Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Botlhale ka Tsela ya Bone

Ba Botlhale ka Tsela ya Bone

Ba Botlhale ka Tsela ya Bone

SEANE sengwe sa kwa Nigeria se bolela jaana: “Bagolo ba botlhale, mme le bana ba botlhale ka tsela ya bone.” Edwin, yo e leng mogolwane wa Mokeresete kwa Nigeria o ne a fitlhela seno se le boammaaruri.

Ka letsatsi lengwe, Edwin o ne a fitlhela lebokoso la tshipi kafa tlase ga deseke ya gagwe kwa gae.

Edwin o ne a botsa bana ba gagwe ba bararo jaana: “Ke selo sa ga mang se?”

“Ke sa me,” Emmanuel wa dingwaga di le robedi o ne a araba jalo. Mme o ne a itlhaganelela go oketsa ka gore lebokoso leno la tshipi le le bogolo jwa disentimitara di le 12 le le nang le phatla mo godimo ke la meneelo ya tiro ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa. O ne a tlhalosa jaana: “E re ka ke sa ye Holong ya Bogosi letsatsi le letsatsi, ke ile ka swetsa ka gore ke dire lebokoso gore fa ke sa dirise madi a me a go reka dimonamone ke a tsenye mo lebokosong.”

Rraagwe Emmanuel o ne a na le lebokoso la go boloka madi a a tla ba thusang go nna teng kwa kopanong ya kgaolo ya ngwaga le ngwaga. Mme ka ntlha ya maemo a tshoganyetso a lelapa, ba ne ba tshwanela gore ba dirise madi ao. E re ka Emmanuel a ne a batla go tlhomamisa gore madi a gagwe a moneelo a ka se ka a dirisediwa maikaelelo ape a mangwe, o ne a tsaya thini ya bogologolo a e isa kwa momomaganying wa ditshipi gore a e kanele. Fa momomaganyi wa ditshipi a utlwa gore go tlilwe go dirwa eng ka thini eno, o ne a direla Emmanuel lebokoso ka tshipi ya gagwe e e setseng. Michael, monnawe Emmanuel wa dingwaga di le tlhano, le ene o ne a kopa lebokoso.E re ka Edwin a ne a gakgamaletse se bana ba se dirileng, o ne a ba botsa gore ke ka ntlha yang fa ba dirile mabokoso ano. Michael o ne a araba jaana: “Ke batla go ntsha moneelo!”

Emmanuel, Michael le Uchei kgaitsadia bone wa dingwaga di le robongwe, ba ne ba ntse ba boloka madi a mangwe a bone a dimonamone mme ba bo ba a tsenya mo mabokosong batsadi ba bone ba sa itse. Ba ne ba tsaya kae mogopolo ono? E ne ya re fa bana ba sena go gola sentle go ka kgona go tshwara madi mo diatleng tsa bone, batsadi ba bone ba ne ba ba ruta go tsenya madi mo lebokosong la meneelo kwa Holong ya Bogosi. Ga go pelaelo gore, bana ba ile ba dirisa se ba se ithutileng.

Fa mabokoso ano a sena go tlala, a ne a segololwa. Madi a ba a bolokileng e ne e le R27,42—ano e ne e se madi a mannye mo nageng e palogare ya lotseno lwa ngwaga otlhe e leng makgolo a sekae fela a diranta. Gone jaanong meneelo e e ntseng jalo ya boithaopo e e ntshiwang go tshegetsa tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa e ntshiwa mo dinageng di le 235 mo lefatsheng lotlhe.