Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Moya wa go Ithaopa o Tlisa Batho Kwa Gileate

Moya wa go Ithaopa o Tlisa Batho Kwa Gileate

Moya wa go Ithaopa o Tlisa Batho Kwa Gileate

SEKOLO sa Baebele sa Watchtower sa Gileate se tlhometswe go thapisa banna le basadi ba ba ineetseng go dira tiro ya borongwa kwa dinageng di sele. Ke bomang ba ba tlang Gileate? Ke ba ba nang le moya wa go ithaopa. (Pesalema 110:3) Seo se ile sa bonala sentle ka September 8, 2001, fa setlhopha sa bo111 se ne se aloga.

Bangwe ba baithuti mo setlhopheng seo ba ne ba setse ba ithaopetse go tlogela malapa, ditsala le dinagagae tsa bone go ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolwane gone. Ka go dira jalo, ba ne ba leka go bona gore a ba ka kgona go dira diphetogo go tshela mo tikologong e ba sa e tlwaelang. Ka sekai, Richer le Natalie ba ne ba rulaganya dilo tsa bone gore ba fudugele kwa Bolivia, Todd le Michelle ba ne ba ya kwa Dominican Republic, mme David le Monique ba ya kwa nageng nngwe kwa Asia gore ba ye go anamisa dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo teng. Baithuti ba bangwe ba ne ba setse ba direla kwa Nicaragua, Ecuador le Albania.

Christy o ne a kgothalediwa gore a ithute puo ya Se-Spain kwa sekolong se segolwane gore a ipaakanyetse go ya go direla ka dingwaga di le pedi kwa Ecuador pele ga a nyalwa. Ba bangwe ba ne ba kopanela le diphuthego tsa dipuo di sele mo dinagagaeng tsa bone. Saul le Priscilla, ba ba neng ba lebane le kgwetlho e e farologaneng, ba ne ba bontsha moya wa go ithaopa ka go dira ka natla gore ba tokafatse Seesemane sa bone pele ga ba tla sekolong seno.

Dibeke di le 20 tsa go thapisediwa tiro ya borongwa di ne tsa feta ka bonako. Letsatsi la kalogo le ne la fitlha mme baithuti ba ne ba iphitlhela ba reetsa kgakololo e e botlhale le mafoko a bofelo a a kgothatsang ba na le ditsala le ba malapa a bone.

Modulasetulo wa thulaganyo e ne e le Theodore Jaracz, yo e leng moalogi wa setlhopha sa bosupa sa Sekolo sa Gileate, yo gone jaanong e leng leloko la Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa. Mafoko a gagwe a a simololang a ne a gatelela kgang ya gore mokgatlho ga o ise o ko o lebale boikaelelo jwa one jwa go thapisa baithuti mo sekolong sa Gileate, e leng jwa go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi mo lefatsheng lotlhe. (Mareko 13:10) Gileate e thusa baithuti ba ba tshwanelegang go dira tiro eno ya go rera ka selekanyo se segolo go feta kafa ba neng ba e dira ka teng mo nakong e e fetileng le gore ba e dire mo dikarolong tsa lefatshe tse barongwa ba ba thapisitsweng ba tlhokegang thata gone. Mokaulengwe Jaracz o ne a kgothaletsa baithuti gore ba dirise thapiso ya bone ya Gileate ka tsela e e molemo jaaka fa ba tla tloga ba latela barongwa ba ba setseng ba direla mo dinageng di le 19 tse baalogi bano ba abetsweng go ya kwa go tsone.

Kgakololo e e Tshwanelang mo Baaloging

Go ne ga latela metseletsele ya dipuo. William Van De Wall, yo e leng leloko la Komiti ya Lekala la United States, o ne a bua ka setlhogo se se reng, “Tlhoafalo ya Borongwa—Letshwao la Bakeresete ba Boammaaruri.” O ne a bua thata ka tiro ya go “dira barutwa,” e go kwadilweng ka yone mo go Mathaio 28:19, 20, mme o ne a kgothatsa baithuti jaana: “Etsang Jesu yo o neng a dira tiro ya gagwe ya borongwa ka tlhoafalo le ka matlhagatlhaga.” Go thusa bano ba e tlileng go nna barongwa go nna ba tlhoafetse mo tirong ya bone ya borongwa, o ne a ba kgothatsa jaana: “Kgomarelang thulaganyo e e molemo, bolokang mekgwa e e molemo ya go ithuta, nnang mo nakong ka dikgang tsa puso ya Modimo; mme ka metlha gakologelwang mabaka a go bo lo le mo kabelong ya lona.”

Yo o neng a latela mo thulaganyong e ne e le Guy Pierce, leloko la Setlhopha se se Laolang. O ne a bua ka setlhogo se se reng, “Tswelelang lo Tokafatsa ‘Maatla a Lona a go Akanya.’” (Baroma 12:1) O ne a neela setlhopha se se alogang kgakololo e e molemo, a ba kgothaletsa gore ba dirise bokgoni jwa bone jwa go akanya jo ba bo filweng ke Modimo. O ne a bolela jaana: “Tswelelang lo akanya thata ka se Jehofa a se lo bolelelang ka Lefoko la gagwe. Seno se tla lo sireletsa.” (Diane 2:11) Mokaulengwe Pierce o ile a kgothaletsa gape setlhopha gore ba se ka ba nna batho ba ba gagamalelang dipono tsa bone gore ba tle ba se ka ba kgoreletsa ‘maatla a bone a go akanya.’ Ga go na pelaelo gore dikgakololo tseno tse di tshwanelang di tla nna mosola thata fa baalogi ba nna barongwa.

Morago ga foo modulasetulo o ne a bitsa mongwe wa batlhatlheledi ba Gileate e bong Lawrence Bowen, yo o neng a bua ka setlhogo se se reng, “Dira Tshwetso ya Gore O se Ka wa Itse Sepe.” O ne a tlhalosa gore fa moaposetoloi Paulo a ne a dira tiro ya gagwe ya borongwa kwa Korintha o ne a “dira tshwetso ya gore [a se ka a] itse sepe . . . fa e se Jesu Keresete, mme ene e le yo o bapotsweng.” (1 Bakorintha 2:2) Paulo o ne a itse gore maatla a magolo go gaisa otlhe mo lobopong, e leng moya o o boitshepo, a tshegetsa molaetsa ono o o tlhalosiwang mo Baebeleng yotlhe: go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa ka Losika lo lo solofeditsweng. (Genesise 3:15) Baithuti ba le 48 ba ba neng ba aloga ba ne ba kgothalediwa gore ba tshwane le Paulo le Timotheo mme ba atlege go nna barongwa, ba tshegeditse “sekao sa mafoko a a itekanetseng.”—2 Timotheo 1:13.

Setlhogo se se reng, “Anaanela Tshiamelo ya Gago, Mpho e e Tswang go Modimo” e ne e le puo ya bofelo mo motseletseleng wa dipuo tse di neng di simolola. Wallace Liverance, mokwadisi wa Sekolo sa Gileate, o ne a thusa baalogi gore ba tlhaloganye gore ditshiamelo tsa tirelo ke bopelonomi jo bo sa ba tshwanelang jo bo tswang go Modimo, e seng sengwe se se ba tshwanelang kana se ba se bereketseng. Fa Mokaulengwe Liverance a ne a bua ka sekao sa ga moaposetoloi Paulo, o ne a tlhalosa jaana: “Fa Jehofa a ne a tlhopha Paulo go nna moaposetoloi wa gagwe mo ditšhabeng go ne go sa ikaega ka ditiro, jaaka e kete Paulo o ne a bereketse tshwanelo ya go bona kabelo eo kana gore o ne a tshwanetse go e newa. Go ne go sa ikaega ka nako e telele e a neng a direla ka yone kana ka maitemogelo a gagwe. Go ya ka tsela e batho ba lebang dilo ka yone, go ka nna ga lebega e kete go ne go tshwanetswe ga tlhophiwa Barenabase. Go ne go sa ikaega ka bokgoni jwa motho; go bonala Apolose a ne a le setswerere mo puong go feta Paulo. E ne e le fela ka ntlha ya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo.” (Baefeso 3:7, 8) Mokaulengwe Liverance o ne a kgothaletsa baalogi gore ba dirise mpho ya bone, kana tshiamelo ya bone ya tirelo, go thusa ba bangwe go nna ditsala tsa Modimo le gore ba kgone go amogela “mpho e Modimo a e nayang . . . , botshelo jo bo sa khutleng ka Jesu Keresete Morena wa rona.”—Baroma 6:23.

Morago ga puo eno, Mark Noumair, motlhatlheledi yo mongwe wa Gileate, o ne a nna le puisano e e matlhagatlhaga le baithuti ba le mmalwa ka setlhogo se se reng, “Go Ipaakanyetsa go Dira Gore Motho a Nne le Matswela a a Itumedisang.” (Diane 21:5) Maitemogelo a a neng a bontshiwa moo a ne a bontsha gore fa modiredi a baakanyetsa bodiredi sentle, segolobogolo fa a baakanya pelo ya gagwe, o tla kgatlhegela batho tota. A ka se ka le ka motlha a etsaetsega gore a reng. Go na le moo, o tla bua a bo a dira dilo tse di tla ba thusang semoyeng. Mokaulengwe Noumair o ne a tlhalosa gore “seno ke sone selotlolo sa go nna morongwa yo o atlegileng,” a tlhalosa ka maitemogelo a gagwe ka namana fa a ne a le morongwa mo Afrika.

Tirelo ya Borongwa—Tiro e e Kgotsofatsang

Ralph Walls le Charles Woody ba ne ba botsolotsa barongwa bangwe ba ba nang le maitemogelo, ba le bone ba neng ba kile ba bo ba le kwa Sekolong sa Thuto sa Patterson go bona thapiso e e kgethegileng. Dipotsolotso tseo di ne di gatelela gore ke go rata batho go go dirang gore motho a itumele mo tirelong ya borongwa. Go ne go kgothatsa baithuti le ba malapa a bone le ditsala ba ba neng ba le mo bareetsing go reetsa barongwa bano ba ba nang le maitemogelo fa ba ntse ba tlhalosa go ya ka se ba se itseng gore ke ka ntlha yang fa tirelo ya borongwa e le tiro e e kgotsofatsang.

John E. Barr, yo a leng mo Setlhopheng se se Laolang, o ne a neela puo ya setlhogo ya letsatsi leo, e e reng, “Opelelang Jehofa Pina e Ntšha.” (Isaia 42:10) Mokaulengwe Barr o ne a tlhalosa gore polelwana “pina e ntšha” e tlhaga mo Baebeleng ka makgetlho a le robongwe. O ne a botsa potso eno, “Pina e ntšha eno e bua ka eng?” Morago ga foo o ne a araba jaana: “Mafoko a a dikologileng kgang eno a bontsha gore pina eno e ntšha e opelwa ka ntlha ya dilo tse disha tse di diragalang fa Jehofa a dirisa bolaodi jwa gagwe.” O ne a kgothaletsa baithuti gore ba tswelele pele ba kopanela mo go opeleng dipako tsa Bogosi jo bo fenyang jwa Modimo kafa tlase ga Kgosi ya Bomesia, Jesu Keresete. Mokaulengwe Barr o ne a bolela gore thapiso e ba e boneng mo Gileate e ba thusitse gore ba tlhaloganye sentle thata go feta le fa e le leng pele dikarolo tse di farologaneng tsa “pina e ntšha” eno. “Sekolo se ile sa gatelela botlhokwa jwa gore lo ‘opele’ dipako tsa ga Jehofa mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba lona gongwe le gongwe koo lo yang gone; ka metlha lo leke go utlwana le ba bangwe mo kabelong ya lona.”

Fa baithuti ba sena go fiwa didipoloma tsa bone, moemedi wa setlhopha o ne a bala lekwalo le ba lebogang go tswa pelong thapiso e ba e boneng mo Gileate.

A o ka oketsa tirelo ya gago mo Modimong le go dira gore e nne le matswela a a oketsegileng? Fa go ntse jalo, dira maiteko fela jaaka baithuti bano ba ba neng ba aloga. Seno ke sone se se ileng sa ba thusa gore ba tshwanelegele tiro ya borongwa. Motho o bona boipelo jo bogolo fa a ithaopela tirelo ya ga Jehofa ka go rata.—Isaia 6:8.

[Lebokoso mo go tsebe 25]

DIPALOPALO TSA TLELASE

Palo ya dinaga tse di emetsweng: 10

Palo ya dinaga tse ba di abetsweng: 19

Palogotlhe ya baithuti: 48

Palogare ya dingwaga: 33,2

Palogare ya dingwaga mo boammaaruring: 16,8

Palogare ya dingwaga mo bodireding jwa nako e e tletseng: 12,6

[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Setlhopha sa Bo111 sa Baalogi ba Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate

Mo lenaaneng le le fa tlase, mela e balwa go tloga kwa pele go ya kwa morago mme maina a tlhomagantswe go tloga kafa molemeng go ya kafa mojeng wa mola mongwe le mongwe.

(1) Yeomans, C.; Toukkari, A.; Nuñez, S.; Phillips, J.; Dawkin, M.; Silvestri, P. (2) Morin, N.; Biney, J.; López, M.; Van Hout, M.; Cantú, A.; Szilvassy, F. (3) Williams, M.; Itoh, M.; Van Coillie, S.; Levering, D.; Fuzel, F.; Geissler, S. (4) Yeomans, J.; Moss, M.; Hodgins, M.; Dudding, S.; Briseño, J.; Phillips, M. (5) López, J.; Itoh, T.; Sommerud, S.; Kozza, C.; Fuzel, G.; Moss, D. (6) Williams, D.; Dudding, R.; Geissler, M.; Morin, R.; Biney, S.; Cantú, L. (7) Dawkin, M.; Hodgins, T.; Levering, M.; Silvestri, S.; Van Hout, D.; Briseño, A. (8) Van Coillie, M.; Nuñez, A.; Kozza, B.; Sommerud, J.; Toukkari, S.; Szilvassy, P.