Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Baswelatumelo ba Metlha ya Segompieno ba Neela Bosupi Kwa Sweden

Baswelatumelo ba Metlha ya Segompieno ba Neela Bosupi Kwa Sweden

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Baswelatumelo ba Metlha ya Segompieno ba Neela Bosupi Kwa Sweden

LEFOKO la Segerika le le rayang “mosupi” ke martyr, le lefoko la Seesemane “moswelatumelo,” le le rayang “yo o nayang bosupi go ya losong” le tswang mo go lone. Bakeresete ba bantsi ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba neela bosupi ka Jehofa ka go swela tumelo ya bone.

Ka tsela e e tshwanang, mo lekgolong la bo20 la dingwaga, Basupi ba le diketekete ba ile ba bolawa ke batshegetsi ba ga Hitler ka ntlha ya go sa tseye karolo mo dikgannyeng tsa dipolotiki le tsa bosetšhaba. Baswelatumelo bano ba motlha wa segompieno le bone ba neela bosupi jo bo maatla. Go ile ga diragala seno bosheng kwa Sweden.

Puso ya Sweden e ne ya simolola thuto ya setšhaba sotlhe ka Polao ya Kgailo mabapi le segopotso sa bo50 sa fa Ntwa ya Lefatshe II e sena go fela. Porojeke ya teng e ne e bidiwa Hisitori e e Tshelang. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba kopiwa gore ba tseye karolo mme ba bolele maitemogelo a bone.

Basupi ba ne ba arabela ka go dira pontsho e e neng e na le setlhogo se se reng Batswasetlhabelo ba ba Lebetsweng ba Polao ya Kgailo. E simolotse kwa Holong ya Dikopano ya Basupi ba ga Jehofa kwa Strängnäs. Basupi ba ba falotseng Polao ya Kgailo ba ne ba le teng gore ba bolelele baeng ba ba neng ba tlile mo letsatsing la ntlha ba ba neng ba feta 8 400 maitemogelo a bone! Kwa bokhutlong jwa 1999, pontsho eo e ne e bonwe mo dimusiamong di feta 100 le mo dilaeboraring tsa batho botlhe go ralala Sweden, mme e ne e bonwe ke batho ba le 150 000. Baeng ba ne ba akaretsa badiredi ba puso ba le mmalwa, ba ba neng ba bua sentle ka se ba se boneng.

Ga go na tiragalo epe e e amanang le ditiro tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Sweden e e kileng ya phasalatswa ka selekanyo se se kalo mme ya itsisiwe batho ka tsela e e siameng. Baeng ba bantsi ba ne ba botsa jaana: “Ke ka ntlha yang fa lo ise lo re bolelele ka se se lo diragaletseng ka Polao ya Kgailo?”

Fa go sena go dirwa dipontsho tseo mo lefelong lengwe, phuthego nngwe e ne ya bega koketsego ya diperesente di le 30 ya dithuto tsa Baebele tsa legae! Mosupi mongwe o ne a laletsa mmereki mmogo le ene gore a tle go bona dipontsho tseo. Motho yoo o ne a dumela mme a tla le tsala ya gagwe. Morago ga moo tsala ya gagwe e ne ya re e palelwa ke go tlhaloganya gore batho ba ka nna jang le tumelo e e nonofileng jalo ya gore ba ka mpa ba bolawa go na le gore ba saene lokwalo lwa go itatola tumelo ya bone. Seno se ne sa dira gore ba nne le metlotlo e e oketsegileng, mme go ne ga simololwa thuto ya Baebele le ene.

Jaaka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga, baswelatumelo bano ba lekgolo la bo20 la dingwaga ba ba ikanyegang ba neetse bosupi jwa gore Jehofa ke ene fela Modimo wa boammaaruri, yo o tshwanelwang ke tumelo e e sa reketleng le boikanyego.—Tshenolo 4:11.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 13]

Camp prisoner: Państwowe Muzeum Oświęcim-Brzezinka, courtesy of the USHMM Photo Archives