Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jesu o a Boloka—jang?

Jesu o a Boloka—jang?

Jesu o a Boloka—jang?

“Jesu o a Boloka!” “Jesu ke Mmoloki wa rona!” Mo dinageng di le dintsi mo lefatsheng lotlhe, melaetsa e e ntseng jalo e kwadilwe mo maboteng a dikago le mo mafelong a mangwe a batho botlhe. Dimilione tsa batho di dumela ka pelo yotlhe gore Jesu ke Mmoloki wa bone. Fa o ne o ka ba botsa, “Jesu o re boloka jang?” gongwe ba ne ba tla araba ka gore “Jesu o re swetse” kana “Jesu o swetse maleo a rona.” Ee, loso lwa ga Jesu lo dira gore re kgone go bolokwa. Mme gone loso lwa motho a le mongwe lo ka kgona jang go duelela maleo a boidiidi? Fa o ne o ka bodiwa gore, “Loso lwa ga Jesu lo ka re boloka jang?” o ne o tla reng?

TSELA e Baebele e arabang potso eno ka yone e motlhofo thata mme gone e a utlwala e bile e botlhokwa thata. Le fa go ntse jalo, go tlhaloganya botlhokwa jwa yone, re tshwanetse go simolola pele ka go tsaya botshelo le loso lwa ga Jesu e le tharabololo ya bothata jo bo boima. Ke gone fela re ka kgonang go tlhaloganya ka botlalo kafa loso lwa ga Jesu lo leng botlhokwa thata ka gone.

Fa Modimo a ne a dira gore Jesu a ntshe botshelo jwa gagwe, o ne a rarabolola bothata jo bo ileng jwa tlhaga fa Adame a ne a leofa. A bo boleo joo e ne ya nna masetlapelo a magolo jang ne! Monna wa ntlha le mosadi wa gagwe Efa, ba ne ba itekanetse. Tshimo e ntle ya Edene e ne e le legae la bone. Modimo o ne a ba naya tiro e e kgotsofatsang ya go tlhokomela legae la bone la tshimo. Ba ne ba tshwanetse go tlhokomela ditshedi tse dingwe mo lefatsheng ka lorato. Mme fa batho ba ntse ba ata ba tlatsa lefatshe ka dimilione tse di tshwanang le bone, ba ne ba tshwanetse go atolosetsa paradaise go fitlha kwa bokhutlong jwa lefatshe. (Genesise 1:28) A bo ba ne ba filwe tiro e e itumedisang le e e kgatlhang jang ne! Mo godimo ga moo, ba ne ba na le botsalano jo bo lorato. (Genesise 2:18) Ba ne ba sa tlhoke sepe. Ba ne ba lebeletse botshelo jo bo itumedisang jo bo sa khutleng.

Go thata go akanya gore go tlile jang gore Adame kana Efa a leofe. Mme gone batho ba babedi ba ntlha ba ne ba tsuologela ene yo o ba bopileng—Jehofa Modimo. Satane Diabolo yo e leng sebopiwa sa moya o ne a tsietsa Efa gore a se ka a ikobela Jehofa mme Adame a mo latela.—Genesise 3:1-6.

Go ne go se na ketsaetsego malebana le gore Mmopi o ne a tla dira eng ka Adame le Efa. O ne a setse a ba tlhaloseditse ditlamorago tsa go se utlwe, ka go re: “O ka nna wa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana gore o bo o kgotsofale. Mme fa e le setlhare sa kitso ya molemo le bosula sone o se ka wa ja mo go sone, gonne ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.” (Genesise 2:16, 17) Jaanong go ne go na le potso e e botlhokwa thata go gaisa tsotlhe e e neng e tlhoka go arabiwa.

Batho ba Lebana le Bothata jo bo Boima

Boleo jwa ntlha bo ile jwa bakela batho bothata jo bo masisi. Adame o ne a simolola botshelo e le motho yo o itekanetseng. Ka jalo, bana ba gagwe ba ne ba ka itumelela botshelo jo bo itekanetseng jo bo sa khutleng. Le fa go ntse jalo, Adame o ne a leofa pele ga a tshola bana. Batho botlhe ba ne ba sa ntse ba le mo lothekeng lwa gagwe fa a ne a otlhaiwa jaana: “O tla ja dijo ka mofufutso wa sefatlhego sa gago go fitlha o boela mo mmung, gonne o ntshitswe mo go one. Gonne o lorole mme o tla boela mo loroleng.” (Genesise 3:19) Ka jalo fa Adame a ne a leofa mme a simolola go swa jaaka Modimo a ile a bolela, batho botlhe ba ne ba atlholetswe loso le ene.

Go a tshwanela go bo moaposetoloi Paulo o ile a kwala jaana moragonyana: “Boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe [Adame] le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) Ee, ka ntlha ya boleo jwa ntlha, bana ba ba neng ba tshwanetse go tsholwa ba itekanetse ba lebeletse go tshela ka bo sa khutleng ba ile ba tsholwa ba lebeletse bolwetse, botsofe le loso.

Mongwe a ka nna a re, “seo ga se a siama.” Ga se rona ba re ileng ra tlhopha go se utlwe Modimo—ke Adame a dirileng jalo. Ke eng fa le rona re tshwanetse go latlhegelwa ke tebelelo ya rona ya botshelo jo bo sa khutleng le boitumelo?” Re a itse gore fa kgotlatshekelo e ne e ka tsenya morwa mo kgolegelong ka go bo rraagwe a utswile koloi, morwa ka tshwanelo o ne a tla ngongorega ka gore: “Selo se ga se a siama! Ga ke a dira sepe se se phoso.”—Duteronome 24:16.

Fa Satane a ne a tlhotlheletsa monna le mosadi wa ntlha go leofa, a ka tswa a ne a akantse gore o tla tsenya Modimo mo seemong se se boima. Diabolo o ne a tlhasela go sa le gale mo hisitoring ya batho—pele ga go tsholwa bana bape. Fa Adame a ne a leofa, kgang e e botlhokwa e ne e le gore, Jehofa o tla dirang ka bana ba Adame le Efa ba tla nnang le bone?

Jehofa o ne a dira se se siameng le se se tshwanetseng. Elihu monna yo o siameng o ne a bolela jaana: “A go nne kgakala le Modimo wa boammaaruri go dira ka boikepo, le Mothatayotlhe go dira ka tshiamololo!” (Jobe 34:10) Mme moporofeti Moshe o ne a kwala jaana kaga Jehofa: “Lefika, tiro ya gagwe e itekanetse, gonne ditsela tsotlhe tsa gagwe di tshiamiso. Modimo yo o ikanyegang, yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene; o siame e bile o thokgame.” (Duteronome 32:4) Tsela e Modimo wa boammaaruri a ileng a rarabolola bothata jo bo bakilweng ke boleo jwa ga Adame ka yone ga e re amoge tshono ya go bona botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise.

Modimo o Rulaganya Tharabololo e e Molemo

Akanya ka tharabololo e Modimo a ileng a e tlhalosa mo katlholong e a neng a e neela Satane Diabolo. Jehofa o ne a raya Satane jaana: “Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi [phuthego ya Modimo ya selegodimo] le fa gare ga losika lwa gago [lefatshe le le laolwang ke Satane] le losika lwa gagwe [Jesu Keresete]. O tla go [Satane] gobatsa mo tlhogong mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng [loso lwa ga Jesu].” (Genesise 3:15) Mo boporofeting jono jwa ntlha jwa Baebele, Jehofa o ne a umaka boikaelelo jwa gagwe jwa go dira gore Morwawe wa semoya yo o kwa legodimong a tle go tshela mo lefatsheng e le Jesu monna yo o itekanetseng mme morago ga foo a swe—a gobadiwe mo seretheng—a ntse a se na boleo.

Ke eng fa Modimo a ne a batla gore go swe motho yo o itekanetseng? Gone mme, katlholo ya ga Jehofa Modimo e ne e le eng mo go Adame fa a ne a ka leofa? A e ne e se loso? (Genesise 2:16, 17) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso.” (Baroma 6:23) Adame o ne a duelela boleo jwa gagwe ka loso lwa gagwe. O ne a filwe botshelo, ene a tlhopha go leofa, mme o ne a swa e le katlholo ya boleo jwa gagwe. (Genesise 3:19) Go tweng ka katlholo e batho botlhe ba neng ba tshwanela ke go lebana le yone ka ntlha ya boleo joo? Go ne go tlhokega loso go ba letlanya ka ntlha ya boleo jwa bone. Mme ke loso lwa ga mang lo lo neng lo tla kgona go tlosa maleo a batho botlhe ka tsela e e tshwanetseng?

Mo Molaong o Modimo a neng a o neela setšhaba sa bogologolo sa Iseraele o ne o batla gore go ntshiwe “moya mo boemong jwa moya [kana botshelo mo boemong jwa botshelo].” (Ekesodo 21:23) Go ya ka molaomotheo ono, loso lo lo neng lo tla tlosa maleo a batho e ne e tla tshwanela go nna loso lo lo lekanang le se Adame a se latlhileng. Ke loso lwa motho yo mongwe yo o itekanetseng fela lo lo neng lo tla kgona go duela maduo a boleo. Jesu e ne e le motho yo o ntseng jalo. Ebu, Jesu e ne e le “thekololo e e lekanang” e e neng e ka boloka batho botlhe ba ba neng ba ka bolokwa ba ba tswang mo go Adame.—1 Timotheo 2:6; Baroma 5:16, 17.

Loso Lwa ga Jesu lo Botlhokwa Thata

Loso lwa ga Adame lo ne lo se na boleng, o ne a tshwanetse go swa ka ntlha ya boleo jwa gagwe. Le fa go ntse jalo, loso lwa ga Jesu lo ne lo le tlhwatlhwakgolo ka gonne o ne a swa a se na boleo. Jehofa Modimo o ne a amogela tlhwatlhwa ya botshelo jwa ga Jesu jo bo itekanetseng e le thekololo ya bana ba ba kutlo ba ga Adame yo o leofileng. Mme boleng jwa setlhabelo sa ga Jesu ga bo felele ka go duelela maleo a rona a nako e e fetileng. Fa go ne go ntse jalo, re ka bo re se na isagwe epe. E re ka re tshotswe ka boleo, re tla boa re leofa gape. (Pesalema 51:5) A bo re ka leboga jang ne go bo loso lwa ga Jesu lo ile lwa re bulela tsela ya gore re bone boitekanelo jo Jehofa a neng a ikaeletse go bo naya bana ba ga Adame le Efa kwa tshimologong!

Adame a ka tshwantshiwa le rre yo o ileng a swa mme a re tlogela re le mo molatong o mogolo [boleo] mo e leng gore ga go na tsela epe e re ka tswang mo molatong oo ka yone. Kafa letlhakoreng le lengwe, Jesu o tshwana le rre yo o molemo yo o ileng a swa a re tlogelela boswa jo bogolo jo bo sa re gololeng fela mo molatong o mogolo o Adame a ileng a re rwesa one mme gape a re tlogelela mo go lekaneng mo re ka itshedisang ka gone ka bosakhutleng. Loso lwa ga Jesu ga lo phimole fela boleo jwa nako e e fetileng; gape ke thulaganyo e e molemo ya isagwe ya rona.

Jesu o a boloka ka gonne o re swetse. Mme a bo loso lwa gagwe e le thulaganyo e e botlhokwa jang ne! Fa re lo tsaya e le bontlhanngwe jwa tsela e Modimo a rarabololang bothata jo bo raraaneng jwa boleo jwa ga Adame ka yone, tumelo ya rona mo go Jehofa le mo tseleng e a dirang dilo ka yone e a nonotshiwa. Ee, loso lwa ga Jesu ke tsela ya go golola “mongwe le mongwe yo o dumelang” mo go ene mo boleong, mo bolwetseng, mo botsofeng le mo losong ka bolone. (Johane 3:16) A o leboga Modimo go bo a ile a dira thulaganyo e e lorato eno ya poloko ya rona?

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Adame o ile a tlisetsa batho boleo le loso

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Jehofa o ne a tla ka tharabololo e e molemo