Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Thusa Jang Ngwana wa “Sesinyi”?

O ka Thusa Jang Ngwana wa “Sesinyi”?

O ka Thusa Jang Ngwana wa “Sesinyi”?

“Re ipele, ka gonne . . . o ne a latlhegile mme a bonwa.”—LUKE 15:32.

1, 2. (a) Basha bangwe ba ile ba itshwara jang malebana le boammaaruri jwa Bokeresete? (b) Batsadi le bana ba ba mo seemong se se ntseng jalo ba ka ikutlwa jang?

“NNA ke tlogela phuthego!” A bo go tshwanetse ga bo go garola pelo jang ne mo batsading ba ba boifang Modimo ba ba lekileng ka natla go godisetsa bana ba bone mo tseleng ya Bokeresete fa ba utlwa ngwana a bua mafoko ano! Basha ba bangwe bone ba “katogela go sele” fela ba sa bolela gore ba dira jalo. (Bahebera 2:1) Ba le bantsi ba bana bano ba tshwana le morwa wa sesinyi yo o mo setshwantshong sa ga Jesu, yo o neng a tlogela ntlo ya ga rraagwe mme a senya boswa jwa gagwe kwa lefatsheng le le kwa kgakala.—Luke 15:11-16.

2 Le mororo bontsi jwa Basupi ba ga Jehofa ba se na bothata jono, mo go ba ba nang le jone, ga go na mafoko a go ba gomotsa a a ka kgonang go tlosa kutlobotlhoko ya bone gotlhelele. Mme selo se sengwe se se sa tshwanelang go itlhokomolosiwa ke go sa itumelang go mosha yo o duleng mo tseleng a ka nnang le gone. Mo tengteng ga pelo ya gagwe, segakolodi sa gagwe se ka nna sa mo tshwenya. Mo setshwantshong sa ga Jesu, morwa wa sesinyi kgabagare o ne a “itharabologelwa,” mme seo sa itumedisa rraagwe fela thata. Batsadi le ba bangwe mo phuthegong ba ka thusa jang bana ba disenyi go “itharabologelwa”?—Luke 15:17.

Lebaka La go Bo Bangwe ba Tlogela Boammaaruri

3. Mangwe a mabaka a go bo basha bangwe ba swetsa ka gore ba tlogele phuthego ya Bokeresete ke afe?

3 Go na le makgolo a a diketekete a basha ba ba direlang Jehofa ka boitumelo mo phuthegong ya Bokeresete. Mme he, ke ka ntlha yang fa basha ba bangwe ba tlogela? Ba ka nna ba akanya gore ba latlhegelwa ke sengwe se lefatshe le nang naso. (2 Timotheo 4:10) Kgotsa ba ka nna ba bona e kete lesaka le le sireletsang la ga Jehofa le gagamaditse molao thata. Segakolodi se se molato, go kgatlhegela thata batho ba bong bo sele, kgotsa go eletsa go amogelwa ke dithaka le gone go ka dira gore mosha a katogele kgakala le letsomane la ga Jehofa. Mosha a ka nna a tlogela go direla Modimo ka ntlha ya se a bonang e kete ke go itimokanya ga batsadi ba gagwe kgotsa ga Mokeresete mongwe o sele.

4. Gantsi selo sa konokono se se dirang gore basha ba tswe mo tseleng ke eng?

4 Boikutlo le boitshwaro jwa go tsuologa jwa ngwana gantsi e a bo e le matshwao a a bontshang gore ngwana yono o koafetse semoyeng, a bontsha se se mo pelong ya gagwe. (Diane 15:13; Mathaio 12:34) Le fa lebaka e ka tswa e le lefe le le dirang gore mosha a tswe mo tseleng, gantsi selo se segolo se se bakang seno e a bo e le gore ga a na ‘kitso e e leng yone ya boammaaruri.’ (2 Timotheo 3:7) Go na le gore basha ba obamele Jehofa e le seomodiro fela, go botlhokwa gore ba nne le kamano e e gaufi thata le ene. Ke eng se se tla ba thusang go dira jalo?

Atamela Modimo

5. Ke eng se se botlhokwa thata gore mosha a tlhagolele kamano e e gaufiufi le Modimo?

5 “Atamelang Modimo,” go ne ga kwala jalo morutwa Jakobe, “mme o tla lo atamela.” (Jakobe 4:8) Gore motho yo mosha a kgone go dira jalo, o tshwanetse a thusiwa go nna le boikutlo jwa go rata Lefoko la Modimo. (Pesalema 34:8) Selo sa ntlha o tla tlhoka “mashi”—dithuto tsa motheo tsa Baebele. Mme fa a nna a itumelela Lefoko la Modimo mme a simolola go rata “dijo tse di tiileng,”—tshedimosetso e e kwa teng ya dilo tsa semoya—go ise go ye kae o tla kgona go gola sentle semoyeng. (Bahebera 5:11-14; Pesalema 1:2) Mosha mongwe yo o neng a amogela gore o ne a ile a komediwa ke tsela ya lefatshe ya go dira dilo o ne a simolola go anaanela dilo tsa botlhokwa tsa semoya. Ke eng se se mo thusitseng go fetoga? E ne ya re fa a sena go amogela kakantsho ya gore a bale Baebele yotlhe, o ne a boloka thulaganyo ya go bala Baebele ka metlha. Ee, go bala Lefoko la Modimo ka metlha go botlhokwa gore motho a nne le kamano e e nonofileng le Jehofa.

6, 7. Batsadi ba ka thusa bana ba bone jang go rata Lefoko la Modimo?

6 Go botlhokwa thata gore batsadi ba thuse bana ba bone go rata Lefoko la Modimo! Le fa ba ne ba tshwara thuto ya lelapa ka metlha kwa gae, mosetsana mongwe wa dingwaga tsa bolesome o ne a itlwaelanya le bana bangwe ba diganana. O gakologelwa jaana malebana le thuto ya bone ya lelapa: “E ne e re fa Rre a botsa dipotso, ke bo ke bala dikarabo fela, le gone ke sa mo lebe mo sefatlhegong.” Go na le go tlotla fela ka se se balwang mo thutong ya lelapa, batsadi ba ba botlhale ba dirisa botswerere jwa go ruta. (2 Timotheo 4:2) Gore mosha a itumelele thuto, o tshwanetse go ikutlwa a le karolo ya yone. Ke ka ntlha yang fa o sa botse dipotso tse di fatang maikutlo mme o nte a itlhalose? Kgothaletsa mosha go dirisa tshedimosetso e e ithutiwang mo botshelong jwa gagwe ka namana. *

7 Mo godimo ga moo, tsenyang motlotlo wa lona wa Dikwalo botshelo. Fa go tshwanela dira gore bana ba tshameke ditiragalo dingwe tsa Baebele le diterama. Ba thuse go bona mo mogopolong wa bone lefelo le dikarolo dingwe tsa naga e ditiragalo tse go tlotlwang ka tsone di neng di diragalela mo go tsone. Go dirisa dimmepe le ditšhate go ka thusa. Ee, ka go akanyetsa dilo go sekaenyana fela thuto ya lelapa e ka dirwa gore e nne le botshelo mme e tshwarwe ka ditsela di le dintsi tse di farologaneng. Gape batsadi ba tshwanetse go sekaseka kamano ya bone le Jehofa. Fa bone ka bobone ba nna gaufi le Jehofa, ba ka kgona go thusa bana ba bone go dira jalo.—Duteronome 6:5-7.

8. Thapelo e thusa motho jang go atamela gaufi le Modimo?

8 Thapelo le yone e thusa motho go atamela gaufi le Modimo. Mosetsana mongwe yo o mo masimologong a dingwaga tsa bolesome o ne a le mo mathateng a gore a tlhophe gofe mo gare ga tsela ya Bokeresete ya go tshela le ditsala tsa gagwe tse di neng di sa dumele se a neng a se dumela. (Jakobe 4:4) O ne a dirang ka gone? “Ka lekgetlho la ntlhantlha,” a rialo, “ke ne ka rapela Jehofa go mmolelela ka tsela e ke neng ke ikutlwa ka yone.” O ne a swetsa ka gore thapelo ya gagwe e ne ya arabelwa fa kgabagare a ne a nna le tsala mo phuthegong ya Bokeresete, tsala e a neng a ka kgona go e bulela mafatlha a gagwe. E re ka a ne a na le maikutlo a gore Jehofa o ne a mo kaela, o ne a simolola go aga kamano e e gaufiufi le Modimo. Batsadi ba ka kgona go thusa bana ba bone ka go tokafatsa boleng jwa dithapelo tsa bone. Fa ba rapela jaaka lelapa, batsadi ba ka kgona go tlhalosa maikutlo a bone a a kwa tengteng gore bana ba bone ba utlwe kamano e e gaufiufi e batsadi ba bone ba nang le yone le Jehofa.

Nna Pelotelele Mme Gone o Nitame

9, 10. Jehofa o ne a tlhoma sekao sefe ka go nna pelotelele le Baiseraele ba ba diganana?

9 Fa mosha a simolola go katogela go sele, a ka nna a leka go itlhaola le go gana maiteko le fa e le afe a batsadi ba gagwe ba a dirang go tlotla le ene ka dilo tsa semoya. Batsadi ba ka dirang mo seemong se se lekang jalo? Akanya ka se Jehofa a neng a se dira le Iseraele wa bogologolo. O ne a itshokela Baiseraele ba ba “thamoethata” ka dingwaga di feta di le 900 pele ga a ba tlogela mo tseleng ya bone ya boganana. (Ekesodo 34:9; 2 Ditiragalo 36:17-21; Baroma 10:21) Le fa ba ne ba “leka” Jehofa gangwe le gape, “o ne a le kutlwelobotlhoko” mo go bone. “O ne a busa bogale jwa gagwe ka makgetlo a le mantsi, mme o ne a sa kuruse tšararego ya gagwe yotlhe.” (Pesalema 78:38-42) Modimo o ne a se na molato mo tseleng e a neng a dirisana le bone ka yone. Batsadi ba ba lorato ba etsa Jehofa mme ba pelotelele fa ngwana a sa arabele ka bonako fa ba leka go mo thusa.

10 Go nna pelotelele, kgotsa go itshoka, gape go bontsha go se batle go latlhegelwa ke tshepo ya gore dilo di tla siama mo kamanong ya gago le mongwe e e senyegileng. Jehofa o ne a re tlhomela sekao sa kafa re ka nnang pelotelele ka gone. O ne a tsaya kgato pele ka go romelela Baiseraele barongwa ba gagwe “gangwe le gape.” Jehofa ‘o ne a tlhomogela batho ba gagwe pelo,’ le mororo “ba ne ba nna ba sotla barongwa ba Modimo wa boammaaruri ba nyatsa mafoko a gagwe.” (2 Ditiragalo 36:15, 16) O ne a ikuela mo Baiseraeleng, a re: “Boang, tsweetswee, mongwe le mongwe mo tseleng ya gagwe e e bosula.” (Jeremia 25:4, 5) Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a tlogela melaometheo ya gagwe e e siameng. Baiseraele ba ne ba laelwa gore ba ‘boele’ kwa Modimong le mo ditseleng tsa gagwe.

11. Batsadi ba ka nna pelotelele jang mme ba nitame fa ba dirisana le ngwana yo o fapogang?

11 Batsadi ba ka etsa go nna pelotelele ga ga Jehofa ka go se itlhaganelele go tlhoboga ngwana wa bone yo o fapogang mo tseleng. Kwantle ga go latlhegelwa ke tsholofelo, ba ka tsaya kgato ya ntlha ya go dira gore puisano e se ka ya kgaotsa kgotsa ba dire gore ba boe ba kgone go buisana gape le ngwana wa bone. Le fa gone ba tla nna ba ntse ba kgomaretse melaometheo e e siameng, ba ka nna ba ikuela mo ngwaneng wa bone “gangwe le gape” gore a boele mo tseleng ya boammaaruri.

Fa Ngwana a Kgaotswe

12. Batsadi ba na le boikarabelo bofe ka ngwana wa bone yo o nnang le bone mme a lelekilwe mo phuthegong?

12 Go tweng fa ngwana yo o nnang le batsadi ba gagwe a dira phoso e e masisi a bo a lelekwa mo phuthegong ka gonne a sa ikwatlhae? E re ka ngwana yono a nna le batsadi ba gagwe, ba sa ntse ba na le boikarabelo jwa go mo ruta le go mo otlhaya tumalanong le Lefoko la Modimo. Seno se ka dirwa jang?—Diane 6:20-22; 29:17.

13. Batsadi ba ka leka jang go fitlhelela pelo ya ngwana yo o dirileng phoso?

13 Go ka nna ga kgonega—tota e bile, go ka nna molemo thata—go naya thuto eno le kotlhao ka nako ya fa ba ithuta Baebele nae kwa thoko. Motsadi ga a tshwanela go leba fela boikutlo jwa ngwana jwa go kgwaralala pelo, mme o tshwanetse go leka go bona se tota se leng mo pelong. O lwala go le kana kang semoyeng? (Diane 20:5) A go ka kgonega go fitlhelela dikarolo dingwe tse di seng thata tsa pelo ya gagwe? Ke ditemana dife tse di ka kgonang go dirisiwa ka tsela e e nang le matswela? Moaposetoloi Paulo o re tlhomamisetsa jaana: “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla mme le bogale thata go gaisa tšhaka epe e e magalemabedi e bile le tlhaba gore le bo le kgaoganye moya le maikutlo, le malokololo le moko wa one, mme le kgona go lemoga dikakanyo le maikaelelo a pelo.” (Bahebera 4:12) Ee, batsadi ga ba a tshwanela go bolelela ngwana wa bone fela gore a se ka a tlhola a dira phoso gape. Ba ka leka go simolola tsela ya go mo alafa le go mo thusa go fitlhela a fola.

14. Kgato ya ntlha e mosha yo o dirileng phoso a tshwanetseng go e tsaya go baakanya kamano ya gagwe le Jehofa ke efe, mme batsadi ba ka thusa ngwana jang go tsaya kgato eo?

14 Mosha yo o dirileng phoso o tshwanetse go baakanya kamano ya gagwe le Jehofa. Kgato ya ntlha e a tshwanetseng go e tsaya ke go ‘ikwatlhaya le go sokologa.’ (Ditiro 3:19; Isaia 55:6, 7) Fa batsadi ba thusa mosha yo o mo gae go sokologa, ba tshwanetse go ‘nna ba ithibile mo bosuleng, ba laya ka bonolo’ ngwana yo o sa sekamelang mo go direng molemo. (2 Timotheo 2:24-26) Ba tshwanetse go mo ‘kgalemela’ ka kgopolo ya Baebele. Lefoko la Segerika le le ranotsweng ka go re ‘kgalemela’ gape le ka ranolwa ka go re “go naya bosupi jo bo tlhatswang pelo.” (Tshenolo 3:19; Johane 16:8) Ka gone, go kgalemela go akaretsa go bontsha bosupi jo bo lekaneng jwa go tlhatswa ngwana pelo gore tsela ya gagwe ke ya boleo. Gone ke boammaaruri gore go dira jalo ga go motlhofo. Fa go kgonega go dira jalo, batsadi ba ka ikuela mo pelong ya gagwe, ba dirisa ditsela tsotlhe tse di dumalanang le Dikwalo go mo tlhatswa pelo. Ba tshwanetse ba leka go mo thusa go lemoga gore o tshwanetse go ‘tlhoa se se bosula, mme a rate se se molemo.’ (Amose 5:15) A ka nna a boela a ‘akanya ka tsela e e tshwanetseng gore a tswe mo serung sa ga Diabolo.’

15. Thapelo e na le seabe sefe mo go baakanyeng kamano e moleofi a neng a na le yone le Jehofa?

15 Fa motho a leka go baakanya kamano ya gagwe le Jehofa, thapelo ke selo sa botlhokwa. Gone ke boammaaruri gore motho ga a tshwanela go ‘kopa’ kaga boleo jo bo mo pepeneneng jwa motho yo o kileng a kopanela le phuthego ya Bokeresete yo go bonalang sentle gore o bo dira fela a sa ikwatlhae. (1 Johane 5:16, 17; Jeremia 7:16-20; Bahebera 10:26, 27) Le fa go ntse jalo, batsadi ba ka kopa Jehofa gore a ba fe botlhale jwa go lebana le boemo jono. (Jakobe 1:5) Fa mosha yo o kgaotsweng a bontsha gore o ikwatlhaile mme a se na ‘kgololesego ya go bua le Modimo,’ batsadi ba ka nna ba rapelela gore fa Modimo a bona lebaka la go itshwarela phoso ya ngwana yono, thato ya Gagwe e dirwe. (1 Johane 3:21) Go utlwa dithapelo tseno go tshwanetse ga thusa mosha go leba Jehofa e le Modimo yo o kutlwelobotlhoko. *Ekesodo 34:6, 7; Jakobe 5:16.

16. Re ka thusa jang ba malapa a bana ba ba kgaotsweng?

16 Fa mosha yo o kolobeditsweng a kgaotswe, go lebeletswe gore maloko a phuthego a “tlogele go ikopanya le” ene. (1 Bakorintha 5:11; 2 Johane 10, 11) Seno kgabagare se ka nna sa mo thusa gore a ‘itharabologelwe’ mme a boele mo lesakeng la Modimo le le sireletsang. (Luke 15:17) Le fa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore a o a boa kgotsa nnyaa, maloko a phuthego a ka kgothatsa lelapa la ga bone mosha yo o kgaotsweng. Rotlhe re ka batla ditshono tsa go bontsha “go utlwela ba bangwe botlhoko” le go nna “pelotlhomogi ka bonolo” mo go bone.—1 Petere 3:8, 9.

Kafa ba Bangwe ba ka Thusang ka Gone

17. Maloko a phuthego a tshwanetse go nna a gakologetswe eng fa ba leka go thusa ngwana yo o latlhegang?

17 Go tweng ka mosha yo o sa kgaolwang mo phuthegong ya Bokeresete mme gone a koafetse mo tumelong? “Fa tokololo e le nngwe e boga,” go ne ga kwala jalo moaposetoloi Paulo, “ditokololo tse dingwe tsotlhe di boga le yone.” (1 Bakorintha 12:26) Ba bangwe ba ka bontsha gore ba kgatlhegela mosha yono ka tsela ya mmatota. Gone ee, re tshwanetse go nna kelotlhoko, ka gonne mosha yono yo o lwalang semoyeng a ka nna a ama basha ba bangwe ka tsela e e sa siamang. (Bagalatia 5:7-9) Mo phuthegong nngwe, bagolo ba ba neng ba batla go thusa basha ba ba neng ba le bokoa semoyeng ba ne ba ba laletsa kwa dikokoanong dingwe gore ba ye go tshameka mmino o o rategang le bone. Le mororo basha bano ba ne ba amogela taletso e bile ba itumelela dinako tseno, tlhotlheletso e ba neng ba na le yone mo go ba bangwe kgabagare e ne ya dira gore ba tlogele go tlhola ba kopanela le phuthego. (1 Bakorintha 15:33; Jude 22, 23) Se se ka thusang go alafa ngwana yo o lwalang semoyeng ga se dikokoano tsa go itlosa bodutu fela tse di se nang kaelo epe ya semoya, mme ke bokopano jo bo mo thusang go nna le keletso ya dilo tsa semoya. *

18. Re ka etsa jang boikutlo jwa rraagwe morwa wa sesinyi mo setshwantshong sa ga Jesu?

18 Fa mosha yo o tlogetseng phuthego a tla Holong ya Bogosi kgotsa a nna teng kwa kopanong, akanya gore o tshwanetse a bo a ikutlwa jang. A ga re a tshwanela go bontsha boikutlo jwa go mo amogela jaaka rraagwe morwa wa sesinyi a ne a dira mo setshwantshong sa ga Jesu? (Luke 15:18-20, 25-32) Mosha mongwe yo o neng a tlogela phuthego ya Bokeresete mme moragonyana a nna teng kwa kopanong ya kgaolo o ne a bolela jaana: “Ke ne ke akanya gore mongwe le mongwe o ne a tla tlhokomologa motho wa go tshwana le nna jaana, mme bakaulengwe le bokgaitsadi ba ne ba tla kwa go nna ba nkamogela. Seno se ne sa nkama thata.” O ne a simolola go ithuta Baebele gape mme moragonyana a kolobediwa.

O se Ka wa Itlhoboga

19, 20. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go nna le boikutlo jo bo siameng ka ngwana wa sesinyi?

19 Go thusa ngwana wa “sesinyi” gore a ‘itharabologelwe’ go tlhoka bopelotelele mme e ka nna kgwetlho mo batsading le mo go ba bangwe. Mme o se ka wa itlhoboga. “Jehofa ga a bonya mabapi le tsholofetso ya gagwe, jaaka batho bangwe ba tsaya gore ke bonya, mme o pelotelele le lona ka gonne ga a eletse gore ope a senngwe mme o eletsa gore botlhe ba fitlhe mo boikwatlhaong.” (2 Petere 3:9) Dikwalo di re tlhomamisetsa gore Jehofa o batla gore batho ba ikwatlhaye mme ba tshele. Tota e bile, o tsere matsapa a go dira thulaganyo ya go letlanya batho le ene. (2 Bakorintha 5:18, 19) Bopelotelele jwa gagwe bo file dimilionemilione tsa batho sebaka sa gore di itharabologelwe.—Isaia 2:2, 3.

20 Ka jalo he, a batsadi ga ba a tshwanela go dirisa mokgwa mongwe le mongwe o o gone wa Dikwalo go thusa ngwana wa bone wa sesenyi gore a itharabologelwe? Etsa Jehofa ka go nna pelotelele fa o ntse o tsaya dikgato tse di siameng go thusa ngwana wa gago gore a boele kwa go Jehofa. Kgomarela melaometheo ya Baebele ka nitamo, mme o leke go bontsha dinonofo tsa ga Jehofa tsa lorato, tshiamiso, le botlhale fa o ntse o mo rapela gore a go thuse. Fela jaaka fa batsuolodi ba le bantsi ba ba dithamo dithata ba ile ba tsibogela taletso ya ga Jehofa e e lorato ya gore ba boe, morwao kgotsa morwadio wa sesinyi a ka nna a boela kwa letsomaneng le le sireletsang la Modimo.—Luke 15:6, 7.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 6 Go bona dikakantsho tse dingwe malebana le gore o ka ruta jang basha ka tsela e e nang le matswela, bona Tora ya Tebelo ya July 1, 1999, ditsebe 13-17.

^ ser. 15 Dithapelo tse di ntseng jalo ga di ne di rapelwa phatlalatsa go rapelelwa ngwana yo o kgaotsweng kwa dipokanong tsa phuthego, ka gonne ba bangwe ba ka nna ba se ka ba bo ba itse ka boemo jwa motho yo o kgaotsweng.—Bona Tora ya Tebelo ya October 15, 1979, tsebe 31 (ka Seesemane).

^ ser. 17 Go bona dikakantsho tse di maleba, bona Tsogang! ya June 22, 1972, ditsebe 13-16, (ka Seesemane); October 8, 1996, ditsebe 28-30.

A o A Gakologelwa?

• Lebaka la konokono le le dirang gore basha ba tlogele phuthego e ka tswa e le lefe?

• Basha ba ka thusiwa jang go tlhagolela kamano e e gaufi le Jehofa?

• Ke ka ntlha yang fa batsadi ba tshwanetse go nna pelotelele mme gone ba nitame fa ba thusa ngwana wa sesinyi?

• Ba ba mo phuthegong ba ka thusa jang mosha wa sesinyi gore a boe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Go bala Lefoko la Modimo go botlhokwa gore re nne le kamano e e gaufi thata le Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Dithapelo tsa batsadi tse di tswang pelong di ka thusa bana ba bone go utlwa kamano e e teng mo gare ga batsadi le Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Amogela ngwana wa sesinyi fa a ‘itharabologelwa’

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Tsaya dikgato tse di tshwanetseng go thusa ngwana wa gago go boela kwa go Jehofa