Botshelo jo bo Humileng mo Tirelong ya ga Jehofa
Polelo ya Botshelo
Botshelo jo bo Humileng mo Tirelong ya ga Jehofa
JAAKA GO BOLETSE RUSSELL KURZEN
Ke tshotswe ka September 22, 1907, dingwaga di le supa pele ga motlha o o tlhomologileng o o simologileng ka ntwa ya ntlha ya lefatshe. Lelapa la gaetsho le ne le humile ka tsela nngwe e e botlhokwa thata. Ke akanya gore o tla dumalana le seno fa o sena go utlwa dintlha di sekae tsa hisitori ya rona.
FA NKUKU Kurzen a ne a sa ntse a le mosetsana yo mmotlana o ne a setse a batla boammaaruri ka Modimo. Pele ga a tshwara dingwaga tsa bolesome, o ne a etela dikereke di le mmalwa tse di farologaneng mo toropong ya gabone e ntle ya Spiez, kwa Switzerland. Ka 1887, dingwaga di le mmalwa a sena go nyalwa, lelapa loora Kurzen le ne la tsamaya le batho ba bantsi ba ba neng ba fudugela kwa United States.
Lelapa leno le ne la nna kwa Ohio, kwa e rileng mo e ka nnang ka ngwaga wa 1900, Nkuku a bona letlotlo le a neng a ntse a le batla. O ne a le bona mo ditsebeng tsa buka nngwe ya ga Charles Taze Russell e e reng The Time Is at Hand, ka puo ya Sejeremane. O ne a lemoga ka bonako gore se a neng a se bala mo go yone e ne e le lesedi la boammaaruri jwa Baebele. Le fa Nkuku a ne a sa kgone go bala Seesemane, o ne a dira peeletso ya makasine wa Seesemane wa Tora ya Tebelo. Ka jalo o ne a ithuta boammaaruri jwa Baebele, mme ka nako e e tshwanang, a ithuta le puo ya Seesemane. Ntatemogolo ga a ise a ke a kgatlhegele dilo tsa semoya tse mosadi wa gagwe a neng a di kgatlhegela.
Mo baneng ba le 11 ba ga Nkuku Kurzen, bana ba gagwe ba le babedi ba basimane, John le Adolph ba ne ba rata letlotlo la semoya le a neng a le bone. John e ne e le rre, mme o ne a kolobediwa ka 1904 kwa kopanong ya St. Louis, Missouri, ya Baithuti ba Baebele, jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ne ba bidiwa ka nako eo. E re ka bontsi jwa Baithuti ba Baebele e ne e se batho ba ba humileng go le kalo, go ne ga rulaganngwa gore kopano e
tshwarwe ka letlha le le tshwanang le la World’s Fair kwa St. Louis gore ba tle ba kgone go duela ka tlhwatlhwa e e neng e fokoditswe mo ditereneng ka nako eo. Moragonyana ka 1907, rangwane Adolph o ne a kolobediwa kwa kopanong kwa Niagara Falls, New York. Rre le rangwane ba ne ba rera ka matlhagatlhaga se ba neng ba se ithuta mo Baebeleng, mme boobabedi la bofelo ba ne ba nna badiredi ba nako e e tletseng (ba jaanong ba bidiwang babulatsela).Ka jalo, ka nako e ke neng ke tsholwa ka yone ka 1907 lelapa la gaetsho le ne le setse le humile ka tsela ya semoya. (Diane 10:22) Ke ne ke le losea ka 1908 fa batsadi ba me, John le lda, ba ne ba tsamaya le nna kwa kopanong ya “Go ya Phenyong” kwa Put-in-Bay, Ohio. Koo Joseph F. Rutherford, yo ka nako eo e neng e le modiredi yo o etang, e ne e le modulasetulo wa kopano. Dibeke di sekae pele ga moo, o ne a le kwa Dalton, Ohio, kwa a neng a etela legae la rona mme a naya Baithuti ba Baebele dipuo gone.
Gone mme, nna ga ke gakologelwe ditiragalo tseo, mme ke gakologelwa kopano e e neng e le kwa Mountain Lake Park, Maryland, ka 1911. Fa re ne re le koo, nna le kgaitsadiake, Esther, re ne ra kopana le Charles Taze Russell, yo o neng a okametse tiro ya go rera ya Baithuti ba Baebele.
Ka June 28, 1914, letsatsi le lefatshe le neng la tsenngwa mo ntweng ke go bolawa ga ga Mobishopomogolo Ferdinand le mosadi wa gagwe kwa Sarajevo, ke ne ke le kwa kopanong e e ritibetseng le lelapa la gaetsho kwa Columbus, Ohio. Fa e sa le dingwaga tseo tsa bogologolo, ke ntse ke na le tshiamelo ya go nna teng kwa dikopanong tse dintsi tsa batho ba ga Jehofa. Tse dingwe e ne e le dikokoano tsa batho ba ka nna lekgolo fela. Tse dingwe e ne e le dikokoano tse dikgolo thata kwa go dingwe tsa ditadiamo tse dikgolo thata tsa lefatshe.
Legae la Rona le mo Lefelong la Botlhokwa
Mo e ka nnang go simologa ka 1908 go ya go 1918, legae la rona kwa Dalton—e e leng magareng ga Pittsburgh, Pennsylvania le Cleveland, Ohio—le ne le dirisiwa go tshwarela dipokano tsa phuthego e nnye ya Baithuti ba Baebele. Legae la rona e ne ya nna lefelo le dibui tse di etang di gorogelang mo go lone. Ba ne ba golegelela dipitse tsa bone le dikolotsana tsa bone tsa merwalo kafa morago ga sefalana sa rona ba bo ba bolelela ba ba phuthegileng maitemogelo a a kgatlhang le boammaaruri jo bo itumedisang thata jwa Baebele. Dinako tseo di ne di kgothatsa tota!
Rre e ne e le morutabana, mme o ne a tlhomile pelo ya gagwe thata mo tirong e kgolo go di feta
tsotlhe ya go ruta, bodiredi jwa Bokeresete. O ne a tlhomamisa gore o ruta ba lelapa la gagwe ka Jehofa, mme maitseboa mangwe le mangwe re ne re rapela mmogo jaaka lelapa. Ka dikgakologo tsa 1919, Rre o ne a rekisa pitse ya rona le kolotsana ya rona ya merwalo mme a reka Ford ya 1914 ka $175 gore re kgone go fitlhelela batho ba ba oketsegileng ka tiro ya rona ya go rera. Ka 1919 le 1922, koloi eo e ne ya isa lelapa la rona kwa dikopanong tsa botlhokwa thata tsa Baithuti ba Baebele kwa Cedar Point, Ohio.Lelapa la rona lotlhe—nna le Mmè; Rre; Esther; le nnake wa mosimane, e bong John—rotlhe re ne re dira tiro ya go rera. Ke sa ntse ke gakologelwa sentle lekgetlho la ntlha fa mong wa ntlo a ne a mpotsa potso ya Baebele. Ke ne ke na le dingwaga di ka nna supa. Monna yoo o ne a mpotsa jaana, “Mosimane, Haramagedona ke eng?” Ke ne ka kgona go mo naya karabo ya Baebele mme rre a tla a nthusanyana mole le mole.
Go Tsenela Tirelo ya Nako e e Tletseng
Ka 1931 lelapa la rona le ne la nna teng kwa kopanong ya Columbus, Ohio, kwa re neng ra itumelela go amogela leina le lesha, Basupi ba ga Jehofa gone. John o ne a itumetse thata mo e leng gore o ne a swetsa ka gore nna le ene re tsenele tiro ya bobulatsela. * Re ne ra dira jalo, mmogo le Mmè, Rre le Esther. A bo re ne re na le letlotlo le legolo jang ne—lelapa le le kopaneng mmogo mo tirong e e ipedisang ya go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo! Ga nke ke lapisiwa ke go leboga Jehofa ka ntlha ya masego ano. Le fa gone re ne re itumetse jalo, re ne re sa ntse re emetswe ke boitumelo jo bongwe jo bogolo.
Ka February 1934, ke ne ka simolola go direla kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa (e e bidiwang Bethele) kwa Brooklyn, New York. John le ene o ne a tla go direla teng dibeke di le mmalwa moragonyana. Re ne ra nna mmogo mo phaposing e le nngwe go fitlha a nyala mosadi wa gagwe yo o rategang, Jessie, ka 1953.
Fa nna le John re ne re ya Bethele, batsadi ba rona ba ne ba amogela dikabelo tsa go nna babulatsela kwa dikarolong tse di farologaneng tsa naga mme Esther le monna wa gagwe, George Read, ba ne ba tsamaya le bone. Batsadi ba rona ba ne ba tswelela e le babulatsela go fitlha ba wetsa botshelo jwa bone jwa mo lefatsheng ka 1963. Esther le monna wa gagwe ba godisitse lelapa le lentle, mme ke segofaditswe ka ditlogolo di le mmalwa tsa basetsana le basimane tse ke di ratang thata.
Tiro le go Dirisana le ba Bangwe Kwa Bethele
John o ne a dirisa bokgoni jwa gagwe jwa botegeniki kwa Bethele mme a dirisana mmogo le maloko a mangwe a Bethele mo ditirong tse di tshwanang le go dira difonokerafa tse di kgonang go kukiwa. Basupi ba ga Jehofa ba le diketekete ba ne ba di dirisa mo tirelong ya bone ya ka ntlo le ntlo. John gape o ne a thusa go tlhama le go dira metšhine ya go phuthela dimakasine le go kwala maina mo go tse di neng di romelelwa batho ba ba neng ba dirile dipeeletso.
Ke ne ka simolola tirelo ya me ya Bethele ke dira kwa go tshwaraganngwang dibuka teng. Ka nako eo kwa feketering go ne go dira makawana a mangwe a a sa ntseng a direla ka boikanyego kwa Bethele le jaanong. Bano ba akaretsa Carey Barber le Robert Hatzfeld. Mo gare ga ba bangwe ba ke sa ntseng ke ba gopola ka lerato, ba ba setseng ba tlhokafetse ke Nathan Knorr, Karl Klein, Lyman Swingle, Klaus Jensen, Grant Suiter, George Gangas, Orin Hibbard, John Sioras, Robert Payne, Charles Fekel, Benno Burczyk le John Perry. Ba ne ba dira ka boikanyego ngwaga le ngwaga, ba sa ngongorege e bile ba sa lebelela go “tlhatlosiwa maemo.” Le fa go ntse jalo, ba bantsi ba Bakeresete bano ba ba tloditsweng ka moya ba ba ikanyegang ba ne ba newa maikarabelo a magolwane fa phuthego e ntse e gola. Bangwe ba bone e bile ba ne ba direla mo Setlhopheng se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa.
Go bereka le bakaulengwe bano ba ba intshang setlhabelo go ne ga nthuta thuto ya botlhokwa. Mo ditirong tsa boitshediso badiri ba duelelwa tiro ya bone ka madi. Ke yone tuelo ya bone eo. Go direla kwa Bethele go naya motho masego a magolo a semoya, mme ke banna le basadi ba semoya fela ba ba anaanelang maduo a a ntseng jalo.—1 Bakorintha 2:6-16.
Nathan Knorr, yo o neng a tla kwa Bethele e sa ntse e le mosha yo o mo dingwageng tsa bolesome ka 1923, e ne e le molebedi wa feketeri ka bo1930. O ne a feta mo feketering letsatsi le letsatsi mme
a dumedisa mongwe le mongwe wa badiri. Rona ba re neng re le basha kwa Bethele re ne re anaanela go bo a re kgatlhegela ka tsela e e ntseng jalo. Ka 1936 re ne ra amogela motšhine o mosha wa go gatisa go tswa Jeremane, mme bangwe ba bakaulengwe ba basha ba ne ba tshwere mathata a go o kopanya sentle mmogo. Ka jalo Mokaulengwe Knorr o ne a apara diaparo tsa go bereka mme a bereka le bone lobaka lo lo fetang kgwedi go fitlha o kgona go bereka sentle.Mokaulengwe Knorr o ne a dira ka natla mo e leng gore bontsi jwa rona re ne re sa kgone go lepalepana le ene. Mme gape o ne a kgona go itumelela boitlosobodutu. Le morago ga a sena go tlhongwa go nna molebedi wa tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya go rera lefatshe ka bophara ka January 1942, ka dinako tse dingwe o ne a tshameka beisebolo le maloko a lelapa la Bethele le baithuti ba sekolo sa barongwa sa Gileade kwa mabaleng a sekolo gaufi le South Lansing, New York.
Ka April 1950, lelapa la Bethele le ne la fudugela kwa karolong ya bonno e e neng e sa tswa go agiwa e e nang le matlhatlaganyane a le lesome kwa 124 Columbia Heights, Brooklyn, New York. Phaposi e ntšha ya bojelo e ne e le kgolo mo go lekaneng gore rotlhe re nne mmogo fa re ja. Mo dingwageng tse tharo tsa fa go ne go agiwa kago eno ya bonno, re ne re sa kgone go nna le thulaganyo ya rona ya kobamelo ya mo mosong. A bo e ne e le nako e e monate jang fa thulaganyo eno e ne e simololwa gape! Mokaulengwe Knorr o ne a nkopa gore ke nne le ene kwa tafoleng ya modulasetulo gore ke tle ke mo gakolole maina a maloko a masha a lelapa la rona. Ke ne ka nna mo go sone setulo seo dingwaga di le 50 kwa kobamelong ya mo mosong le ka difitlholo. Mme ka August 4, 2000 phaposi eo ya bojelo e ne ya tswalwa mme ke ne ka abelwa gore ke nne kwa go nngwe ya diphaposi tse di ntšhafaditsweng tsa bojelo kwa lefelong le pele e neng e le Towers Hotel.
Ka bo1950 ke ne ka bereka ka lobakanyana kwa feketering ke bereka ka motšhine wa Linotype, ke rulaganya mafoko a re neng re tlile go a kopanya mmogo mo motšhineng ono go dira ditsebe tsa kgatiso e le fa re rulaganyetsa go dira dipoleiti tsa go gatisa. Ke ne ke sa rate go dira tiro eo, mme William Peterson, yo o neng a okametse metšhine eo o ne a ntshwere sentle mo e leng gore le fa go ntse jalo ke ne ka itumelela go bereka teng. Go tswa foo, ka 1960 go ne ga tlhokega baithaopi gore ba pente kago ya bonno e e neng e sa tswa go agiwa kwa 107 Columbia Heights. Ke ne ka itumelela go ithaopela go dira tiro eo go thusa go baakanyetsa lelapa la rona la Bethele le le golang dikago tseno tse disha.
Go ise go ye kae morago ga gore go pentiwa ga 107 Columbia Heights go wediwe, ke ne ka abelwa tiro e ke neng ke sa e lebelela ya go amogela baeng kwa Bethele. Dingwaga tse 40 tse ke neng ke dira tiro ya go amogela baeng di ne di le monate fela jaaka tse dingwe tsotlhe tse ke di feditseng ke le mo Bethele. E ka tswa batho ba ba neng ba tsena ka dikgoro e ne e le baeng kgotsa e le maloko a masha a lelapa la Bethele, go ne go le monate thata go bona matswela a maiteko a re a kopanetseng mmogo a go berekela koketsego ya Bogosi.
Baithuti ba ba Tlhaga ba Baebele
Lelapa la rona la Bethele le humile semoyeng ka gonne maloko a lone a rata Baebele. Fa ke ne ke fitlha mo Bethele, ke ne ka botsa Emma Hamilton, yo o neng a dira e le proofreader, gore o badile Baebele ga kae. O ne a araba ka gore: “Makgetlho a le 35, mme morago ga one ga ke tlhole ke gakologelwa gore ke e badile gakae gape.” Anton Koerber, yo mongwe yo e leng Mokeresete yo o nonofileng yo o diretseng kwa Bethele ka lobaka lo lo tshwanang o ne a rata go bua jaana: “Baebele ga nke e nna kgakala le letsogo la me.”
Fa Mokaulengwe Russell a sena go tlhokafala ka 1916, Joseph F. Rutherford o ne a rwala maikarabelo a phuthego a Russell a neng a a rwele. Rutherford e ne e le sebui se se maatla, se se nang le bokgoni, e bile ka nako ya fa e ne e le moitsemolao o ne a buelela Basupi ba ga Jehofa fa pele ga Kgotlatshekelokgolo ya United States. Morago ga loso lwa ga Rutherford ka 1942, Mokaulengwe Knorr o ne a tsaya maemo a gagwe mme a dira ka natla go tokafatsa bokgoni jwa gagwe jwa go bua phatlalatsa. E re ka ke ne ke nna mo phaposing e e gaufi le ya gagwe, gantsi ke ne ke mo utlwa a boeletsa dipuo tsa gagwe gantsintsi. Fa nako e ntse e tsamaya, ka go nna a dira maiteko a magolo jalo, o ne a nna sebui se se molemo sa phatlalatsa.
Ka February 1942, Mokaulengwe Knorr o ne a thusa go tlhoma thulaganyo ya go thusa bakaulengwe botlhe kwa Bethele gore ba tokafatse bokgoni jwa bone jwa go ruta le go bua. Sekolo seo
se ne se beile tlhokomelo thata mo go direng patlisiso ya Baebele le mo go bueng phatlalatsa. Kwa tshimologong, mongwe le mongwe wa rona o ne a abetswe go baya dipuo tse dikhutshwane ka baanelwa ba mo Baebeleng. Puo ya me ya ntlha e ne e bua ka Moshe. Ka 1943 sekolo se se tshwanang se ne sa simololwa mo diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa, mme se ntse se tsweletse go tla go fitlha gompieno. Selo se se gatelelwang thata kwa Bethele e sa ntse e le go nna le kitso ya Baebele le go dirisa mekgwa e e nang le matswela ya go ruta.Ka February 1943 go ne ga simololwa tlelase ya ntlha ya sekolo sa Gileade sa barongwa. Jaanong, setlhopha sa bo111 sa Gileade se sa tswa go aloga! Mo dingwageng tse di fetang 58 sekolo seno se ntse se dira, se thapisitse batho ba feta 7 000 go nna barongwa go ralala lefatshe lotlhe. Ka 1943 fa sekolo seno se ne se simologa, go ne go na le Basupi ba ga Jehofa ba feta 100 000 fela lefatshe ka bophara. Jaanong, go na le batho ba feta 6 000 000 ba ba bolelang dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo!
Go Anaanela Boswa Jwa me Jwa Semoya
Pelenyana fela ga go tlhongwa sekolo sa Gileade, re le bararo go tswa kwa Bethele re ne ra abelwa go etela diphuthego go ralala United States. Re ne re nna letsatsi, malatsi a sekae kgotsa beke re leka go nonotsha diphuthego tseno semoyeng. Re ne re bidiwa batlhanka ba bakaulengwe, leina le moragonyana le neng la fetolwa go nna motlhanka wa potologo, kgotsa molebedi wa potologo. Le fa go ntse jalo, fela fa Sekolo sa Gileade se sena go bulwa, ke ne ka kopiwa gore ke boe ke ye go ruta dikhose dingwe. Ke ne ka direla ke le mongwe wa batlhatlheledi ba ka metlha ba tlelase ya bobedi go ya go ya botlhano, mme gape ke ne ka tsena mo boemong jwa mongwe wa batlhatlheledi ba ka metlha mme ka ruta tlelase ya bo14. Go kgona go boeletsa le baithuti ditiragalo tsa pele tsa hisitori ya motlha wa segompieno ya phuthego ya ga Jehofa—tse bontsi jwa tsone nka di bolelang go tswa mo maitemogelong a me ka namana—go ne ga dira gore ke anaanele boswa jwa me jo bo humileng jwa semoya thata.
Tshiamelo e nngwe e ke neng ka e itumelela fa dingwaga di ntse di feta ke ya go nna teng kwa dikopanong tsa ditšhabatšhaba tsa batho ba ga Jehofa. Ka 1963 ke ne ka tsamaya le baemedi ba bangwe go ralala lefatshe re ya dikopanong tsa “Dikgang Tse di Molemo Tsa Bosakhutleng.” Dikopano tse dingwe tse di tlhomologileng thata tse ke nnileng teng kwa go tsone ke tse di neng di tshwaretswe kwa Warsaw, kwa Poland, ka 1989; kwa Berlin, kwa Jeremane, ka 1990; le kwa Moscow, kwa Russia ka 1993. Kwa go nngwe le nngwe ya dikopano tseno ke ne ka nna le sebaka sa go kopana le bangwe ba bakaulengwe le bokgaitsadi ba me ba ba rategang ba ba itshokileng ka masomesome a dingwaga ba bogisiwa kafa tlase ga puso ya Bonasi, puso ya Bokomonisi, kgotsa ka bobedi jwa tsone. Ao e ne e le maitemogelo a a nonotshang tumelo!
Botshelo jwa me mo tirelong ya ga Jehofa ruri bo humile! Masego a semoya ga a fele. E bile, go farologana le khumo ya dilo tse di bonalang, fa re abela ba bangwe dilo tseno tse di tlhwatlhwakgolo, khumo ya rona e a oketsega. Ka dinako tse dingwe ke na le go utlwa bangwe ba re ba eletsa e kete ba ka bo ba sa godisiwa e le Basupi ba ga Jehofa. Ba re ba akanya gore ba ka bo ba rata boammaaruri jwa Baebele thata fa ba ka bo ba kile ba tshela ba le kwantle ga phuthego ya Modimo.
Ka metlha ke a tshwenyega fa ke utlwa basha ba bua jalo ka gore tota ba bolela gore ga se selo se se molemo thata jalo go godisiwa ba itse ditsela tsa ga Jehofa. Le fa go ntse jalo, akanya ka mekgwa e e maswe le go akanya ka tsela e e sokameng tse batho ba tshwanetseng go di latlha fa ba bona boammaaruri jwa Baebele moragonyana mo botshelong. Ka metlha ke leboga batsadi ba me thata go bo ba godisitse bana ba bone ba bararo ka ditsela tsa tshiamo. John o ne a nna motlhanka yo o ikanyegang wa ga Jehofa go fitlha a tlhokafala ka July 1980, mme go tla go fitlha gompieno Esther e ntse e le Mosupi yo o ikanyegang.
Ke gopola botsalano jo bo molemo jo ke bo itumeletseng le bakaulengwe ba me le bokgaitsadi ba Bakeresete ba ba ikanyegang. Jaanong ke na le dingwaga tse 67 tse di molemolemo ke le kwa Bethele. Le fa ke ise nke ke nyale, ke na le bana ba le bantsi ba ba basimane le ba basetsana ba semoya, mmogo le ditlogolwana tsa semoya. Mme ke a itumela fa ke akanya ka maloko a masha a lelapa la rona la semoya la lefatshe ka bophara ba ke sa ntseng ke tla kopana le bone, ba mongwe le mongwe wa bone a leng botlhokwa thata. A bo mafoko ano a le boammaaruri jang: “Tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang.”—Diane 10:22.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 16 Ke kolobeditswe ka March 8, 1932. Ka jalo, tota ke ne ka kolobediwa fa go sena go dirwa tshwetso ya gore ke nne mmulatsela.
[Setshwantsho mo go tsebe 20]
Go tswa kafa molemeng go ya mojeng: rre le nnake, e bong John, o ntse mo seropeng sa gagwe, Esther, nna le mmè
[Ditshwantsho mo go tsebe 23]
Ke ruta tlelase ya Gileade ka 1945
Kwa godimo kafa mojeng: Batlhatlheledi ba Sekolo sa Gileade, Eduardo Keller, Fred Franz, nna, le Albert Schroeder
[Setshwantsho mo go tsebe 24]
Ke akanya ka botshelo jwa me jo bo humileng mo tirelong ya ga Jehofa