Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tswelela Pele o Bontsha Bomolemo

Tswelela Pele o Bontsha Bomolemo

Tswelela Pele o Bontsha Bomolemo

“Maungo a lesedi a na le mofuta mongwe le mongwe wa se se molemo le tshiamo le boammaaruri.”—BAEFESO 5:9.

1. Dimilione tsa batho gompieno di bontsha jang gore di dumalana le Pesalema 31:19?

SENGWE se se molemo go gaisa tsotlhe se motho ope a ka se dirang ke go galaletsa Jehofa. Gompieno, dimilione tsa batho di dira seno ka go baka Modimo ka ntlha ya bomolemo jwa gagwe. Jaaka Basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, re dumalana ka pelo yotlhe le mopesalema yo o neng a opela a re: “A bo molemo wa gago, o o o boloketseng ba ba go boifang o le mogolo jang ne!”—Pesalema 31:19.

2, 3. Go ne go ka diregang fa tiro ya rona ya go dira barutwa e ne e sa patiwe ke boitshwaro jo bo siameng?

2 Go boifa Jehofa ka go mo tlotla go re rotloetsa gore re mmake ka ntlha ya bomolemo jwa gagwe. Gape go re tlhotlheletsa gore re ‘bake Jehofa, re itsise ba bangwe ka kgalalelo ya bogosi jwa gagwe.’ (Pesalema 145:10-13) Ke gone ka moo re nnang le seabe ka tlhoafalo mo tirong ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa. (Mathaio 24:14; 28:19, 20) Gone ke boammaaruri gore tiro ya rona ya go rera e tshwanetse ya patiwa ke boitshwaro jo bo siameng. Go seng jalo, re ka dira gore leina la ga Jehofa le le boitshepo le kgobiwe.

3 Batho ba le bantsi ba ipolela gore ba obamela Modimo, mme boitshwaro jwa bone ga bo dumalane le melao e e beilweng mo Lefokong la gagwe le le tlhotlheleditsweng. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana ka bangwe ba ba neng ba sa tshele go dumalana le maiphako a bone a go dira se se molemo: “A wena yo o rutang motho mongwe o sele, a ga o ithute? Wena, yo o rerang o re ‘O se ka wa utswa,’ a o a utswa? Wena, yo o reng ‘O se ka wa dira boaka,’ a o dira boaka? . . . ’ Leina la Modimo le tlhapadiwa ka ntlha ya lona mo ditšhabeng’; fela jaaka go kwadilwe.”—Baroma 2:21, 22, 24.

4. Boitshwaro jwa rona jo bo siameng bo na le matswela afe?

4 Mo boemong jwa go dira gore leina la ga Jehofa le kgobiwe, re leka go le galaletsa ka boitshwaro jwa rona jo bo siameng. Seno se nna le matswela a a molemo mo bathong ba ba kwa ntle ga phuthego ya Bokeresete. Sa ntlha, se re thusa go tswala baganetsi ba rona molomo. (1 Petere 2:15) Sa botlhokwa le go feta, boitshwaro jwa rona jo bo siameng bo tlisa batho mo phuthegong ya ga Jehofa, bo ba bulela tsela ya go mo galaletsa le go bona botshelo jo bo sa khutleng.—Ditiro 13:48.

5. Jaanong re tshwanetse ra tlhatlhoba dipotso dife?

5 E re ka re sa itekanela, re ka tila jang boitshwaro jo bo ka dirang gore leina la ga Jehofa le kgobiwe mme jwa kgopisa batho ba ba batlang boammaaruri? Ee ruri, re ka kgona jang go bontsha bomolemo?

Leungo la Lesedi

6. Dingwe tsa ‘ditiro tse di sa ungweng tse e leng tsa lefifi’ ke dife, mme ke maungo afe a a tshwanetseng a bonala mo Bakereseteng?

6 Jaaka Bakeresete ba ba ineetseng, re ipelela sengwe se se re thusang go tila ‘ditiro tse di sa ungweng tse e leng tsa lefifi.’ Tseno di akaretsa ditiro tse di sa tlotleng Modimo tse di jaaka go bua maaka, go utswa, puo ya matlhapa, puo e e leswe kaga tlhakanelodikobo, boitshwaro jo bo tlhabisang ditlhong, metlae e e leswe le botagwa. (Baefeso 4:25, 28, 31; 5:3, 4, 11, 12, 18) Mo boemong jwa go tsenela mo ditirong tse di ntseng jalo, re ‘tswelela re tsamaya jaaka bana ba lesedi.’ Moaposetoloi Paulo a re “maungo a lesedi a na le mofuta mongwe le mongwe wa se se molemo le tshiamo le boammaaruri.” (Baefeso 5:8, 9) Ka jalo re kgona go tswelela pele re bontsha bomolemo ka go tsamaya mo leseding. Mme lesedi leno ke la mofuta mang?

7. Re tshwanetse ra dira eng gore re tswelele pele re bontsha loungo lwa bomolemo?

7 Le fa re sa itekanela, re ka bontsha bomolemo fa re tsamaya mo leseding la semoya. Mopesalema o ne a opela a re: “Lefoko la gago ke lobone lwa lonao lwa me, le lesedi la tsela ya me.” (Pesalema 119:105) Fa re batla go tswelela pele re bontsha “maungo a lesedi” ka “mofuta mongwe le mongwe wa se se molemo,” ka dinako tsotlhe re tshwanetse ra dirisa lesedi la semoya le le fitlhelwang mo Lefokong la Modimo le bo le tlhalosiwa sentle mo dikgatisong tsa Bokeresete e bile go tlotlwa ka lone ka metlha kwa dipokanong tsa rona tsa kobamelo. (Luke 12:42; Baroma 15:4; Bahebera 10:24, 25) Gape re tshwanetse ra ela tlhoko thata sekao le dithuto tsa ga Jesu Keresete, “lesedi la lefatshe” le “ponatso ya kgalalelo ya [ga Jehofa].”—Johane 8:12; Bahebera 1:1-3.

Loungo Lwa Moya

8. Ke eng fa re ka kgona go bontsha bomolemo?

8 Kwantle ga pelaelo lesedi la semoya le re thusa go bontsha bomolemo. Mo godimo ga moo, re kgona go bontsha nonofo eno ka gonne re etelelwa pele ke moya o o boitshepo wa Modimo, kgotsa maatla a gagwe a a dirang. Molemo ke lengwe la “maungo a moya.” (Bagalatia 5:22, 23) Fa re ineela gore re kaelwe ke moya o o boitshepo wa ga Jehofa, o tla dira gore re nne le loungo lwa one lo lo siameng lwa bomolemo.

9. Re ka dira jang go dumalana le mafoko a ga Jesu a a kwadilweng mo go Luke 11:9-13?

9 Keletso ya rona e kgolo ya go batla go itumedisa Jehofa ka go bontsha loungo lwa moya lwa bomolemo e tshwanetse ya re tlhotlheletsa gore re dire tumalanong le mafoko ano a ga Jesu: “Nnang lo kope, mme lo tla newa; nnang lo senke, mme lo tla bona; nnang lo kokote, mme lo tla bulelwa. Gonne mongwe le mongwe yo o kopang o a amogela, le mongwe le mongwe yo o senkang o a bona, le mongwe le mongwe yo o kokotang o tla bulelwa. Eleruri, go na le rrabana ofe mo go lona yo, fa morwawe a kopa tlhapi, gongwe a tla mo nayang noga mo boemong jwa tlhapi? Kgotsa fa gape a kopa lee, a tla mo nayang phepheng? Jalo, fa lona, le mororo lo [sa itekanela mme ka jalo go ka twe lo] boikepo, lo itse kafa lo ka nayang bana ba lona dimpho tse di molemo ka gone, a bo Rara yo o kwa legodimong bogolo jang a tla naya moya o o boitshepo ba ba mo kopang!” (Luke 11:9-13) A re lateleng kgakololo ya ga Jesu ka go rapelela moya wa ga Jehofa gore re kgone go tswelela pele re bontsha loungo lwa one lwa bomolemo.

“Nnang lo Dire Molemo”

10. Mo go Ekesodo 34:6, 7 go umakiwa dintlha dife tsa bomolemo jwa ga Jehofa?

10 Ka lesedi la semoya le le tswang mo Lefokong la Modimo le ka thuso ya moya o o boitshepo wa Modimo, re ka kgona go ‘nna re dira molemo.’ (Baroma 13:3) Fa re ithuta Baebele ka metlha, re ithuta mo go oketsegileng ka tsela e re ka etsang bomolemo jwa ga Jehofa ka yone. Setlhogo se se fetileng se tlhalositse dikarolo tsa bomolemo jwa Modimo tse di kwadilweng mo mafokong a a neng a buiwa le Moshe a a kwadilweng mo go Ekesodo 34:6, 7, a a reng: “Jehofa, Jehofa, Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelontle, yo o bonya go galefa le yo o nang le bopelonomi jo bogolo jwa lorato le boammaaruri, yo o bolokelang dikete bopelonomi jwa lorato, yo o itshwarelang phoso le tlolo le boleo, mme a se kitla a golola mo kotlhaong ka gope.” Go tlhatlhoba dipontsho tseno tsa bomolemo jwa ga Jehofa ka tsela e e tseneletseng go tla re thusa go ‘nna re dira molemo.’

11. Go itse gore Jehofa o kutlwelobotlhoko e bile o pelontle go tshwanetse ga re ama jang?

11 Mafoko ano a Modimo a re bontsha kafa re tlhokang ka teng go etsa Jehofa ka go nna kutlwelobotlhoko le pelontle. Jesu o ne a re: “Go itumela ba ba kutlwelobotlhoko, e re ka ba tla bontshiwa kutlwelobotlhoko.” (Mathaio 5:7; Luke 6:36) E re ka re itse gore Jehofa o pelontle, re tlhotlheletsega go nna pelontle le molemo fa re dirisana le ba bangwe, go akaretsa le ba re ba rerelang. Seno se dumalana le kgakololo eno ya ga Paulo: “A puo ya lona ka metlha e nne ya bopelontle, e lokilwe ka letswai, gore lo itse kafa lo tshwanetseng go naya mongwe le mongwe karabo ka gone.”—Bakolosa 4:6.

12. (a) E re ka Modimo a le bonya go galefa, re tshwanetse ra tshwara batho ba bangwe jang? (b) Bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa bo re tlhotlheletsa go dira eng?

12 E re ka Modimo a le bonya go galefa, keletso ya rona ya go ‘nna re dira molemo’ e re tlhotlheletsa go itshokela diphoso tse e seng tsa sepe tsa badumedi ka rona le go tlhokomela thata dinonofo tsa bone tse di molemo. (Mathaio 7:5; Jakobe 1:19) Bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa bo re tlhotlheletsa go bontsha lorato lo lo ikanyegang, tota le fa maemo a le bokete thata. Ruri seno se a eletsega.—Diane 19:22.

13. Re tshwanetse ra itshwara jang go bontsha gore Jehofa o na le ‘boammaaruri jo bogolo’?

13 E re ka Rraarona wa selegodimo a na le ‘boammaaruri jo bogolo,’ re batla go ‘itshupa re le badiredi ba gagwe ka puo e e boammaaruri.’ (2 Bakorintha 6:3-7) Dingwe tsa dilo tse supa tse di makgapha mo go Jehofa ke “loleme lo lo maaka” le “mosupi wa maaka yo o bilolang maaka.” (Diane 6:16-19) Ka jalo keletso ya rona ya go itumedisa Modimo e re tlhotlheleditse go ‘latlha maaka le go bua boammaaruri.’ (Baefeso 4:25) A le ka motlha re se ka ra palelwa ke go bontsha bomolemo ka tsela eno ya botlhokwa.

14. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itshwarela ba bangwe?

14 Mafoko a Modimo a neng a a bua le Moshe gape a tshwanetse a re rotloetsa gore re itshwarele ba bangwe, gonne Jehofa o iketleeditse go itshwarela. (Mathaio 6:14, 15) Gone ke boammaaruri gore Jehofa o otlhaya baleofi ba ba sa ikwatlhayeng. Ka jalo re tshwanetse ra tshegetsa ditekanyetso tsa gagwe tsa bomolemo gore phuthego e nne e le phepa semoyeng.—Lefitiko 5:1; 1 Bakorintha 5:11, 12; 1 Timotheo 5:22.

“Nnang lo Tlhokometse ka Kelotlhoko e Kgolo”

15, 16. Kgakololo ya ga Paulo e e kwadilweng mo go Baefeso 5:15-19 e ka re thusa jang gore re tswelele pele re bontsha bomolemo?

15 Gore re tswelele pele re na le bomolemo le fa re dikologilwe ke bosula jo bo kanakana, re tlhoka go tlala moya o o boitshepo wa Modimo mme re tlhokomele kafa re tsamayang ka teng. Go dumalana le seo, Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete ba kwa Efeso jaana: “Nnang lo tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa lo tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale, lo ithekela nako e e lo siametseng, ka gonne malatsi a bosula. Ka lebaka leno tlogelang go nna ba ba seng tekatekano, mme tswelelang lo lemoga se e leng thato ya ga Jehofa. Gape, lo se ka lwa tagwa ke beine, e mo go yone go nang le botlhapelwa, mme nnang lo tladiwe ka moya, lo buisana ka dipesalema le dipako tse di direlwang Modimo le dipina tsa semoya, lo opela e bile lo leletsa Jehofa dipina go tswa mo dipelong tsa lona.” (Baefeso 5:15-19) Kgakololo eno ruri e tshwanela rona ba re mo metlheng eno ya bofelo ya mathata.—2 Timotheo 3:1.

16 Fa re batla go tswelela pele re bontsha bomolemo, re tshwanetse ra tlhokomela ka kelotlhoko e kgolo gore re tsamaya jaaka ba ba bontshang botlhale jwa bomodimo. (Jakobe 3:17) Re tshwanetse go tila maleo a a maswe thata mme re tlale ka moya o o boitshepo, re itetla gore re kaelwe ke one. (Bagalatia 5:19-25) Fa re dirisa thuto ya semoya e re e utlwang kwa dipokanong tsa Bokeresete, kwa dikopanong tse dinnye le tse dikgolo, re ka kgona go tswelela pele re dira se se siameng. Gape mafoko a Paulo a a kwaletseng Baefeso a ka re gopotsa gore kwa bontsing jwa dikokoano tsa rona tsa kobamelo, re solegelwa molemo fa re opela “dipina tsa semoya” go tswa pelong—bontsi jwa tsone e le tse di buang ka dinonofo tsa semoya, tse di jaaka bomolemo.

17. Fa maemo a Bakeresete ba ba lwalang thata a sa ba letle go nna teng kwa dipokanong ka metlha, ke eng se ba ka tlhomamisegang ka sone?

17 Go tweng ka badumedi ka rona ba ba sa kgoneng go tla dipokanong tsa Bokeresete ka metlha ka gonne ba na le bolwetse bongwe jo bo sa foleng? Ba ka nna ba ikutlwa ba kgobegile marapo ka gonne ga ba kgone go obamela Jehofa ka metlha ba na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba bone ba semoya ka tlhamalalo. Mme ba ka tlhomamisega gore Jehofa o tlhaloganya seemo sa bone, o tla dira gore ba nne ba le mo leseding, o tla ba naya moya wa gagwe o o boitshepo, e bile o tla ba thusa gore ba tswelele ba dira se se molemo.—Isaia 57:15.

18. Ke eng se se tla re thusang go tsena mo tseleng ya tshiamo?

18 Gore re latelele bomolemo re tshwanetse ra ela tlhoko gore re dirisana le batho ba mofuta ofe mme re kgaogane le “ba ba sa rateng se se molemo.” (2 Timotheo 3:2-5; 1 Bakorintha 15:33) Go dirisa kgakololo e e ntseng jalo go re thusa go tila go “hutsafatsa moya o o boitshepo wa Modimo” ka go sa o latele. (Baefeso 4:30) Mo godimo ga moo, re thusiwa gore re dire se se molemo fa re dirisana thata le batho ba matshelo a bone a supang gore ba rata molemo e bile ba gogiwa ke moya o o boitshepo wa ga Jehofa.—Amose 5:15; Baroma 8:14; Bagalatia 5:18.

Bomolemo Bo na Le Diphelelo Tse di Siameng

19-21. Anela maitemogelo a a bontshang kafa go bontsha bomolemo go nang le matswela ka teng.

19 Go tsamaya mo leseding la semoya, go itetla go kaelwa ke moya o o boitshepo le go tlhokomela kafa re tsamayang ka teng go tla re thusa gore re tile se se bosula mme re ‘nne re dira molemo.’ Seno le sone se ka nna le matswela a a molemo. Ela tlhoko boitemogelo jwa ga Zongezile, mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mo Afrika Borwa. Fa a le mo tseleng a ya sekolong moso mongwe, o ne a ya go tlhola gore madinyana ao a neng a ntse a a banka e ne e le bokae. Pampitshana e e tswang mo motšhineng wa madi e ne ya bontsha ka phoso gore o na le madi a a fetang a a itseng a na le one ka R42 000. Modisa wa banka le ba bangwe ba ne ba mo rotloetsa gore a ntshe madi ao mme a a ipeele mo bankeng e nngwe. Banyalani ba Basupi ba a neng a nna le bone ke bone fela ba neng ba mo akgolela go bo a sa ntsha madi ape.

20 Ka letsatsi le le latelang la tiro, Zongezile o ne a begela banka phoso eo. Go ne ga fitlhelwa gore o ne a na le nomoro ya akhaonto e e batlileng e tshwana le ya rakgwebo mongwe wa mohumi yo o neng a dirile phoso a tsenya madi mo akhaontong e e seng yone. Rakgwebo yono o ne a gakgamadiwa ke gore Zongezile o ne a sa ntsha sepe mo mading a gagwe mme a mmotsa a re: “Bodumedi jwa gago ke bofe?” Zongezile o ne a tlhalosa gore ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. Badiredi ba banka ba ne ba mo akgola thata, ba re: “E kete batho botlhe ba ka bo ba ikanyega jaaka Basupi ba ga Jehofa.” Eleruri ditiro tsa boikanyegi le bomolemo di ka dira gore ba bangwe ba bake Jehofa.—Bahebera 13:18.

21 Ga go tlhokege gore ditiro tsa bomolemo e nne tse di tlhomologileng thata gore di nne le matswela a a siameng. Sekai ke se: Mosupi yo mmotlana yo o direlang e le moreri wa nako e e tletseng mo go sengwe sa ditlhaketlhake tsa Samoa o ne a tshwanelwa ke go ya bookelong jwa lefelo leo. Batho ba ne ba emetse go bona ngaka, mme Mosupi o ne a lemoga gore mosadimogolo yo o neng a bapile le ene o ne a lwala thata. O ne a rulaganya gore mmè yono a tsene pele ga gagwe gore a tle a thusiwe ka bonako. Nako nngwe moragonyana, Mosupi yono o ne a kopana le mosadimogolo yoo kwa mmarakeng. Mosadimogolo o ne a mo gakologelwa le tiro ya gagwe e e molemo kwa bookelong. O ne a re: “Jaanong ke a bona gore ruri Basupi ba ga Jehofa ba rata baagelani ba bone.” Le fa pele a ne a sa amogele molaetsa wa Bogosi, bomolemo jo Mosupi a neng a bo mmontsha bo ne jwa nna le matswela a a molemo. O ne a amogela mpho ya thuto ya legae ya Baebele mme a simolola go ithuta kitso ya Lefoko la Modimo.

22. Tsela nngwe ya botlhokwa thata ya go ‘nna re dira molemo’ ke efe?

22 O tshwanetse wa bo o na le maitemogelo a o ka a tlotlang a a bontshang mosola wa go bontsha bomolemo. Tsela nngwe ya botlhokwa thata ya go ‘nna re dira molemo’ ke go nna le seabe ka metlha mo go rereng dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. (Mathaio 24:14) E kete re ka tswelela pele re nna le seabe ka tlhoafalo mo tirong eno ya botlhokwa, re lemoga gore eno ke tsela ya go dira molemo, bogolo jang mo bathong ba ba arabelang sentle. Sa botlhokwa le go feta, bodiredi jwa rona le boitshwaro jwa rona jo bo siameng bo galaletsa Jehofa, ene motswedi wa bomolemo.—Mathaio 19:16, 17.

Tswelela Pele o ‘Dira se se Molemo’

23. Ke ka ntlha yang fa bodiredi jwa Bokeresete e le tiro e e molemo?

23 Kwantle ga pelaelo bodiredi jwa rona ke tiro e e molemo. Bo ka felela ka gore re bolokwe rona le ba ba reetsang molaetsa wa Baebele mme ka jalo re tsene mo tseleng e e isang botshelong jo bo sa khutleng. (Mathaio 7:13, 14; 1 Timotheo 4:16) Ka gone, fa re lebane le go dira ditshwetso, keletso ya go dira se se molemo e ka re tlhotlheletsa gore re ipotse jaana: ‘Tshwetso eno e tla ama jang tiro ya me ya go rera ka Bogosi? A tsela e ke e akanyetsang tota e molemo? A e tla nthusa gore ke thuse ba bangwe gore ba amogele “dikgang tse di molemo tsa bosakhutleng” mme ba nne le kamano e e gaufi le Jehofa Modimo?’ (Tshenolo 14:6) Tshwetso e e bontshang gore re beile ditiro tsa Bogosi kwa pele e tla lere boitumelo jo bogolo.—Mathaio 6:33; Ditiro 20:35.

24, 25. Ditsela dingwe tse re ka dirang molemo ka tsone mo phuthegong ke dife, mme re ka tlhomamisega ka eng fa re tswelela pele re bontsha bomolemo?

24 A le ka motlha re se ka ra nyatsa mesola ya bomolemo. Re ka tswelela pele re bontsha nonofo eno ka go tshegetsa phuthego ya Bokeresete le go dira sotlhe se re ka se kgonang go tlhokomela dilo tse di amanang le yone le go atlega ga yone. Eleruri re dira sentle fa re nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete ka metlha e bile re nna le seabe mo go tsone. Go nna teng fela ga rona go kgothatsa badumedi ka rona, mme dikakgelo tsa rona tse di baakanyeditsweng sentle di ba aga semoyeng. Gape re dira sentle fa re dirisa se re nang naso go baakanya Holo ya Bogosi le fa re thusa go e tlhokomela sentle. (2 Dikgosi 22:3-7; 2 Bakorintha 9:6, 7) Eleruri, “fa fela re sa ntse re na le nako e e go dumelelang, a re direng se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.”—Bagalatia 6:10.

25 Re ka se ka ra kgona go bonela pele maemo otlhe a a ka tlhokang gore re bontshe bomolemo. Ka gone he, fa re ntse re lebana le dikgwetlho tse disha, a re batleng tshedimosetso mo Dikwalong, re rapelele moya o o boitshepo wa ga Jehofa mme re dire sotlhe se re ka se kgonang go diragatsa thato ya gagwe e e molemo le e e itekanetseng. (Baroma 2:9, 10; 12:2) Re ka tlhomamisega gore Jehofa o tla re segofatsa thata fa re ntse re bontsha bomolemo.

O ne O ka Araba Jang?

• Re ka diragatsa molemo o mogolo jang?

• Ke eng fa bomolemo bo bidiwa ‘loungo lwa lesedi’?

• Ke eng fa bomolemo bo bidiwa ‘loungo lwa moya’?

• Boitshwaro jwa rona jo bo molemo bo na le matswela afe?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Lefoko la Modimo le moya wa gagwe o o boitshepo di re thusa go bontsha bomolemo

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Go bontsha bomolemo go na le diphelelo tse di siameng