Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Jaanong ke a Itse Gore ke Tshwerwe ke Eng!”

“Jaanong ke a Itse Gore ke Tshwerwe ke Eng!”

“Jaanong ke a Itse Gore ke Tshwerwe ke Eng!”

KE KAFA monna mongwe wa kwa Tokyo a neng a ikutlwa ka teng fa a ne a bala kgang ya botshelo jwa mongwe mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya December 1, 2000. Setlhogo sa kgang eo se ne se re “Ga lo Itse se Botshelo Jwa Lona e Tla Bong e le Sone ka Moso,” mme se tlhalosa ka se se ileng sa diragalela mongwe yo e kileng ya bo e le morongwa yo o neng a na le bolwetse bongwe jwa go fetofetoga maikutlo.

Monna yono wa kwa Tokyo o ne a bolela jaana mo lekwalong le a le kwaletseng bagatisi ba makasine ono: “Matshwao a a tlhalositsweng ke a le nna ke nang le one. Ka gone, ke ne ka ya kwa kokelong ya bolwetse jwa tlhaloganyo mme ka bolelelwa gore ke tshwenyegile thata mo maikutlong. Ngaka e e neng ya ntlhatlhoba e ne e gakgametse. E ne ya re, ‘Batho ba ba nang le bolwetse jono ga ba ke ba akanya gore ba a lwala.’ Ke ne ka thusiwa go lemoga bolwetse jono pele ga bo nna masisi.”

Dimilione tsa batho go dikologa lefatshe ba solegelwa molemo ka ditsela tse di farologaneng ka ntlha ya go bala makasine mongwe le mongwe wa Tora ya Tebelo le makasine o o tshwanang nao wa Tsogang! Ba fitlhela ditlhogo tsa tsone di ruta e bile di kgotsofatsa. Makasine wa Tora ya Tebelo gone jaanong o gatisiwa ka dipuo di le 141 mme Tsogang! yone e gatisiwa ka dipuo di le 86. Le wena o ka ipelela go bala Tora ya Tebelo le Tsogang! ka metlha.