Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa—Sekao se Segolo Thata sa Bomolemo

Jehofa—Sekao se Segolo Thata sa Bomolemo

Jehofa—Sekao se Segolo Thata sa Bomolemo

“Bakang Jehofa wa masomosomo, gonne Jehofa o molemo!”—JEREMIA 33:11.

1. Ke ka ntlha yang fa re tlhotlheletsega go baka Modimo ka ntlha ya bomolemo jwa gagwe?

JEHOFA MODIMO o molemo ka tsela e e feletseng. Moporofeti Sekarea o ne a bolela jaana ka boitumelo: “A bo molemo wa gagwe o le mogolo jang ne!” (Sekarea 9:17) Eleruri, bomolemo bo bonala mo go sengwe le sengwe se Modimo a se dirileng go baakanya lefatshe gore re le itumelele. (Genesise 1:31) Ga re ne re tsamaya re kgona go tlhaloganya melao yotlhe e e raraaneng e Modimo a e dirisitseng fa a ne a bopa lobopo. (Moreri 3:11; 8:17) Mme bonnye jo re bo itseng bo re tlhotlheletsa go baka Modimo ka ntlha ya bomolemo jwa gagwe.

2. O ka tlhalosa bomolemo jang?

2 Bomolemo ke eng? Ke boitsholo jwa maemo a a kwa godimo thata kgotsa mokgwa o o iphapileng. Le fa go ntse jalo, ga se seemo sa go tlhoka bosula fela. Bomolemo, jo e leng lengwe la maungo a moya, ke nonofo e e bonwang ka ditiro. (Bagalatia 5:22, 23) Re bontsha bomolemo fa re direla ba bangwe ditiro tse di siameng le tse di tla ba solegelang molemo. Mo tsamaisong eno ya dilo, se se tsewang se le molemo ke batho bangwe se ka tsewa se le bosula ke ba bangwe. Le fa go ntse jalo, gore re tle re nne le kagiso le boitumelo, bomolemo bo tshwanetse jwa tsewa ka tsela e e tshwanang. Ke mang yo o nang le tshwanelo ya go tlhoma tsela eno?

3. Genesise 2:16, 17 e bontshang malebana le tsela e bomolemo bo tsewang ka yone?

3 Modimo ke ene a bayang tsela e bomolemo bo tshwanetseng jwa tsewa ka yone. Kwa tshimologong ya hisitori ya motho, Jehofa ke ene a neng a laela motho wa ntlha jaana: “O ka nna wa ja mo setlhareng sengwe le sengwe sa tshingwana gore o bo o kgotsofale. Mme fa e le setlhare sa kitso ya molemo le bosula sone o se ka wa ja mo go sone, gonne ka letsatsi le o jang mo go sone ruri o tla swa.” (Genesise 2:16, 17) Ee, batho ba tshwanetse ba batla kitso ya molemo le bosula mo Mmoping wa bone.

Go Bontshiwa Bomolemo Jo bo Sa re Tshwanelang

4. Modimo o diretse batho eng fa e sa le Adame a leofa?

4 Tsholofelo ya batho ya go itumela ka bosakhutleng ba itekanetse e ne ya phutlhama fa Adame a ne a leofa a ba a gana go dumela gore Modimo o na le tshwanelo ya go tlhoma ditekanyetso tsa se se molemo. (Genesise 3:1-6) Le fa go ntse jalo, pele bana ba ga Adame ba tsholwa ba ruile boleo le loso, Modimo o ne a bolelela pele go tla ga Losika lo lo itekanetseng. Jehofa o ne a bolela jaana a bua ka tlhamalalo le “noga ya kwa tshimologong,” Satane Diabolo: “Ke tla tsenya bobaba fa gare ga gago le mosadi le fa gare ga losika lwa gago le losika lwa gagwe. O tla go gobatsa mo tlhogong mme wena o tla mo gobatsa mo seretheng.” (Tshenolo 12:9; Genesise 3:15) Boikaelelo jwa ga Jehofa e ne e le go golola batho ba ba leofileng. Ka go re bontsha bomolemo jo bo sa re tshwanelang, Jehofa ruri o dirile thulaganyo e e ntseng jalo ya gore go bolokwe ba ba bontshang tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa Morwawe yo o rategang.—Mathaio 20:28; Baroma 5:8, 12.

5. Le fa re ruile pelo e e sa siamang, ke ka ntlha yang fa re ka kgona go bontsha bomolemo ka selekanyo se se rileng?

5 Gone ke boammaaruri gore ka ntlha ya go leofa ga ga Adame, re ruile pelo e e sa siamang. (Genesise 8:21) Le fa go ntse jalo, se se itumedisang ke gore Jehofa o re thusa go bontsha bomolemo ka selekanyo se se rileng. Go tswelela pele mo go se re se ithutileng mo mekwalong e e boitshepo e e tlhwatlhwakgolo ga go ‘re tlhalefise fela gore re bone poloko’ le go re ‘tlhomelela ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo,’ mme gape go dira gore re kgone go dira se se molemo mo matlhong a gagwe. (2 Timotheo 3:14-17) Le fa go ntse jalo, gore re solegelwe molemo ke kaelo ya Dikwalo re bo re bontshe bomolemo, re tshwanetse ra nna le boikutlo jo bo bontshitsweng ke mopesalema yo o neng a opela a re: “[Wena Jehofa] o molemo e bile o dira molemo. Nthute melao ya gago.”—Pesalema 119:68.

Bomolemo Jwa ga Jehofa bo a Galalediwa

6. Fa Kgosi Dafide a sena go dira gore araka ya kgolagano e tlisiwe mo Jerusalema, Balefi ba ne ba opela pina e e nang le mafoko afe?

6 Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo o ne a dumela bomolemo jwa Modimo a bo a kopa kaelo ya Gagwe. Dafide o ne a re: “Jehofa o molemo e bile o thokgame. Ke sone se a layang baleofi kaga tsela.” (Pesalema 25:8) Tao ya Modimo e e neng e neetswe Baiseraele e ne e akaretsa melao ya botlhokwa—Melao e e Lesome—e e neng e kwadilwe mo matlapanakwalelong a mabedi a bo a bewa mo letloleng le le boitshepo le le neng le bidiwa araka ya kgolagano. Fa Dafide a sena go dira gore Araka e busediwe mo motsemogolong wa Iseraele e leng Jerusalema, Balefi ba ne ba opela pina e e neng e na le mafoko ano: “Ntshetsang Jehofa ditebogo, gonne o molemo, gonne bopelonomi jwa gagwe jwa lorato ke jwa bosakhutleng.” (1 Ditiragalo 16:34, 37-41) Go tshwanetse ga bo go ne go itumedisa tota go utlwa mafoko ao a tswa mo melomong ya baopedi ba Balefi!

7. Go ne ga diragalang fa Araka e sena go tsenngwa mo Boitshepong jwa Maitshepo morago ga thapelo ya ga Solomone ya go kgakolwa ga tempele?

7 One mafoko ao a pako a ne a gatelelwa ka nako ya fa go kgakolwa tempele ya ga Jehofa e e agilweng ke morwa Dafide e bong Solomone. Fa araka ya kgolagano e sena go bewa mo Boitshepong jwa Maitshepo jwa tempele e e sa tswang go agiwa, Balefi ba ne ba simolola go baka Jehofa, “gonne o molemo, gonne bopelonomi jwa gagwe jwa lorato ke jwa bosakhutleng.” Ka kgakgamatso, tempele e ne ya tladiwa ka leru ka nako eo le le neng le tshwantshetsa go nna gone ga ga Jehofa ka kgalalelo. (2 Ditiragalo 5:13, 14) Morago ga thapelo ya ga Solomone ya go kgakolwa ga tempele, “molelo wa fologa kwa magodimong wa laila tshupelo e e fisiwang le ditlhabelo.” E rile ba bona seno, “bomorwa Iseraele botlhe . . . ba akofa ba ikoba difatlhego tsa bone di lebile fa fatshe mo bophaphathong, ba obama ba leboga Jehofa, ‘gonne o molemo, gonne bopelonomi jwa gagwe jwa lorato ke jwa bosakhutleng.’” (2 Ditiragalo 7:1-3) Morago ga moletlo wa malatsi a le 14, Baiseraele ba ne ba boela kwa magabone “ba ipela e bile ba itumetse mo pelong ka ntlha ya molemo o Jehofa a neng a o diretse Dafide le Solomone le Iseraele batho ba gagwe.”—2 Ditiragalo 7:10.

8, 9. (a) Le fa Baiseraele ba ne ba baka Jehofa ka ntlha ya bomolemo jwa gagwe, ba ile ba dirang kwa bofelong? (b) Ke eng se se neng sa bolelelwa pele malebana le Jerusalema go dirisiwa Jeremia, mme boporofeti joo bo ne jwa diragadiwa jang?

8 Ka maswabi, Baiseraele ga ba a ka ba tswelela pele ba tshela tumalanong le dipina tsa bone tsa go baka Modimo. Fa nako e ntse e ya, batho ba Juda ba ne ba ‘galaletsa Jehofa ka dipounama tsa bone fela.’ (Isaia 29:13) Mo boemong jwa go dumalana le ditekanyetso tsa Modimo tsa bomolemo, ba ne ba simolola go dira se se sa siamang. Mme bosula jwa bone bo ne bo akaretsa eng? Ba ne ba nna le molato wa kobamelo ya medingwana, boitsholo jo bo sa siamang, go gatelela bahumanegi le maleo a mangwe a a masisi! Ka ntlha ya seno, Jerusalema o ne a senngwa mme banni ba Juda ba ne ba isiwa botshwarwa kwa Babelona ka 607 B.C.E.

9 Modimo o ne a otlhaya batho ba gagwe jalo. Le fa go ntse jalo, o ne a dirisa moporofeti Jeremia go bolelela pele gore kwa Jerusalema go ne go tla utlwiwa lentswe la ba ba reng: “Bakang Jehofa wa masomosomo, gonne Jehofa o molemo; gonne bopelonomi jwa gagwe jwa lorato ke jwa bosakhutleng!” (Jeremia 33:10, 11) Mme go ne ga nna fela jalo. Fa naga e sena go swafadiwa ka dingwaga di le 70, masalela a Bajuda a ne a boela kwa Jerusalema ka 537 B.C.E. (Jeremia 25:11; Daniele 9:1, 2) Ba ne ba aga sebeso sesha fa lefelong la tempele mo Thabeng ya Moria mme ba simolola go isa ditlhabelo teng. Motheo wa tempele o ne wa theiwa mo ngwageng wa bobedi fa ba sena go boa. A bo e ne e le nako e e itumedisang jang ne! Esera o ne a re: “E rile baagi ba thaya motheo wa tempele ya ga Jehofa, foo baperesiti ba le mo diaparong tsa tiro, ba tshotse diterompeta, le Balefi bomorwa Asafe, ba tshotse disemebala, ba ema gore ba bake Jehofa go ya ka kaelo ya ga Dafide kgosi ya Iseraele. Mme ba simolola go arabela ka go baka le go ntshetsa Jehofa ditebogo, ‘gonne o molemo, gonne bopelonomi jwa gagwe jwa lorato mo go Iseraele ke jwa bosakhutleng.’”—Esera 3:1-11.

10. Pesalema 118 e simolola e bo e konela ka mafoko afe a botlhokwa?

10 Go na le mafoko a mangwe a a tshwanang le ano a pako malebana le bomolemo jwa ga Jehofa mo dipesalemeng di le mmalwa. Nngwe ya tsone ke Pesalema 118, e e neng e opelwa ke malapa a Baiseraele fa ba konela mokete wa Tlolaganyo. Pesalema eo e simolola e bo e konela ka mafoko a a reng: “Ntshetsang Jehofa ditebogo, gonne o molemo; gonne bopelonomi jwa gagwe jwa lorato ke jwa bosakhutleng.” (Pesalema 118:1, 29) Ano e ka tswa e ne e le mafoko a bofelo a pako a Jesu Keresete a neng a a opela le baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang mo bosigong jwa pele a swa ka 33 C.E.—Mathaio 26:30.

“Tsweetswee, Ntira Gore ke Bone Kgalalelo ya Gago”

11, 12. Fa Moshe a ne a gaodisa kgalalelo ya Modimo, o ne a utlwa mafoko afe?

11 Kamano magareng ga bomolemo jwa ga Jehofa le bopelonomi jwa gagwe jwa lorato e ne ya dirwa la ntlha makgolo a dingwaga pele ga motlha wa ga Esera. Nakwana fela fa Baiseraele ba sena go obamela namane ya gouta kwa nageng mme ba ba dirileng molato oo ba bolailwe, Moshe o ne a kopa Jehofa jaana: “Tsweetswee, ntira gore ke bone kgalalelo ya gago.” E re ka Jehofa a ne a itse gore Moshe a ka se bone sefatlhego sa Gagwe mme a tshela, o ne a re: “Nna ka bonna ke tla dira gore molemo otlhe wa me o fete fa pele ga sefatlhego sa gago.”—Ekesodo 33:13-20.

12 Molemo wa ga Jehofa o ne wa feta fa pele ga sefatlhego sa ga Moshe letsatsi le le latelang kwa Thabeng ya Sinai. Ka nako eo, Moshe o ne a gaodisa kgalalelo ya Modimo mme a utlwa mafoko ano: “Jehofa, Jehofa, Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle, yo o bonya go galefa le yo o nang le bopelonomi jo bogolo jwa lorato le boammaaruri, yo o bolokelang dikete bopelonomi jwa lorato, yo o itshwarelang phoso le tlolo le boleo, mme a se kitla a golola mo kotlhaong ka gope, yo o tlisang kotlhao ya ditlolo tsa borre mo go bomorwaabone le mo go bomorwa bana ba bone, mo kokomaneng ya boraro le mo kokomaneng ya bonè.” (Ekesodo 34:6, 7) Mafoko ano a bontsha gore bomolemo jwa ga Jehofa bo amana le bopelonomi jwa gagwe jwa lorato le dikarolo tse dingwe tsa botho jwa gagwe. Go di tlhatlhoba go tla re thusa go bontsha bomolemo. Sa ntlha a re tlhatlhobeng nonofo e e umakilweng gabedi mo mafokong ano a a gakgamatsang a bomolemo jwa Modimo.

“Modimo . . . yo o Nang le Bopelonomi jo Bogolo Jwa Lorato”

13. Mo mafokong a a kaga bomolemo jwa Modimo, ke nonofo efe e e umakwang gabedi, mme ke eng fa seo se tshwanela?

13 “Jehofa [ke] Modimo . . . yo o nang le bopelonomi jo bogolo jwa lorato . . . , yo o bolokelang dikete bopelonomi jwa lorato.” Lefoko la Sehebera le le ranotsweng go twe “bopelonomi jwa lorato” gape le kaya “lorato lo lo ikanyegang.” Ke yone fela nonofo e e umakilweng gabedi mo mafokong a Modimo a neng a a bua le Moshe. A bo seo se tshwanela jang ne, ka gonne nonofo e kgolo ya ga Jehofa ke lorato! (1 Johane 4:8) Polelwana e e itsegeng thata ya go baka Jehofa e e reng “gonne o molemo, gonne bopelonomi jwa gagwe jwa lorato ke jwa bosakhutleng” e gatelela nonofo eno.

14. Ke bomang segolobogolo ba ba itumelelang bomolemo jwa Modimo le bopelonomi jwa gagwe jo bo lorato?

14 Sengwe se se bontshang bomolemo jwa ga Jehofa ke gore ‘o na le bopelonomi jo bogolo jwa lorato.’ Seno se bontshiwa segolobogolo ke tsela e e lorato e a tlhokomelang batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng ka yone, ba ba ikanyegang. (1 Petere 5:6, 7) Fela jaaka Basupi ba ga Jehofa ba ka bolela, ‘o boloka bopelonomi jo bo lorato’ a bo bolokela ba ba mo ratang e bile ba mo direla. (Ekesodo 20:6) Setšhaba sa Iseraele wa tlholego se ile sa se ka sa tlhola se utlwa bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa, kgotsa lorato lwa gagwe lo lo ikanyegang, ka gonne ba ile ba gana Morwawe. Mme bomolemo jwa Modimo le lorato lwa gagwe lo lo ikanyegang mo Bakereseteng ba ba ikanyegang ba ditšhaba tsotlhe lo tla nnela ruri.—Johane 3:36.

Jehofa—O Kutlwelobotlhoko e Bile o Pelontle

15. (a) Mafoko a Moshe a neng a a utlwa kwa Thabeng ya Sinai a ne a simolola ka polelwana efe? (b) Kutlwelobotlhoko e akaretsa eng?

15 Mafoko a Moshe a neng a a utlwa mo Thabeng ya Sinai a ne a simolola ka polelwana e e reng: “Jehofa, Jehofa, Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle.” Lefoko la Sehebera le le ranotsweng go twe “kutlwelobotlhoko” le ka raya “mala” mme gape le amana thata le lefoko le le kayang “popelo.” Ka jalo, kutlwelobotlhoko e akaretsa maikutlo a bopelotlhomogi jo bo lorato a a kwa teng a motho. Mme kutlwelobotlhoko ga se go tlhomoga pelo fela. E tshwanetse ya re rotloetsa go tsaya kgato go fokotsa go boga ga batho ba bangwe. Ka sekai, bagolwane ba ba lorato ba Bakeresete ba bona go tlhokega gore ba nne kutlwelobotlhoko mo badumeding ka bone, ‘ba bontsha kutlwelobotlhoko ka boitumelo’ fa go tshwanela.—Baroma 12:8; Jakobe 2:13; Jude 22, 23.

16. Ke eng fa go ka twe Jehofa o pelontle?

16 Bomolemo jwa Modimo bo bontshiwa le ke bopelontle jwa gagwe. Motho yo o pelontle “o amega thata ka maikutlo a ba bangwe” e bile o bontsha ‘bopelonomi jo bo lorato bogolo jang mo bathong ba maemo a a kwa tlase ga a gagwe.’ Jehofa ke sekai se se molemo go gaisa tsotlhe sa go nna pelontle fa a dirisana le batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang. Ka sekai, Modimo o ne a dirisa baengele go nonotsha ka bopelontle moporofeti Daniele yo o tsofetseng a bo a itsise mosetsana wa kgarebane Marea ka tshiamelo e a neng a tla nna le yone ya go tshola Jesu. (Daniele 10:19; Luke 1:26-38) Rona batho ba ga Jehofa, ruri re anaanela tsela ya bopelontle e a buisanang le rona ka yone a dirisa Baebele. Re mmaka ka go bo a re bontsha bomolemo jaana e bile re leka go nna pelontle fa re dirisana le ba bangwe. Fa ba ba nang le ditshwanelego tsa semoya ba gakolola modumedi ka bone “ka moya o o bonolo,” ba leka go nna pelonomi le pelontle.—Bagalatia 6:1.

Modimo yo o Bonya go Galefa

17. Ke ka ntlha yang fa re lebogela go bo Jehofa a le “bonya go galefa”?

17 “Modimo . . . yo o bonya go galefa.” Mafoko ao a gatelela selo se sengwe gape se se bontshang bomolemo jwa ga Jehofa. Jehofa o itshokela diphoso tsa rona ka bopelotelele e bile o re naya nako ya go fenya makoa a a masisi le go gatela pele semoyeng. (Bahebera 5:12–6:3; Jakobe 5:14, 15) Bopelotelele jwa Modimo gape bo solegela molemo ba ba iseng ba simolole go mo obamela. Ba sa ntse ba na le nako ya go amogela molaetsa wa Bogosi le go ikwatlhaya. (Baroma 2:4) Le fa go ntse jalo, le fa Jehofa a le pelotelele, ka dinako tse dingwe bomolemo jwa gagwe bo mo tlhotlheletsa gore a bontshe bogale jwa gagwe, jaaka a ile a dira fa Baiseraele ba ne ba obamela namane ya gouta kwa Thabeng ya Sinai. Modimo o tla tloga a bontsha bogale jwa gagwe ka tsela e kgolwane fa a fedisa tsamaiso ya ga Satane e e boikepo.—Esekiele 38:19, 21-23.

18. Malebana le boammaaruri, Jehofa o farologana jang le baeteledipele ba batho?

18 ‘Jehofa ke Modimo yo o nang le boammaaruri jo bogolo.’ A bo Jehofa a farologana jang ne le baeteledipele ba batho, ba ba dirang ditsholofetso tse dikgolo ba bo ba palelwa ke go di diragatsa! Go farologana le seo, baobamedi ba ga Jehofa ba ka ikanya sengwe le sengwe se se buiwang mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng. E re ka Modimo a na le boammaaruri jo bogolo, re ka ikanya ditsholofetso tsa gagwe ka dinako tsotlhe. Ka ntlha ya bomolemo jwa gagwe, Rraarona wa selegodimo o araba dithapelo tsa rona tsotlhe tsa go kopa boammaaruri jwa semoya ka go re bo naya bo le bontsi.—Pesalema 43:3; 65:2.

19. Jehofa o bontshitse baleofi ba ba ikwatlhayang pontsho efe ya bomolemo?

19 “Jehofa [ke] Modimo . . . yo o itshwarelang phoso le tlolo le boleo.” Ka ntlha ya bomolemo jwa gagwe, Jehofa o iketleeleditse go itshwarela baleofi ba ba ikwatlhayang. Eleruri re leboga thata go bo Rraarona yo o lorato wa selegodimo a dirile thulaganyo ya gore re itshwarelwe ka setlhabelo sa ga Jesu. (1 Johane 2:1, 2) Ruri re itumelela gore botlhe ba ba nang le tumelo mo thekololong ba kgona go ipelela kamano e ntle le Jehofa, ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng la gagwe le lesha le a le solofeditseng. Ano ke mabaka a magolo a go bo re ka baka Jehofa ka gonne a bontshitse batho bomolemo!—2 Petere 3:13.

20. Re na le bosupi bofe jwa gore Modimo ga a mpampetse bosula?

20 [Jehofa ga a] kitla a golola mo kotlhaong ka gope.” Leno ruri ke lebaka le lengwe la gore re bake Jehofa ka ntlha ya bomolemo jwa gagwe. Ka ntlha yang? Ka gonne sengwe sa botlhokwa ka bomolemo ke gore ga bo mpampetse bosula ka tsela epe. Mo godimo ga moo, “fa Morena Jesu a senolwa go tswa legodimong a na le baengele ba gagwe ba ba maatla,” pusoloso e tla tlisiwa “mo go ba ba sa itseng Modimo le ba ba sa reetseng dikgang tse di molemo.” Ba tla “tlelwa ke kotlhao ya katlholo ya tshenyego ya bosakhutleng.” (2 Bathesalonika 1:6-9) Baobamedi ba ga Jehofa ba ba tla bong ba setse ka nako eo ba tla kgona go ipelela botshelo ka botlalo ba sa tshwenngwe ke batho ba ba sa rateng Modimo, “ba ba sa rateng se se molemo.”—2 Timotheo 3:1-3.

Etsa Bomolemo Jwa ga Jehofa

21. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse ra bontsha bomolemo?

21 Kwantle ga pelaelo re na le mabaka a le mantsi a go baka le go leboga Jehofa ka ntlha ya bomolemo jwa gagwe. Jaaka batlhanka ba gagwe, a ga re a tshwanela go dira bojotlhe jwa rona go bontsha nonofo eno? Ee, gonne moaposetoloi Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete ka ene jaana: “Jalo, nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang.” (Baefeso 5:1) Ka dinako tsotlhe Rraarona wa selegodimo o bontsha bomolemo, mme le rona re tshwanetse ra dira jalo.

22. Re tla tlhatlhoba eng mo setlhogong se se latelang?

22 Fa re ineetse mo go Jehofa ka pelo yotlhe, kwantle ga pelaelo re rata go etsa bomolemo jwa gagwe. E re ka re le bana ba ga Adame wa moleofi, ga go motlhofo mo go rona go dira se se molemo. Le fa go ntse jalo, mo setlhogong se se latelang, re tla bona gore ke ka ntlha yang fa re ka kgona go bontsha bomolemo. Re tla tlhatlhoba le ditsela tse di farologaneng tse re ka etsang Jehofa ka tsone le tse re tshwanetseng go mo etsa ka tsone—ene yo e leng sekai se se di gaisang tsotlhe sa bomolemo.

O ne O ka Araba Jang?

• Bomolemo ke eng?

• Ke mafoko afe a Dikwalo a a bontshang bomolemo jwa Modimo?

• Dilo dingwe tse di bontshang bomolemo jwa ga Jehofa ke dife?

• Ke eng fa re tshwanetse go etsa sekai sa ga Jehofa sa bomolemo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Jehofa o ne a otlhaya batho ba gagwe ba bogologolo ka gonne ba ne ba sa diragatse mafoko a bone a pako

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Masalela a a ikanyegang a ne a boela kwa Jerusalema

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Moshe o ne a utlwa mafoko a a gakgamatsang a bomolemo jwa Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Re bona bomolemo jwa ga Jehofa ka tsela e a buisanang le rona ka yone ka Baebele