Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Basethia Setšhaba se se Gakgamatsang sa Bogologolo

Basethia Setšhaba se se Gakgamatsang sa Bogologolo

Basethia Setšhaba se se Gakgamatsang sa Bogologolo

SETŠHABA sa bakgarakgatshegi se gorogile se patakela go ralala lorole, ba tshotse dikgetsi tsa bone di tletse dilo tse ba di gapileng. Setšhaba seno se se gakgamatsang se ne se laola dipoa tsa Eurasia go simolola mo e ka nnang ka 700 go ya go 300 B.C.E. Go tswa foo ba ne ba nyelela—mme e le fa ba sena go tlogela motlhala mo hisitoring ya batho. Ba a umakiwa le mo Baebeleng. E ne e le Basethia.

Ka makgolokgolo a dingwaga, bakgarakgatshegi le badisa ba dipitse tsa naga ba ne ba tsamayatsamaya mo nageng e e tletseng tlhaga e e neng e simolola kwa Dithabeng Tsa Carpathian kwa botlhaba jwa Yuropa go ya kwa go se jaanong e leng borwabotlhaba jwa Russia. Ka lekgolo la borobedi la dingwaga B.C.E., ntwa e e neng ya simololwa ke Mmusimogolo wa Mo-China e bong Hsüan e ne ya dira gore batho ba bantsi ba fudugele kwa bophirima. E ne ya re fa Basethia ba ya bophirima ba tlhabana le Bakimeria, ba ba neng ba laola Caucasus le lefelo le le kwa bokone jwa Lewatle le Lentsho, mme ba ba leleka.

Basethia ba ne ba gapa motsemogolo wa Asiria, Ninife, ba batla dikhumo. Moragonyana ba ne ba dira semphato le Asiria ba tsogologela Media, Babelonia le ditšhaba tse dingwe. Ditlhaselo tsa bone di ne tsa fitlha le kwa bokone jwa Egepeto. Lebaka la go bo motse wa Betheshane o o kwa bokonebotlhaba jwa Iseraele o ne moragonyana wa bidiwa Scythopolis le ka bontsha nako e Basethia ba ntseng kwa go one ka yone.—1 Samuele 31:11, 12.

Labofelo, Basethia ba ne ba thibelela kwa dipoeng tsa dinaga tse gone jaana e leng Romania, Moldova, Ukraine le Russia borwa. Fa ba le koo ba ne ba nna bahumi ba dira e le batsereganyi fa gare ga Bagerika le batho ba ba neng ba lema dijo tsa dithoro kwa nageng e gompieno e bidiwang Ukraine le kwa borwa jwa Russia. Basethia ba ne ba ananya dijo tsa dithoro, mamepe a dinotshe, boboa le dikgomo ka beine ya Gerika, matsela a a logilweng, dibetsa le dilo tse di takilweng. Ka tsela eno ba ne ba ikgobokanyetsa khumo e e seng kana ka sepe.

Bapalami ba Dipitse ba ba Boifisang

Mo batlhabaning bano ba dipoa, pitse mo go bone e ne e tshwana le kamela mo bathong ba kwa sekakeng. Basethia e ne e le bapalami ba ba ditswerere ba dipitse mme ba ne ba le gareng ga batho ba ntlha go dirisa sale. Ba ne ba ja nama ya dipitse mme ba nwa mashi a pitse e namagadi. Tota e bile, ba ne ba dirisa dipitse go dira ditshupelo tse di fisiwang. Fa motlhabani wa Mosethia a swa, pitse ya gagwe ene e bolawa mme e fitlhwa ka tsela e e nang le seriti—e feletse ka ditomo le mekgabisa ya yone.

Jaaka go bontshiwa ke rahisitori Herodotus, Basethia ba ne ba na le dingwao tse di setlhogo se se feteletseng, tse di neng di akaretsa go dirisa magata a batho ba ba ba bolaileng gore e nne dikopi tse ba nwang ka tsone. Ba ne ba tlhasela baba ba bone mme ba ba bolaya ka ditšhaka tsa tshipi, dilepe tsa ntwa, marumo, le metswi e e nang le dikobe tse di neng di gagola nama.

Mabitla a a Kgabiseditsweng Ruri

Basethia e ne e le baloi gape ba dirisa bodumedi jwa bodimona e bile ba ne ba obamela molelo le modimogadi wa mosadi. (Duteronome 18:10-12) Ba ne ba tsaya lebitla e le bonno jwa baswi. Batlhanka le diphologolo ba ne ba ntshiwa ditlhabelo tse di tla dirisiwang ke mong wa tsone yo o suleng. Go ne go twe matlotlo le batlhanka ba pata dikgosana tsa bone go ya “lefatsheng le le latelang.” Mo lebitleng lengwe la segosi, batlhanka ba batlhano ba banna ba ne ba fitlhelwa ba robetse ba lebisitse maoto a bone kwa go mong wa bone, ba siametse go tsoga gore ba tswelele pele ka ditiro tsa bone.

Babusi ba ne ba fitlhwa ka ditshupelo tsa manobonobo mme ka nako ya khutsafalo, Basethia ba ne ba tsholola madi a bone e bile ba ipoma moriri. Herodotus o ne a kwala jaana: “Ba kgaola karolo nngwe ya ditsebe tsa bone, ba ipeola ditlhogo, ba itshega mo mabogong, ba itshega diphatla le dinko, ba iphunya mo diatleng tsa molema ka metswi.” Go fapaana le seo, Molao o Modimo a neng a o neile Baiseraele ba ba neng ba tshela mo motlheng o o tshwanang o ne o laela jaana: “Lo se ka lwa itshegaka nama lo itshegakela moya o o suleng.”—Lefitiko 19:28.

Basethia ba ne ba tlogela di-kurgan (dithota tsa mabitla) di le diketekete. Mekgabisa e mentsi e e fitlhelwang mo di-kurgan e bontsha botshelo jwa letsatsi le letsatsi jwa Basethia. Mmusimogolo wa Mo-Russia e bong Peter yo Mogolo o ne a simolola go phutha dilo tseo ka 1715, mme dilo tseno tse di maphatsiphatsi jaanong di ka bonwa kwa dimusiamong kwa Russia le kwa Ukraine. “Botaki jono jwa diphologolo” bo akaretsa dipitse, bontsu, bophakalane, dikatse, dinkwe, dikgama, diphologolo tse di nang le ditlhogo tsa dinonyane, diphologolo tse di nang le ditlhogo tsa ditau (dibopiwa tsa masaitseweng tse di nang le diphuka kgotsa di se na diphuka tse di nang le mmele wa phologolo e nngwe le tlhogo ya phologolo e sele).

Basethia le Baebele

Baebele e umaka Basethia gangwe fela ka tlhamalalo. Mo go Bakolosa 3:11 re bala jaana: “Koo go se nang Mogerika le fa e le Mojuda gone, go rupa le fa e le go sa rupa, motswakwa, Mosethia, motlhanka, mogololesegi, mme Keresete ke dilo tsotlhe e bile o mo go botlhe.” Fa moaposetoloi wa Mokeresete Paulo a ne a kwala mafoko a a fa godimo, lefoko la Segerika le le rayang “Mosethia” le ne le sa reye setšhaba sengwe se se rileng, mme le ne le raya batho ba ba sa tlhabologang gotlhelele. Paulo o ne a gatelela gore ka tlhotlheletso ya moya o o boitshepo wa ga Jehofa, le batho ba mofuta o o ntseng jalo ba ne ba ka apara botho jo bosha jwa bomodimo.—Bakolosa 3:9, 10.

Baithutamarope bangwe ba dumela gore leina Ashekenase le le fitlhelwang mo go Jeremia 51:27 le tshwana le lefoko la Seasiria Ashguzai, lefoko le le neng le dirisiwa go bitsa Basethia. Matlapanakwalelo a cuneiform a bontsha gore setšhaba seno le Ba-Mannai ba ne ba dirile semphato go tsogologela Asiria mo lekgolong la bosupa B.C.E. Pelenyana fela ga Jeremia a simolola go porofeta, Basethia ba ne ba iphetela fela mo nageng ya Juda ba ya Egepeto kgotsa ba tswa teng, mme ba sa tlhagise kotsi epe. Ka jalo, batho ba bantsi ba ba mo utlwileng a bolelela pele gore Juda e ne e tla tlhaselwa go tswa bokone ba ka tswa ba ne ba belaela gore boporofeti joo bo boammaaruri go le kana kang.—Jeremia 1:13-15.

Bakanoki bangwe ba akanya gore Jeremia o ka tswa a ne a bua ka Basethia mo go Jeremia 50:42 e e balegang jaana: “Ba tshwara bora le lerumo le le konopiwang. Ba setlhogo mme ga ba na go bontsha kutlwelobotlhoko epe. Modumo wa bone o tshwana le lewatle le le fuduegang, mme ba tla palama dipitse; ba tlhomagane jaaka monna wa ntwa yo o go tsogologelang, wena morwadia Babelona.” Mme temana eno e bua thata ka Bameda le Baperesia, ba ba neng ba fenya Babelona ka 539 B.C.E.

Go kile ga bolelwa gore “lefatshe la Magogo” le go buiwang ka lone mo dikgaolong 38 le 39 tsa Esekiele le amana le merafe ya Basethia. Le fa go ntse jalo, “lefatshe la Magogo” ke la tshwantshetso. Go bonala go buiwa ka lefatshe, le Satane le baengele ba gagwe ba ileng ba tswalelwa mo go lone morago ga ntwa kwa legodimong.—Tshenolo 12:7-17.

Basethia ba nnile le karolo mo go diragadiweng ga boporofeti jwa ga Nahume jo bo neng bo bolelela pele go menolwa ga Ninife. (Nahume 1:1, 14) Bakaladia, Basethia le Bamede ba ne ba gapa Ninife ka 632 B.C.E., mme ba diga Mmusomogolo wa Asiria.

Go Nyelela mo go Gakgamatsang

Basethia ba nyeletse, mme ke ka ntlha yang? Moithutamarope mongwe yo mogolo wa Ukraine a re: “Boammaaruri ke gore ga re itse gore go diragetseng.” Ba bangwe ba dumela gore ba ne ba ineela mo lekgolong la ntlha le la bobedi B.C.E. mo setlhopheng sa bakgarakgatshegi ba ba tswang Asia—Ba-Sarmatia—ka ntlha ya tshekamelo ya bone ya go batla go huma.

Ba bangwe ba akanya gore dikgotlhang mo gare ga makgotla a Basethia di ne tsa felela ka gore ba nyelele. Mme ba bangwe ba bolela gore go sa ntse go na le masalela a Basethia mo gare ga Ba-Ossetia ba kwa Caucasus. Gone mme, setšhaba seno se se gakgamatsang se tlogetse letshwao mo hisitoring ya batho—le le dirileng gore leina Mosethia le tsewe le tshwana le bosetlhogo.

[Mmapa mo go tsebe 24]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

Motse wa Kgale

Motse wa Segompieno

Danube

SETHIA TSELA YA PHUDUGO

• Kiev

Dnieper

Dniester

Lewatle Le Lentsho

OSSETIA

Dithaba Tsa Caucasus

Lewatle la Caspia

ASIRIA ← DITSELA TSA TLHASELO

□ Ninefe

Tigris

MEDIA ← DITSELA TSA TLHASELO

MESOPOTAMIA

BABELONIA ← DITSELA TSA TLHASELO

□ Babelona

Euferatese

MMUSOMOGOLO WA PERESIA

□ Susa

Kgogometso ya Peresia

PALESETINA

• Bethe-shane (Scythopolis)

EGEPETO ← DITSELA TSA TLHASELO

Nile

Lewatle la Mediterranean

GERIKA

[Ditshwantsho mo go tsebe 25]

Basethia e ne e le batho ba ntwa

[Motswedi wa Setshwantsho]

The State Hermitage Museum, St. Petersburg

[Ditshwantsho mo go tsebe 26]

Basethia ba ne ba ananya dithoto tsa bone ka ditiro tsa botaki tsa Bagerika mme ba ne ba huma thata

[Motswedi wa Setshwantsho]

Courtesy of the Ukraine Historic Treasures Museum, Kiev