Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Re Tla Kopana mo Bogosing Jwa Modimo”

“Re Tla Kopana mo Bogosing Jwa Modimo”

“Re Tla Kopana mo Bogosing Jwa Modimo”

“Tsala e e Rategang! Rupert, gompieno ke ne ka atlholelwa loso. O se ka wa nkhutsafalela. Ke lo itsise lotlhe mo ntlong gore ke a lo rata. Re tla kopana mo Bogosing jwa Modimo.”

KA JUNE 8, 1942, Franc Drozg o ne a kwala mafoko ano metsotso pele ga a hulwa ke masole a Banasi. Ke eng fa a ne a bolawa?

Go ya ka dipego tsa Museum of National Liberation kwa Maribor, kwa Slovenia, mothudi yono wa tshipi wa dingwaga di le 38 o ne a gana go tsena mo Wehrmannschaft, e leng mophato wa sesole wa Sejeremane kwa Slovenia e e neng e gapilwe ke Jeremane. E ne e le Bibelforscher, kana Moithuti wa Baebele, kafa Basupi ba ga Jehofa ba neng ba itsege ka teng ka nako eo mo lefelong leo. E re ka a ne a dira tumalanong le Isaia 2:4, o ne a ka se eme ntwa ya Banasi nokeng, a bolela gore ke mmusiwa wa Bogosi jwa Modimo.—Mathaio 6:33.

Kwa motseng wa gaabo wa Ptuj, Franc o ne a itsege e le mmoledi yo o tlhoafetseng wa dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 24:14) Le fa go ne go na le mathata, o ne a rera dikgang tse di molemo kwantle ga go kgobega marapo go fitlha a tshwarwa ka May 1942.

Basupi ba le bantsi ba ga Jehofa ba kwa Slovenia ba ne ba bogisiwa thata ke Banasi. Franc e ne e le mongwe wa ba ntlha mo go bone yo o neng a bolawa ka ntlha ya ditumelo tsa gagwe tsa bodumedi. Jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, o ne a nonotshiwa ke mafoko ano: “Re tshwanetse go tsena mo bogosing jwa Modimo ka dipitlagano di le dintsi.” (Ditiro 14:22) Go dumela ga gagwe gore puso ya legodimo ke ya mmatota, go ne ga bonala mo mafokong a gagwe a bofelo, “Re tla kopana mo Bogosing jwa Modimo.”

[Metswedi ya Ditshwantsho mo go tsebe 32]

Franc Drozg: Photo Archive-Museum of National Liberation Maribor, Slovenia; letter: Original kept in Museum of National Liberation Maribor, Slovenia