Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Itise mo go Nneng Mabela

Itise mo go Nneng Mabela

Itise mo go Nneng Mabela

MOTHO yo o mabela, ene fa a itebile, o ipona a le kwa godimo ga batho ba bangwe. Ka ntlha ya seo, motho yo o ntseng jalo o batla tlotlo e e fetang e e mo tshwanelang ka go tshwara ba bangwe ka go tlhoka tlotlo le ka go tlhoka maitseo.

Mabela ke phapang ya go nna boikokobetso. Mafoko a Segerika le Sehebera a a ranotsweng go twe “mabela” a na le bokao jo bo tshwanang jwa go itira yo o “kwa godimo,” yo o “ikgodisitseng,” “yo o tlotlometseng,” “yo o tlhomologileng.”

Boemo Jwa Pelo

Mabela ke nonofo e e maswe kgotsa mokgwa o o maswe go feta kafa motho a ka akanyang ka teng. Jesu Keresete o ne a a umaka mmogo le polao, bogodu, tlhapatso, le diphoso tse dingwe mme a bolela gore dilo tseo di tswa “mo teng, mo pelong ya batho.” (Mareko 7:21, 22) Mmaagwe Jesu wa mo lefatsheng e bong Marea o ne a bua jaana ka Jehofa: “O gasamiseditse kgakala ba ba mabela mo boikaelelong jwa dipelo tsa bone.” (Luke 1:51) Dafide o ne a ikuela kwa go Jehofa a re: “Pelo ya me e ntse e se mabela.”—Pesalema 131:1.

Le motho yo pelo ya gagwe e ntseng e le boikokobetso mo tirelong ya Modimo o ka nna mabela ka ntlha ya go bapala dikhumo kgotsa maatla kgotsa ka ntlha ya bontle jwa gagwe, katlego, botlhale, kgotsa go bakwa ke ba bangwe. Kgosi Usia wa Juda e ne e le motho yo o ntseng jalo. O ne a busa sentle mme a itumelela masego a ga Jehofa ka dingwaga tse dintsi.—2 Ditiragalo 26:3-5.

Mme pego ya Baebele e bolela jaana: “Le fa go ntse jalo, fela fa a sena go nonofa, pelo ya gagwe ya nna mabela gore a bo a dire bosula, mo a neng a direla Jehofa Modimo wa gagwe ka go tlhoka boikanyegi mme a tla mo tempeleng ya ga Jehofa go tla go fisa maswalo mo sebesong sa maswalo.” (2 Ditiragalo 26:16) Usia o ne a ikgogomosa mme a dira ditiro tsa baperesiti, e bong tshiamelo e Modimo a neng a sa e naya dikgosi tsa Iseraele, e le go farologanya bogosi le boperesiti.

Nako nngwe, Kgosi Hesekia yo o molemo o ne a nna mabela ka lobaka lo lokhutshwanyane fela mo pelong mme go bonala mabela a gagwe a ne a ama batho ba a neng a ba busa. O ne a neilwe puso ka ntlha ya tshegofatso ya ga Jehofa, mme a palelwa ke go lemoga gore ditebogo tsotlhe di tshwanetse go ya kwa Modimong. Mmegi wa ditiragalo o kwala jaana ka ene: “Mme go ya ka molemo o a neng a o direlwa Hesekia a se ka a boa, gonne pelo ya gagwe e ne ya nna mabela mme a shakgalelwa ene le Juda le Jerusalema.”

Go a itumedisa go bona gore o ne a tlogela boikutlo jono jo bo kotsi. Pego eo e tswelela ka gore: “Le fa go ntse jalo, Hesekia a ikokobetsa mo go nneng mabela ga pelo ya gagwe, ene le banni ba Jerusalema, mme tšhakgalo ya ga Jehofa ya se ka ya tla mo go bone mo metlheng ya ga Hesekia.”—2 Ditiragalo 32:25, 26.

Modimo ga a Rate Mabela

Ga se fela gore batho ba ba mabela ga ba ratege mo bathong ba ba ikanyegang, mme se se masisi le go feta ke gore Jehofa Modimo o a ba ganetsa. (Jakobe 4:6) Mabela ke boeleele e bile ke boleo, mme Jehofa o kgatlhanong le batho ba ba mabela gore a ba kokobetse.—Diane 14:3; 2 Samuele 22:28; Jobe 40:11.

Fa mabela a sa tlogelwe, kwantle ga pelaelo a ka tlisa tshenyego. Setšhaba sa bogologolo sa Moabe, se se neng se ikgodiseditse Jehofa le batho ba gagwe, se ne sa fedisiwa. (Isaia 16:6; 25:10, 11) Le bogosi jwa Iseraele jwa ditso tse di lesome ga bo a ka jwa rekegelwa fa bo ne bo nna mabela le go tlhoka maitseo mo pelong.—Isaia 9:8-12.

Go Itisa mo go Nneng Mabela

Ka jalo motho o tshwanetse go itisa ka kelotlhoko gore a tlose mabela mo pelong ya gagwe. O tshwanetse go ikela tlhoko le go feta fa a atlegile mo sengweng kgotsa a neilwe maemo a a kwa godimo kgotsa maikarabelo a a oketsegileng. O tshwanetse go nna a gakologetswe gore “boikgogomoso bo tla pele ga go thubagana, mme moya o o mabela o tla pele ga go kgotšwa.”—Diane 16:18.

Fa a tlogela mabela a gola, a ka nna a mo laola mo e leng gore Jehofa o tla mo akaretsa le batho ba A ba leseletsang gore ba nne le mogopolo o o sa amogelweng, ba ba tshwanelwang ke loso. (Baroma 1:28, 30, 32) Tlhagiso eo e a tshwanela segolobogolo mo “metlheng ya bofelo,” e go nna mabela e tla nnang lengwe la matshwao a dinako tseo tsa mathata, jaaka moaposetoloi a tlhagisitse.—2 Timotheo 3:1, 2.

Mo godimo ga moo, motho yo o batlang go amogelwa ke Modimo o tshwanetse go tila go bua mafoko a a borethe, a a dirang gore ba bangwe ba nne mabela. Seane sa re: “Motho yo o nonofileng yo o dirisang puo e e borethe mo molekaneng wa gagwe o tsharololela dikgato tsa gagwe letlowa.”—Diane 29:5.

Ga se fela gore motho yo o buang mafoko a a borethe mo go mong ka ene o a mo senya mme gape ga a amogelwe ke Modimo. (Diane 26:28) Moaposetoloi Paulo o ne a le kelotlhoko gore a se ka a nna motho yo o buang mafoko a a borethe le yo o mabela. (1 Bathesalonika 2:5, 6) Le rona re tshwanetse go nna re itisitse gore re se ka ra nna le nonofo eno e e sa rategeng.