Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ka Dira Lefatshe Lefelo le le Botoka?

A o Ka Dira Lefatshe Lefelo le le Botoka?

A o Ka Dira Lefatshe Lefelo le le Botoka?

“Dipolotiki ga di kgone go busetsa dilo tsa motheo mo setšhabeng. Ga di kgone go busetsa melao ya boitsholo e e sa bolong go nna gone. Melao e e molemolemo ga e kgone go fetola thatano kana lenyalo, go dira gore borre ba tseye maikarabelo a bana ba bone, go busetsa letshogo kana ditlhong mo di neng di le gone pele . . . Molao ga o kgone go fedisa bontsi jwa mathata a boitsholo a a re tshwenyang.”

AO IKUTLWA o dumalana le mafoko ao a motho mongwe yo e kileng ya bo e le moemedi wa setheo sa dithuso sa puso ya United States? Fa e le gore go ntse jalo, ke eng se se tla rarabololang mathata a mantsi a a leng gone gompieno a a bakwang ke bogagapa, go tlhoka lorato lwa tlholego mo malapeng, boitsholo jo bo sa siamang, go itlhokomolosa dilo le mabaka a mangwe a a senyang a a thubang motheo wa setšhaba? Batho bangwe ba akanya gore ga go na tharabololo, ka jalo ba tshela fela matshelo a bone ka tsela e e molemo ka mo ba ka kgonang ka teng. Bangwe ba solofela gore ka letsatsi lengwe go tla tlhaga moeteledipele mongwe yo o botlhale yo o ka tlhotlheletsang batho, gongwe e le moeteledipele wa bodumedi, yo o tla ba bontshang tsela e e siameng.

Tota e bile, dingwaga tse di dikete tse pedi tse di fetileng, batho ba ne ba batla go dira Jesu Keresete kgosi ya bone ka gonne ba ne ba lemoga gore o romilwe ke Modimo le gore o tla nna mmusi yo o nang le bokgoni. Le fa go ntse jalo, fa Jesu a lemoga maikaelelo a bone, o ne a tshaba ka bonako. (Johane 6:14, 15) Moragonyana o ne a tlhalosetsa mmusi wa Roma jaana: “Bogosi jwa me ga se karolo ya lefatshe leno.” (Johane 18:36) Le fa go ntse jalo, gompieno, ga se batho ba bantsi ba ba nang le boikutlo jo Jesu a neng a na le jone—tota le baeteledipele ba bodumedi ba ba bolelang gore ke balatedi ba gagwe. Bangwe ba bone ba ile ba leka go dira lefatshe leno lefelo le le botoka, e ka tswa e le ka go tlhotlheletsa babusi ba lefatshe kana ka go nna le maemo a dipolotiki ka bobone. Re ka bona seno ka go sekaseka dingwaga tsa bo1960 le bo1970.

Maiteko a Bodumedi a go Tokafatsa Lefatshe

Mo dingwageng tsa bofelo tsa bo1960, baithutabodumedi ba kwa dinageng tsa Latin America ba ile ba lwela bahumanegi le batho ba ba gatelelwang. Ka ntlha ya seno, ba ile ba simolola kgopolo ya kgololesego, e mo go yone Keresete a neng a sa tlhole a tlhalosiwa fela e le mmoloki ka tsela ya Baebele mme le ka tsela ya sepolotiki le ya ikonomi. Kwa United States, baeteledipele ba dikereke ba le mmalwa ba ba neng ba tshwenyegile thata ka go senyega ga boitsholo ba ne ba tlhoma mokgatlho o o bidiwang Boitsholo Jwa Bontsi. Maitlhomo a one e ne e le go thusa batho ba ba neng ba tla tlhoma melao e e neng e tla buelela ditekanyetso tse dintle tsa lelapa go nna le maemo mo dipolotiking. Le kwa dinageng tse dintsi tsa Bamoseleme, ditlhopha dingwe di ile tsa leka go fedisa tsietso le bosula ka go rotloetsa batho go latela Koran thata.

A o akanya gore maiteko a a ntseng jalo a dirile gore lefatshe e nne lefelo le le botoka? Mabaka a bontsha gore ka kakaretso ditekanyetso tsa boitsholo di ntse di senyegela pele le phatlha e e fa gare ga bahumi le bahumanegi e ntse e golela pele, go akaretsa le kwa dinageng tse kgopolo ya kgololesego e neng e tumile thata kwa go tsone.

E re ka mokgatlho ono wa Boitsholo Jwa Bontsi o ile wa palelwa ke go fitlhelela maitlhomo a one a magolo kwa United States, motlhami wa one e bong Jerry Falwell, o ne a fedisa mokgatlho oo ka 1989. Mekgatlho e mengwe e ne ya o tseela maemo. Le fa go ntse jalo, Paul Weyrich, yo o tlhamileng polelwana “boitsholo jwa bontsi,” o ne a kwala jaana mo makasineng wa Christianity Today: “Le fa re fenya mo dipolotiking, diphenyo tsa rona di palelwa ke go diragatsa maikaelelo a re dumelang gore a botlhokwa.” Gape o ne a kwala jaana: “Tsela ya go tshela e e sa bolong go nna gone e ntse e senyegela pele. Re iphitlhela re senyegelwa ke tsela ya go tshela e e sa bolong go nna gone, e senyega ka selekanyo se se boitshegang le ka tsela e e tshosang le boradipolotiki.”

Cal Thomas yo e leng mokwaladikgang le mokwadi wa dibuka o ne a senola se a tsayang gore ke phoso ya konokono mo go lekeng go tlotlomatsa setšhaba ka dipolotiki: “Phetogo ya mmatota e dirwa ke batho ba ba farologaneng e seng ka ditlhopho tsa dipolotiki, ka gonne mathata a rona a magolo ga se a madi le dipolotiki go na le moo ke a boitsholo le dilo tsa semoya.”

Mme gone mathata a boitsholo le a semoya a ka rarabololwa jang mo lefatsheng le le se nang ditekanyetso dipe, le mo go lone batho ba itirelang tshwetso ya gore ke eng se se siameng le gore ke eng se se sa siamang? Fa batho ba ba nang le tlhotlheletso e kgolo le ba ba nang le maitlhomo a mantle—e ka tswa e le ba bodumedi kana e se ba bodumedi—ba sa kgone go dira gore lefatshe leno e nne lefelo le le botoka, ke mang yo o tla kgonang? Jaaka re tla bona mo setlhogong se se latelang, go na le karabo. Tota e bile, ke lone lebaka la go bo Jesu a ne a re Bogosi jwa gagwe ga se jwa lefatshe leno.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 2]

COVER: Dirty water: WHO/​UNICEF photo; globe: Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 3]

Children: UN photo; globe: Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.