Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Re Kgona go Bona Lesedi ka Lesedi le le Tswang mo go Wena”

“Re Kgona go Bona Lesedi ka Lesedi le le Tswang mo go Wena”

“Re Kgona go Bona Lesedi ka Lesedi le le Tswang mo go Wena”

LESEDI ke selo se gantsi re se tlhaetsang matlho go fitlha motlakase o tima mme tikologo ya rona e aparelwa ke lefifi. Ka lesego, “sefetlha motlakase” sa rona sa legodimo—letsatsi—se ikanyega tota. Mme ka thuso ya lesedi la letsatsi re kgona go bona, go ja, go hema le go tshela.

E re ka lesedi le le botlhokwa gore re tshele, ga re a tshwanela go gakgamala fa re bala mo go Genesise gore lesedi le ile la tlhaga mo letsatsing la ntlha la popo. “Modimo a re: ‘A go nne lesedi.’ Mme ga nna lesedi.” (Genesise 1:3) Banna ba ba tlotlegang ba ba jaaka Kgosi Dafide ga ba bolo go lemoga gore Jehofa ke motswedi wa botshelo le lesedi. Dafide o ne a kwala jaana: “O na le motswedi wa botshelo; re kgona go bona lesedi ka lesedi le le tswang mo go wena.”—Pesalema 36:9.

Mafoko a ga Dafide a dira ka tsela ya mmatota le ka tsela ya tshwantshetso. Encyclopædia Britannica e tlhalosa jaana: “Ga go na pelaelo gore, lesedi ke lone le dirang gore re bone.” Mme e oketsa jaana: “Bontsi jwa tshedimosetso bo fitlha kwa bobokong ka matlho go feta ka dirwe tse dingwe.” E re ka bontsi jwa dilo tse re di ithutang di ikaegile ka mpho ya rona ya go bona—e e tlhokang lesedi gore e dire sentle—lesedi le dirisiwa gape mo Dikwalong ka tsela ya tshwantshetso.

Ke gone ka moo Jesu a neng a raya barutwa ba gagwe a re: “Ke nna lesedi la lefatshe. Yo o ntshalang morago ga a kitla a tsamaya mo lefifing ka gope, mme o tla rua lesedi la botshelo.” (Johane 8:12) Lesedi la tshwantshetso le Jesu a neng a bua ka lone e ne e le molaetsa wa boammaaruri o a neng a rera ka one, o o neng o tla sedimosa megopolo le dipelo tsa bareetsi ba gagwe. Morago ga dingwaga di le dintsi tsa lefifi la semoya, kgabagare barutwa ba ga Jesu ba ne ba kgona go tlhaloganya maikaelelo a Modimo ka batho le tsholofetso ya Bogosi. Seno e ne e le “lesedi la botshelo” tota ka gonne kitso eo e ne e tla dira gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng. Fa Jesu a ne a rapela Rraagwe wa selegodimo o ne a bolela jaana: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) E kete le ka motlha re se tlhaetse lesedi leno la semoya matlho!