Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Mosadi wa Mokeresete o ka lekalekanya jang go ikanyega mo Modimong le go ineela mo monneng wa gagwe yo o sa dumeleng fa e le gore monna wa gagwe o nna le seabe mo ditirong tsa malatsi a boikhutso a bodumedi?

Go tla tlhokega botlhale gore a kgone go dira jalo. Mme o tla bo a dira sentle fa a leka go lekalekanya maikarabelo a gagwe a mabedi. Jesu o ne a gakolola jaana malebana le boemo jo bo tshwanang: “Jalo, duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.” (Mathaio 22:21) Ke boammaaruri gore o ne a bua ka maikarabelo mo dipusong, tse moragonyana Bakeresete ba neng ba bolelelwa gore ba nne mo taolong ya tsone. (Baroma 13:1) Le fa go ntse jalo, kgakololo ya gagwe gape e ka dirisiwa mo mosading fa a lekalekanya maikarabelo a gagwe mo Modimong le go ineela ka tsela ya Dikwalo mo monneng wa gagwe, le fa e se modumedi.

Ga go na ope yo o tlwaetseng Baebele yo o ka ganetsang gore e gatelela gore sa ntlha Mokeresete o na le maikarabelo mo go Modimo Mothatayotlhe, gore a ikanyege mo go ene ka dinako tsotlhe. (Ditiro 5:29) Le fa go ntse jalo, mo maemong a mantsi moobamedi wa boammaaruri o ka akanyetsa dilo tse di kopiwang kgotsa tse di batlwang ke motho yo o sa dumeleng yo o mo taolong mme a sa dire sepe go tlola melao e e kwa godimo ya Modimo.

Re bona sekai se se rutang mo Bahebereng ba bararo, jaaka go bolelwa mo go Daniele kgaolo 3. Moeteledipele wa bone wa puso, Nebukadenesare, o ne a ntsha taelo ya gore bone le ba bangwe ba ye kwa lebaleng la Dura. Gongwe Bahebera ba bararo bao ba ne ba tla se ke ba ye teng fa ba lemoga gore go rulagantswe go ya go dira kobamelo ya maaka. Gongwe Daniele o ne a kgona go dira seipato sa gore a se ka a ya, mme ba bararo bano ba ne ba se ka ba kgona. * Ka jalo ba ne ba dumalana le taelo eo fela ka gore ba nne teng, mme ba ne ba ka se dire sepe se se phoso le e seng—e bile ga ba ka ba se dira.—Daniele 3:1-18.

Ka tsela e e tshwanang, ka nako ya malatsi a boikhutso monna yo o sa dumeleng o ka nna a kopa kgotsa a batla gore mosadi wa gagwe wa Mokeresete a dire sengwe se a neng a ka se rate go se dira. Sekaseka dikai dingwe: O mmolelela gore a apeye dijo tse di rileng mo letsatsing le ene le ba bangwe ba tla bong ba keteka letsatsi leo la boikhutso ka lone. Kgotsa o batla gore ba lelapa la gagwe (go akaretsa mosadi wa gagwe) ba etele ba losika lwa gagwe mo letsatsing leo gore ba ye go ja le bone kgotsa go ya go ba tlhola fela. Kgotsa le pele ga letsatsi la boikhutso, o ka nna a bolelela mosadi wa gagwe gore fa a ile mabenkeleng, a mo rekele dilo dingwe—dijo tse di jewang ka letsatsi leo la boikhutso, dilo tse di tla dirisiwang jaaka dimpho kgotsa pampiri ya go phuthela dimpho le dikarata tse a tla di dirisang fa a romelela ba bangwe dimpho.

Gape, mosadi wa Mokeresete o tshwanetse gore a bo a ikemiseditse gore a se ka a nna le seabe mo ditirong tsa bodumedi jwa maaka, mme go tweng ka dikopo tse di ntseng jalo? Ke tlhogo ya lelapa, mme Lefoko la Modimo la re: “Lona basadi ba lo nyetsweng, nnang mo taolong ya banna ba lona, e re ka go tshwanela mo Moreneng.” (Bakolosa 3:18) Mo maemong ano, a o ka kgona go bontsha boineelo jwa gagwe jaaka mosadi mme a ntse a ikanyega mo Modimong? O tshwanetse go dira tshwetso ya kafa a ka lekalekanyang ka teng go ikobela monna wa gagwe le se se tshwanetseng go tla pele, e leng go ikobela Jehofa.

Ka dinako tse dingwe fela, monna wa gagwe o ka nna a mo kopa gore a apeye dijo dingwe tse di rileng, e ka tswa e le ka gonne a di rata kgotsa e le ka gonne a tlwaetse go di ja ka paka e e rileng. Mosadi o tla rata go mmontsha lorato le go tlotla botlhogo jwa gagwe. A o ne a ka dira jalo le fa a ne a kopa jalo ka nako ya letsatsi la boikhutso? Basadi bangwe ba Bakeresete ba ka nna ba kgona go dira jalo ka segakolodi se se phepa, ba go tsaya e le tiro e e tlwaelegileng fela ya go apaya dijo tsa letsatsi le letsatsi. Eleruri, ga go na Mokeresete ope yo o ikanyegang yo o ka amanyang go dira jalo le letsatsi la boikhutso, le fa monna wa gagwe a dira jalo. Ka tsela e e tshwanang, o ka nna a mo kopa gore a tsamaye le ene fa a etela ba losika lwa gagwe ka dinako tse di farologaneng kgwedi le kgwedi kgotsa ngwaga le ngwaga. A o ka dira jalo le fa e le ka letsatsi la boikhutso? Kgotsa a o tlwaetse go rekela monna wa gagwe dilo dingwe fa a mo kopa go dira jalo, a sa dire tshwetso ya gore o tlile go dira eng ka tsone fa a ntse a reka kwa mabenkeleng?

Ee, mosadi wa Mokeresete o tshwanetse go akanyetsa ba bangwe—gore ba amega jang. (Bafilipi 2:4) O ka rata go tila gore go bonale e kete o amana ka tsela nngwe le letsatsi la boikhutso, fela jaaka Bahebera ba bararo ba ka tswa ba ne ba sa batle gore ba bangwe ba ba bone ba ya kwa lebaleng la Dura. Ka jalo o ka nna a leka go buisana le monna wa gagwe ka botlhale a mmeela mabaka gore a o ka se akanyetse maikutlo a gagwe jaaka mosadi yo o mo ratang e bile a mo tlotla, mme a itirele dilo dingwe tse di amanang le malatsi a boikhutso. Monna wa gagwe o ka nna a tlhaloganya gore go botlhale gore ba se ka ba ipaya mo boemong jo bo thata fa mosadi wa gagwe a ka gana go dira dilo dingwe tsa bodumedi jwa maaka. Ee, go buisana sentle pele ga go diragala sepe go ka felela ka go rarabolola dilo ka kagiso.—Diane 22:3.

La bofelo, Mokeresete yo o ikanyegang o tshwanetse go sekaseka mabaka mme go tswa foo a dire tshwetso ya se a tla se dirang. Go utlwa Modimo go tshwanetse ga tla pele, jaaka go ne go ntse ka Bahebera ba bararo. (1 Bakorintha 10:31) Mme go ntse go le jalo, Mokeresete ka mongwe o tshwanetse go dira tshwetso ya gore ke dilo dife tse di ka dirwang go sa tlolwe molao wa Modimo fa a ka kopiwa ke mongwe yo o nang le taolo mo lapeng kgotsa mo setšhabeng gore a di dire.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Bona “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading,” mo go Tora ya Tebelo ya August 1, 2001.