Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dithibelo tse di beilweng malebana le go nyalana ga ba losika tse di tlhalositsweng mo Molaong wa ga Moshe di dira go le kana kang mo Bakereseteng?

Molao o Jehofa a neng a o file setšhaba sa Iseraele ga o bue sepe ka meletlo ya manyalo le dithulaganyo tsa yone. Le fa go ntse jalo, o tlhalosa dithibelo dingwe malebana le dikamano dingwe tsa lenyalo. Ka sekai, mo go Lefitiko 18:5-20, re fitlhela lenaane la dithibelo tse di amanang le motho yo o “gaufi le ene ka losika.” Temana eo e tlhalosa ka botlalo gore ke batho bafe ba losika ba ba sa tshwanelang go nna le dikamano tsa tlhakanelodikobo. Ke boammaaruri gore, Bakeresete ga ba kafa tlase ga Molao wa ga Moshe e bile ga ba tlamiwe ke melawana ya one. (Baefeso 2:15; Bakolosa 2:14) Le fa go ntse jalo, seno ga se reye gore Bakeresete ba ka itlhokomolosa kgang eno fa ba tlhopha gore ba nyalana le mang. Go na le mabaka a le mmalwa a go bo go ntse jalo.

Sa ntlha, go na le melao ya puso e e thibelang go nyalana ga batho ba ba amanang thata ka losika, mme Bakeresete ba tshwanetse go ikobela melao ya naga e ba nnang mo go yone. (Mathaio 22:21; Baroma 13:1) Le gale, melao e e ntseng jalo, e farologana go ya ka mafelo. Bontsi jwa melao ya segompieno ya mofuta ono e theilwe thata mo kgannyeng ya dijini. Ke kgang e e itsegeng gore go nyalana ga batho ba ba amanang thata ka losika go ka nna ga dira gore bana bape ba ba tla nnang teng ba nne le bogole jo bo bakiwang ke dijini le malwetse mangwe. Ka ntlha ya seno le ka go bo ba le “mo taolong ya balaodi ba bagolo,” Bakeresete ba ba tsenang mo lenyalong ba ikobela melao ya lenyalo ya lefelo le ba nnang mo go lone.

Mme gape go na le kgang ya gore ke eng se se amogelwang le gore ke eng se se sa amogelweng mo tikologong e motho a nnang mo go yone. Mo e ka nnang setso sengwe le sengwe se na le melao le dingwao tsa yone tse di iletsang go nyalana ga batho ba babedi ba ba amanang thata ka losika, gantsi manyalo a a ntseng jalo a tsewa a le makgapha mme ka gone ke moila. Le mororo dikamano tse di rileng tse di ilediwang di ka tswa di farologana thata mo ditsong tse di farologaneng, The Encyclopædia Britannica e bolela gore, “gantsi, fa batho ba babedi ba amana thata ka losika, moila o o iletsang kana o o kganelang dikamano tsa tlhakanelodikobo gareng ga bone e nna o o gagametseng thata.” Ka gone, tota le fa batho ba sa amane ka losika, Bakeresete ga ba batle go itlhokomolosa dingwao tse di beilweng kana tsela e e utlwalang e setšhaba se lebang dilo ka yone, mo go ka dirang gore batho ba kgobe phuthego ya Bokeresete kana leina la Modimo.—2 Bakorintha 6:3.

Selo se sengwe se se sa tshwanelang go itlhokomolosiwa ke segakolodi se re se filweng ke Modimo. Batho botlhe ba tshotswe ba na le boikutlo jwa go itse se se siameng le se se sa siamang, se se molemo le se se bosula. (Baroma 2:15) Digakolodi tsa bone di ba bolelela gore ke dilo dife tse e leng tsa tlholego le tse di tshwanetseng le gore ke dife tse e seng tsa tlholego le tse di kgopisang, kwantle le fa e le gore di ile tsa sokamisiwa kana tsa swa ka ntlha ya go tlwaela go dira ditiro tse di bosula. Jehofa o ne a ama kgang eno fa a ne a naya Baiseraele molao wa gagwe o o kgatlhanong le go nyalana ga batho ba ba amanang thata ka losika. Re bala jaana: “Tsela e lefatshe la Egepeto le dirang ka yone, le lo neng lo nna kwa go lone, lo se ka lwa dira ka yone; le tsela e lefatshe la Kanana le dirang ka yone, le ke lo tlisang mo go lone, lo se ka lwa dira ka yone; e bile lo se ka lwa tsamaya mo melaong ya bone.” (Lefitiko 18:3) Bakeresete ba anaanela segakolodi sa bone se se thapisitsweng ka Baebele mme ga ba se letle gore se senngwe ke boikutlo jwa ditšhaba malebana le gore ke eng se se siameng le se se sa siamang.—Baefeso 4:17-19.

Ka gone he, re ka swetsa ka go reng? Le mororo Bakeresete ba se kafa tlase ga Molao wa ga Moshe, digakolodi tsa bone di ba bolelela sentle gore go nyalana ga batho ba ba atamalaneng thata ka losika—jaaka rre le morwadie, mmè le morwawe, motho le kgaitsadie—ga go amogelesege gotlhelele mo Bakereseteng. * Fa go amana ka losika go ntse go katogana, Bakeresete ba lemoga gore go na le melao le ditaolo tse di laolang lenyalo la semolao le gore go na le ditekanyetso tse di amogelegang mo setšhabeng le mo setsong. Dilo tseno di tshwanetse go akanyediwa ka kelotlhoko gore re tle re tsamaisane le kaelo eno ya Dikwalo: “A lenyalo le tlotlege mo go botlhe.”—Bahebera 13:4.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng ka kgang eno, tsweetswee bona setlhogo se se reng “Manyalo a ba Losika ba ba Atamalaneng—Bakeresete ba Tshwanetse go a Leba Jang?” go Tora ya Tebelo, March 15, 1978, ditsebe 25-6, (ka Seesemane).