Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bophepa—Bo Kaya Eng Tota?

Bophepa—Bo Kaya Eng Tota?

Bophepa—Bo Kaya Eng Tota?

KA NTLHA ya maemo a a tshosang a leswe kwa Yuropa le United States mo makgolong a bo18 le bo19 a dingwaga, barongwa ba nako eo ba ne ba rera se go ka tweng ke “thuto ya bophepa.” Thuto eno e ne e tshwantsha leswe le boleo, mme go twe bophepa bo atametsa motho gaufi le Modimo. Gongwe seno ke sone se se neng sa tumisa polelwana e e reng “Bophepa bo gaufi le bomodimo.”

Salvation Army, e e tlhomilweng ke William le Catherine Booth, e ne ya nna le boikutlo jono. Go ya ka buka ya Health and Medicine in the Evangelical Tradition, moano wa bone wa ntlhantlha o ne o re: “Sesepa, Sopo le Poloko.” Mme morago ga foo, fa Louis Pasteur le ba bangwe ba ne ba tlhomamisa gore go na le kamano gareng ga bolwetse le megare, seo se ne sa nonotsha bosupi le go tlhagisa mabaka a saense a gore go tlhokega gore go tlhongwe dithulaganyo tse di botoka tsa botsogo mo setšhabeng.

Dingwe tsa dikgato tse di ileng tsa tsewa ka bonako di ne di akaretsa kgang ya gore ga go tlhokege gore mosupi kwa kgotlatshekelo a atle Baebele le gore go fedisiwe kgang ya gore go dirisiwe kopi e le nngwe ya go nwa kwa dikolong le kwa diteisheneng tsa terena. Go bile ga dirwa maiteko a go fetola mokgwa wa go dirisa kopi e le nngwe kwa ditirelong tsa bodumedi mme ga dirwa gore mongwe le mongwe a dirise kopi ya gagwe. Ee, go bonala fa batho bao ba bogologolo ba ba neng ba buelela dilo tseno ba ile ba atlega go ya bokgakaleng jo bo rileng go fetola tsela e batho ba ikutlwang ka yone ka bophepa. Ba ile ba atlega go ya bokgakaleng jwa gore mokwadi mongwe a bitse matswela a seno a re ke “go ratana le bophepa.”

Le fa go ntse jalo, go bonala fa “go ratana le bophepa” gono e ne e le ga ka fa ntle fela. Go ise go ye kae ke fa bagwebi ba ba bogagapa ba fetola sesepa se se tlwaelegileng go nna sedirisiwa sa go intlafatsa. Diphasalatso tse di dirwang ka botswerere di ne tsa dira gore bareki ba dumele gore go dirisa didirisiwa tse di rileng tsa bophepa go tla dira gore motho a nne le maemo a a rileng mo setšhabeng a a tla dirang gore ba bangwe ba mo tswele pelo. Thelebishene e rotloetsa kgopolo eno. Ga se gantsi batho ba ba atlegileng le ba ba tseelwang kwa godimo ba ba tlhagang mo dipapatsong le mo dikgangtswelelopeleng ba bonwang ba phepafatsa matlo, ba feela jarata, ba olela matlakala kana ba phepafatsa leswe la dikatse le dintša tse ba di ruileng.

Mme gape go na le ba ba akanyang gore go ya go bereka ke gone go thusang go duelela melato mme tiro ya legae kana ditiro tse dingwe tsa go phepafatsa ga di duele. Mme ba akanya gore, e re ka ba sa bone tuelo epe, ke eng fa ba tshwanetse go tlhokomela tikologo? Matswela mangwe a seno e nnile gore batho bangwe gompieno ba akanya gore bophepa ke fela gore motho ka boene a nne phepa.

Kafa Modimo a Lebang Bophepa ka Teng

Ga go na pelaelo gore maiteko ale a bogologolo a go ruta batho ka bophepa a ile a thusa go tokafatsa tsela e batho ba tshelang ka yone. Mme seo se a tshwanela ka gonne, bophepa ke nonofo ya Modimo Jehofa, yo o boitshepo le yo o phepa e bile bo simolotswe ke ene. O re ruta gore re itsholegele molemo ka go nna boitshepo le go nna phepa mo ditseleng tsotlhe tsa rona.—Isaia 48:17; 1 Petere 1:15.

Jehofa Modimo ke sekao mo kgannyeng eno. Bophepa, fela jaaka dinonofo tse dingwe tse di sa bonaleng, bo bonwa sentle mo popong ya Modimo e e bonalang. (Baroma 1:20) Re lemoga gore popo ka boyone ga e bake kgotlelo e e sa feleng. Lefatshe ka medikologo ya lone e mentsi le kgona go iphepafatsa ka bolone ka tsela e e gakgamatsang, mme le diretswe gore dilo di tshele mo go lone le le phepa e bile le itekanetse. Tiro eo ya bophepa e ne e ka dirwa fela ke Motlhami yo o ratang bophepa. Ka jalo, go tswa mo go seno, re ka kgona go lemoga gore baobamedi ba Modimo ba tshwanetse go nna phepa mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa bone.

Dikarolo Tse Nnè Tsa Bophepa

Baebele e tlhalosa dikarolo tse nnè tsa bophepa tse baobamedi ba Modimo ba tshwanetseng go leka go nna le tsone. A re sekasekeng nngwe le nngwe ya tsone.

Mo semoyeng. Eno e ka tsewa e le karolo e e botlhokwa go gaisa tsotlhe ya bophepa, ka gonne e amana le tebelelo ya gore motho a bone botshelo jo bo sa khutleng. Le fa go ntse jalo, gantsi karolo eno ya bophepa ke yone e e itlhokomolosiwang go gaisa tsotlhe. Fa re e baya motlhofo fela re ka re, go nna phepa semoyeng go raya gore le ka motlha re se ka ra itlhokomolosa dithibelo tse Modimo a di beileng gareng ga kobamelo ya boammaaruri le ya maaka, ka gonne Modimo o tsaya mofuta ope fela wa kobamelo ya maaka e le selo se se seng phepa. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “‘Tswang mo gare ga bone, lo bo lo itomolole,’ go bua Jehofa, ‘mme lo tlogele go ama selo se se seng phepa’; ‘mme ke tla lo amogela.’” (2 Bakorintha 6:17) Morutwa Jakobe le ene o bua jaana ka tlhamalalo ka kgang eno: “Mofuta wa kobamelo o o phepa le o o sa leswafalang go ya ka pono ya Modimo wa rona le Rara ke ono: . . . go ipoloka [o] se na selabe se se tswang mo lefatsheng.”—Jakobe 1:27.

Modimo o ne a supa sentle gore ga a amogele gore kobamelo ya gagwe ya boammaaruri e tswakanngwe le ya maaka. Gantsi kobamelo ya maaka e akaretsa ditiro tse di maswe le go obamela medingwana le medimo e e makgapha. (Jeremia 32:35) Ka jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba kgothalediwa gore ba tile go nna le seabe ka tsela epe mo kobamelong e e seng phepa.—1 Bakorintha 10:20, 21; Tshenolo 18:4.

Mo boitsholong. Le mo karolong eno, Modimo o tlhomile dithibelo tse di tlhamaletseng gareng ga se se phepa le se se seng phepa. Ka kakaretso, lefatshe le ntse jaaka le tlhalosiwa mo go Baefeso 4:17-19: “Ba ntse ba le mo lefifing mo mogopolong, e bile ba kgaogane le botshelo jo e leng jwa Modimo . . . Ka ba sa tlhole ba na le boikutlo ka gope ka boitshwaro, ba ne ba ineela mo boitshwarong jo bo repileng gore ba dire boitshekologo jwa mofuta mongwe le mongwe ka bogagaru.” Tsela e e ntseng jalo ya go akanya ya boitsholo jo bo sa siamang e itshupa ka ditsela tse dintsi, ka tlhamalalo le ka tsela e e sa bonaleng, ka jalo Bakeresete ba tlhoka go itlhokomela.

Batho ba ba ratang Modimo ba a itse gore boaka, bosodoma, go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo le ditshwantsho tse di hepisang ke go tlola molao wa ga Jehofa wa bophepa mo boitsholong. Le fa go ntse jalo, go tlwaelegile gore dilo tseno di bontshiwe mo boitlosobodutung le mo difesheneng. Ka jalo, Bakeresete ba tshwanetse go itlhokomela kgatlhanong le mekgwa e e ntseng jalo. Go apara diaparo tse dikhutshwane le tse di bonaletsang fa o ya kwa dipokanong tsa Bokeresete kana fa o ya kwa dikokoanong tsa botsalano go dira gore batho ba tlhome mogopolo thata mo mmeleng wa gago go sa tlhokege e bile go supa fa o le botlhaswa mo kgannyeng eno. Mo godimo ga gore go apara jalo go tlisa tsela e e seng phepa ya go akanya ga lefatshe mo botsalanong jwa Bokeresete, go ka nna ga dira gore ba bangwe ba nne le megopolo e e sa siamang. E ke yone karolo e Bakeresete ba tshwanetseng go dira ka natla mo go yone go bontsha “botlhale jo bo tswang kwa godimo.”—Jakobe 3:17.

Mo mogopolong. Dilo tse o di akanyang mo sephiring ga ya tshwanela go nna megopolo e e sa siamang. Jesu o ne a tlhagisa kgatlhanong le go akanya ka dilo tse di sa siamang fa a ne a re: “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.” (Mathaio 5:28; Mareko 7:20-23) Mafoko ano a dira le fa motho a leba ditshwantsho le difilimi tse di hepisang, a bala dipego tse di feteletsang dilo mo go tsa tlhakanelodikobo le go reetsa mafoko a dipina tse di tlhotlheletsang dikeletso tse di bosula. Ka jalo, Bakeresete ba tshwanetse go tila go iitshekolola ka go akanya ka dilo tse di seng phepa tse di tla dirang gore ba bue le go dira dilo tse di seng phepa le tse di itshekologileng.—Mathaio 12:34; 15:18.

Mo mmeleng. Boitshepo le bophepa jwa mmele ke dilo tse di amanngwang thata mo Baebeleng. Ka sekai, Paulo o ne a kwala jaana: “Baratwa, a re intlafatseng leswe lengwe le lengwe la nama le moya, re itekanedisa boitshepo mo go boifeng Modimo.” (2 Bakorintha 7:1) Ka jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse go leka ka natla gore ba boloke mebele ya bone, matlo a bone le tikologo ya bone e le phepa e bile e le bothakga, go ya kafa maemo a bone a ba dumelang ka teng. Tota le mo mafelong a metsi a go tlhatswa kana a go tlhapa a seng mantsi gone, Bakeresete ba tshwanetse go leka ka bojotlhe ka mo ba ka kgonang ka teng go nna phepa le go lebega sentle.

Gape go nna phepa mo mmeleng go tshwanetse ga re thibela go goga motsoko ka tsela epe fela, go nwa bojalwa thata le go se dirise diokobatsi dipe fela ka tsela e e sa siamang, e leng dilo tse di kgotlelang mmele le go o senya. Modisa yo o tlhalosiwang mo go Sefela sa Difela o ne a rata monko o o monate wa diaparo tsa mosetsana wa Moshulame. (Sefela sa Difela 4:11) Fa re tlhokomela gore re nne phepa mo mmeleng ke tsela ya go bontsha lorato ka gonne re batla go tila go nkgela batho ba ba re dikologileng menkgo e e sa itumediseng. Dinkgisamonate di ka nna tsa bo di nkga monate, mme ga di kake tsa tsaya maemo a go tlhapa ka metlha le go apara diaparo tse di phepa.

Go Boloka Pono e e Lekalekaneng

Batho ba bangwe ba ka nna ba feteletsa dilo fa go tla mo kgannyeng ga go nna phepa mo mmeleng. Ka fa letlhakoreng le lengwe, go feteletsa dilo fa go tla mo kgannyeng ya bophepa go ka nna ga dira gore re se ka ra itumelela botshelo. Mme gape go ka senya nako e ntsi e e botlhokwa. Kafa letlhakoreng le lengwe, magae a a seng phepa a a tlhakatlhakaneng a ka nna a tlhoka ditshenyegelo tse dintsi gore a baakanngwe. Gareng ga ditsela tse pedi tseno tsa go feteletsa dilo, selo se se thusang ke go latela tsela e e tekatekano ya go boloka magae a rona a le phepa e bile a lebega sentle.

Le boloke le le bothakga. Go thata go phepafatsa magae kana dikamore tse di tlhakatlhakaneng, e bile go ka se nne motlhofo go bona leswe mo mafelong a a tletseng thata. Magae a a bori, a a sa tlalang dilo tse dintsi ga a tseye nako e ntsi go a phepafatsa. Baebele e rotloetsa thata botshelo jo bo motlhofo: “E re ka re na le dijo le se re ipipang ka sone, re tla kgotsofalela dilo tseno.”—1 Timotheo 6:8.

Le boloke le sa tlhakatlhakana. Go nna le legae le le phepa ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe yo o nnang mo go lone. Magae a a tlhakatlhakaneng gantsi a simologa ka dikamore tse di tlhakatlhakaneng. Go nna bothakga go raya gore sengwe le sengwe se nne mo mannong a sone. Ka sekai, diaparo tse di leswe ga di a tshwanela go nna mo boalong jwa kamore e go robalwang mo go yone. Mme se se masisi le go feta, ditshamekisi le didirisiwa tse di tlogelwang di rapaletse fela gongwe le gongwe di ka baka dikotsi. Dikotsi tse dintsi mo legaeng di bakwa ke mekgwa ya go sa nne bothakga.

Kwantle ga pelaelo, bophepa le tsela ya go tshela ya Bokeresete di a tsamaisana. Fa moporofeti Isaia a ne a bua ka tsela ya botshelo ya bomodimo, o ne a bua ka “Tsela ya Boitshepo.” Mme o oketsa ka ntlha eno e e masisi ya gore “yo o seng phepa ga a kitla a e kgabaganya.” (Isaia 35:8) Ee, go leka go nna le mekgwa e mentle ya bophepa gone jaanong go re neela bosupi jo bo nonofileng jwa gore re dumela mo tsholofetsong ya Modimo ya gore o tla tloga a tlhoma lefatshe le le phepa la paradaise. Ka nako eo, mo dikarolong tsotlhe tsa polanete eno e ntle, batho botlhe ba tla galaletsa Jehofa Modimo ka go latela melao ya gagwe e e itekanetseng ya bophepa ka botlalo.—Tshenolo 7:9.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Go nna le legae le le phepa ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe yo o nnang mo go lone

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Lefatshe le kgona go iphepafatsa ka tsela e e gakgamatsang