Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jesu wa Mmatota

Jesu wa Mmatota

Jesu wa Mmatota

FA Jesu a sena go utlwa gore baaposetoloi ba gagwe ba re batho ba akanya eng ka ene, o ne a ba botsa jaana: “Mme lona lwa re ke mang?” Efangele ya ga Mathaio e bega karabo ya ga moaposetoloi Petere jaana: “O Keresete, Morwa Modimo yo o tshedileng.” (Mathaio 16:15, 16) Ba bangwe le bone ba ne ba akanya jalo. Nathanaele, yo moragonyana a neng a nna mongwe wa baaposetoloi, o ne a raya Jesu a re: “Rabi, o Morwa Modimo, o Kgosi ya Iseraele.” (Johane 1:49) Jesu ka boene o ne a bolela jaana ka botlhokwa jwa seabe sa gagwe: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.” (Johane 14:6) Mo makgetlong a a farologaneng, o ne a ipitsa a re ke “Morwa Modimo.” (Johane 5:24, 25; 11:4) Mme o ne a tshegetsa se a se buang ka go dira ditiro tse di gakgamatsang, le e leng go tsosa baswi.

A go Na le Mabaka a a Utlwalang a go Belaela?

A mme gone re ka ikanya tsela e Diefangele di tlhalosang Jesu ka yone? A di tlhalosa Jesu wa mmatota? Moswi Frederick F. Bruce, yo e neng e le porofesa wa botshwayadiphoso jwa Baebele le motlhalosi wa yone kwa Yunibesithing ya Manchester, kwa Engelane, o ne a bolela jaana: “Gantsi ga go kgonege go bontsha boammaaruri jwa tlhaloso nngwe le nngwe ya mokwalo wa bogologolo ka ditlhaloso tsa ditiragalo, e ka tswa e le tsa Baebele kana tse e seng tsa Baebele. Go lekane go tshepa boikanyegi jwa mokwadi ka selekanyo se se tshwanetseng; fa a setse a itshupile a ntse jalo, go ka kgonega thata gore dilo tse a di tlhalosang di boammaaruri. . . . Tesetamente e Ntšha e ka ikanngwa fela jalo ka ntlha ya ditiragalo tse e di tlhalosang ka gonne Bakeresete ba ile ba e amogela e le dikwalo tse di ‘boitshepo.’”

Fa James R. Edwards, yo e leng porofesa ya bodumedi kwa Jamestown College, kwa North Dakota, kwa U.S.A., a sena go sekaseka dipelaelo tse di malebana le kafa Jesu a tlhalosiwang ka teng mo Diefangeleng, o ne a kwala jaana: “Re ka tlhomamisa re tlhatswegile pelo gore Diefangele di na le bosupi jo bontsi le jo bo farologaneng jwa gore Jesu tota e ne e le mang. . . . Karabo e e utlwalang thata ya potso ya gore ke ka ntlha yang fa Diefangele di tlhalosa Jesu kafa di mo tlhalosang ka teng ke ya gore ke ka go bo ke kafa tota Jesu a neng a ntse ka teng. Diefangele di tlhalosa sentle kafa balatedi ba gagwe ba mo gakologelwang ka teng, gore tota o ne a romilwe ke Modimo e bile a filwe tshiamelo ya gore e nne Morwa Modimo le Motlhanka wa gagwe.” *

Go Batla Jesu

Go tweng ka ditshupiso tse e seng tsa Baebele tse di buang ka Jesu Keresete? Di sekasekwa jang? Dipatlisiso tsa ga Tacitus, Suetonius, Josephus, Pliny yo Mmotlana le bakwadi ba bangwe ba maemo a a kwa godimo di akaretsa dipatlisiso tse dintsi tse di umakang Jesu. The New Encyclopædia Britannica (1995) e bolela jaana ka bone: “Dipego tseno tse di ikemetseng ka nosi di bontsha gore mo metlheng ya bogologolo tota le baganetsi ba Bokeresete ga ba ise ba ko ba belaele gore Jesu o kile a bo a le gone, e leng se se neng sa ganediwa la ntlha mme e le ka mabaka a a sa utlwaleng kwa bofelong jwa lekgolo la bo18 la dingwaga, ka lekgolo la bo19 la dingwaga le mo tshimologong ya lekgolo la bo20 la dingwaga.”

Ka maswabi, fa bakanoki ba motlha wa segompieno ba batla Jesu wa “mmatota” kana wa “ditiragalo,” go bonala ba fitlhile motho yo a leng ene tota ba dirisa mokoa wa diphopholetso, dipelaelo tse di sa utlwaleng le dikgopolo tse di se nang motheo. Ka tsela nngwe, ke bone ba tlhamang ditlhamane tse ba latofatsang bakwadi ba Diefangele ka tsone. Ba bangwe ba amegile thata ka go itirela leina le go dira gore maina a bone a amanngwe le kgopolo e ntšha mo e leng gore ba palelwa ke go sekaseka bosupi jo bo malebana le Jesu ka boikanyegi. Fa ba ntse ba dira jalo, ba itlhamela “Jesu” yo o felelang a le ka sebopego sa megopolo ya bakanoki.

Mo bathong ba ba mmatlang, Jesu wa mmatota a ka bonwa mo Baebeleng. Luke Johnson, porofesa wa Tesetamente e Ntšha le ditshimologo tsa Bokeresete kwa Sekolong sa Thutabodumedi sa Candler kwa Emory University, o tlhalosa gore bontsi jwa dipatlisiso tse di dirilweng malebana le Jesu wa ditiragalo di itlhokomolosa boikaelelo jwa Baebele. O bolela gore go ka tswa go kgatlha go sekaseka dilo tsa loago, bopolotiki, thutomotho le setso tse di amanang le botshelo le motlha wa ga Jesu. Le fa go ntse jalo, o oketsa ka gore go ribolola se bakanoki ba se bitsang Jesu wa ditiragalo “ga se jone boikaelelo jwa Dikwalo,” jo tota “bo tlhalosang thatathata botho jwa ga Jesu,” molaetsa wa gagwe le seabe sa gagwe sa go nna Mmoloki. Ka jalo, botho jwa boammaaruri jwa ga Jesu le molaetsa wa gagwe di ne di ntse jang tota?

Jesu wa Mmatota

Diefangele—dipego tse nnè tsa Baebele tsa botshelo jwa ga Jesu—di mo tlhalosa e le monna yo o neng a le kutlwelobotlhoko thata. Bopelotlhomogi le boutlwelobotlhoko di ile tsa tlhotlheletsa Jesu go thusa batho ba ba neng ba boga ka ntlha ya bolwetse, bofofu le matlhoko a mangwe. (Mathaio 9:36; 14:14; 20:34) Loso lwa tsala ya gagwe Lasaro le bohutsana jo seno se ileng sa bo bakela bokgaitsadie Lasaro di ile tsa dira gore Jesu a ‘fegelwe le go tsholola dikeledi.’ (Johane 11:32-36) Tota e bile, Diefangele di senola maikutlo a a farologaneng a Jesu a neng a na le one—go utlwela motho yo o neng a tshwerwe ke lepero botlhoko, go itumelela go atlega ga barutwa ba gagwe, go galefela baitsemolao ba ba neng ba se na boutlwelobotlhoko, le go hutsafalela Jerusalema go bo e ne e gana Mesia.

Fa Jesu a ne a dira kgakgamatso, gantsi o ne a tlhoma mogopolo mo seabeng sa motho yo a neng a mo e direla: “Tumelo ya gago e go fodisitse.” (Mathaio 9:22) O ne a akgolela Nathanaele go bo e le “Moiseraele wa mmatota,” a re “Ga go na sepe sa tsietso mo go ene!” (Johane 1:47; Today’s English Version) Fa bangwe ba ne ba akanya gore mpho e mosadi mongwe a neng a e ntsha ka ntlha ya go bontsha kanaanelo e ne e le go senya, Jesu o ne a mo femela mme a bolela gore pego e e malebana le bopelotshweu jwa gagwe e tla gakologelwa ka nako e telele. (Mathaio 26:6-13) O ne a itshupa e le tsala ya mmatota e bile e le molekane yo o lorato wa balatedi ba gagwe, ‘a ba rata go ya bokhutlong.’—Johane 13:1; 15:11-15.

Gape Diefangele di bontsha gore Jesu o ne a kgona go bona ka bonako dilo tse batho ba a neng a kopana le bone ba neng ba di tlhoka. E ka ne o bua le mosadi kwa sedibeng, morutisi wa bodumedi kwa tshimong kana motshwaraditlhapi kwa letsheng, o ne a ama dipelo tsa bone. Fa Jesu a sena go simolola go bua le batho bano, bontsi jwa bone ba ne ba mo senolela megopolo ya bone. O ne a ba ama maikutlo. Le fa gone batho ba motlha wa gagwe ba ne ba katoga batho ba maemo, Jesu ene ba ne ba mo kokoanela. Ba ne ba rata go nna gaufi le Jesu; ba ne ba ikutlwa ba gololesegile fa ba na le ene. Bana ba ne ba ikutlwa ba ritibetse fa ba na le ene, mme fa a ne a dirisa ngwana jaaka sekao, ga a ka a emisa ngwana yoo fela fa pele ga barutwa ba gagwe mme gape o ne “a mo diketsa ka mabogo.” (Mareko 9:36; 10:13-16) Ebu, Diefangele di tlhalosa Jesu e le monna yo o neng a na le tlhotlheletso e kgolo thata jaana mo e leng gore batho ba ne ba nna malatsi a le mararo le ene gore ba reetse le go utlwa mafoko a gagwe.—Mathaio 15:32.

Go itekanela ga ga Jesu ga go a ka ga mo dira gore a nne motho yo o tshwayatshwayang diphoso kana yo o ikgogomosang le go gatelela batho ba ba sa itekanelang, ba ba nang le boleo ba a neng a tshela le bone le go ba rerela. (Mathaio 9:10-13; 21:31, 32; Luke 7:36-48; 15:1-32; 18:9-14) Jesu o ne a sa gatelele ba bangwe. O ne a sa oketse mekgweleo ya batho. Go na le moo, o ne a bolela jaana: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla . . . Ke tla lo lapolosa.” Barutwa ba gagwe ba ne ba bona a le ‘bonolo e bile a le boikokobetso,’ jokwe ya gagwe e ne e le pelonomi le morwalo wa gagwe o le motlhofo.—Mathaio 11:28-30.

Botho jwa ga Jesu bo senolwa mo dipegong tsa Diefangele ka boammaaruri jo bo tlhomameng. Go ne go ka se nne motlhofo gore batho ba banè ba ba farologaneng ba tlhame motho yo o sa tlwaelegang mme go tswa foo ba bo ba mo tlhalosa ka tsela e e tshwanang mo dipegong tsotlhe tse nnè tse di farologaneng. Go ka se kgonege gore bakwadi ba banè ba ba farologaneng ba tlhalose motho yo o tshwanang mme ba mo tlhalose ka tsela e e tshwanang fa e ne e le gore tota motho yoo ga a ise a ko a nne teng.

Mokwalahisitori Michael Grant o botsa potso eno e e dirang gore motho a akanye: “Go tla jang gore mo Diefangeleng tsotlhe go sa tlhaolwe epe, go tlhalosiwe lekawana le lentle le le tsamayang ka kgololesego mo gare ga basadi ba mefuta yotlhe, go akaretsa tota le ba ba neng ba itsege ka mekgwa e e maswe, kwantle ga go tseega maikutlo, a sa itshware ka tsela e e seng ya tlholego kana a sa itshware ka tsela e e feteletseng, mme go na le moo, e le motho yo o ikanyegang ka botlalo mo maemong otlhe?” Karabo e e utlwalang ke gore ruri motho yo o ntseng jalo o kile a nna gone mme o ne a itshwara ka tsela e Baebele e laelang ka teng.

Jesu wa Mmatota le Isagwe ya Gago

Mo godimo ga gore Baebele e tlhalose botshelo jwa mmatota jwa ga Jesu fa a ne a le mo lefatsheng, e bontsha gape gore o kile a tshela e le Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo “leitibolo la popo yotlhe.” (Bakolosa 1:15) Makgolo a dingwaga a le 20 a a fetileng, Modimo o ne a fetisetsa botshelo jwa Morwawe wa selegodimo mo popelong ya lekgarebana la Mojuda gore a tsholwe e le motho. (Mathaio 1:18) Ka nako ya bodiredi jwa gagwe mo lefatsheng, Jesu o ne a bolela gore Bogosi jwa Modimo ke jone fela tsholofelo mo bathong ba ba mo tlalelong, mme o ne a thapisa barutwa ba gagwe gore ba tswelele ka tiro ya go rera.—Mathaio 4:17; 10:5-7; 28:19, 20.

Ka Nisane 14 (mo e ka nnang ka April 1) 33 C.E., Jesu o ne a tshwarwa, a sekisiwa, a atlholwa a bo a bolawa ka ditatofatso tsa maaka tsa boepapuso. (Mathaio 26:18-20, 26:48–27:50) Loso lwa ga Jesu ke thekololo, e e gololang batho ba ba dumelang mo seemong sa bone sa boleo mme ka tsela eo e bula tsela ya gore botlhe ba ba dumelang mo go ene ba bone botshelo jo bo sa khutleng. (Baroma 3:23, 24; 1 Johane 2:2) Ka Nisane 16, Jesu o ne a tsosiwa mo baswing mme ka bonako morago ga foo o ne a boa a tlhatlogela kwa legodimong. (Mareko 16:1-8; Luke 24:50-53; Ditiro 1:6-9) E re ka Jesu yo o tsositsweng e le Kgosi e Jehofa a e tlhomileng, o na le taolo e e feletseng go diragatsa boikaelelo jwa Modimo jwa kwa tshimologong ka batho. (Isaia 9:6, 7; Luke 1:32, 33) Ee, Baebele e tlhalosa Jesu e le motho wa konokono mo go diragatseng maikaelelo a Modimo.

Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, diketekete di ne di amogela Jesu go ya ka se a leng sone—Mesia yo o solofeditsweng kana Keresete, yo o rometsweng mo lefatsheng go tla go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa le go swa gore e nne thekololo ya batho. (Mathaio 20:28; Luke 2:25-32; Johane 17:25, 26; 18:37) Fa batho ba ne ba lebane le pogiso e e botlhoko, ba ne ba ka se ka ba tlhotlheletsega go nna barutwa ba ga Jesu fa e le gore ba ne ba sa tlhomamisege gore ke mang. Ba ile ba dira tiro e a ba e fileng ya go “[dira] batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa,” ka bopelokgale le ka tlhoafalo.—Mathaio 28:19.

Gompieno, dimilione tsa Bakeresete ba ba tlhoafetseng le ba ba nang le kitso ba a itse gore Jesu ga se motho wa tlhamane. Ba mo tsaya e le Kgosi e e tlhomilweng mo setulong sa Bogosi jwa Modimo kwa legodimong, jo bo tla tlogang bo laola lefatshe ka botlalo le ditiragalo tsa lone. Puso eno ya Modimo ke dikgang tse di molemo ka gonne e solofetsa go golola lefatshe mo mathateng. Bakeresete ba boammaaruri ba bontsha gore ba tshegetsa Kgosi e Jehofa a e tlhophileng ka boikanyegi ka go bolelela ba bangwe “dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi.”—Mathaio 24:14.

Batho ba ba tshegetsang thulaganyo ya Bogosi ka Keresete, Morwa Modimo yo o tshelang, ba tla tshela gore ba solegelwe molemo ke masego a a sa feleng. Masego ano e ka nna a gago le wena! Bagatisi ba lokwalopaka lono ba tla itumelela go go thusa go itse Jesu wa mmatota.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 Go bona tlhaloso e e tseneletseng ya dipego tsa Diefangele, bona dikgaolo 5 go ya go 7 tsa buka ya BibelaA Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]

Se ba Bangwe ba se Boletseng

“Ke tsaya Jesu wa Nasaretha e le mongwe wa barutisi ba ba maatla ba ba kileng ba bo ba le mo lefatsheng. . . . Ke tla raya Bahindu ke re matshelo a lona a tla bo a sa felela fa lo sa ithute dithuto tsa ga Jesu ka tshisimogo.” Mohandas K.Gandhi, The Message of Jesus Christ.

“Go ka se ka ga direga gore motho yo e leng wa sebele, yo o feletseng, yo o tekatekanyo, yo o itekanetseng, yo o tshwanang le batho mme gone a feta batho botlhe ka bogolo, e bo e le tsietso kana tlhamane fela. . . . Go tla tlhokega motho yo o fetang Jesu ka bogolo go ka itlhamela Jesu.” Philip Schaff, History of the Christian Church.

“E ka nna kgakgamatso e kgolo thata go feta epe fela e e kwadilweng mo Diefangeleng fa e le gore go ne go ka direga gore batho fela ba ba tlwaelegileng mo kokomaneng e le nngwe ba ka tlhama motho yo o maatla jaana yo o nang le botho jo bo kgatlhang, yo o nang le mekgwa e mentle thata e bile a ile a tlhotlheletsa batho thata jaana gore ba nne le moya wa bokaulengwe.” Will Durant, Caesar and Christ.

“Go ka tswa go bonala go sa utlwale go akanya gore bodumedi jo bo anameng le lefatshe lotlhe bo ile jwa simololwa ke motho yo o iseng a ko a nne teng yo o itlhametsweng, segolobogolo fa o akanya gore go na le batho ba bantsi ba mmatota ba ba kileng ba leka go tlhama madumedi mme ba palelwa.” Gregg Easterbrook, Beside Still Waters.

“E re ka ke le mokwalahisitori wa bokwadi ke tlhatswegile pelo ka botlalo gore le fa Diefangele e ka tswa e le eng, ga se ditlhamane. Ga di a kwalwa ka tsela ya botlhami mo di ka tsewang e le ditlhamane. Re itse go le gonnye ka botshelo jwa ga Jesu, mme ga go na batho bape ba ba ka itlhamelang tlhamane mme ba bo ba dira gore go nne jalo.” C. S. Lewis, God in the Dock.

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Diefangele di senola maikutlo a a farologaneng a ga Jesu