Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Batho Ba re Ke Mang?”

“Batho Ba re Ke Mang?”

“Batho Ba re Ke Mang?”

KE NAKO ya Keresemose gape. Batho go ralala lefatshe ba tlhopha go keteka letsatsi la botsalo. Letsatsi la botsalo jwa ga mang? A ke la Morwa Modimo kana la Mojuda mongwe fela yo o ineetseng yo o neng a batla go fetola bodumedi jo bo neng bo le teng mo lefelong la gagabo mo lekgolong la ntlha la dingwaga? A e ne e le letsatsi la botsalo la motho yo o neng a femela bahumanegi, yo e neng e le motsuolodi yo o neng a tshosetsa Mmusomogolo wa Roma thata jaana mo e leng gore o ne a ba a bolawa, kana gongwe a e ne e le motlhalefi mongwe yo o neng a gatelela gore o na le kitso e ntsi le botlhale jo bogolo? O na le lebaka la go ipotsa, ‘Totatota Jesu Keresete e ne e le mang?’

Jesu ka boene o ne a kgatlhegela go itse gore batho ba arabela potso eo jang. O kile a botsa barutwa ba gagwe jaana: “Batho ba re ke mang?” (Mareko 8:27) Ke eng fa a ne a botsa potso eno? Ba le bantsi ba ne ba setse ba tlogetse go mo sala morago. Go bonala fa ba bangwe ba ne ba tlhakane tlhogo ba bile ba kgobegile marapo morago ga gore a gane maiteko a bone a go mo dira kgosi. Mo godimo ga moo, fa Jesu a ne a gwetlhiwa ke baba ba gagwe, ga a ka a ba naya sesupo se se tswang kwa legodimong go bontsha gore ke mang. Ka gone, fa baaposetoloi ba araba potso eo, ba ne ba re ke mang? Ba ne ba tlhalosa maikutlo

mangwe a batho ba nang nao jaana: “Bangwe ba re ke Johane Mokolobetsi, ba bangwe ba re Elija, gape ba bangwe ba re Jeremia kgotsa mongwe wa baporofeti.” (Mathaio 16:13, 14) Ga ba a ka ba umaka maina a mantsi a a nyenyefatsang a Jesu a neng a bidiwa ka one ka nako eo kwa Palesetina—motlhapatsi, motsietsi, moporofeti wa maaka le setsenwa.

Dipopego Tse Dintsi Tsa ga Jesu

Fa Jesu a ka bo a boditse potso eo gompieno, o ne a ka nna a e botsa jaana: “Bakanoki ba re ke mang?” Mme gape dikarabo di ne di ka tlhaga di ntse jaana fa di sobokanngwa: Go na le dipono tse di farologaneng. David Tracy wa Yunibesithi ya Chicago o ne a bolela jaana: “Jesu o tshwana le pitse e batho ba ba farologaneng ba ileng ba e palama go ya mafelong a mantsi a a farologaneng.” Mo lekgolong la dingwaga le le fetileng, bakanoki ba ile ba dirisa ditsela tse dintsi tse di raraaneng tsa thutoloago, thutomotho le bokwadi fa ba ntse ba leka go tlhama dikarabo tsa potso ya gore tota Jesu ke mang. Kgabagare ba feleletsa ba akanya gore Jesu ke mang?

Bakanoki bangwe ba sa ntse ba bolela gore Jesu wa ditiragalo e ne e le moporofeti mongwe wa Mojuda yo o bolelelang pele ditiragalo yo o rotloetsang batho gore ba ikwatlhaye. Le fa go ntse jalo, ba tila go mmitsa Morwa Modimo, Mesia le Mogolodi. Bontsi jwa bone ba belaela pego ya Baebele ya gore o simologile a nna kwa legodimong le gore o ile a tsosiwa. Ba bangwe, ba tsaya Jesu e le fela monna mongwe yo ka ntlha ya go tlhoma sekao mo botshelong jwa gagwe le ka ntlha ya dithuto tsa gagwe a ileng a tlhotlheletsa ditumelo tse dintsi tse kgabagare di ileng tsa nna tsa Bokeresete. Mme jaaka go tlhalosiwa mo go Theology Today, ba bangwe bone ba tsaya Jesu e le “mmelaedi, motlhalefi yo o kgarakgatshegang, kana monyatsegi mongwe wa masaitsiweng; morulaganyi wa setšhaba, mmoki wa lehipi yo o tshwayang thulaganyo nngwe le nngwe phoso, kana moeteledipele wa segopa yo o rotloetsang megopolo ya gagwe mo metsaneng e e kwa thoko e e sa tlhabologang, e e humanegileng le e e tletseng thubakanyo ya Palesetina.”

Go na le dipono tse dingwe gape tse di sa tlwaelegang. Kgang ya go tlhalosa Jesu e le motho yo montsho e simolola go ata mo mminong wa rap, mo ditshwantshong tsa botaki tsa ditoropo tota le mo ditanseng. * Ba bangwe e bile ba akanya gore Jesu e ne e le mosadi. Ka selemo sa 1993, baeti ba Orange County Fair kwa California ba ne ba bona sefikantswe sa ga “Christie”—“Keresete” wa sesadi yo o sa aparang yo o mo sefapaanong. Mo e leng ka yone nako eo kwa New York, go ne go tshwantshitswe “Christa”—“Jesu” wa sesadi yo o bapotsweng. Ditshwantsho tseno ka bobedi di ne tsa tsosa kganetsano e kgolo. Mme mo tshimologong ya 1999, bareki ba ne ba bona buka “e e buang ka lorato [lo] Mosimane Jesu le ntša ya gagwe Angel, ba ratanang ka lone.” Botsala jwa bone bo tlhalosiwa e le jo bo “tlhotlheletsang motho semoyeng mme bo bontsha kafa mosimane le ntša ba ikemiseditseng go swelana ka teng.”

A Tota go Botlhokwa?

Ke eng fa o tshwanetse go kgatlhegela go itse gore Jesu e ne e le mang le gore ke mang? Ka gonne, fa re nopola Napoleon, “Jesu Keresete o ne a tlhotlheletsa le go laela balatedi ba gagwe le fa A ne A se na le bona ka namana.” Ka dithuto tsa gagwe tse di nonofileng le ka tsela e a neng a tshela ka yone, Jesu o ile a ama matshelo a batho ba ba dimilione ka tsela e e gakgamatsang ka mo e ka nnang dingwaga di le dikete tse pedi. Mokwadi mongwe o ne a bolela jaana ka tlhamalalo: “Masole otlhe a a kileng a gwanta le dikepe tsotlhe tsa ntwa tse di kileng tsa agiwa le dipalamente tsotlhe tse di kileng tsa tlhongwa, dikgosi tsotlhe tse di kileng tsa busa, fa di kopantswe tsotlhe ga di a ka tsa fetola botshelo jwa motho mo lefatsheng leno ka maatla a a kalo.”

Mo godimo ga moo, o tshwanetse go itse gore Jesu e ne e le mang le gore ke mang ka gonne o tlile go ama isagwe ya gago ka tlhamalalo. O na le sebaka sa go nna mmusiwa wa puso e e tlhomilweng kwa legodimong—Bogosi jwa Modimo jo Jesu a tla busang mo go jone. Polanete ya rona e e mo mathateng e tla busediwa go nna tikologo ya ditshedi tse di farologaneng e e lekalekaneng jaaka e ne e ntse kwa tshimologong kafa tlase ga kaelo ya ga Jesu. Boporofeti jwa Baebele bo re tlhomamisetsa gore Bogosi jwa ga Jesu bo tla otla batho ba ba bolailweng ke tlala, bo tla tlhokomela bahumanegi, bo fodise ba ba lwalang mme bo tsose le baswi.

Ga go na pelaelo gore o batla go itse gore ke motho yo o ntseng jang yo o tla busang mo pusong e re e tlhokang thata jaana. Setlhogo se se latelang se tla go thusa go itse Jesu wa mmatota.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 8 Malebana le ditebego tsa ga Jesu, bona ditlhogo tse di reng “Jesu O ne A Ntse Jang?,” mo makasineng wa December 8, 1998 wa Tsogang!