Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“Molemo o o Tshasiwang wa Matlho Gore o Tshase Matlho a Gago”

“Molemo o o Tshasiwang wa Matlho Gore o Tshase Matlho a Gago”

“Molemo o o Tshasiwang wa Matlho Gore o Tshase Matlho a Gago”

JESU KERESETE ke ene a fileng phuthego ya Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ya Laodikia, kwa Asia Minor, kakantsho eo ya kalafi.

Jesu o ne a re: “[Reka] . . . molemo o o tshasiwang wa matlho gore o tshase matlho a gago o tle o bone.” E ne e se bolwetse jwa mmatota jwa matlho, go na le moo e ne e le bofofu jwa semoya jo bo neng bo tlhoka kalafi. Bakeresete kwa Laodikia ba ne ba tlhotlheleditswe ke moya wa motse o o humileng o ba neng ba nna mo go one mme ba sa tlhole ba itshwenya ka dilo tsa botlhokwa tse ba neng ba di tlhoka semoyeng.

Fa Jesu a bua ka se se ileng sa dira gore ba se ka ba tlhola ba bona sentle, o ne a re: “Wa re: ‘Ke humile e bile ke bapetse dikhumo mme ga ke tlhoke sepe gotlhelele,’ ga o itse gore o a hutsafatsa mme o tlhomola pelo o humanegile o foufetse e bile ga wa ikatega.” Le mororo maloko a phuthego a ne a sa lemoge, a ne a tlhoka “molemo o o tshasiwang wa matlho” o o fodisang o o ka kgonang go bonwa fela ka go amogela thuto le kgalemelo ya ga Jesu Keresete. Jesu o ne a re “[reka] mo go nna.”Tshenolo 3:17, 18.

Jaaka go ne go ntse ka Balaodikia, Bakeresete ba boammaaruri le bone gompieno ba tshwanetse go ikela tlhoko gore ba se ka ba tlhotlhelediwa ka tsela e e sa tshwanelang, gongwe ba sa lemoge, ke tikologo e ba nnang mo go yone, e e tletseng moya wa go rata dikhumo le wa go rata menate. Molemo wa go nna o itekanetse semoyeng o tlhalosiwa mo kgakololong eno: “[Reka mo go Jesu] . . . molemo o o tshasiwang wa matlho gore o tshase matlho a gago o tle o bone.”

Go botlhokwa go ela tlhoko gore ‘molemo ono o o tshasiwang wa matlho’ o tshwanetse go rekwa. O na le tlhwatlhwa. Go tshwanetse ga dirisiwa nako go ithuta le go tlhatlhanya ka Lefoko la Modimo. Mopesalema o re tlhomamisetsa gore Lefoko leno, ‘le phepa, le phatsimisa matlho a semoya.’—Pesalema 19:8.