Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tsela ya go Bona Lefatshe le le Itumetseng

Tsela ya go Bona Lefatshe le le Itumetseng

Tsela ya go Bona Lefatshe le le Itumetseng

“MOTHO a le mongwe fela yo o maatla go gaisa botlhe—e seng fela mo diketeng tse pedi tsa dingwaga tse di fetileng, mme mo hisitoring yotlhe ya batho—e nnile Jesu wa Nasaretha,” go bolela jalo makasine wa Time. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, diketekete tsa batho ba ba ikanyegang di ile tsa lemoga e seng fela bogolo jwa gagwe, mme gape le go amega ga gagwe ka batho ba bangwe. Ka jalo, ga go gakgamatse go bo ba ne ba batla go mo dira kgosi. (Johane 6:10, 14, 15) Le fa go ntse jalo, jaaka go umakilwe mo setlhogong se se fetileng, Jesu o ne a gana go amega mo dipolotiking.

TSELA e Jesu a neng a arabela ka yone e ne e thailwe bobotlana mo mabakeng ano a mararo: tsela e Rraagwe a lebang ka teng kafa batho ba bontshang go batla go ipusa ka teng, e e akaretsang go batla go buswa ke batho; go itse ga ga Jesu gore go na le meya e e maatla e e fitlhegileng e e lwantshanang le maiteko ape fela a batho a go busa sentle; le maikaelelo a Modimo a go tlhoma puso ya selegodimo go busa mo lefatsheng lotlhe. Fa re ntse re sekaseka dintlha tseno tse tharo ka kelotlhoko, re tla bona gore ke ka ntlha yang fa maiteko a batho a go dira gore lefatshe le nne lefelo le le botoka a ile a palelwa. Re tla bona gape gore katlego e ka bonwa jang.

A Batho ba ka Kgona go Ipusa?

Fa Modimo a ne a bopa batho, o ne a ba naya maatla a go laola diphologolo. (Genesise 1:26) Mme gone batho ba ne ba le kafa tlase ga bolaodi jwa Modimo. Monna le mosadi wa ntlha ba ne ba tshwanetse go supa fa ba ineetse mo Modimong ka gore ka boikokobetso ba tile go ja ga setlhare se se ileditsweng, “setlhare sa kitso ya molemo le bosula.” (Genesise 2:17) Ka maswabi, Adame le Efa ba ile ba se ka ba dirisa tshwanelo ya bone ya go itirela ditshwetso ka tsela e e siameng mme ba se ka ba ikobela Modimo. Go tsaya leungo le le ileditsweng e ne e se bogodu fela. Go ne go supa go tsuologela bolaodi jwa Modimo. Ntlhanyana e e kwa tlase mo go Genesise 2:17 mo go The New Jerusalem Bible e bolela gore Adame le Efa ba ne ba dira boiphako “jwa gore ba na le tshwanelo ya go itaola e ka yone batho ba ganang go amogela maemo a bone a go nna dibopiwa . . . Boleo jwa ntlha e ne e le go tlhaselwa ga bolaodi jwa Modimo.”

Ka ntlha ya bomasisi jwa dikgang tse di amanang le seno, Modimo o ne a letla Adame le Efa le bana ba bone gore ba itlhophele tsela e ba batlang go tshela ka yone, mme ba ne ba itlhomela melao ya bone malebana le gore ke eng se se siameng le se se sa siamang. (Pesalema 147:19, 20; Baroma 2:14) Totatota, maiteko a batho a go lekeletsa go batla go ipusa ga bone a simologile ka nako eo. A go ile ga atlega? Fa re leba diketekete tsa dingwaga tse di fetileng, re ka re nnyaa! Moreri 8:9 e bolela jaana: “Motho o [laotse] motho yo mongwe go mo utlwisa botlhoko.” Pego eno ya bohutsana jo bo bakwang ke go ipusa ga batho e gatelela boammaaruri jo bo mo go Jeremia 10:23: “Ke itse sentle, tlhe Jehofa, gore tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.” Ditiragalo di bontshitse gore batho ga ba na bokgoni jwa go ipusa ka katlego kwantle ga Mmopi wa bone.

Jesu o ne a dumalana le seo ka botlalo. Go gana go laolwa ke Modimo e ne e le moila mo go ene. O ne a bolela jaana: “Ga ke dire sepe ka bogame. . . . Ka metlha ke dira dilo tse di [itumedisang Modimo].” (Johane 4:34; 8:28, 29) Ka gone, e re ka Modimo a ne a sa laela Jesu gore a amogele bogosi go tswa mo bathong, ga a ka a bo a tlelwa ke kakanyo ya gore a bo amogele. Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore o ne a ikgogona mo go thuseng batho ka ene. Go na le moo, o ne a dira gotlhe mo a neng a go kgona go thusa batho go bona boitumelo jo bogolo ka nako eo le mo isagweng. O ile a bo a ntshetsa batho botshelo jwa gagwe. (Mathaio 5:3-11; 7:24-27; Johane 3:16) Mme le fa go ntse jalo, Jesu o ne a itse gore “sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng,” go akaretsa nako e Modimo a tla diragatsang bolaodi jwa gagwe mo bathong ka yone. (Moreri 3:1; Mathaio 24:14, 21, 22, 36-39) Mme gone, gakologelwa gore kwa Edene batsadi ba rona ba ntlha ba ne ba ineela go dira go rata ga sebopiwa sa moya se se bosula se se neng se bua ka go dirisa noga e e bonalang. Se se re tlisa mo lebakeng la bobedi la go bo Jesu a ne a sa inaakanye le dipolotiki.

Mmusi wa Lefatshe Yo o Sa Itsegeng

Baebele e re bolelela gore Satane o ne a batla go naya Jesu “magosi otlhe a lefatshe le kgalalelo ya one” fa a ka wela fa fatshe a mo obamela. (Mathaio 4:8-10) Totatota, Jesu o ne a solofediwa puso ya lefatshe—mme e le ka tsela ya ga Diabolo. Jesu ga a ka a ineela mo thaelong eno. Mme gone, a tota e ne e le thaelo? A tota Satane o ne a ka batla go mo naya sengwe se segolo jalo? Ee, ka gonne Jesu ka boene o ne a re Diabolo ke “mmusi wa lefatshe leno,” mme moaposetoloi Paulo o ne a mo tlhalosa e le “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.”—Johane 14:30; 2 Bakorintha 4:4; Baefeso 6:12.

Gone mme, Jesu o ne a itse gore Diabolo ga a batle go direla batho sepe se se molemo. O ne a tlhalosa Satane e le “mmolai” le “ramaaka le sengwe le sengwe se e leng maaka.” (Johane 8:44, The Amplified Bible) Kwantle ga pelaelo, lefatshe le le ‘namaletseng mo maatleng’ a sebopiwa se se ntseng jalo se se boikepo go ka se ka ga direga gore le itumele. (1 Johane 5:19) Mme Diabolo ga a kitla a nna le maatla ano ka bosakhutleng. Jesu yo gone jaanong e leng sebopiwa se se maatla sa semoya, o tla tloga a nyeletsa Satane le go fedisa tlhotlheletso ya gagwe gotlhelele.—Bahebera 2:14; Tshenolo 20:1-3.

Satane ka boene o a itse gore malatsi a gagwe a go nna mmusi wa lefatshe a tla tloga a fela. Ka jalo, o dira maiteko a magolo gore a senye batho ka tsela ya gore ba se ka ba tlhola ba fetoga, fela jaaka a ile a dira pele ga nako ya Morwalela wa motlha wa ga Noa. (Genesise 6:1-5; Jude 6) Tshenolo 12:12 ya re: “A bo go latlhega lefatshe le lewatle, ka gonne Diabolo o fologetse kwa go lona, a le bogale jo bogolo, ka a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako.” Boporofeti jwa Baebele le ditiragalo di bontsha gore re tshela mo nakong e e gaufi thata le bokhutlo jwa ‘lobaka lono lo lokhutshwane lwa nako.’ (2 Timotheo 3:1-5) Re gaufi thata le nako ya go namolwa.

Puso e e Tla Tlisang Boitumelo

Lebaka la boraro la go bo Jesu a ne a sa inaakanye le dipolotiki ke ka go bo o ne a itse gore mo nakong e e beilweng mo isagweng, Modimo o tla tlhoma puso ya legodimo e e tla busang mo lefatsheng. Baebele e bitsa puso eno e re ke Bogosi jwa Modimo, mme e ne e le setlhogo se segolo sa thuto ya ga Jesu. (Luke 4:43; Tshenolo 11:15) Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe gore ba rapelele Bogosi joo gore bo tle, ka gonne ke fela ka nako ya puso ya jone ‘thato ya Modimo e tla diragalang mo lefatsheng, jaaka kwa legodimong.’ (Mathaio 6:9, 10) O ka nna wa ipotsa gore, ‘Fa e le gore Bogosi jono bo tla busa mo lefatsheng lotlhe, go tla diragalang ka mebuso ya batho?’

Karabo e fitlhelwa mo go Daniele 2:44: “Mo metlheng ya dikgosi tseo [tsa nako ya bokhutlo jwa tsamaiso eno] Modimo wa legodimo o tla tlhoma bogosi jo bo se kitlang bo senngwa le ka motlha. Mme bogosi joo ga bo kitla bo fetisediwa mo bathong bape ba bangwe. Bo tla thubaganya bo fedisa magosi ano otlhe [a batho], mme bo tla ema ka bosakhutleng.” Ke ka ntlha yang fa Bogosi jwa Modimo bo tshwanetse go “thubaganya” mebuso ya lefatshe? Ka gonne mebuso eno e gagamalela go tlhotlheletsa moya wa go nyatsa Modimo le moya wa go batla go ipusa o o ileng wa rotloediwa ke Satane bogologolo kwa tshimong ya Edene. Mo godimo ga go sa direle batho sepe se se molemo, ba ba tlhotlheletsang moya o o ntseng jalo ba ipaya mo seemong sa go thulana le Mmopi. (Pesalema 2:6-12; Tshenolo 16:14, 16) Ka jalo, re tshwanetse go ipotsa ‘A re ema le puso ya Modimo kana re kgatlhanong le yone?’

O Tla Tlhopha Bolaodi Jwa ga Mang?

Go thusa batho go dira tshwetso ba na le kitso e e siameng ka ga gore ba tlhopha puso efe, Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe gore ba rere “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi . . . mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe” pele ga bokhutlo jwa tsamaiso eno. (Mathaio 24:14) Ke bomang gompieno ba ba itsegeng mo lefatsheng lotlhe ba rera ka Bogosi jwa Modimo? Ke Basupi ba ga Jehofa. Tota e bile, makasine ono ga o bolo go nna le mafoko ano mo tsebeng ya one e e kafa ntle, a a reng “E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa.” Gompieno, Basupi ba ba ka nnang dimilione di le thataro mo dinageng tse di fetang 230 ba thusa batho go nna le kitso e e tlhomameng ka Bogosi joo. *

Masego mo Babusiweng ba Bogosi

Ka metlha Jesu o ne a dira dilo ka tsela ya Modimo. Ka jalo, go na le gore a itlhophele go itirela dilo ka tsela e ene a batlang ka yone le go leka go tshegetsa kana go tokafatsa tsamaiso e e leng teng ka tsela ya dipolotiki, o ne a dira ka natla gore a tsweletse pele dilo tse di direlwang Bogosi jwa Modimo, e leng yone fela tharabololo ya mathata a lefatshe. Ka ntlha ya boikanyegi jwa gagwe o ne a duelwa ka go newa setulo sa bogosi se se galalelang kwa legodimong e le ene Kgosi ya Bogosi joo. A bo a ile a bona tuelo e e molemo jang ne ka ntlha ya go ineela ga gagwe mo Modimong!—Daniele 7:13, 14.

Gompieno dimilione tse di etsang Jesu mo go beyeng Bogosi jwa Modimo kwa pele le go ineela go dira go rata ga Modimo le tsone di na le mpho e ntle—tshiamelo ya go nna babusiwa ba Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 6:33) Mo pusong ya jone e e lorato, ba tla nna batho ba ba itekanetseng, ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri. (Tshenolo 21:3, 4) Temana ya 1 Johane 2:17 e bolela jaana: “Lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.” Fa Satane le balatedi ba gagwe ba tlositswe mme lefatshe le fetotswe go nna paradaise ya lefatshe lotlhe e e se nang bosetšhaba jo bo kgaoganyang batho, tsamaiso e e bosula ya kgwebo le bodumedi jwa maaka, a bo e tla bo e le boitumelo jang go tshelela ruri mono!—Pesalema 37:29; 72:16.

Ee, Bogosi jwa Modimo ke tsela ya mmatota ya go bona lefatshe le le itumetseng, mme molaetsa o o itsiseng ka one o tlhalosiwa sentle e le dikgang tse di molemo. Fa e le gore ga o ise o dire jalo, nako e e tlang fa Basupi ba ga Jehofa ba go etela kwa gae, ke eng fa o sa amogele dikgang tse di molemo tse o di tlisediwang?

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 16 Ka go buelela Bogosi jwa Modimo, Basupi ba ga Jehofa ga ba inaakanye le dipolotiki kana go tlhotlheletsa botsuolodi kgatlhanong le mebuso e e busang, tota le mo dinageng tse Basupi ba thibetsweng mo go tsone kana tse ba bogisiwang mo go tsone. (Tito 3:1) Go na le moo, ba leka go thusa ka tsela e e molemo mo dilong tsa semoya tse e seng tsa dipolotiki ka tsela e Jesu le barutwa ba gagwe ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba neng ba dira ka yone. Basupi ba leka go thusa batho ba ba ratang tshiamo mo mafelong a bone a a farologaneng gore ba amogele ditekanyetso tse di siameng tsa Baebele, tse di jaaka lorato mo lelapeng, boikanyegi, boitsholo jo bo phepa le mekgwa e e molemo ya go bereka. Mme thatathata ba leka go ba ruta kafa ba ka latelang melaometheo ya Baebele ka teng le go ikanya Bogosi jwa Modimo gore ke jone tsholofelo ya mmatota.

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Ditiragalo di bontsha gore batho ga ba kgone go busa ka katlego kwantle ga Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

E re ka Satane a busa “tsamaiso eno ya dilo” o ne a kgona go solofetsa Jesu “magosi otlhe a lefatshe”

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Jesu o ne a ruta gore mo thulaganyong ya Bogosi jwa Modimo, lefatshe e tla nna lefelo le le itumedisang