Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bana ba Motho ba ba Neng ba Nna le Mekgwa E e Sa Tshwaneng

Bana ba Motho ba ba Neng ba Nna le Mekgwa E e Sa Tshwaneng

Bana ba Motho ba ba Neng ba Nna le Mekgwa E e Sa Tshwaneng

DITSHWETSO tse batsadi ba di dirang di ama bana ba bone ka tlhamalalo. Go ntse jalo gompieno fela jaaka go ne go ntse kwa tshimong ya Edene. Botsuolodi jwa ga Adame le Efa bo amile batho botlhe ka tsela e kgolo. (Genesise 2:15, 16; 3:1-6; Baroma 5:12) Le fa go ntse jalo, mongwe le mongwe wa rona o na le tshono ya go itirela kamano e e molemo le Mmopi wa rona, fa re rata go dira jalo. Seno se bontshiwa ke pego ya ga Kaine le Abele, bana ba ntlha ba motho mo hisitoring ya batho.

Ga go na pego epe ya Dikwalo e e bontshang gore Modimo o ne a bua le Adame le Efa fa ba sena go lelekwa kwa Edene. Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a ka a ikgogona go bua le bomorwaabone. Ga go na pelaelo gore Kaine le Abele ba ne ba utlwa ka batsadi ba bone gore ke eng se se neng se diragetse. Ba ne ba kgona go bona ‘ditšheruba le bogale jo bo tsabakelang jwa tšhaka e e neng e itikolosa e sa kgaotse go disa tsela e e yang kwa setlhareng sa botshelo.’ (Genesise 3:24) Banna bano gape ba iponetse boammaaruri jwa mafoko a a neng a buiwa ke Jehofa a gore botshelo jwa bone e ne e tla nna jwa go dira ka natla le jwa bohutsana.—Genesise 3:16, 19.

Kaine le Abele ba tshwanetse ba bo ba ne ba itse mafoko a Jehofa a neng a a bua le noga a a reng: “Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. O tla go gobatsa mo tlhogong mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng.” (Genesise 3:15) Se Kaine le Abele ba neng ba se itse ka Jehofa se ne se tla dira gore ba kgone go itirela kamano e e amogelesegang le ene.

Go akanya ka boporofeti jwa ga Jehofa le ka dinonofo tsa gagwe jaaka Modiramolemo yo o lorato go tshwanetse ga bo go ne ga dira gore Kaine le Abele ba batle gore Modimo a ba amogele. Mme ba ne ba tla tlhagolela keletso eo go ya bokgakaleng bofe? A ba ne ba tla dira dilo go ya ka keletso e ba e ruileng ya go obamela Modimo mme ba tokafatse bomoya jwa bone go ya bokgakaleng jwa gore ba nne le tumelo mo go ene?—Mathaio 5:3.

Bana ba Motho ba Tlisa Ditshupelo

Fa nako e ntse e tsamaya, Kaine le Abele ba ne ba isetsa Modimo ditshupelo. Kaine o ne a tlisa maungo a mmu, mme Abele o ne a tlisa maitibolo a letsomane la gagwe. (Genesise 4:3, 4) Banna bano ba ka tswa ba ne ba na le dingwaga di ka nna 100 ka nako eo, ka gonne Adame o ne a na le dingwaga di le 130 fa a ne a nna le ngwana wa mosimane, e bong Sethe.—Genesise 4:25; 5:3.

Ditshupelo tsa bone di ne di supa gore Kaine le Abele ba ne ba lemoga boemo jwa bone jwa boleo mme ba ne ba batla go amogelwa ke Modimo. Ba tshwanetse ba bo ba ne ba akanya ka tsholofetso ya ga Jehofa malebana le noga le Losika lwa mosadi. Ga go bolelwe gore Kaine le Abele ba dirisitse nako e kana kang le gore ba dirile maiteko go le kana kang go itirela kamano le Jehofa. Mme tsela e Modimo a neng a arabela ka teng fa ba isitse ditshupelo e senola dikakanyo tse di kwa teng tsa mongwe le mongwe wa bone.

Bakanoki bangwe ba bolela gore Efa o ne a tsaya gore Kaine ke “losika” lo lo neng lo tla bolaya noga, ka gonne fa Kaine a ne a tsholwa o ne a re: “Ke tshotse monna ka thuso ya ga Jehofa.” (Genesise 4:1) Kaine o ne a le phoso gotlhelele fa e le gore le ene o ne a dumela jalo. Kafa letlhakoreng le lengwe, setlhabelo sa ga Abele se ne se isitswe ka tumelo. Ka jalo “ka tumelo Abele o ne a isetsa Modimo setlhabelo sa botlhokwa jo bogolo go gaisa Kaine.”—Bahebera 11:4.

Ga se gore go bo Abele a ne a na le temogo ya semoya mme Kaine ene a se na temogo e e ntseng jalo ke yone fela tsela e bana bano ba motho ba neng ba farologane ka yone. Gape ba ne ba na le maikutlo a a sa tshwaneng. Ka jalo, “fa Jehofa a ne a leba Abele le tshupelo ya gagwe ka kamogelo, ga a ka a leba Kaine le tshupelo ya gagwe ka kamogelo epe.” Kaine a ka tswa a se kile a akanyetsa tshupelo ya gagwe ka tsela e e boteng mme o ne a e isa e le go diragatsa molao fela. Mme Modimo o ne a sa amogele kobamelo ya seomodiro fela. Kaine o ne a na le pelo e e bosula mme Jehofa o ne a lemoga gore o ne a na le maikaelelo a a sa siamang. Tsela e Kaine a neng a itshwara ka teng fa setlhabelo sa gagwe se ne se sa amogelwe e ne e senola gore ke motho yo o ntseng jang. Go na le gore a baakanye dilo, “Kaine o ne a tuka bogale jo bogolo, mme sefatlhego sa gagwe sa tlhonya.” (Genesise 4:5) Boitshwaro jwa gagwe bo ne jwa senola dikakanyo le maikaelelo a gagwe a a bosula.

Go Tlhagisiwa le Kafa a Neng a Arabela ka Gone

Ka gonne Modimo o ne a itse maikutlo a ga Kaine o ne a mo gakolola, a re: “Ke ka ntlha yang fa o tuka bogale e bile ke ka ntlha yang fa sefatlhego sa gago se tlhontse? Fa o simolola go dira molemo, a ga o kitla o godisiwa? Mme fa o sa dire molemo, go na le boleo jo bo bobileng fa kgorong, e bile bo a go eletsa; mme wena, a o tla bo fenya?”—Genesise 4:6, 7.

Re ka ithuta sengwe mo go seno. Boammaaruri ke gore boleo bo bobile fa kgorong bo batla go re kometsa. Le fa go ntse jalo, Modimo o re neile kgololesego ya go itlhophela se re se batlang, mme re ka tlhopha go dira se se siameng. Jehofa o ne a kopa Kaine gore a ‘simolole go dira molemo,’ mme ga a ka A mo pateletsa gore a fetoge. Kaine o ne a itlhophela tsela ya gagwe.

Pego e e tlhotlheleditsweng e tswelela jaana: “Morago ga moo Kaine a raya Abele monnawe a re: ‘A re ye kwa nageng.’ Ka jalo go ne ga diragala gore fa ba le kwa nageng Kaine a tlhasele Abele monnawe mme a mmolaye.” (Genesise 4:8) Ka jalo Kaine e ne ya nna mmolai yo o se nang kutlo, yo o setlhogo. O ne a sa bontshe boikotlhao le fa e le go le gonnye fa Jehofa a ne a mmotsa jaana: “Abele monnao o kae?” Mme Kaine o ne a araba jaana ka tsela ya go se kgathale le ya go tlhoka maitseo: “Ga ke itse. A ke modisa wa ga nnake?” (Genesise 4:9) Maaka ao a matala le go itatola se a se dirileng go ne ga senola bopeloemaswe jwa ga Kaine.

Jehofa o ne a hutsa Kaine mme a mo leleka mo tikologong ya Edene. Go lebega phutso e mmu o neng o setse o hutsitswe ka yone e ne e tla tlela Kaine ka selekanyo se segolo, mme lefatshe le ne le se kitla le tlhogisa sepe se a neng a tla se jala. O ne a tla nna mokgarakgatshegi le mofaladi mo lefatsheng. Go ngongorega ga ga Kaine ka bosetlhogo jwa katlholo eo go ne go bontsha gore o ne a tlhobaediwa ke gore o ne a tlile go busolosediwa ka loso lwa ga monnawe, mme ga a ka a ikwatlhaya go tswa pelong. Jehofa o ne a tlhomela Kaine “sesupo”—se e ka tswang e ne e le molawana o o masisi o ba bangwe ba neng ba o itse e bile ba o bona o maikaelelo a one e neng e le go thibela gore ope a se ka a ipusolosetsa mme a mmolaya.—Genesise 4:10-15.

Go tswa foo Kaine “a tswa fa pele ga sefatlhego sa ga Jehofa mme a aga mo lefatsheng la Bofaladi go ela kwa botlhaba jwa Edene.” (Genesise 4:16) Ka gonne o ne a tsere mosadi mo go bokgaitsadie kgotsa mo ditlogolong tsa gagwe, o ne a aga motse o a neng a o reelela ka Enoke, morwawe wa leitibolo. Setlogolwana sa ga Kaine e bong Lameke o ne a rata thubakanyo fela jaaka rraagwemogologolwane yo o boikepo. Mme losika lwa ga Kaine lo ne lwa fedisiwa ke Morwalela wa motlha wa ga Noa.—Genesise 4:17-24.

Se re Se Ithutang

Re ka ithuta sengwe mo dipegong tsa ga Kaine le Abele. Moaposetoloi Johane o kgothatsa Bakeresete gore ba ratane, “e seng jaaka Kaine, yo o neng a tswa mo go yo o boikepo mme a bolaya morwarraagwe. . . . ditiro tsa gagwe [Kaine] di ne di le boikepo, mme tsa ga morwarraagwe di siame.” Johane gape o bolela jaana: “Mongwe le mongwe yo o tlhoileng mokaulengwe wa gagwe ke mmolai, mme lo a itse gore ga go na mmolai ope yo botshelo jo bo sa khutleng bo ntseng mo go ene.” Ee, tsela e re tshwarang Bakeresete mmogo le rona ka yone e ama kamano ya rona le Modimo le isagwe ya rona. Ga go na gore re ka tlhoa ope wa badumedi ka rona mme le fa go ntse jalo ra amogelwa ke Modimo.—1 Johane 3:11-15; 4:20.

Kaine le Abele ba tshwanetse ba bo ba ne ba godisitswe ka go tshwana, mme Kaine o ne a se na tumelo mo Modimong. Tota e bile, o ne a bontsha moya wa ga Diabolo, ‘mmolai wa kwa tshimologong le ramaaka.’ (Johane 8:44) Tsela ya botshelo ya ga Kaine e bontsha gore rotlhe re a itlhophela, le gore ba ba tlhophang go leofa ba ikgaoganya le Modimo, mme Jehofa o tla atlhola ba ba sa ikwatlhaeng.

Kafa letlhakoreng le lengwe, Abele o ne a bontsha tumelo mo go Jehofa. Eleruri, “ka tumelo Abele o ne a isetsa Modimo setlhabelo sa botlhokwa jo bogolo go gaisa Kaine, e leng tumelo e go neng ga neelwa bosupi kaga gagwe ka yone gore o ne a siame, Modimo a naya bosupi mabapi le dimpho tsa gagwe.” Le fa go se na lefoko lepe le Abele a le buileng mo Dikwalong, ‘o a bua’ ka tumelo ya gagwe e e tlhomang sekao.—Bahebera 11:4.

Abele e ne e le wa ntlha mo lenaaneng la baboloka bothokgami. Madi a gagwe a a neng a ‘goela kwa go Jehofa go tswa mo mmung,’ a ne a sa lebalwa. (Genesise 4:10; Luke 11:48-51) Fa re bontsha tumelo jaaka Abele a ne a dira, le rona re ka itumelela go nna le kamano e e tlhwatlhwakgolo le e e nnetseng ruri le Jehofa.

[Lebokoso mo go tsebe 22]

MOLEMI LE MODISA

Mangwe a maikarabelo a ga Adame a Modimo a neng a mo a neile kwa tshimologong e ne e le gore a leme lefatshe mme a tlhokomele diphologolo. (Genesise 1:28; 2:15; 3:23) Morwawe Kaine o ne a nna molemi mme Abele a nna modisa. (Genesise 4:2) E re ka dijo tsa batho e ne e le maungo le merogo fela go fitlha morago ga Morwalela, ke ka ntlha yang fa kafa letlhakoreng le lengwe motho a ne a rua dinku?—Genesise 1:29; 9:3, 4.

Gore dinku di gole sentle, di ne di tlhoka go tlhokomelwa ke motho. Tiro ya ga Abele e supa gore motho o simolotse go rua diphologolo tseno tsa mo gae go tloga kwa tshimologong ya hisitori ya batho. Dikwalo ga di bolele gore a batho ba pele ba ne ba nwa mashi a diphologolo, mme le ba ba jang merogo fela ba ka dirisa boboa jwa dinku. Mme fa dinku di swa, matlalo a tsone a ne a dirisiwa ka tsela e e nang le mosola. Ka sekai, Jehofa o ne a naya Adame le Efa “diaparo tse di telele tsa letlalo” gore ba di apare.—Genesise 3:21.

Mme gone go a utlwala go akanyetsa gore Kaine le Abele kwa tshimologong ba ne ba dirisana mmogo sentle. Ba ne ba tlisa dilo tse ba bangwe mo lapeng ba neng ba di tlhoka gore ba nne ba apere e bile ba fepiwa sentle.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

“Ditiro tsa gagwe [Kaine] di ne di le boikepo, mme tsa ga morwarraagwe di siame”