Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A kaelo ya Modimo e e kwadilweng mo go Jeremia 7:16 e kaya gore Bakeresete ba ka se ka ba rapelela motho yo o tlositsweng mo phuthegong ya Bokeresete ka gonne ke moleofi yo o sa ikwatlhaeng?

Fa Jehofa a sena go ntsha katlholo ya gagwe kgatlhanong le Juda yo o sa ikanyegeng, o ne a raya Jeremia jaana: “Fa e le wena, o se ka wa rapelela batho bano, le fa e le go ba tsholeletsa selelo sa go kopa ka tlhoafalo kgotsa thapelo le fa e le go nkokotlela, gonne ga ke na go go reetsa.”—Jeremia 7:16.

Ke eng fa Jehofa a ne a iletsa Jeremia go rapelela Baiseraele? Kwantle ga pelaelo, e ne e le ka go bo ba ne ba tlola Molao wa gagwe ka tsela e e maswe. Ba ne ba ‘utswa, ba bolaya, ba dira boaka le go ikana ka maaka ba kuisetsa Baale musi wa setlhabelo le go sala medimo e mengwe morago,’ ba dira jalo phatlalatsa e bile ba se na ditlhong. Ka ntlha ya seo Jehofa o ne a raya Bajuda ba ba sa ikanyegeng jaana: “Ke tla lo latlhela kwa ntle ke lo tlosa fa pele ga sefatlhego sa me, fela jaaka ke ne ka latlhela bomorwarraalona botlhe kwa ntle, bana botlhe ba ga Eferaime.” Kwantle ga pelaelo, go ne go se kitla go utlwala gore Jeremia, kana ope o sele, a rapele Jehofa gore a fetole katlholo ya Gagwe.—Jeremia 7:9, 15.

Tumalanong le seno, moaposetoloi Johane o ne a kwala ka thapelo e e tshwanetseng go rapelwa Modimo. Sa ntlha, o ne a tlhomamisetsa Bakeresete jaana: “Go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya gagwe, o a re utlwa.” (1 Johane 5:14) Morago ga foo, Johane o tswelela jaana malebana le thapelo e mo go yone go rapelelwang ba bangwe: “Fa mongwe a ka tshogana ka a bona mokaulengwe wa gagwe a leofa boleo jo bo sa bakeng loso, o tla kopa, mme o tla mo naya botshelo, ee, ba ba sa leofeng mo go bakang loso. Go na le boleo jo bo bakang loso. Ga ke mmolelele gore a kope ka ga boleo joo.” (1 Johane 5:16) Jesu le ene o ne a bua ka boleo jo ‘bo se kitlang bo itshwarelwa,’ e leng go leofela moya o o boitshepo.—Mathaio 12:31, 32.

A seno se raya gore batho botlhe ba ba tlositsweng mo phuthegong ya Bokeresete ka ntlha ya go leofa ba sa ikwatlhae ba dirile boleo jo bo “bakang loso” mme ka ntlha ya seo ga ba a tshwanela go rapelelwa? Ga go reye gore go ntse jalo ka gonne mo maemong a mangwe ditlolo tse di ntseng jalo ga se boleo jo bo bakang loso. Tota e bile, go thata go bolela gore a ke ditlolo tse di bakang loso. Sekai se se tshwanelang ke sa ga Kgosi Manase wa Juda. O ne a agela medimo ya maaka dibeso, a ntsha bomorwawe ditlhabelo, a dirisa tirisabadimo a bo a tlhoma setshwantsho se se setilweng mo tempeleng ya ga Jehofa. Tota e bile Baebele ya re Manase le batho ba ne ba dira “se se bosula go feta ditšhaba tse Jehofa a neng a di nyeleditse fa pele ga bomorwa Iseraele.” Ka ntlha ya dilo tseno tsotlhe, Jehofa o ne a otlhaya Manase ka go mo romela botshwarong kwa Babelona a bofilwe ka mehiri.—2 Dikgosi 21:1-9; 2 Ditiragalo 33:1-11.

A boleo jwa ga Manase, jo bo maswe jalo, e ne e le mofuta o o bakang loso? Go bonala go ne go sa nna jalo, ka gonne pego e tswelela pele ka go bolela jaana ka ene: “E rile fela go mo tshwenya, a nolofatsa sefatlhego sa ga Jehofa Modimo wa gagwe a ba a nna a ikokobetsa thata ka ntlha ya Modimo wa borraagwemogologolwane. Mme a nna a Mo rapela, mo A neng a dumela go rapelesega mme A utlwa kopo ya gagwe ya gore a mo utlwele botlhoko mme a mmusetsa kwa Jerusalema kwa bogosing jwa gagwe; mme Manase a itse gore Jehofa ke Modimo wa boammaaruri.”—2 Ditiragalo 33:12, 13.

Ka jalo, ga re a tshwanela go itlhaganelela go atlhola motho gore o dirile boleo jo bo bakang loso fela ka go bo a tlositswe mo phuthegong. Go ka nna ga tsaya nako gore boemo jwa mmatota jwa pelo ya motho bo senoge. Tota e bile, gantsi go bolelwa gore bongwe jwa maikaelelo a go kgaola moleofi ke go dira gore a itharabologelwe ka tsholofelo ya gore o tla ikwatlhaya a bo a fetoga.

E re ka motho a sa tlhole a le mo phuthegong, go fetoga ga pelo le boikutlo bope jo a nang le jone go ka bonwa pele ke ba ba leng gaufi le ene, ba ba jaaka molekane wa lenyalo kana maloko a lelapa. Ba ba bonang diphetogo tse di ntseng jalo ba ka nna ba swetsa ka gore moleofi ga a dira boleo jo bo bakang loso. Ba ka nna ba tlhotlheletsega go rapela gore a nonotshiwe ke Lefoko la Modimo le le tlhotlheleditsweng le gore Jehofa o tla tsaya kgato ka moleofi go dumalana le thato ya Gagwe.—Pesalema 44:21; Moreri 12:14.

Le fa batho bangwe ba ka nna ba kgona go bona bosupi jo bo lekaneng jwa go dumela gore moleofi o ikwatlhaile, go ka tswa go sa nna jalo ka phuthego ka kakaretso. Ba ka gakgamala, ba tshwenyega, le e leng go kgopisega fa ba ka utlwa mongwe a rapelela moleofi phatlalatsa. Ka ntlha ya seno, batho ba ba ikutlwang ba tlhotlheletsega go rapelela moleofi ba tshwanetse go se dire jalo phatlalatsa, ba tlogelele dilo tse dingwe tse di tla diragalang malebana le kgang eno mo diatleng tsa bagolwane ba ba ikarabelang mo phuthegong.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Manase o ile a itshwarelwa maleo a gagwe a a masisi fa a ne a ikokobeletsa Jehofa

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 30]

Reproduced from Illustrierte Pracht-Bibel/Heilige Schrift des Alten und Neuen Testaments, nach der deutschen Uebersetzung D. Martin Luther’s