Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Tshegofatso ya ga Jehofa—Ke Yone e e Humisang”

“Tshegofatso ya ga Jehofa—Ke Yone e e Humisang”

“Tshegofatso ya ga Jehofa—Ke Yone e e Humisang”

ROTLHE re batla go segofadiwa. The American Heritage College Dictionary e bolela gore tshegofatso e dira gore motho a nne le “boitumelo, boitekanelo, kana katlego.” E re ka Jehofa e le Monei wa “mpho nngwe le nngwe e e molemo le neo nngwe le nngwe e e itekanetseng,” tshegofatso epe fela ya mmatota e e tla nnelang ruri e tswa go Mmopi wa rona yo o lorato. (Jakobe 1:17) O naya batho botlhe masego, tota le ba ba sa mo itseng. Jesu o ne a bolela jaana ka Rraagwe: “[O] tlhabisetsa batho ba ba boikepo le ba ba molemo letsatsi la gagwe e bile o nesetsa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang pula.” (Mathaio 5:45) Le fa go ntse jalo, Jehofa o amega thata ka ba ba mo ratang.—Duteronome 28:1-14; Jobe 1:1; 42:12.

Mopesalema o ne a kwala jaana: “Jehofa ka boene ga a kitla a thibela sepe se se molemo mo go ba ba tsamayang ka go tlhoka molato.” (Pesalema 84:11) Ee, batho ba ba direlang Jehofa ba na le matshelo a a itumetseng le a a nang le bokao. Ba a itse gore “Tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang, mme ga a e oketse ka botlhoko.” Gape Baebele e bolela jaana: “Ba ba [segofadiwang ke Jehofa] ba tla rua lefatshe.” (Diane 10:22; Pesalema 37:22, 29) A bo e tla bo e le tshegofatso jang ne!

Re ka bona jang tshegofatso ya ga Jehofa? Gone ke boammaaruri, re tshwanetse go lwela go nna le dinonofo tse di mo itumedisang. (Duteronome 30:16, 19, 20; Mika 6:8) Re bona seno mo sekaong sa batlhanka ba bararo ba ga Jehofa ba metlha ya bogologolo.

Jehofa o Segofatsa Batlhanka ba Gagwe

Noa e ne e le motlhanka yo o molemo wa Modimo. Mo go Genesise 6:8 re bala jaana: “Noa a bona kamogelo mo matlhong a ga Jehofa.” Ka ntlha yang? Ka gonne Noa o ne a le kutlo. Pego e bolela jaana: “Noa o ne a tsamaya le Modimo wa boammaaruri.” Noa o ne a tshegetsa melaometheo e e siameng ya ga Jehofa mme a ikobela ditaolo tsa gagwe. Ka nako ya fa lefatshe le ne le tletse thubakanyo le boikepo, Noa o ne a tlhotlheletsega go “dira kafa go sotlhe se Modimo a neng a se mo laetse. A dira fela jalo.” (Genesise 6:9, 22) Ka ntlha ya seo, Jehofa o ne a mo laela gore a age “araka gore go bolokwe ba ntlo ya [ga Noa].” (Bahebera 11:7) Ka tsela eno, Noa le ba lelapa la gagwe—mme ka bone batho botlhe—ba ne ba falola go senngwa ga kokomane eo. Mme Noa o ne a swa a na le tsholofelo ya gore o tla tsosiwa ka tebelelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise. A bo a ile a segofadiwa ka tsela e e itumedisang jang ne!

Aborahame le ene o ne a na le dinonofo tse di neng di itumedisa Jehofa. E kgolo mo go tsone e ne e le tumelo. (Bahebera 11:8-10) Aborahame o ne a tlogela botshelo jo bo manobonobo kwa Ure mme moragonyana le kwa Harana ka gonne o ne a dumela tsholofelo ya ga Jehofa ya gore ditšhaba tsotlhe di tla segofala ka losika lwa gagwe. (Genesise 12:2, 3) Le fa a ne a lekiwa ka dingwaga di le dintsi, tumelo ya gagwe e ne ya duelwa fa morwawe Isake a ne a tsholwa. Ka ene, Aborahame o ne a nna mogologolwane wa setšhaba sa Modimo se se tlhophilweng, Iseraele, mme kgabagare wa ga Mesia. (Baroma 4:19-21) Mo godimo ga moo, ke “rre wa botlhe ba ba nang le tumelo,” mme o ne a simolola go bidiwa “tsala ya ga Jehofa.” (Baroma 4:11; Jakobe 2:23; Bagalatia 3:7, 29) A bo a tshetse botshelo jo bo nang le bokao jang ne mme a bo a ile a segofadiwa thata jang ne!

Akanya le ka monna yo o ikanyegang Moshe. Nonofo e e di gaisang tsotlhe mo go tse a neng a na le tsone e ne e le go anaanela ga gagwe dilo tsa semoya. Moshe o ne a furalela dikhumo tsotlhe tsa kwa Egepeto mme “a tswelela a nitame jaaka e kete o bona Ene yo o sa bonaleng.” (Bahebera 11:27) Morago ga dingwaga di le 40 kwa Mediana, o ne a boela kwa Egepeto e le monnamogolo yo o neng a nna pelokgale fa pele ga Faro, mmusi yo mogolo go gaisa botlhe mo motlheng oo, a lopa gore bomorwarraagwe ba gololwe. (Ekesodo 7:1-7) O ne a bona dipetso tse di lesome, go kgaogana ga Lewatle le Lehibidu le go bolawa ga masole a ga Faro. Jehofa o ne a mo dirisa go naya Iseraele Molao le gore a nne motsereganyi wa kgolagano ya Gagwe le setšhaba se sesha. Ka dingwaga di le 40, Moshe o ne a etelela setšhaba sa Iseraele pele mo nageng. Botshelo jwa gagwe bo ne bo na le bokao jwa mmatota, mme o ne a na le masego a le mantsi a a itumedisang a tirelo.

Ditshegofatso Tsa Motlha wa Rona

Dipego tseno di supa gore matshelo a batho ba ba direlang Modimo a na le bokao tota. Fa batho ba ga Jehofa ba nna le dinonofo tse di jaaka kutlo, tumelo le go anaanela dilo tsa semoya, ba bona tshegofatso e kgolo.

Re segofadiwa jang? Ee, le mororo dimilione mo go Labokeresete di bolawa ke tlala ya semoya, rona re ka kgona go ‘phatsima ka ntlha ya molemo wa ga Jehofa.’ (Jeremia 31:12) Jehofa o re file dijo tse dintsi tsa semoya go re thusa go nna re le mo “kgorong e e isang botshelong” ka go dirisa Jesu Keresete le “motlhanka yo o boikanngo le yo o botlhale.” (Mathaio 7:13, 14; 24:45; Johane 17:3) Go kopana le bakaulengwe ba rona ba Bakeresete ke tshegofatso e nngwe e e itumedisang. Kwa dipokanong le ka ditiragalo tse dingwe, go nna mmogo le baobamedi mmogo ba ba lorato le ba ba lekang ka natla go apara “botho jo bosha” ke tsela e e lereng boitumelo jo bogolo. (Bakolosa 3:8-10; Pesalema 133:1) Le fa go ntse jalo, tshegofatso ya rona e kgolo go gaisa tsotlhe ke tshiamelo e e tlhatlhwakgolo e re nang le yone ya go nna le botsala le Jehofa Modimo le go tsamaya mo dikgatong tsa Morwawe, Keresete Jesu.—Baroma 5:1, 8; Bafilipi 3:8.

Fa re akanya ka masego a a ntseng jalo, re lemoga kafa tirelo ya rona go Modimo e leng botlhokwa ka teng. Gongwe re akanya ka setshwantsho sa ga Jesu sa mogwebi yo o etang yo o neng a batla diperela tse di tlhwatlhwakgolo. Jesu o ne a bolela jaana ka monna yono: “Ya re a bona perela e le nngwe ya tlhwatlhwa e e kwa godimo, a ya a rekisa dilo tsotlhe tse a neng a na le tsone kwantle ga go diega mme a e reka.” (Mathaio 13:46) Ga go na pelaelo gore ke kafa re ikutlwang ka teng ka botsala jwa rona le Modimo, ka tshiamelo e re nang le yone ya go mo direla, ka botsalano jwa rona jwa Bokeresete, tsholofelo ya rona ya Bokeresete le masego a mangwe otlhe a a amanang le tumelo ya rona. Ga go na sepe se se botlhokwa go feta seno mo matshelong a rona.

Busetsa Jehofa

E re ka re lemoga gore Jehofa ke Monei wa mpho nngwe le nngwe e e molemo, dipelo tsa rona di tlhotlheletsega go mo leboga ka ntlha ya masego a re a amogelang. Re ka dira seo jang? Tsela e nngwe ke ka go thusa ba bangwe gore le bone ba bone masego ao. (Mathaio 28:19) Mo dinageng tse di fetang 230, Basupi ba ga Jehofa ba ntse ba etela baagelani ba bone go dira sone seo. Fa ba ntse ba dira jalo, ba dirisa dilo tsa bone—nako, maatla le dithoto—go thusa ba bangwe gore “ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.”—1 Timotheo 2:4.

Akanya ka babulatsela ba ba nnang kwa Glendale, California, kwa U.S.A. Matlhatso mangwe le mangwe mo mosong, ba tsamaya dikilometara di le 100 go ya le go boa ba etela kgolegelo ya puso. Le mororo ba kgona go nna diura di sekae fela ba etela mogolegwa mongwe le mongwe, ga ba kgobege marapo. Mongwe wa bone o bolela jaana: “Go duela thata go bereka mo tshimong eno e e sa tlwaelegang. Re a go itumelela. Re na le batho ba bantsi jaana ba ba kgatlhegang mo e leng gore go thata go ba kgona botlhe. Gone jaanong re ithuta le batho ba le tlhano mme ba bangwe ba banè ba kopile thuto ya Baebele.”

Badiredi ba ba tlhoafetseng ba Bakeresete ba itumelela go ithaopela tiro eno ya go boloka botshelo kwantle ga go duedisa batho. Ba na le boikutlo jo bo tshwanang le jwa ga Jesu yo o neng a bolela jaana: “Lo amogetse mahala nayang mahala.” (Mathaio 10:8) Dimilione tsa batho go ralala lefatshe ba dira tiro e e ntseng jalo ya bopelotshweu mme ka ntlha ya seo, boidiidi jwa batho ba ba dipelo tse di ikanyegang ba a arabela mme ba nna barutwa. Mo dingwageng tse tlhano fela tse di fetileng, mo e ka nnang dimilione di le 1,7 di ile tsa ineela mo go Jehofa. Go tlhokomela koketsego eno e e ntseng e golela pele go tlhokega gore go gatisiwe Dibaebele le dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng mmogo le go agiwa ga Diholo Tsa Bogosi tse disha le mafelo a mangwe a go kopanela. Madi a go duelela dilo tseno a tswa kae? Otlhe a tswa mo meneelong ya boithaopo.

Ka ntlha ya maemo a a sa itumediseng a ikonomi mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, batho ba le bantsi ba kgaratlhela go tlamela malapa a bone ka dilo tse di tlhokegang tsa botshelo. Go ya ka makasine wa New Scientist, batho ba le dimilione di le dikete ba dirisa bobotlana diperesente di le 70 tsa lotseno lwa malapa a bone mo dijong. Bontsi jwa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba Bakeresete ba mo maemong ao. Fa ba sa thusiwe ke badumedi ka bone, ba ka se ka ba kgona go duelela dilo tse di jaaka dikgatiso tsa Bokeresete kana go nna le Diholo Tsa Bogosi tse di tshwanetseng.

Gone mme, seo ga se reye gore batho ba ba ntseng jalo ba kgotsofalela gore batho ba bangwe ba ba rwalele merwalo. Mme gone ba tlhoka thuso. Fa Moshe a ne a kgothatsa Baiseraele gore ba ntshe meneelo ya dithoto go lebogela Jehofa masego a bone, o ne a bolela jaana: “Mpho ya seatla sa mongwe le mongwe e lekane le tshegofatso ya ga Jehofa Modimo wa gago e a e go neileng.” (Duteronome 16:17) Ka jalo, fa Jesu a ne a bona motlholagadi a ntsha “madinyana a tshipi a mabedi a tlhwatlhwa e nnye” kwa tempeleng, o ne a mo akgola mo pele ga barutwa ba gagwe. O ne a dira se a neng a ka se kgona. (Luke 21:2, 3) Bakeresete ba ba humanegileng le bone ba dira se ba ka se kgonang. Mme fa go na le tlhaelo, e ka tladiwa ke meneelo e e tswang mo Bakereseteng ka bone ba ba sa humanegang jalo.—2 Bakorintha 8:13-15.

Fa re busetsa Modimo ka ditsela tseno, go botlhokwa gore re dire jalo ka maitlhomo a a siameng. (2 Bakorintha 8:12) Paulo o ne a re: “A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe, e seng ka go ikgoga fela kgotsa ka go patelelwa, gonne Modimo o rata yo o nayang ka boitumelo.” (2 Bakorintha 9:7) Fa re aba ka pelo yotlhe, re tla bo re tshegetsa koketsego ya puso ya Modimo e e leng teng gone jaanong mme e bile re tla bo re oketsa boitumelo jwa rona.—Ditiro 20:35.

Go nna le seabe mo tirong ya go rera le go ntsha meneelo ya boithaopo ke ditsela tse pedi tse ka tsone re ka abelang Jehofa ka ntlha ya dilo tse a re segofaditseng ka tsone. Mme a bo go kgothatsa jang ne go itse gore Jehofa o batla go abela batho ba bangwe ba bantsi ba ba ikanyegang masego a gagwe, ba gone jaanong ba ka tswang ba sa mo itse! (2 Petere 3:9) Ka gone, a re tswelele pele re dirisa dithoto tsa rona mo tirelong ya Modimo gore re bone batho ba dipelo tse di ikanyegang le go ba thusa gore ba nne le dinonofo tse di jaaka go nna kutlo, tumelo le kanaanelo. Ka tsela eo, re tla kgona go itumelela go ba thusa gore ba ‘leke mme ba bone gore Jehofa o molemo.’—Pesalema 34:8.

[Lebokoso mo go tsebe 28, 29]

Ditsela Tse Bangwe ba Tlhophang go Aba ka Tsone Meneelo Ya Tiro YA LEFATSHE LOTLHE

Batho ba le bantsi ba beela madi mangwe kwa thoko go a tsenya mo mabokosong a moneelo a a tshwailweng “Meneelo ya Tiro ya Lefatshe Lotlhe—Mathaio 24:14.”

Kgwedi nngwe le nngwe diphuthego di romela madi ano kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe kwa Brooklyn, New York, kana kwa ofising ya lekala ya naga ya tsone. Meneelo e e ntshiwang ka go rata gape e ka romelwa ka tlhamalalo kwa Accounting Office, Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania, Private Bag X2067, Krugersdorp, 1740, South Africa, kana kwa ofising ya lekala e e thusang naga ya gaeno. Dibenya kana dilo tse dingwe tse di tlhwatlhwakgolo le tsone di ka ntshiwa moneelo. Go tla tlhokega gore meneelo eno e romelwe le lekwalo le lekhutshwane le le tlhalosang gore moneelo oo ke mpho.

MENEELO E E IKAEGILENG KA MABAKA MANGWE

Madi a ka abiwa ka thulaganyo e e kgethegileng ya gore fa go ka direga gore mong wa one a a tlhoke, a busediwe madi ao. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, tsweetswee ikgolaganye le Accounting Office ya ofisi ya lekala ya lefelo la lona mo atereseng e e supilweng fa godimo.

GO ABA KA THULAGANYO

Mo godimo ga go ntsha dimpho tsa madi ka tlhamalalo le meneelo e e ikaegileng ka mabaka mangwe, go na le mekgwa e mengwe gape ya go aba e e ka solegelang tiro ya Bogosi ya lefatshe lotlhe molemo. E akaretsa:

Inshorense: Mokgatlho wa Watch Tower o ka kwalwa gore ke one o tla amogelang madi a inshorense ya botshelo kana a thulaganyo ya go tlogela tiro/phenshene.

Ditoko le dibonto: Ditoko le dibonto di ka abelwa Mokgatlho wa Watch Tower e le mpho.

Ditsha le Dikago Tsa Tsone: Ditsha le dikago tsa tsone tse di ka rekisiwang di ka abelwa Mokgatlho wa Watch Tower e le mpho kana gore e nne tsa mong fa a sa ntse a tshela le gore a tswelele pele a nna mo go tsone go fitlha a swa. Ikgolaganye le ofisi ya lekala ya naga ya gaeno pele ga o kwadisa ditsha le dikago tsa tsone.

Diwili: Dithoto kana madi di ka tlogelelwa Mokgatlho wa Watch Tower ka wili e e kwadilweng semmuso.

Fa e le gore o ka rata go dirisa nngwe ya ditsela tseno tsa go aba ka thulaganyo, o tshwanetse wa ikgolaganya le Accounting Office, ka go e kwalela kana ka mogala, mo diatereseng tse di thathamisitsweng fa tlase kana kwa Ofising ya Mokgatlho e e thusang naga ya lona.

ACCOUNTING OFFICE

Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania

Private Bag X2067,

Krugersdorp, 1740

Nomoro ya mogala: (011) 761 1000