Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Molao wa Sekagouta Thuto ya Lefatshe Lotlhe

Molao wa Sekagouta Thuto ya Lefatshe Lotlhe

Molao wa Sekagouta Thuto ya Lefatshe Lotlhe

“Jalo dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.”—Mathaio 7:12.

JESU KERESETE o ne a bua mafoko ao mo e ka nnang dingwaga tse di ka nnang dikete tse pedi tse di fetileng mo Therong ya gagwe e e tumileng ya mo Thabeng. Mo makgolong a dingwaga a a neng a latela fa e sa le nako eo, go ile ga buiwa ga ba ga kwalwa go le gontsi ka mafoko ao a a sa raraanang. Ka sekai, a ile a tlotlomadiwa go twe ke “kgangkgolo mo Dikwalong,” “tshobokanyo ya se Mokeresete a tshwanetseng go se direla moagelani wa gagwe,” le gore ke “motheo wa konokono wa boitshwaro.” Mafoko ano a ile a itsege thata jaana mo e leng gore gantsi a bidiwa gore ke Molao wa Sekagouta.

Le fa go ntse jalo, kgopolo eno ya Molao wa Sekagouta ga se ya batho ba e leng Bakeresete fela. Bojuda, Bobuda le filosofi ya Segerika tsotlhe di ile tsa gatelela molaomotheo ono ka tsela nngwe. Mafoko a a itsegeng thata mo bathong ba kwa Botlhaba jo bo Kgakala, ke a a neng a buiwa ke Confucius, yo kwa Botlhaba a tsewang e le motlhalefi le morutisi yo mogolo. Mo go The Analects, e leng buka ya boraro ya Four Books tsa ga Confucius, re fitlhela kgopolo eno e tlhalosiwa ka makgetlo a le mararo. Mo makgetlong a mabedi Confucius o ne a bua jaana fa a ne a araba dipotso tsa baithuti ba gagwe: “Se o sa batleng gore se dirwe mo go wena, o se ka wa se dira mo go ba bangwe.” Mo lekgetlong le lengwe, fa seithuti sa gagwe e bong Zigong a ne a ipelafatsa ka gore “Se ke sa batleng ba bangwe ba se ntire, le nna ga ke se ba direle,” morutisi o ne a mo araba jaana ka tsela eno e e neng e mo thusa go akanya, “Ee, mme ga o ise o kgone go dira jalo.”

Fa motho a bala mafoko ano, o ka kgona go bona gore mafoko a ga Confucius a ganetsana le se Jesu a neng a se bolela moragonyana. Pharologano e e bonalang sentle ke gore Molao wa Sekagouta o Jesu a neng a bua ka one o batla gore motho a direle ba bangwe molemo. Fa batho ba ka bo ba tshela go ya ka mafoko ano a a molemo a ga Jesu, ba amega le go tsaya dikgato tsa go thusa ba bangwe, ba tshela ka molao ono letsatsi le letsatsi. A o akanya gore go ne go tla dira gore lefatshe leno e nne lefelo le le botoka? Ga go na pelaelo gore go ne go tla nna jalo.

Go sa kgathalesege gore molao ono o bewa ka tsela efe fela, selo sa botlhokwa ke gore batho ba metlha e e farologaneng le mafelo a a farologaneng le ba ba godileng ka ditsela tse di farologaneng ba ile ba ikanya kgopolo eno ya Molao wa Sekagouta thata. Seno se bontsha gore se Jesu a neng a se bua mo Therong ya mo Thabeng ke thuto ya lefatshe lotlhe e e amang matshelo a batho gongwe le gongwe le nako nngwe le nngwe.

Ipotse: ‘A nka rata go tshwarwa ka tlotlo, ke sa tlhaolwe le ka boikanyegi? A nka rata go tshela mo lefatsheng le batho ba sa tlhaolweng ka setso mo go lone, le go se nang bokebekwa le ntwa? A nka rata go nna mo lelapeng le mongwe le mongwe a amegang ka maikutlo a ba bangwe le ka boitekanelo jwa bone?’ Tota mme, ke mang yo o tla ganang dilo tse di ntseng jalo? Boammaaruri jo bo sa fetogeng ke gore ke batho ba le mmalwa fela ba ba ipelelang dilo tseno. Mo bathong ba le bantsi, ke toro fela go solofela dilo tse di ntseng jalo.

Molao wa Sekagouta o Kgotletswe

Go ralala hisitori, go ile ga nna le makgetlo a ka one batho ba ileng ba direlwa bokebekwa mme ditshwanelo tsa batho di tlhokomologiwa. Dilo tseno di akaretsa kgwebo ya makgoba go tswa mo Afrika, dikampa tsa polao tsa Bonasi, go patelelwa ga bana go bereka le kgailo e e setlhogo ya merafe mo mafelong a mantsi. Lenaane leno le le tsitsibanyang mmele le ka nna letelele go feta fano.

Gompieno, lefatshe la rona la tegenoloji e e kwa godimo le tletse ka boithati. Ga se batho ba bantsi ba ba akanyetsang ba bangwe fa sengwe se ama go solegelwa molemo ga bone kana se ama se ba reng ke ditshwanelo tsa bone. (2 Timotheo 3:1-5) Ke eng fa batho ba le bantsi jaana ba ile ba nna pelotshetlha, setlhogo, ba sa akanyetse e bile ba na le boithati? A ga se ka go bo Molao wa Sekagouta, le fa o sa ntse o itsege thata, o beelwa kwa thoko, o tsewa e le molao o o sa utlwaleng e bile e le wa segologolo? Ka maswabi, seno se diragala tota le mo bathong ba ba bolelang gore ba dumela mo Modimong. Mme fa re leba dilo go ya ka se se diragalang, batho ba ntse ba tswelela ba nna le boithati le go feta.

Ka gone, dipotso tse di botlhokwa tse di tshwanetseng go sekasekiwa ke tseno: Go tshela ka Molao wa Sekagouta go akaretsa eng? A go sa ntse go na le mongwe yo o tshelang ka one? Mme a go tla tsamaya go nna le nako e batho botlhe ba tla bong ba tshela tumalanong le Molao wa Sekagouta? Go bona dikarabo tse di tlhamaletseng tsa dipotso tseno, tsweetswee bala setlhogo se se latelang.

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Confucius le ba bangwe ba ne ba ruta Molao wa Sekagouta ka mekgwa e e farologaneng