O Tlhoka Segakolodi se se Thapisitsweng
O Tlhoka Segakolodi se se Thapisitsweng
Go ne go bonala e tla nna letsatsi le le sa lebalegeng mo bapalaming le mo badiring ba mo difofaneng ba ba neng ba palame sefofane sa Air New Zealand Flight 901 se se neng se ya Antarctica. Dikhamera di ne di baakantswe mme batho ba ba mo sefofaneng ba ne ba itumetse fa DC-10 e ntse e atamela kontinente e tshweu e fofela kwa tlase gore bapalami ba bone sentle.
KAPOTENE, yo a neng a na le dingwaga di le 15 a kgweetsa difofane, o ne a na le rekoto ya diura tse 11 000 tsa go fofa. Pele ga ba tloga ba fofa, o ne a tsentse thulaganyo ya go fofa mo khomputareng ya gagwe ya mo sefofaneng ka kelotlhoko, a sa lemoge gore dikaelo tse a di filweng ga di a siama. Fa DC-10 e ntse e fofa mo teng ga leru mo e ka nnang ka bogodimo jo bo sa feteng dimetara tse 600, e ne ya thula mokgokolosa wa Thaba ya Erebus, ya bolaya batho botlhe ba le 257 ba ba neng ba le mo sefofaneng.
Fela jaaka difofane gompieno di ikaegile ka dikhomputara gore di di kaele mo loaping, batho le bone ba filwe segakolodi se se ba kaelang mo tseleng e ba e tsamayang mo botshelong. Masetlapelo a a utlwisang botlhoko a Flight 901 a ka re ruta thuto e e maatla malebana le segakolodi sa rona. Ka sekai, fela jaaka fa go fofa ga sefofane ka pabalesego go ikaegile ka thulaganyo e e siameng ya go fofa le kaelo e e tlhomameng, boitekanelo jwa rona jwa semoya, jwa boitsholo le jwa mmele le jone bo ikaegile ka segakolodi se se molemo se se kaelwang ke dikaelo tse di siameng tsa boitsholo.
Ka maswabi, mo lefatsheng le re tshelang mo go lone, dikaelo tse di ntseng jalo di nyelela ka bonako kana di a itlhokomolosiwa. Morutisi mongwe wa Moamerika o ne a bolela jaana: “Gompieno go buiwa thata kafa mosimane yo o tlwaelegileng yo o tsenang sekolo mo United States a sa kgoneng go bala ka teng, kafa a sa kgoneng go kwala ka teng le gore o na le bothata jwa go supa Fora mo mmapeng. Ke boammaaruri gape gore mosimane yono o na le bothata jwa go farologanya se se siameng le se se sa siamang. Mo godimo ga go sa itse go bala le go kwala le go sa itse dipalo, re tshwanetse go akaretsa le kgang eno ya kakabalo mo go tsa boitsholo mo lenaaneng la mathata a go ithuta.” O ne a bolela le gore, “basha gompieno ba tshela mo lefifing la boitsholo. Botsa mongwe wa bone gore a go na le dilo tse di jaaka ‘se se siameng le se se sa siamang,’ mme o tla gakgamala go bona kafa ba tlhakaneng tlhogo ka teng, ba sa itse gore ba reng, ba tshogileng e bile ba sa tlhomamisege. . . . Go tlhakana tlhogo gono go a oketsega go na le gore go fokotsege fa ba setse ba ya kholetšheng.”
Selo sengwe se se bakang tlhakatlhakano eno ke kgopolo e e anameng ya gore melao ya boitsholo e farologana go ya ka se motho a se ratang kana setso sa gagwe. Akanya fela gore go ne go tla diragala eng fa bakgweetsi ba difofane ba ne ba ka tsamaisa sefofane ba sa latele dikaelo tse di tlhomameng go na le moo ba latela matshwao a a sa tlhomamang a a ntseng a sutasuta mme ka nako e nngwe a nyelela gotlhelele! Masetlapelo a a tshwanang le a a diragetseng kwa Thabeng ya Erebus a ne a tla direga ka bontsi. Go ntse fela jalo le ka go se latele melao e e tlhomameng ya boitsholo, lefatshe le bona matswela a a utlwisang botlhoko le a a oketsegang a bohutsana le loso, a a bakiwang ke malapa a a kgaoganngwang ke go sa ikanyege le dimilione tse di bogang ka ntlha ya AIDS kana malwetse a mangwe a a tshwaetsanwang ka tlhakanelodikobo.
Kgopolo ya gore melao ya boitsholo e farologana go ya ka maikutlo a batho e ka lebega e le kgopolo e e tlhabologileng, mme tota batho ba ba e latelang ba tshwana le Baninife ba bogologolo ba ba neng ba sa itse “pharologanyo fa gare ga seatla sa bone sa moja le sa molema.” Batho ba ba latelang kgopolo eno ya gore melao ya boitsholo e farologana go ya ka maikutlo a batho ba tshwana le Baiseraele ba batsuolodi ba ba neng ba re “molemo ke bosula le bosula ke molemo.”—Jona 4:11; Isaia 5:20.
Ka gone, re ka bona kae melao le melaometheo e e tlhamaletseng, e e utlwalang e re ka e dirisang go 2 Timotheo 3:16) E itshupile e ikanyega ka botlalo go ralala makgolo a dingwaga. E re ka melao ya boitsholo ya Baebele e tlhomilwe ke molaodi yo mogolo go gaisa botlhe, Mmopi wa rona, e tshwanela batho botlhe. Ka gone, ga re na lebaka la go tshela re sa kgone go farologanya se se siameng le se se sa siamang.
thapisa digakolodi tsa rona gore e nne kaelo e e babalesegileng? Dimilione tsa batho di ile tsa lemoga fa Baebele e thusa thata mo go seno. Baebele ga e tlogele sepe se se botlhokwa, go tloga ka kgang ya boitsholo go fitlha ka tsela e o lebang tiro ka yone le go tloga ka kgang ya go thapisa bana go fitlha ka kgang ya go obamela Modimo. (Le fa go ntse jalo, mo motlheng ono, segakolodi sa gago se tlhasetswe ka tsela e se iseng se ko se tlhaselwe ka yone. Seo se ka direga jang? Mme o ka kgona go sireletsa segakolodi sa gago jang? Tsela e e molemolemo ya go dira seno ke go itse gore o tlhaselwa ke mang le gore o dirisa maano afe. Dilo tseno di tla sekasekiwa mo setlhogong se se latelang.