Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Henry VIII le Baebele

Henry VIII le Baebele

Henry VIII le Baebele

MO BUKENG ya gagwe ya History of the English-Speaking Peoples (Bolumo 2), Winston Churchill o ne a kwala jaana: “Phetogo e Kgolo e ne ya lere diphetogo tse di bonalang mo bodumeding. Gone jaanong Baebele e na le maatla a masha a a nang le tlhotlheletso e kgolo. Kokomana ya bogologolo e ne e tsaya gore go ne go le kotsi go letla batho ba ba sa rutegang ba nna le Dikwalo Tse di Boitshepo le gore di tshwanetse go balwa fela ke baruti.”

Pego eno e tswelela jaana: “Dibaebele tse di feletseng, tse di ranoletsweng mo Seesemaneng ke Tyndal le Coverdale, di ile tsa tlhaga la ntlha kwa bofelong jwa letlhabula la 1535, mme jaanong go ne go gatisiwa dikgatiso di le mmalwa. Puso e ne ya laela baruti gore ba kgothaletse batho go bala Baebele.” Morago ga gore Baebele e fetse makgolokgolo a dingwaga e sa balwe kwa Engelane, e ne ya tshwanelwa ke go balwa, mme seno se ne sa dirwa ke puso ya ga Henry VIII go na le gore se dirwe ke kereke. *

“Batho ba ba ngaparetseng megopolo ya bogologolo ba ne ba kgobega marapo le go feta fa Puso e ne e laela gore go gatisiwe Dibaebele tse dintsi tsa Seesemane kwa Paris, e le tse dintle go gaisa dikgatiso dipe tse di kileng tsa nna teng, mme ka September 1538 ya laela gore kereke nngwe le nngwe mo nageng e reke Dibaebele tse dikgolo thata tsa Seesemane, gore di bewe mo kerekeng nngwe le nngwe, mo batsenakereke ba ka kgonang go di bona motlhofo le go di bala teng. Go ne ga bewa dikhopi di le thataro kwa St Paul, kwa Motseng wa Lontone mme diketekete tsa batho di ne tsa oologela kwa kerekeng eno e kgolo letsatsi lotlhe go ya go di bala, mme re utlwa gore ba ne ba dira jalo, segolo thata fa ba ka bona motho ope fela yo o neng a na le lentswe le le utlwalang sentle gore a balele kwa godimo.”

Ka maswabi, mo ditšhabeng di le dintsi, batho ba le bantsi ga ba dirise tshiamelo e ba nang le yone ya go bala Baebele ka metlha. Seno ke kgang e e masisi, ka gonne Baebele e ‘tlhotlheleditswe ke Modimo e bile e tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo.’—2 Timotheo 3:16.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 3 Kgosi Henry VIII o ne a busa kwa Engelane go tloga ka 1509 go fitlha ka 1547.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]

Henry VIII: Painting in the Royal Gallery at Kensington, from the book The History of Protestantism (Vol. I)