Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

‘Aparang Bopelotelele’

‘Aparang Bopelotelele’

‘Aparang Bopelotelele’

“Aparang lorato lwa bopelotlhomogi . . . le bopelotelele.”—BAKOLOSA 3:12.

1. Umaka sekai se se molemo sa go nna pelotelele.

RÉGIS, yo o nnang kwa borwabophirima jwa Fora, o ne a nna Mosupi yo o kolobeditsweng wa ga Jehofa ka 1952. Go ne ga feta dingwaga di le dintsi mosadi wa gagwe a leka ka bojotlhe go kgoreletsa maiteko a gagwe a go direla Jehofa. O ne a leka go phunya maotwana a koloi ya gagwe gore a se ka a kgona go ya dipokanong, mme nako nngwe o ile a ba a mo sala morago fa a ntse a rera molaetsa wa Baebele ka ntlo le ntlo, a sotla ka ene fa a ntse a bua le beng ba matlo ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi. Le fa Régis a ne a ganediwa setlhogo jalo, o ne a tswelela pele a le pelotelele. Ka gone, Régis ke sekao se se molemo mo Bakereseteng botlhe, e re ka Jehofa a batla gore baobamedi botlhe ba gagwe ba nne pelotelele fa ba dirisana le batho ba bangwe.

2. Lefoko la Segerika la “bopelotelele” le bolela eng fa le ranolwa fela jaaka le ntse, mme totatota le kaya eng?

2 Lefoko la Segerika la “bopelotelele” fa le ranolwa fela jaaka le ntse le bolela “go nna moya o moleele.” Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Seesemane e ranola lefoko leno e le “bopelotelele” ka makgetlo a le lesome, gararo e le “boitshoko” le ka lekgetlo le le lengwe e le “go nna le boitshoko.” Mafoko oomabedi a Sehebera le Segerika a a ranotsweng ka go re “bopelotelele” a akaretsa boitshoko, boiphapaanyo le go nna bonya go galefa.

3. Tsela e Bakeresete ba neng ba leba bopelotelele ka yone e ne e farologana jang le ya Bagerika ba lekgolo la ntlha la dingwaga?

3 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga Bagerika ba ne ba sa tseye bopelotelele e le nonofo e e molemo. Borafilosofi ba Basetoika ba ne ba se ke ba dirisa lefoko leno. Go ya ka mokanoki wa Baebele e bong William Barclay, bopelotelele “bo ne bo thulana le pono e Bagerika ba neng ba na le yone ka dinonofo tse di molemo, ba ba neng ba ipelafatsa ka dilo tse di jaaka “go se itshokele go tlhapaolwa kana go utlwisiwa botlhoko.” O bolela jaana: “Mo Mogerikeng, motho yo e leng monna tota e ne e le yo o neng a dira bojotlhe go ipusolosetsa. Mo Mokereseteng, motho yo e leng monna tota ke yo o ganang go dira jalo tota le fa a ka kgona.” Bagerika ba ka nna ba bo ba ne ba tsaya go nna pelotelele e le go nna bokoa, mme mo kgannyeng eno, jaaka mo dilong tse dingwe, “selo sa boeleele sa Modimo se botlhale go feta batho, le selo se se bokoa sa Modimo se nonofile go feta batho.”—1 Bakorintha 1:25.

Sekao sa ga Keresete sa Bopelotelele

4, 5. Jesu o ne a re tlhomela sekao sefe se se molemo sa go nna pelotelele?

4 Keresete Jesu o re tlhomela sekao se se molemo se se fetwang fela ke sa ga Jehofa sa bopelotelele. Fa Jesu a ne a le mo kgatelelong e kgolo o ne a bontsha boikgapo jo bo gakgamatsang tota. Go ne ga porofetiwa jaana ka ene: “O ne a pitlagane thata, e bile o ne a itetla gore a bogisiwe; le fa go ntse jalo o ne a sa bule molomo. O ne a tlisiwa fela jaaka nku e isiwa tlhabong; le jaaka nku e namagadi e e nnang semumu fa pele ga babeodi ba yone, le ene o ne a sa bule molomo.”—Isaia 53:7.

5 A bo Jesu a ile a bontsha bopelotelele jo bogolo jang ne mo bodireding jotlhe jwa gagwe mo lefatsheng! O ile a itshokela dipotso tsa boferefere tsa baba ba gagwe le go tlhapaolwa ke baganetsi. (Mathaio 22:15-46; 1 Petere 2:23) O ne a le pelotelele le barutwa ba gagwe, tota le fa ba ne ba aga ba ngangisana ka ga gore ke ofe wa bone yo mogolo go gaisa. (Mareko 9:33-37; 10:35-45; Luke 22:24-27) Mme a bo Jesu a ile a bontsha boitshoko jo bo molemo jang ne mo bosigong jwa go okwa ga gagwe fa Petere le Johane ba ne ba thulamela morago ga go bolelelwa gore ba ‘nne ba disitse’!—Mathaio 26:36-41.

6. Paulo o ile a solegelwa molemo jang ke bopelotelele jwa ga Jesu, mme re ithuta eng mo go seno?

6 Jesu o ile a tswelela a le pelotelele morago ga loso le tsogo ya gagwe. Moaposetoloi Paulo o ne a le kelotlhoko thata ka seno ka gonne e kile ya bo e le mmogisi wa Bakeresete. Paulo o ile a kwala jaana: “Lefoko la gore Keresete Jesu o ne a tla mo lefatsheng go boloka baleofi le a ikanyega e bile le tshwanelwa ke kamogelo e e tletseng. Mo go bano ke kwa pelepele. Le fa go ntse jalo, lebaka la go bo ke ne ka bontshiwa kutlwelobotlhoko e ne e le gore go dirisiwa nna jaaka sekao se se kwa pelepele, Keresete Jesu a bontshe go itshwara ka bopelotelele gotlhe e le sekao sa ba ba tlileng go dumela mo go ene gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng.” (1 Timotheo 1:15, 16) Le fa re ka tswa re ne re tshela jang pele, fa re ikanya Jesu, o tla nna pelotelele le rona—mme gone o tla nna a lebeletse gore re bontshe “ditiro tse di tshwanelang boikwatlhao.” (Ditiro 26:20; Baroma 2:4) Melaetsa e Keresete a neng a e romelela diphuthego tse supa tsa Asia Minor e bontsha gore le fa a le pelotelele, gone o lebeletse gore dilo di tokafadiwe.—Tshenolo, kgaolo 2 le 3.

Leungo la Moya

7. Bopelotelele bo amana jang le moya o o boitshepo?

7 Paulo mo kgaolong ya botlhano ya lekwalo la gagwe go Bagalatia o ile a supa tsela e ditiro tsa nama di farologanang ka yone le maungo a moya. (Bagalatia 5:19-23) E re ka bopelotelele e le nngwe ya dinonofo tsa ga Jehofa, nonofo eno e simologa mo go ene mme ke leungo la moya wa gagwe. (Ekesodo 34:6, 7) Ee ruri, mo tlhalosong ya ga Paulo ya maungo a moya, bopelotelele bo beilwe mo maemong a bonè le “lorato, boipelo, kagiso, . . . bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo.” (Bagalatia 5:22, 23) Ka gone, fa batlhanka ba Modimo ba bontsha boitshoko jwa bomodimo kana bopelotelele, ba dira jalo ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.

8. Ke eng se se ka re thusang go nna le maungo a moya, go akaretsa le bopelotelele?

8 Le fa go ntse jalo, seno ga se bolele gore Jehofa o pateletsa motho go nna le moya wa gagwe. Re tshwanetse ra bo re rata go tlhotlhelediwa ke one. (2 Bakorintha 3:17; Baefeso 4:30) Re letla moya ono go dira mo botshelong jwa rona ka go lwela go nna le maungo a one mo dilong tsotlhe tse re di dirang. Paulo o ile a oketsa jaana fa a sena go umaka ditiro tsa nama le maungo a moya: “Fa e le gore re tshela ka moya, a re tsweleleng re tsamaya ka thulaganyo ka moya. Lo se ka lwa tsietsega: Modimo ga se yo o ka sotliwang. Gonne le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape; ka gonne yo o jalelang nama ya gagwe o tla roba go bola mo nameng ya gagwe, mme yo o jalelang moya o tla roba botshelo jo bo sa khutleng mo moyeng.” (Bagalatia 5:25; 6:7, 8) Gore re atlege mo go nneng pelotelele, re tshwanetse go lwela go nna le maungo a mangwe a Mokeresete a kgonang go nna le one ka thuso ya moya o o boitshepo.

“Lorato lo Pelotelele”

9. Ke eng se se ka tswang se dirile gore Paulo a bolelele Bakorintha gore “lorato lo pelotelele”?

9 Paulo o ile a bontsha gore lorato lo amana thata le bopelotelele fa a ne a re: “Lorato lo pelotelele.” (1 Bakorintha 13:4) Mokanoki mongwe wa Baebele e bong Albert Barnes, o bolela gore Paulo o ile a gatelela kgang eno ka ntlha ya kganetsano le kgotlhang e e neng e le gone mo phuthegong ya Bokeresete ya Korintha. (1 Bakorintha 1:11, 12) Barnes a re: “Lefoko le le dirisitsweng fano [go ranola bopelotelele] le farologana le go nna mafega: go galefa le go tenega. Le tlhalosa boikutlo jwa mogopolo jwa go ITSHOKA NAKO E TELELE fa o gateletswe le fa o galefisiwa.” Lorato le bopelotelele di sa ntse di na le seabe se segolo mo go direng gore go nne le kagiso mo phuthegong ya Bokeresete.

10. (a) Lorato lo re thusa go nna pelotelele ka ditsela dife, mme ke kgakololo efe e moaposetoloi Paulo a re neelang yone mo kgannyeng eno? (b) Mokanoki mongwe wa Baebele o ile a reng malebana le bopelotelele le bopelonomi jwa Modimo? (Bona mokwalo o o kwa tlase.)

10 “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi. Lorato . . . ga lo ipatlele melemo ya lone fela, ga lo gakatsege.” Ke gone ka moo lorato lo re thusang go nna pelotelele ka ditsela tse dintsi. * (1 Bakorintha 13:4, 5) Lorato lo re thusa go itshokelana ka bopelotelele le go re gopotsa gore rotlhe ga re a itekanela mme re na le makoa le diphoso. Lo re thusa go akanyetsa batho ba bangwe le go ba itshwarela. Moaposetoloi Paulo o re kgothaletsa go tsamaya ‘ka mogopolo o o ikokobeditseng fela thata le ka bonolo, ka bopelotelele, re itshokelana ka lorato, re leka ka natla ka tlhoafalo go boloka bongwefela jwa moya mo sebofong se se kopanyang sa kagiso.’—Baefeso 4:1-3.

11. Ke eng fa Bakeresete ba tshwanetse go nna pelotelele segolobogolo mo mafelong a bone?

11 Go nna pelotelele ga Bakeresete go dira gore go nne le kagiso le boitumelo mo mafelong a bone, e ka ne e le mo diphuthegong, mo magaeng a Bethele, a barongwa, mo ditlhopheng tsa bone tsa go aga, kana mo dikolong tsa bone. Nako le nako go ka tlhaga maemo a a gwetlhang a a bakwang ke go farologana ka botho, dilo tse ba di ratang, tsela e ba godisitsweng ka yone, go farologana ga tsela e ba lebang maitseo ka yone, le e leng tsela e ba lebang bophepa ka yone. Go ntse jalo le mo malapeng. Go nna bonya go galefa go botlhokwa thata. (Diane 14:29; 15:18; 19:11) Rotlhe re tshwanetse go nna pelotelele—go itshoka re na le tsholofelo ya gore dilo di tla nna botoka.—Baroma 15:1-6.

Bopelotelele bo re Thusa go Itshoka

12. Ke eng fa bopelotelele bo le botlhokwa mo maemong a a gwetlhang?

12 Bopelotelele bo re thusa go itshokela maemo a a gwetlhang a go lebegang a sa fele kana a se kitla a rarabologa ka bonako. Go ne go ntse jalo ka Règis, yo o umakilweng kwa tshimologong. Mosadi wa gagwe o ne a fetsa dingwaga tse dintsi a kgoreletsa maiteko a gagwe a go direla Jehofa. Le fa go ntse jalo, letsatsi lengwe o ne a tla kwa go ene a bua jaana a lela: “Ke a itse gore seno ke boammaaruri. Nthuse. Ke batla go ithuta Baebele.” Kgabagare o ne a nna Mosupi yo o kolobeditsweng. Règis a re: “Seno se bontsha gore Jehofa o ile a segofatsa dingwaga tseo tse ke di feditseng ke kgaratlha, ke le pelotelele e bile ke itshokile.” Bopelotelele jwa gagwe bo ne jwa duelwa.

13. Ke eng se se neng sa thusa Paulo go itshoka, mme sekao sa gagwe se ka re thusa jang go itshoka?

13 Bogologolo mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., moaposetoloi Paulo o ne a nna sekao se se molemo sa go nna pelotelele. (2 Bakorintha 6:3-10; 1 Timotheo 1:16) Fa Paulo a tloga a wetsa botshelo jwa gagwe, o ne a gakolola mopati wa gagwe yo mmotlana e bong Timotheo gore Bakeresete botlhe ba tla welwa ke diteko. Paulo o ne a umaka sekao sa gagwe ka namana a bo a akantsha dinonofo dingwe tsa motheo tsa Bokeresete tse di ka thusang motho go itshoka. O ne a kwala jaana: “O latetse thuto ya me thata, tsela ya me ya botshelo, boikaelelo jwa me, tumelo ya me, bopelotelele jwa me, lorato lwa me, boitshoko jwa me, dipogiso tsa me, dipogo tsa me, mofuta wa dilo tse di neng tsa ntiragalela kwa Antioka, kwa Ikonio, kwa Lisetera, mofuta wa dipogiso tse ke di itshoketseng; mme le fa go ntse jalo Morena o ne a nkgolola mo go tsone tsotlhe. Tota e bile, botlhe ba ba eletsang go tshela ka boineelo jwa bomodimo ba le seoposengwe le Keresete Jesu le bone ba tla bogisiwa.” (2 Timotheo 3:10-12; Ditiro 13:49-51; 14:19-22) Gore re kgone go itshoka rotlhe re tlhoka go nna le tumelo, lorato le bopelotelele.

Go Apara Bopelotelele

14. Paulo o ile a tshwantsha dinonofo tse di molemo tse di jaaka bopelotelele le eng, mme ke kgakololo efe e a neng a e neela Bakeresete ba Kolosa?

14 Moaposetoloi Paulo o ne a tshwantsha bopelotelele le dinonofo tse dingwe tse di molemo le diaparo tse Mokeresete a tshwanelwang ke go di apara fa a sena go apola mekgwa e e amanang le “botho jwa bogologolo.” (Bakolosa 3:5-10) O ne a re: “Jaaka ba ba tlhophilweng ba Modimo, ba ba boitshepo le ba ba ratwang, aparang lorato lwa bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele. Tswelelang lo itshokelana e bile lo itshwarelana lo gololesegile fa mongwe a na le lebaka la go ngongorega ka yo mongwe. Le eleng jaaka Jehofa a ne a lo itshwarela a gololesegile, jalo le lona dirang jalo. Mme, mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, aparang lorato, gonne ke sebofo se se itekanetseng sa kutlwano.”—Bakolosa 3:12-14.

15. Go nna le matswela afe fa Bakeresete ba ‘apara’ bopelotelele le dinonofo tse dingwe tse di molemo?

15 Fa maloko a phuthego a ‘apere’ bopelotlhomogi, bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, bopelotelele le lorato, ba kgona go rarabolola mathata le go tswelela pele ka kutlwano mo tirelong ya ga Jehofa. Balebedi ba Bakeresete ke bone ba segolobogolo ba tshwanetseng go nna pelonomi. Go ka nna le dinako tse ba tshwanelwang ke go kgalema Mokeresete mongwe ka tsone, le fa go ntse jalo go na le ditsela tse di farologaneng tsa go dira seno. Paulo o ne a tlhalosa tsela e e molemo go gaisa tsotlhe fa a ne a kwalela Timotheo jaana: “O kgalemele, o kgaleme o tiisitse, o rotloetse ka bopelotelele jotlhe le botswerere jwa go ruta.” (2 Timotheo 4:2) Ee, ka metlha dinku tsa ga Jehofa di tshwanelwa ke go tshwarwa ka bopelotelele, ka seriti le ka bonolo.—Mathaio 7:12; 11:28; Ditiro 20:28, 29; Baroma 12:10.

“Pelotelele mo go Botlhe”

16. Go ka nna le matswela afe fa re ‘nna pelotelele mo go botlhe’?

16 Go nna pelotelele ga ga Jehofa mo bathong go dira gore re nne le boikarabelo jwa go ‘nna pelotelele mo go botlhe.’ (1 Bathesalonika 5:14) Seno se bolela gore re nne pelotelele le ba malapa a rona ba e seng Basupi, baagelani, badirikarona le ba re tsenang sekolo le bone. Basupi ba le bantsi ba ile ba fenya go sa tshwarweng sentle morago ga go fetsa dingwaga tse dintsi ba itshoketse go sotlwa ka mafoko kana go ganediwa botlhoko ke batho ba ba kopanang le bone kwa tirong kana kwa sekolong. (Bakolosa 4:5, 6) Moaposetoloi Petere o ile a kwala jaana: “Nnang lo ntse lo na le boitshwaro jo bo molemo mo ditšhabeng, gore, mo selong se ba lo kgalang jaaka badirabosula mo go sone, ba tle ba galaletse Modimo mo letsatsing la go tlhatlhoba ga gagwe ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di molemo tse ba leng basupi ba tsone ba ba di boneng ka matlho.”—1 Petere 2:12.

17. Re ka etsa jang lorato le bopelotelele jwa ga Jehofa, mme ke eng fa re tshwanetse go dira jalo?

17 Go nna pelotelele ga ga Jehofa go tla thusa dimilione tsa batho go bona poloko. (2 Petere 3:9, 15) Fa re etsa lorato le bopelotelele jwa ga Jehofa, re tla tswelela pele re le pelotelele go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo le go ruta batho ba bangwe go ikobela puso ya ga Keresete ya Bogosi. (Mathaio 28:18-20; Mareko 13:10) Fa re ne re ka emisa go rera, go ne go tla nna jaaka e kete re batla go lekanyetsa bopelotelele jwa ga Jehofa e bile ga re lemoge boikaelelo jwa jone, jo e leng go thusa batho go ikwatlhaya.—Baroma 2:4.

18. Paulo o ne a rapelela Bakolosa eng?

18 Paulo o ile a kwala jaana mo lekwalong le a neng a le kwalela Bakeresete ba Kolosa kwa Asia Minor: “Gape ke gone ka moo rona, go tloga ka letsatsi le re neng ra utlwalela ka lone, re sa kgaotsang go lo rapelela le go kopa gore lo tladiwe ka kitso ya boammaaruri ya thato ya gagwe ka botlhale jotlhe le go tlhaloganya ga semoya, gore lo tsamaye kafa go tshwanetseng Jehofa gore lo mo itumedise ka botlalo jaaka lo tswelela lo ungwa maungo mo tirong nngwe le nngwe e e molemo e bile lo oketsega mo kitsong e e boammaaruri kaga Modimo, lo dirwa maatla ka maatla otlhe mo lo bileng lo na le thata ya gagwe e e galalelang gore lo itshoke ka botlalo le gore lo itshware ka bopelotelele ka boipelo.”—Bakolosa 1:9-11.

19, 20. (a) Re ka tila jang maikutlo a go lapisiwa ke bopelotelele jwa ga Jehofa? (b) Go nna pelotelele ga rona go ka re leretse melemo efe?

19 Re ka se ka ra felela bopelotelele jwa ga Jehofa pelo fa e le gore re ‘tletse ka kitso ya boammaaruri ya thato ya gagwe,’ e leng gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:4) Re tla nna re “ungwa maungo mo tirong nngwe le nngwe e e molemo,” segolobogolo mo tirong ya go rera “dikgang tse di molemo tsa bogosi.’ (Mathaio 24:14) Fa re nna re dira jalo ka boikanyegi, Jehofa o tla re dira “maatla ka maatla otlhe,” go re thusa go ‘itshoka ka botlalo le gore re itshware ka bopelotelele ka boipelo.’ Ka go dira jalo, re tla ‘tsamaya kafa go tshwanetseng Jehofa,’ mme re tla nna le kagiso e e bakwang ke go itse gore ‘re mo itumedisa ka botlalo.’

20 E kete re ka tlhatswega pelo ka botlalo ka melemo ya go nna pelotelele ga ga Jehofa. Go re thusa go bona poloko ya rona ka borona le ya ba ba re reetsang fa re ba rerela le fa re ba ruta. (1 Timotheo 4:16) Go lwela go nna le maungo a moya—lorato, bopelonomi, molemo, bonolo le boikgapo—go tla re thusa go nna re le pelotelele ka boipelo. Re tla kgona go tshela ka kagiso le ba malapa a rona le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona mo phuthegong. Go nna pelotelele gape go tla re thusa go dirisana le badirikarona kana ba re tsenang sekolo le bone ka bopelotelele. Mme bopelotelele jwa rona bo tla nna le boikaelelo, boikaelelo jwa go namola badiraphoso le go galaletsa Modimo wa bopelotelele, Jehofa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 10 Fa Mokanoki wa Baebele e bong Gordon D. Fee a akgela ka mafoko a ga Paulo a gore “lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi,” o ile a kwala jaana: “Mo dithutong tsa bodumedi tsa ga Paulo [mafoko bopelotelele le bopelonomi] a emela dikarolo tse pedi tsa boikutlo jwa Modimo ka batho (cf. Bar. 2:4). Modimo o bontshitse go nna pelotelele ka lorato ka go itshokela botsuolodi jwa batho; kafa letlhakoreng le lengwe, bopelonomi jwa gagwe bo bonala mo tseleng e a bontshitseng bopelotlhomogi ka yone ka makgetlo a mantsintsi. Ka gone tsela e Paulo a tlhalosang lorato ka yone e simolola ka ditlhaloso tseno tse pedi tsa Modimo, yo ka Keresete a itshupileng a le pelotelele e bile a le pelonomi mo bathong ba ba tshwanelwang ke katlholo ya Modimo.”

A o Ka Tlhalosa?

• Keresete ke sekao se se molemo sa bopelotelele ka ditsela dife?

• Ke eng se se ka re thusang go nna pelotelele?

• Bopelotelele bo thusa Bakeresete jang mo malapeng, mo mafelong a bone e bile bo thusa jang bagolwane?

• Go nna pelotelele ga rona go ka re thusa jang rona ka borona le batho ba bangwe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Tota le fa Jesu a ne a le kafa tlase ga kgatelelo, o ne a le pelotelele le barutwa ba gagwe

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Balebedi ba Bakeresete ba kgothalediwa go tlhoma sekao se se molemo sa go nna pelotelele fa ba dirisana le bakaulengwe ba bone

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Fa re etsa lorato le bopelotelele jwa ga Jehofa, re tla tswelela re rera dikgang tse di molemo

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Paulo o ile a rapelela gore Bakeresete ba ‘nne pelotelele ka boipelo’