo ganetsa. Ke eng se se utlwalang botoka—go dumela gore “botshelo jono ke jone fela, mme ka jalo re tshwanetse go bo dirisa ka botlalo ka mo go ka kgonegang ka teng” jaaka Kennedy a bontsha, kana a re tshwanetse go dumela mo Modimong le mo tsholofetsong ya gagwe ya tsogo ya baswi? Sarah Jayne o ne a tlhopha go dumela ntlha eno ya bobedi. Go tlile jang gore a nne le tumelo e e ntseng jalo?

‘Batla Modimo . . . Mme Ruri o Mmone’

Gore o nne le tumelo mo mothong le gore o mo ikanye, o tshwanetse go mo itse le go ithuta gore o akanya jang le gore o itshwara jang. Se se raya gore pelo le mogopolo di tshwanetse tsa amega. Tota gone go a tshwana le fa motho a nna le tumelo ya boammaaruri mo Modimong. O tshwanetse go mo itse, go ithuta ka dinonofo tsa gagwe le ka botho jwa gagwe, go bona gore o ikanyega go le kana kang le gore o itshupile a ka ikanngwa go le kana kang mo go sengwe le sengwe se a se buileng le se a se dirileng.—Pesalema 9:10; 145:1-21.

Bangwe ba akanya gore se se ka se kgonege. Ba re, Modimo o kgakala thata le rona, ga go na yo o ka mo itseng—fa e le gore tota o gone. Mmelaedi mongwe o botsa jaana: “Fa e le gore tota Modimo ke wa mmatota jaaka go bonala mo Bakereseteng bangwe ba ba jaaka Sarah Jayne, ke eng a sa dire gore rotlhe re mo itse?” A mme tota Modimo o kgakala thata e bile a ka se ka a bonwa? Ka nako nngwe fa moaposetoloi Paulo a ne a bua le bafilosofi le batlhalefi ba kwa Athena o ne a re “Modimo yo o neng a dira lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone” o dirile gore go nne le sengwe le sengwe se se tlhokegang go ‘mmatla . . . mme ruri ba mmone.’ Tota e bile, Paulo o ne a bolela jaana: “[Ga a] kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.”—Ditiro 17:24-27.

Mme gone, o ka ‘batla Modimo jang le go mmona ruri’? Bangwe ba dirile jalo ka go ela tlhoko fela lobopo lo lo ba dikologileng. Mo go ba le bantsi, seo ka bosone fela se ba naya bosupi jo bo lekaneng jwa go ba tlhatswa pelo gore go tshwanetse ga bo go na le Mmopi. * (Pesalema 19:1; Isaia 40:26; Ditiro 14:16, 17) Ba ikutlwa jaaka moaposetoloi Paulo gore “dinonofo tse di sa bonaleng [tsa Modimo] di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo.”—Baroma 1:20; Pesalema 104:24.

O Tlhoka Baebele

Le fa go ntse jalo, go nna le tumelo ya mmatota mo Mmoping, o tlhoka sengwe gape se a se re fileng. Ke eng? Baebele—Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo, le mo go lone a senolang go rata ga gagwe le maikaelelo a gagwe. (2 Timotheo 3:16, 17) Mme bangwe ba ka re: “Iketle pele, o ka dumela jang sengwe se Baebele e se buang fa o bona dilo tse di maswe tse di dirwang ke batho ba ba reng ba latela Baebele?” Gone ke boammaaruri gore Labokeresete e na le rekoto e e tshosang ya boitimokanyi, bosetlhogo le ya boitsholo jo bo sa siamang. Mme motho ope fela yo o akanyang sentle a ka kgona go bona gore Labokeresete e itshema fela fa e re e latela melaometheo ya Baebele.—Mathaio 15:8.

Baebele ka boyone e ile ya tlhagisa gore batho ba le bantsi ba tla ipolela gore ba obamela Modimo mme totatota, ba tla “itatola le e leng mong wa bone yo o ba rekileng.” Moaposetoloi Petere o ne a bolela gore: “Ka ntlha ya bano tsela ya boammaaruri e tla buiwa ka go kgojwa.” (2 Petere 2:1, 2) Jesu Keresete o ne a bolela gore batho bano ke “[ba ba] dirang ka go tlhoka molao” ba ba neng ba tla bonwa sentle ka ditiro tsa bone tse di bosula. (Mathaio 7:15-23) Go gana Lefoko la Modimo ka ntlha ya rekoto ya Labokeresete go tshwana le go latlha lekwalo le le tswang mo tsaleng e e ikanyegang fela ka go bo lekwalo leo le tlisitswe ke motho yo o sa ikanyegeng.

Kwantle ga Lefoko la Modimo go ka se kgonege go nna le tumelo ya mmatota. Go ntse jaaka e kete Jehofa o tlhalosa letlhakore la gagwe a dirisa se se kwadilweng mo Baebeleng. O re naya dikarabo tsa dipotso tse di tlhagang gangwe le gape tse di jaaka gore ke ka ntlha yang fa a letleletse go boga le botlhoko le gore o tla dira eng ka gone. (Pesalema 119:105; Baroma 15:4) Sarah Jayne o ne a dumela gore Baebele ke Lefoko le le tlhotlheleditsweng la Modimo. (1 Bathesalonika 2:13; 2 Petere 1:19-21) Jang? E seng fela ka go bo batsadi ba gagwe ba mmoleletse jalo, mme a ne a ile a ipha nako ya go sekaseka ka kelotlhoko bosupi jotlhe jo bo bontshang gore Baebele ke tshenolo e e tlhomologileng e e tswang go Modimo. (Baroma 12:2) Ka sekai, o ne a tlhokomela gore Baebele e na le tlhotlheletso e kgolo mo matshelong a ba ba dirisang melaometheo ya yone. A thusiwa ke dikgatiso tse di jaaka Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?, * le ene o ne a sekaseka ka kelotlhoko bosupi jo bogolo jo bo bontshang gore e tlhotlheleditswe ke Modimo.

“Tumelo e Latela Selo se se Utlwilweng”

Le fa go ntse jalo, ga go a lekana go nna fela le Baebele kana go dumela fela gore e tlhotlheleditswe. Moaposetoloi Paulo o kwala jaana: “Tumelo e latela selo se se utlwilweng.” (Baroma 10:17) Go utlwa Baebele, e seng fela go nna le Baebele, ke sone se se agang tumelo. O ‘utlwa’ se Modimo a se bolelang ka go bala le go ithuta Lefoko la gagwe. Le e leng basha ba ka kgona go dira seno. Paulo a re Timotheo o ne a rutiwa “mekwalo e e boitshepo” go “tswa boseeng” ke mmaagwe le mmaagwemogolo. A seno se bolela gore o ne a patelediwa go ithuta dilo dingwe tse a neng a sa batle go di ithuta? Nnyaa! Timotheo ga a ka a laolwa ka tsela e e sa tshwanelang kana go tsiediwa ka tsela epe. O ne a ‘tlhotlhelediwa go dumela’ se a neng a se utlwa le se a neng a se ithuta.—2 Timotheo 1:5; 3:14, 15.

Sarah Jayne le ene o ne a tlhotlhelediwa ka tsela e e tshwanang. Jaaka Baberea ba lekgolo la ntlha la dingwaga, o ne a “amogela lefoko [la batsadi ba gagwe le ba bangwe ba ba neng ba mo ruta] ka mogopolo o o tlhagafetseng thata.” Ga go na pelaelo gore fa a ne a le ngwana, o ne a ikanya thata se batsadi ba gagwe ba neng ba se mmolelela. Mme moragonyana, fa a ntse a gola, ga a ka a amogela fela sengwe le sengwe se a neng a se rutiwa kwantle ga go se akanyetsa. O ne a “tlhatlhoba Dikwalo ka kelotlhoko letsatsi le letsatsi gore a dilo tseno di ne di ntse jalo.”—Ditiro 17:11.

O ka Aga Tumelo ya Boammaaruri

Le wena o ka aga tumelo ya boammaaruri—mofuta wa tumelo e moaposetoloi Paulo a e tlhalosang mo lekwalong la gagwe le a neng a le kwalela Bakeresete ba Bahebera. O ne a re tumelo e e ntseng jalo ke “go lebelela ka tlhomamisego dilo tse di solofetsweng, pontsho e e bonalang sentle ya dilo tsa mmatota le fa di sa bonwe.” (Bahebera. 11:1) Fa o na le tumelo e e ntseng jalo, o tla tlhomamisega ka botlalo gore dilo tsotlhe tse o di lebeletseng le tse o di solofetseng, go akaretsa le tsholofetso ya Modimo ya tsogo ya baswi, di tla diragadiwa. O tla tlhatswega pelo gore ditsholofetso tse di ntseng jalo di theilwe mo dilong tse di tla diragalang tota, e seng fela dilo tse o eletsang e kete di ka diragala. O tla itse gore Jehofa ga a ise a ko a palelwe ke go diragatsa ditsholofetso tsa gagwe. (Joshua 21:45; 23:14; Isaia 55:10, 11; Bahebera 6:18) Lefatshe le lesha la Modimo le le solofeditsweng e tla nna selo sa mmatota mo go wena e nna e kete le setse le le gone. (2 Petere 3:13) Mme o tla bona sentle ka matlho a tumelo gore Jehofa Modimo, Jesu Keresete le Bogosi jwa Modimo tsotlhe ke dilo tsa mmatota, ga se tsietso.

Ga o tlogelwe fela o sa thusiwe go aga tumelo ya boammaaruri. Mo godimo ga gore Jehofa a dire gore Lefoko la gagwe le bonwe motlhofo, o ile a re naya gape le phuthego ya Bokeresete ya lefatshe lotlhe e e dirang gotlhe mo e ka go kgonang go thusa batho ba ba dipelo di siameng go nna le tumelo mo Modimong. (Johane 17:20; Baroma 10:14, 15) Amogela thuso yotlhe e Jehofa a re e nayang ka phuthego eo. (Ditiro 8:30, 31) Mme e re ka tumelo e le loungo lwa moya o o boitshepo wa Modimo, rapelela moya oo ka metlha gore o go thuse go nna le tumelo ya boammaaruri.—Bagalatia 5:22.

O se ka wa kgobiwa marapo ke babelaedi ba ba sotlang mongwe le mongwe yo o bolelang gore o dumela mo Modimong le mo Lefokong la gagwe. (1 Bakorintha 1:18-21; 2 Petere 3:3, 4) Tota e bile, tumelo ya boammaaruri e botlhokwa thata gore o nonofe go ka emelana le ditlhaselo tse di ntseng jalo. (Baefeso 6:16) Sarah Jayne o ne a fitlhela gore go ntse jalo, mme ka metlha o ne a kgothatsa ba ba neng ba mo etela kwa kokelong gore ba nonotshe tumelo ya bone. O ne a tle a re: “Dira gore boammaaruri e nne jwa gago. Ithute Lefoko la Modimo. Nna gaufi le phuthego ya Modimo. Rapela ka metlha. Nna o tlhagafetse mo tirelong ya ga Jehofa.”—Jakobe 2:17, 26.

Fa mongwe wa baoki ba gagwe a bona tumelo e a nang nayo mo Modimong le mo tsogong ya baswi, o ne a akgela jaana: “Tota o dumela dilo tseno.” Fa a ne a bodiwa gore ke eng se se dirang gore a nne le tsholofelo jalo le fa a lebane le teko eno, o ne a araba jaana: “Ke ka go bo ke dumela mo go Jehofa. Ke tsala ya me ya mmatota mme ke mo rata thata.”

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 Bona buka ya Is There a Creator Who Cares About You?, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 12 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Timotheo o ne a rutiwa “mekwalo e e boitshepo” go “tswa boseeng” ke mmaagwe le mmaagwemogolo

[Motswedi wa Setshwantsho]

From “Photo-Drama of Creation,” 1914

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Baberea ba ne ba akgolelwa go tlhatlhoba Dikwalo letsatsi le letsatsi

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Ke go utlwa le go tsaya tsia Baebele, e seng fela go nna le yone, go go agang tumelo

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

“Ke tla lo bona lotlhe mo lefatsheng le lesha la Modimo”