Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Setlhare se se “Lelang” le “Dikeledi” Tsa Sone Tse di Nang le Mesola e Mentsi

Setlhare se se “Lelang” le “Dikeledi” Tsa Sone Tse di Nang le Mesola e Mentsi

Setlhare se se “Lelang” le “Dikeledi” Tsa Sone Tse di Nang le Mesola e Mentsi

JEREMIA 51:8 ya re, ‘tseela botlhoko balema.’ Re ya kwa setlhaketlhakeng sa Chios kwa Lewatleng la Aegean gore re ye go batla motswedi wa sere seno se se okobatsang ditlhabi le se se fodisang.

FA SELEMO se simologa, balemi kwa Chios ba ipaakanyetsa thobo ka tsela e e sa tlwaelegang. Fa ba sena go feela lebala, ba papiela mmopa o mosweu go dikologa ditlhatshana tse ditala tse di bidiwang ditlhare tsa mastic. Go tswa foo balemi ba phunya lekwati, ba dira gore ditlhare tseo di “lele.” “Dikeledi” tse ditshetlha di simolola go tswetswena. Morago ga dibeke tse pedi kgotsa tse tharo, boreku bo a rema mme balemi ba bo ba bo tsaya ka tlhamalalo go tswa mo kutung ya setlhare kgotsa mo bodilong jwa mmopa fa fatshe. “Dikeledi” tseno tse di bidiwang gum mastic, di dirisiwa go dira balema.

Le fa go ntse jalo, go tlhokega bopelotelele le go dira ka natla pele go rojwa. Dikutu tse ditshetlha tse di itshophileng tsa ditlhare di gola ka bonya thata. Go tsaya lobaka lwa dingwaga tse 40 go ya go 50 gore setlhare se gole ka botlalo—ka tlwaelo, go nna boleele jwa go tloga go dimetara di le 2 go ya go di le 3.

Kwantle ga tiro ya ka natla ya go kgaola dikutu le go kgobokanya “dikeledi” tseno, go tlhokega tiro e e oketsegileng go dira boreku. Fa balemi ba sena go kgobokanya “dikeledi” tsa boreku, ba a di sefa, ba a di tlhatswa ba bo ba di kgaoganya go ya ka bogolo le boleng jwa tsone. Morago ga foo boreku bo tlhatswiwa gape mme go tswa foo bo bo bo dirisiwa ka ditsela tse dintsi tse di farologaneng.

Hisitori ya Setlhare se se Tlhokegang Thata

Lefoko la Segerika le le rayang “boreku” le amana le lefoko le le rayang “go huranya meno.” Leina leno le raya gore go tloga bogologolong, boreku jwa ditlhare tsa mastic bo ne bo dirisiwa jaaka tšhunkama go dira gore legano le nkge sentle.

Tshedimosetso ya bogologolo thata e e amanang le boreku e tswa mo go Herodotus, rahisitori wa Mogerika wa lekgolo la botlhano la dingwaga B.C.E. Bakwadi ba bangwe ba bogologolo le dingaka—go akaretsa Apollodorus, Dioscorides, Theophrastus le Hippocrates—ba kile ba umaka ditsela tse boreku bo ka dirisiwang ka tsone mo go tsa kalafi. Le fa ditlhare tsa boreku di tlhoga go bapa le Lobopo lwa Mediterranean, fa e sa le go tloga ka 50 C.E., boreku bo ntse bo dirwa fela kwa Chios. Batho ba ba neng ba gapa Chios ba ne ba kgatlhegela boreku thata, go simolola ka Baroma le batho ba Genoa le batho ba Turkey.

Boreku jo bo Nang le Mesola e Mentsi

Dingaka tsa bogologolo tsa Baegepeto di ne di dirisa boreku go fodisa malwetse a a farologaneng, go akaretsa letshololo le ramatiki. Gape ba ne ba bo dirisa jaaka maswalo le fa ba omeletsa ditopo. Setlhare sa mastic e ka tswa e ne e le mongwe wa metswedi ya ‘balema ya Gileade,’ e mo Baebeleng go bolelwang gore e ne e alafa e bile e dirisiwa mo ditlolong tsa go itshasa le mo go omiseng ditopo. (Jeremia 8:22; 46:11) E bile go setse go kile ga bolelwa gore setlhare se se ntshang setswaiso se se sukiri, e leng sengwe sa metswako e e dirisiwang mo maswalong a a boitshepo a a nang le lonko lo lo monate, e ka tswa e le sa losika lwa ditlhare tsa mastic.Ekesodo 30:34, 35.

Gompieno, boreku bo dirisiwa mo dibanisheng tse di sireletsang dipente tsa difanitšhara le tsa diletswa tsa mmino. Bo ngaparediwa mo dilong gore di se ka tsa tsosa modumo gape bo tshasiwa mo dilong gore di se ka tsa tsenwa ke metsi, e bile bo lejwa e le sedirisiwa se se di gaisang tsotlhe se se dirang gore dilo tse di dirisediwang go fetola letsela mmala, le dipente tsa bataki, di dire gore mmala oo o se ka wa fetoga. Boreku gape bo dirisediwa go kgomaretsa dilo le go suga matlalo. Boreku bo dirisiwa le mo sesepeng, mo ditlolong le mo dinkgisamonateng ka ntlha ya lonko lwa jone lo lo monate le ka ntlha ya dilo tse dingwe tse bo rategang ka tsone.

Boreku bo tlhalositswe mo manaaneng a le 25 a melemo ya kalafi mo lefatsheng lotlhe. Bo sa ntse bo dirisiwa thata mo melemong ya setso mo dinageng tsa Baarabia. Gape boreku jono bo dirisiwa mo disamenteng tse di tsenngwang mo menong le mo teng ga dipilisi tsa di-capsule.

Jaaka motswedi wa balema, “dikeledi” tsa setlhare sa mastic se se “lelang” tse di nang le mesola e mentsi di ntse di okobatsa ditlhabi le go fodisa ka makgolokgolo a dingwaga. Ke ka lebaka le le utlwalang go bo boporofeti jwa ga Jeremia bo re: ‘Tseela botlhoko balema.’

[Ditshwantsho mo go tsebe 31]

Chios

Go roba boreku

“Dikeledi” tsa setlhare sa boreku di kgobokanngwa ka kelotlhoko

[Metswedi ya Ditshwantsho]

Chios and harvest line art: Courtesy of Korais Library; all others: Kostas Stamoulis