Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O Tsaya Jang Boitimokanyo?

O Tsaya Jang Boitimokanyo?

O Tsaya Jang Boitimokanyo?

KWA tshimong ya Gethesemane Judase Isekariota o ne a ya kwa go Jesu mme a mo “atla ka bonolo tota.” Ono e ne e le mokgwa o o tlwaelegileng wa go bontsha motho lorato. Mme go Judase a go dirileng e ne e le go itshema fela gore a bontshe batho ba ba neng ba tlile go tshwara Jesu mo bosigong joo gore Jesu ke ofe. (Mathaio 26:48, 49) Judase e ne e le moitimokanyi—motho yo o itirang se a seng sone, yo o fitlhang maikaelelo a gagwe a a bosula ka go dira e kete se a se dirang o se dira ka bopeloephepa. Lefoko la Segerika le le rayang “moitimokanyi” le raya “motho yo o arabang” mme gape le raya motshameki mo seraleng. Fa nako e ntse e tsamaya, lefoko leno le ne la dirisiwa go raya motho yo o itshemang se a seng sone gore a tle a tsietse ba bangwe.

O dira jang fa motho a itimokanya? Ka sekai, a o a galefa fa o bona badiri ba disekerete ba buelela go goga le fa bosupi jwa kalafi bo bontsha gore sekerete se kotsi? A o galefisiwa ke boitimokanyi jwa batlhokomedi ba ba sotlang batho ba ba ba neilweng gore ba ba tlhokomele? A o utlwa botlhoko fa tsala e o neng o akanya gore ke ya boammaaruri e fetoga go nna leferefere? O tsaya jang boitimokanyo jwa bodumedi?

“A bo Go Latlhega Lona . . . Baitimokanyi!”

Akanya kafa boemo jwa bodumedi bo neng bo ntse ka teng fa Jesu a ne a le mo lefatsheng. Bakwadi le Bafarasai ba ne ba itira e kete ke baruti ba ba ikanyegang ba molao wa Modimo, mme tota ba ne ba tlatsa ditlhaloganyo tsa batho ka dithuto tsa batho tse di neng di sa bue ka Modimo. Bakwadi le Bafarasai ba ne ba gatelela gore go latelwe tlhaka nngwe le nngwe ya molao, mme ba tlhokomologa melaometheo ya botlhokwa e e neng e bontsha lorato le kutlwelobotlhoko. Fa ba le mo gare ga batho ba ne ba itira e kete ba ineetse mo Modimong, mme kwa thoko ba ne ba tletse bosula. Ditiro tsa bone di ne di sa nyalane le se ba neng ba se bua. Maikaelelo a bone a go dira dilo e ne e le go “bonwa ke batho.” Ba ne ba tshwana le “diphupu tse di tshasitsweng kalaka, tse kafa ntle eleruri di bonalang di le dintle mme mo teng di tletse marapo a batho ba ba suleng le boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe.” Fa Jesu a ne a senola boitimokanyi jwa bone, o ne a ba raya jaana kgapetsakgapetsa: “A bo go latlhega lona, bakwadi le Bafarasai, baitimokanyi!”—Mathaio 23:5, 13-31.

Fa o ne o tshedile mo metlheng eo, jaaka batho ba bangwe ba ba dipelo di ikanyegang, o ne o ka nna wa galefisiwa thata ke boitimokanyo joo jwa bodumedi. (Baroma 2:21-24; 2 Petere 2:1-3) A mme o ne o ka letla boitimokanyo jwa bakwadi le Bafarasai gore bo go galefise mo e leng gore o ne o tla gana bodumedi jotlhe go akaretsa le jo bo neng bo rutwa le go latelwa ke Jesu Keresete le barutwa ba gagwe? A seo se ne se se kitla se nna kotsi mo go wena?

Boitshwaro jwa boitimokanyi jwa batho ba bodumedi bo ka nna jwa dira gore re fularele bodumedi re bo tenegetse. Le fa go ntse jalo, go dira jalo gape go ka dira gore re se ka ra lemoga bopeloephepa jwa baobamedi ba boammaaruri. Yone melelwane e re itirelang yone gore e re sireletse mo boitimokanyong e ka dira gore re fularele ditsala tsa mmatota. Ka jalo, tsela e re lebang boitimokanyo ka yone e tshwanetse go nna e e utlwalang le e e lekalekaneng.

“Nnang lo Butse Matlho”

Sa ntlha re tshwanetse go ithuta go lemoga baitimokanyi. Ga se ka metlha seno se leng motlhofo. Lelapa lengwe le ne la ithuta seno botlhoko tota. Mmè o ne a le mo kidibalong e kgolo. Fa lelapa le ne le batla go sekisa sepatela ka ntlha ya go sa latele melao ya kalafi sentle, le ne la hira mmueledi yo gape e neng e le moreri mo kerekeng ya mo lefelong leo. Le fa sepatela seo se ne sa duela ditshenyegelo tsa diranta di le dimilione tse 27,2, masetlapelo a lelapa leo a ne a dirwa maswe le go feta. Mmè yoo o ne a tlhokafala e le modidi, mme go se na madi a go mo fitlha. Ka ntlha yang? Ka gonne mmueledi o ne a tsaya bontsi jwa madi ao. Malebana le mmueledi yono, lokwalopaka longwe lwa molao lo ne lwa bolela jaana: “Fa a ne a ka rera ka mokgwa o a itshwarang ka one . . . , molaetsa wa gagwe o ne o tla tshwanela go nna: tla re jeng ba bangwe.” Re ka itshireletsa jang mo bathong ba ba ntseng jalo?

Kgakololo e Jesu a neng a e naya batho ba motlha wa gagwe ba ba neng ba lebane le boitimokanyo jwa bodumedi e ne e le, “Nnang lo butse matlho.” (Mathaio 16:6; Luke 12:1) Ee, re tshwanetse go nna re etse tlhoko. Batho ba ka nna ba ipolela gore ba na le maikaelelo a a molemo thata e bile ba lebega ba le peloephepa fela thata mo dilong tse ba di dirang, mme re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra itlhaganelela go tsaya motho go ya ka se re se bonang ka matlho. A re ne re ka se ka ra tlhatlhoba madi a rona a pampiri fa re ne re itse gore go na le madi a e seng one a a ntseng a newa batho?

Baitimokanyi ba teng le mo phuthegong ya boammaaruri ya Bokeresete. Morutwa Jude o ne a tlhagisa ka bone a re: “Bano ke mafika a a fitlhegileng kwa tlase ga metsi mo meketeng ya lona ya lorato fa ba ntse ba ja mekete le lona, badisa ba ba iphepang kwantle ga poifo; maru a a se nang metsi, a a heheutlelwang kwa le kwa ke diphefo; ditlhare mo bofelong jwa letlhafula, mme di se na maungo.”—Jude 12.

Go ‘nna re butse matlho’ go raya go tila go tsiediwa ke mongwe yo o itshemang e kete o lorato mme tota a le pelotshetlha e bile a rotloetsa megopolo e e sa thaiwang mo Lefokong la Modimo. Jaaka lefika le le makgwakgwa le le kafa tlase ga metsi a a sa eleleng, motho yo o ntseng jalo o ka dira gore ba ba sa tlhokomeleng ba senyegelwe ke tumelo ya bone jaaka go thubega ga sekepe. (1 Timotheo 1:19) Moitimokanyi o ka nna a solofetsa go go lapolosa tota semoyeng mme a itshupa a le ‘leru le le se nang metsi’—le le sa neseng pula. Jaaka setlhare se se se nang maungo, motsietsi ga a na maungo ape a Bokeresete. (Mathaio 7:15-20; Bagalatia 5:19-21) Ee, re tshwanetse go nna re itisitse mo batsietsing ba ba ntseng jalo. Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go dira jalo kwantle ga go belaela maikaelelo a mongwe le mongwe.

“Tlogelang go Atlhola”

A bo go le motlhofo jang gore batho ba ba sa itekanelang ba supe diphoso tsa batho ba bangwe mme tsa bone ba di tlhokomologa! Le fa go ntse jalo, tshekamelo eno e dira gore go nne motlhofo gore re nne baitimokanyi. Jesu o ne a re: “Moitimokanyi! Santlha ntsha tlhomeso e e mo leitlhong la gago, mme ke gone o tla bonang sentle kafa o ka ntshang ka gone lotlhaka mo leitlhong la mokaulengwe wa gago.” Go tla bo go le molemo gore re tseye kgakololo eno ya gagwe tsiya: “Tlogelang go atlhola gore lo tle lo se ka lwa atlholwa; gonne katlholo e lo atlholang ka yone, lo tla atlholwa ka yone . . . Ka jalo, ke ka ntlha yang fa o leba lotlhaka lo lo mo leitlhong la mokaulengwe wa gago, mme o sa akanyetse tlhomeso e e mo leitlhong la gago?”—Mathaio 7:1-5.

Fa batho ba bangwe ka dinako tse dingwe ba dira dilo tse di lebegang e le tsa boitimokanyo, re tshwanetse go tlhokomela gore re se ka ra itlhaganelela go ba bitsa baitimokanyi. Ka sekai, moaposetoloi Petere o ne a “simolola go ikgoga a bo a itomolola” mo badumeding mmogo le ene ba Baditšhaba kwa Antioka gore a tle a itumedise baeng ba Bajuda ba ba neng ba tswa kwa Jerusalema. Barenabase ‘o ne a kopanela le Petere le ba bangwe mo boitshemong jwa bone.’ Petere o ne a dira seno le mororo a nnile le tshiamelo e e molemo ya go bulela Baditšhaba tsela ya go amogelwa mo phuthegong ya Bokeresete. (Bagalatia 2:11-14; Ditiro 10:24-28, 34, 35) Kwantle ga pelaelo, phoso eno e e seng ya ka boomo ya ga Barenabase le Petere ga e a ka ya dira gore ba tsewe ba tshwana le bakwadi le Bafarasai kgotsa le Judase Isekariota.

“A Lorato Lwa Lona lo Nne Lo lo Se Nang Boitimokanyo”

Jesu o ne a kgothatsa jaana: “Fa o direla batho ba bangwe molemo, o se ka wa hira motho yo o letsang terompeta gore a tsamaye fa pele ga gago—jaaka batshameki ba kwa sinagogeng le ba mo mebileng ba ba tlhomamisang gore ba ratwe ke batho.” (Mathaio 6:2, Phillips) Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana, “A lorato lwa lona lo nne lo lo se nang boitimokanyo.” (Baroma 12:9) O ne a kgothatsa Timotheo yo mmotlana gore a nne le “lorato lo lo tswang mo pelong e e phepa . . . le mo tumelong e e se nang boitimokanyo.” (1 Timotheo 1:5) Fa lorato lwa rona le tumelo ya rona e le tsa mmatota—di sa kgotlelwa ka gope ke bopelotshetlha le tsietso—batho ba bangwe ba tla re ikanya. Re tla nna motswedi wa nonofo le wa kgothatso mo go ba ba re dikologileng. (Bafilipi 2:4; 1 Johane 3:17, 18; 4:20, 21) Mme mo godimo ga tsotlhe, re tla amogelwa ke Jehofa.

Kafa letlhakoreng le lengwe, kwa bofelong boitimokanyi bo tla itshupa bo le kotsi mo go ba ba bo dirang. La bofelo, boitimokanyi bo tla senolwa mo pepeneneng. Jesu Keresete o ne a re, “Ga go na sepe se se fitlhilweng ka kelotlhoko se se se kitlang se senolwa, le se eleng sephiri se se se kitlang se itsiwe.” (Mathaio 10:26; Luke 12:2) Kgosi Solomone yo o botlhale o ne a bolela jaana: “Modimo wa boammaaruri o tla tlisa tiro ya mofuta mongwe le mongwe mo katlholong ka ga sengwe le sengwe se se fitlhegileng, gore a se molemo kgotsa se bosula.”—Moreri 12:14.

Kafa letlhakoreng le lengwe, ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go letla boitimokanyo jwa ba bangwe bo re ama go ya ntlheng ya gore re bo re sa kgone go bona lorato lwa mmatota lwa ditsala tsa boammaaruri? Re ka nna kelotlhoko kwantle ga gore re belaele ba bangwe go sa tlhokege. Mme tsweetswee a re bolokeng lorato lwa rona le tumelo di se na boitimokanyo.—Jakobe 3:17; 1 Petere 1:22.

[Ditshwantsho mo go tsebe 22, 23]

A o ka bo o ne wa letla boitimokanyo jwa bakwadi le Bafarasai gore bo go tlose mo go Jesu Keresete le barutwa ba gagwe?