Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ithute Thuto mo go Nikodemo

Ithute Thuto mo go Nikodemo

Ithute Thuto mo go Nikodemo

“FA MONGWE a batla go ntshala morago, a a iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso malatsi ka go latelana mme a ntshale morago ka metlha.” (Luke 9:23) Batshwaraditlhapi ba maemo a a kwa tlase le mokgethisi yo o neng a tlhoilwe ba ne ba amogela taletso eo kwantle ga go dikadika. Ba ne ba tlogela sengwe le sengwe mme ba sala Jesu morago.—Mathaio 4:18-22; Luke 5:27, 28.

Taletso ya ga Jesu e sa ntse e utlwala le gompieno mme ba bantsi ba arabetse. Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba ba itumelelang go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa ba okaoka go ‘iitatola le go tsaya kota ya bone ya tlhokofatso.’ Ba ikgogona go amogela boikarabelo le tshiamelo ya go nna barutwa ba ga Jesu.

Ke ka ntlha yang fa batho bangwe ba ikgogona go amogela taletso ya ga Jesu le go ineela mo go Jehofa Modimo? Ke boammaaruri gore ba ba neng ba sa godisiwa ka kgopolo ya Sejuda le Bokeresete ya gore go na le Modimo a le mongwe fela go ka nna ga ba tsaya nako e telele pele ga ba ka tlhaloganya ka botlalo gore go na le Mmopi mothatayotlhe yo e leng motho. Le fa go ntse jalo, le fa ba sena go dumela gore Modimo ke wa mmatota, ba bangwe ga ba batle go sala dikgato tsa ga Jesu morago. Ba ka nna ba boifa se ba masika a bone le ditsala ba ka nnang ba se akanya ka bone fa ba nna Basupi ba ga Jehofa. Ba bangwe ba ba sa tlhokomeleng go potlaka ga metlha e re tshelang mo go yone, ba lelekisa go tuma le go huma. (Mathaio 24:36-42; 1 Timotheo 6:9, 10) Go sa kgathalesege gore boemo e ka tswa e le eng, batho ba ba nnang ba busetsa morago tshwetso ya bone ya go nna balatedi ba ga Jesu ba na le thuto e ba ka e ithutang mo pegong ya ga Nikodemo, mmusi yo o humileng wa motlha wa ga Jesu.

O Newa Ditshono Tse di Molemolemo

Mo e ka nnang dikgwedi tse thataro fela Jesu a sena go simolola bodiredi jwa gagwe jwa mo lefatsheng, Nikodemo o lemoga gore Jesu ke ‘moruti yo o tswang kwa Modimong.’ Ka gonne a kgatlhilwe ke dikgakgamatso tse Jesu a di dirileng bosheng kwa Jerusalema ka Tlolaganyo ya 30 C.E., Nikodemo o tla go le bosigo gore a tle go bolelela Jesu gore o dumela mo go ene le go ithuta dilo tse di oketsegileng ka moruti yono. Foo Jesu o bolelela Nikodemo boammaaruri jo bo feletseng jwa gore motho o tshwanetse go ‘tsalwa gape’ gore a kgone go tsena mo Bogosing jwa Modimo. Mo lekgetlhong leno, Jesu gape o bua mafoko ano: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.”—Johane 3:1-16.

Nikodemo o na le tebelelo e e molemolemo! O ka nna a tlwaelana thata le Jesu, mme a kgona go iponela dikarolo tse di farologaneng tsa botshelo jwa ga Jesu mo lefatsheng. Jaaka mmusi wa Bajuda le moruti kwa Iseraele, Nikodemo o na le kitso e kgolo ya Lefoko la Modimo. Gape o na le temogo e e tlhaga, jaaka go bonwe fa a ne a lemoga gore Jesu e ne e le moruti yo o rometsweng ke Modimo. Nikodemo o kgatlhegela dilo tsa semoya, mme o boikokobetso ka tsela e e sa tlwaelegang. Go tshwanetse ga bo go le thata tota gore leloko la kgotlatshekelo e e kwa godimo thata ya Bajuda a amogele morwa mmetli wa maemo a a kwa tlase jaaka monna yo o rometsweng ke Modimo! Dinonofo tseo tsotlhe di botlhokwa thata gore motho a kgone go nna morutwa wa ga Jesu.

Ga go lebege tsela e Nikodemo a kgatlhegelang monna yono wa Nasaretha ka yone e fokotsega. Dingwaga di le pedi le halofo moragonyana, kwa Modirong wa Diobo, Nikodemo o ya pokanong ya Sanehederine. Mo nakong eno, Nikodemo e sa ntse e le “mongwe wa bone.” Baperesiti ba bagolo le Bafarasai ba romela badiredibagolo gore ba ye go tshwara Jesu. Badiredibagolo ba a boa mme ba bega jaana: “Ga go ise go ke go nne le motho yo mongwe yo o kileng a bua jaana.” Bafarasai ba simolola go ba nyatsa ba re: “Ga lo a tsiediwa le lona, ga ke re? Ga go na le fa a le mongwe wa babusi kgotsa wa Bafarasai yo o dumetseng mo go ene, ga ke re? Mme boidiidi jono jo bo sa itseng Molao ke batho ba ba hutsegileng.” Nikodemo ga a tlhole a kgona go ithiba. O bua jaana: “Molao wa rona ga o atlhole motho fa o ise o utlwe mo go ene pele le go itse se a se dirang, a ga go jalo?” Go tswa foo o tshwaiwa diphoso ke Bafarasai: “Le wena ga o tswe kwa Galalea, ga ke re? Hukutsa mme o tlhokomele gore ga go na moporofeti yo ruri a tla tsosiwang kwa Galalea.”—Johane 7:1, 10, 32, 45-52.

Dikgwedi tse thataro morago ga moo, ka Letsatsi la Tlolaganyo ya 33 C.E., Nikodemo o bona mmele wa ga Jesu o folosiwa mo koteng ya tlhokofatso. O thusa Josefa wa Arimathea, leloko le lengwe la Sanehederine go baakanyetsa mmele wa ga Jesu phitlho. Gore ba kgone go dira jalo, Nikodemo o tlisa “potokwe ya mera le mekgwapha” tse di batlileng di nna bokete jwa diponto tsa Roma di le 100, jo bo lekanang le dikilogerama di le 33. Di bontsha gore go dirisitswe madi a mantsi. Gape o tlhoka go nna le sebete sa go tlhaolwa mmogo le “leferefere lele,” jaaka Bafarasai ka ene ba bitsa Jesu. Ba baakanyetsa mmele wa ga Jesu phitlho ka bonako, mme boobabedi ba tsenya Jesu mo lebitleng le lesha la kgakologelo golo gongwe gaufinyane. Le fa go ntse jalo, le e leng gone jaanong Nikodemo ga a tsewe e le morutwa wa ga Jesu!—Johane 19:38-42; Mathaio 27:63; Mareko 15:43.

Lebaka La go Bo a Sa Tsaya Kgato

Johane mo pegong ya gagwe ga a senole gore ke ka ntlha yang fa Nikodemo a ile a ikgogona go ‘tsaya kota ya gagwe ya tlhokofatso’ le go sala Jesu morago. Le fa go ntse jalo, o ile a tlogela metlhala mengwe e e ka nnang ya tlhalosa lebaka la go bo Mofarasai yono a ne a palelwa ke go tsaya kgato.

Sa ntlha, Johane o ne a tlhalosa gore mmusi yoo wa Mojuda “o ne a tla kwa go [Jesu] go le bosigo.” (Johane 3:2) Mokanoki mongwe wa Baebele o tlhalosa jaana: “Nikodemo o ne a tla bosigo, e seng ka gonne a ne a boifa, mme ka gonne o ne a batla go tila boidiidi jwa batho ba ba neng ba ka kgoreletsa motlotlo wa gagwe le Jesu.” Le fa go ntse jalo, Johane o ne a bua ka Nikodemo a re ke “monna yo o neng a tla mo go [Jesu] go le bosigo ka lekgetlo la ntlha” mo kgannyeng e e tshwanang le ya fa a ne a bua ka Josefa wa Aremathea a re ke “morutwa wa ga Jesu mme a loba seno ka ntlha ya go bo a boifa Bajuda.” (Johane 19:38, 39) Ka jalo go lebega Nikodemo a ile a ya kwa go Jesu bosigo ka gonne a ne a “boifa Bajuda,” fela jaaka ba bangwe mo motlheng wa gagwe ba ne ba boifa go amanngwa le Jesu.—Johane 7:13.

A o okaoka go dira tshwetso ya go nna mongwe wa barutwa ba ga Jesu ka ntlha ya se ba losika lwa gago, ditsala le batho ba o berekang le bone ba ka nnang ba se bua? Seane sengwe sa re: “Go boifa batho ke gone mo go bayang seru.” O ka lebana jang le poifo e e ntseng jalo? Seane seo se tswelela ka gore: “Mme yo o ikanyang Jehofa o tla sirelediwa.” (Diane 29:25) Gore o kgone go ikanya Jehofa, o tshwanetse go iponela ka bowena gore Modimo o ka go ema nokeng fa o le mo mathateng a magolo. Rapela Jehofa, mme o mo kope gore a go neye sebete sa gore o kgone go dira le ditshwetso tse dipotlana malebana le kobamelo ya gago. Ka bonya ka bonya, tumelo ya gago mo go Jehofa le go mo ikanya di tla gola go ya bokgakaleng jwa gore o kgone go dira ditshwetso tse dikgolo tse di dumalanang le thato ya Modimo.

Boemo jwa ga Nikodemo le maemo a gagwe a a kwa godimo jaaka leloko la setlhopha se se busang le tsone di ka tswa di ne tsa mo thibela gore a tseye kgato ya botlhokwa ya gore a iitatole. Ka nako eo, o tshwanetse a bo a ne a rata thata boemo jwa gagwe jwa go nna leloko la Sanehederine. A o okaoka go tsaya kgato ya go nna molatedi wa ga Keresete ka ntlha ya gore o ka nna wa latlhegelwa ke maemo mangwe a a kwa godimo mo setšhabeng kgotsa ka gonne o ka nna wa tshwanelwa ke go tlogela go dira dilo dingwe tse di ka dirang gore o gatele pele? Ga go na sepe sa dilo tseno se se ka bapisiwang le tlotla ya go direla Mogodimodimo wa lobopo lotlhe, yo o ratang go go direla dilo tse o di kopang tumalanong le thato ya gagwe.—Pesalema 10:17; 83:18; 145:18.

Lebaka le lengwe la go bo Nikodemo a ne a ntse a diega go dira tshwetso le ka tswa le ne le amana le dikhumo tsa gagwe. Jaaka Mofarasai o ka tswa a ne a tlhotlhelediwa ke ba bangwe, “ba e neng e le barati ba madi.” (Luke 16:14) Lebaka la go bo a ne a kgona go reka mera le mekgwapha le supa gore o ne a humile. Bangwe gompieno ba diega go dira tshwetso ya go rwala maikarabelo a go nna Mokeresete ka gonne ba tlhobaela ka dikhumo tsa bone. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a gakolola balatedi ba gagwe jaana: “Tlogelang go tlhobaela ka meya ya lona ka ga gore lo tla ja eng kgotsa lo tla nwa eng, kgotsa kaga mebele ya lona gore lo tla apara eng. . . . Gonne Rraalona wa selegodimo o a itse gore lo tlhoka dilo tseno tsotlhe. Jalo, nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe, mme dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.”—Mathaio 6:25-33.

O Latlhegetswe ke mo Gontsi

Go a kgatlha gore pego e e buang ka Nikodemo e e fitlhelwang fela mo Efangeleng ya ga Johane ga e bolele gore a o ne a felela e le molatedi wa ga Jesu kgotsa nnyaa. Go ya ka polelo nngwe ya bogologolo, Nikodemo o ne a ema mo letlhakoreng la ga Jesu, a kolobediwa, a bogisiwa ke Bajuda, a tlosiwa mo maemong a gagwe, mme la bofelo a lelekwa mo Jerusalema. Le fa e le eng se se ka tswang se ne sa diragala, re tlhomamisegile ka selo se le sengwe: O latlhegetswe ke mo gontsi ka go diega go dira tshwetso fa Jesu a ne a le mo lefatsheng.

Fa Nikodemo a ne a simolotse go sala Jesu morago ka nako eo fela fa a ne a simolola go kopana le Morena, o ka bo a ne a nna morutwa yo o gaufi wa ga Jesu. Nikodemo o ne a ka nna morutwa yo o tlhomologileng ka ntlha ya kitso ya gagwe, temogo, boikokobetso le go bo a ne a lemoga dilo tse a di tlhokang semoyeng. Ee, o ka bo a ne a utlwa dipolelo tse di gakgamatsang tsa Morutisi yo Mogolo, a ithuta dithuto tsa botlhokwa mo ditshwantshong tsa ga Jesu, a iponela ka boene dikgakgamatso tse Jesu a neng a di dira, mme a nonotshiwa ke kgothatso e Jesu a neng a e naya baaposetoloi ba gagwe fa a ne a laelana le bone. Mme o ne a latlhegelwa ke seo sotlhe.

Go palelwa ke go dira tshwetso ga ga Nikodemo go ne ga dira gore a latlhegelwe thata. Sengwe sa dilo tse di mo latlhegetseng e ne e le taletso e e lorato ya ga Jesu e e reng: “Tlang mo go nna, lona lotlhe ba lo dirang ka natla le ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa. Rwalang jokwe ya me mme lo ithute mo go nna, gonne ke bonolo e bile ke boikokobetso mo pelong, mme lo tla bonela meya ya lona tapologo. Gonne jokwe ya me e bopelonomi le morwalo wa me o motlhofo.” (Mathaio 11:28-30) Nikodemo o ile a latlhegelwa ke tshono ya go lapolosiwa ke Jesu ka boene ka tsela ya mmatota!

Go Tweng ka Wena?

Fa e sa le go tloga ka 1914, Jesu Keresete o ntse a le kwa legodimong e le Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo. Fa a ne a bolelela pele gore go ne go tla diragalang mo nakong ya go nna gone ga gagwe, gareng ga dilo tse dingwe o ne a bolela jaana: “Mme dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) Pele ga bokhutlo bo tla, tiro eo ya lefatshe lotlhe ya go rera e tshwanetse go wediwa. Jesu Keresete o itumelela go bo batho ba ba sa itekanelang ba tsaya karolo. Le wena o ka nna wa nna le seabe mo tirong eno.

Nikodemo o ne a lemoga gore Jesu o ne a tswa kwa Modimong. (Johane 3:2) O ka tswa o ne wa konela ka tsela e e tshwanang fa o ne o ithuta Baebele. O ka tswa o dirile diphetogo mo tseleng ya gago ya botshelo gore e dumelane le melao ya Baebele. E bile o ka tswa o ya dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa gore o nne le kitso e e oketsegileng ya Baebele. O akgolelwa maiteko ao. Le fa go ntse jalo, Nikodemo o ne a tshwanetse go dira se se fetang fela go itse gore Jesu o ne a rometswe ke Modimo. O ne a tshwanetse gore a ‘iitatole mme a tseye kota ya gagwe ya tlhokofatso malatsi ka go latelana a sale [Jesu] morago ka metlha.’—Luke 9:23.

Akanyetsa ka masisi se moaposetoloi Paulo a se re bolelelang. O ne a kwala jaana: “Ka re dira mmogo le ene, gape re lo rapela gore lo se ka lwa amogela bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa Modimo mme lwa fosa boikaelelo jwa jone. Gonne a re: ‘Mo nakong e e amogelesegang ke ne ka go utlwa, e bile ke ne ka go thusa mo letsatsing la poloko.’ Bona! Jaanong ke nako e e amogelesegang segolobogolo. Bona! Jaanong ke letsatsi la poloko.”—2 Bakorintha 6:1, 2.

Jaanong ke nako ya go aga tumelo e e go tlhotlheletsang gore o tseye kgato. Gore o kgone go fitlhelela seo, tlhatlhanya ka dilo tse o di ithutang mo Baebeleng. Rapela Jehofa mme o mo kope gore a go thuse go bontsha tumelo e e ntseng jalo. Fa o bona a go thusa, kanaanelo ya gago le go mo rata go tla go tlhotlheletsa gore o batle go ‘iitatola mme o tseye kota ya gago ya tlhokofatso malatsi ka go latelana mme o sale Jesu Keresete morago ka metlha.’ A o tla tsaya kgato jaanong?

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Pele, Nikodemo o ne a nna le sebete mme a ema mo letlhakoreng la ga Jesu

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Le fa a ne a ganediwa, Nikodemo o ne a thusa go baakanyetsa mmele wa ga Jesu phitlho

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Thuto ya botho le thapelo di ka go nonotsha gore o tseye kgato

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

A o tla amogela tshiamelo ya go dira kafa tlase ga boeteledipele jwa ga Jesu Keresete?