Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Batsadi—Nayang Bana ba Lona Dilo Tse ba di Tlhokang!

Batsadi—Nayang Bana ba Lona Dilo Tse ba di Tlhokang!

Batsadi—Nayang Bana ba Lona Dilo Tse ba di Tlhokang!

BANA ba tlhoka kaelo le kotlhao e e lorato, segolobogolo tse di tswang mo batsading ba bone. Morutabana mongwe wa Brazil, Tania Zagury o bolela jaana malebana le seno: “Tshekamelo ya ngwana mongwe le mongwe ke go batla go ja monate. Go botlhokwa go ba beela melelwane. Batsadi ke bone ba tshwanetseng go dira jalo. Fa ba sa dire jalo, bana ba tswa mo taolong.”

Le fa go ntse jalo, mo dinageng tse dintsi tlhotlheletso ya setšhaba se se letlelelang sengwe le sengwe, se se buelelang kgololesego ya motho ka namana, e ka dira gore go nne thata go utlwa kgakololo e e fa godimo. Ka jalo, batsadi ba ka ya kae go bona thuso? Batsadi ba ba boifang Modimo ba tlhaloganya gore bana ba bone ke “boswa jo bo tswang kwa go Jehofa.” (Pesalema 127:3) Ka jalo, ba leba mo Lefokong la Modimo, Baebele, go bona kaelo fa ba godisa bana ba bone. Ka sekai, Diane 13:24 e bolela jaana: “Yo o ganang ka thupa o tlhoile morwawe, mme yo o mo ratang ke yo o mmatlang ka kotlhao.”

Fa Baebele e dirisa lefoko “thupa,” ga go a tshwanela go tsewa gore e raya fela go otlhaya mo mmeleng; lefoko leo le emela tsela ya go kgalemela, le fa e ka nna ga mofuta ofe. Eleruri, gantsi go ka tswa go lekane go kgalemela ngwana ka molomo fela fa a tswa mo tseleng. Diane 29:17 e bolela jaana: “Kgwathisa morwao mme o tla go naya boikhutso a bo a ipedise moya wa gago thata.”

Bana ba tlhoka kotlhao e e lorato go tlosa mekgwa e e sa rategeng mo go bone. Go kgalemela ngwana ka tsela e e nonofileng jalo mme e le ka bopelonomi go bontsha gore motsadi o amega ka ene. (Diane 22:6) Ka jalo, batsadi, lo se ka lwa kgobega marapo! Fa lo latela kgakololo e e utlwalang, e e mosola ya Baebele, lo tla itumedisa Jehofa Modimo mme lo tla dira gore bana ba lona ba lo tlotle.