Melaometheo ya Bomodimo E ka Go Solegela Molemo
Melaometheo ya Bomodimo E ka Go Solegela Molemo
O TSHWANETSE wa bo o itse gore diphologolo di laolwa ke maikutlo a tlholego. Metšhini e le mentsi e dirilwe ka tsela ya gore e latele ditaelo. Mme batho bone ba bopilwe gore ba kaelwe ke melaometheo. O ka tlhomamisega jang ka seo? Jehofa, Mosimolodi wa melaometheo yotlhe e e siameng, o ne a itsise jaana fa a ne a bopa batho ba ntlha: “A re dire motho mo setshwanong sa rona.” Mmopi ke moya, ga a na mmele wa nama jaaka rona, ka gone re mo “setshwanong” sa gagwe ka tsela ya gore re ka kgona go bontsha botho jwa gagwe ka go nna le dingwe tsa dinonofo tsa gagwe tse dintle. Batho ba na le bokgoni jwa go kaela matshelo a bone go ya ka melaometheo, se se rayang gore, ba ka kgona go a kaela go ya ka se ba dumelang gore ke go dira se se siameng. Jehofa o ne a dira gore bontsi jwa melaometheo eno e kwalwe mo Lefokong la gagwe.—Genesise 1:26; Johane 4:24; 17:17.
Mme motho a ka nna a re: ‘Gone mme Baebele Mathaio 22:37-39, mo Jesu a neng a bontsha gone gore mo ditaelong le melaometheong e e tsamaisanang le Molao wa ga Moshe, mengwe e ne e le botlhokwa go na le e mengwe.
e na le melaometheo e mentsintsi. Ga ke kgone go e tshwara yotlhe.’ Gone ke boammaaruri. Le fa go ntse jalo, akanya ka ntlha eno: Le fa gone melaometheo yotlhe e le mosola, e mengwe e botlhokwa thata go feta e mengwe. O ka kgona go bona seo go tswa mo goKe melaometheo efe e e botlhokwa thata? Melaometheo ya konokono ya Baebele ke e e amanang ka tlhamalalo le botsalano jwa rona le Jehofa. Fa re e sekegela tsebe, Mmopi o nna le tlhotlheletso e kgolo mo kompaseng ya rona ya boitsholo. Mo godimo ga moo, go na le melaometheo e e amang kamano ya rona le batho ba bangwe. Go dirisa melaometheo eno go tla re thusa gore re lwantshane le boikutlo jwa nna pele, go sa kgathalesege gore bo tlhaga ka tsela efe.
A re simolole ka boammaaruri jo bo botlhokwa thata mo Baebeleng. Boammaaruri joo ke eng mme bo re ama jang?
“Mogodimodimo yo o Okametseng Lefatshe Lotlhe”
Dikwalo Tse di Boitshepo di tlhalosa sentle gore Jehofa ke Mmopi wa rona yo Mogolo, Modimo Mothatayotlhe. A ka se ka le ka motlha a lekanngwa le ope kana a tseelwa maemo ke ope. Jono ke boammaaruri jwa konokono jo bo kwadilweng mo Baebeleng.—Genesise 17:1; Moreri 12:1.
Mongwe wa bakwadi ba buka ya Pesalema o ne a bolela jaana ka Jehofa: “Wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” Kgosi Dafide wa bogologolo o ne a kwala jaana: “Bogosi ke jwa gago, wena Jehofa, Wena yo o itsholetsang jaaka tlhogo ya botlhe.” Mme moporofeti yo o itsegeng thata e bong Jeremia o ne a tlhotlheletsega go kwala jaana: “Ga go na ope yo o tshwanang le wena ka tsela epe, wena Jehofa. O mogolo, e bile leina la gago le na le thata e kgolo.”—Pesalema 83:18; 1 Ditiragalo 29:11; Jeremia 10:6.
Re tshwanetse go dirisa jang boammaaruri joo kaga Modimo mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi?
Go phepafetse gore ke mang yo o tshwanetseng go tla pele mo botshelong jwa rona—Mmopi wa rona le Moneibotshelo wa rona. A ga go kitla go tshwanela he gore re tile boikutlo bope fela jwa go batla go lebisa tlhokomelo mo go rona ka borona—boikutlo jo bo ka tswang bo nonofile thata mo bathong bangwe go gaisa mo go ba bangwe? Molaomotheo o o molemo o o ka re kaelang ke wa gore “dirang dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.” (1 Bakorintha 10:31) Moporofeti Daniele o ne a tlhoma sekao se sentle mo kgannyeng eno.
Pego ya ditiragalo e re bolelela gore Kgosi Nebukadenesare wa kwa Babelona o kile a kgoberwa maikutlo ke toro nngwe mme a batla go itse gore e kaya eng. Le fa batho botlhe ba ne ba tlhakane tlhogo, Daniele o ne a bolelela kgosi ka tlhomamo se a neng a batla go se itse. A Daniele o ne a itlotlomatsa ka go bo a dirile seno? Nnyaa, o ne a galaletsa “Modimo kwa magodimong yo e leng Mosenodi wa diphiri.” Daniele o ne a tswelela pele jaana: “Ga ke a senolelwa sephiri seno ka botlhale bope jo bo mo go nna jo bo gaisang jwa ba bangwe ba ba tshelang.” Daniele e ne e le monna yo o latelang melaometheo. Ga go gakgamatse go bo mo bukeng ya Daniele, a tlhalosiwa ka makgetlo a le mararo e le “monna yo o rategang thata” mo matlhong a Modimo.—Daniele 2:28, 30; 9:23; 10:11, 19.
O ka solegelwa molemo fa o ka etsa Daniele. Fa o etsa sekao sa ga Daniele, kgang e e botlhokwa ke gore maitlhomo a gago ke eng. Ke mang yo o tshwanetseng go fiwa tlotlo ka ntlha ya se o se dirang? Le fa o ka tswa o le mo boemong bofe, o ka kgona go dira tumalanong le molaomotheo ono o o botlhokwa thata wa Baebele—Jehofa ke Morena
Molaodimogolo. Fa o dira jalo, o tla dira gore o nne motho “yo o rategang thata” mo matlhong a gagwe.A jaanong re sekaseke melaometheo e mebedi ya konokono e e ka re kaelang mo kgannyeng ya dikamano le batho ba bangwe. E re ka go gatelelwa thata boikutlo jwa boithati, kgang eno e gwetlha thata.
“Ka Mogopolo o o Ikokobeditseng”
Gantsi batho ba ba ipayang kwa pele ga ba ke ba kgotsofala. Bontsi jwa bone ba batla botshelo jo bo botokanyana, mme ba bo batla gone jaanong. Mo go bone, go nna bori ke go nna bokoa ka tsela nngwe. Ba tsaya gore go nna pelotelele ke sengwe se se tshwanetseng go bontshiwa ke batho ba ba rileng fela. Fa e le kgang ya gore bone ba nne kwa pele, go siame fela. A o akanya gore go na le tsela e nngwe e o ka itshwarang ka yone e e farologaneng le e ba itshwarang ka yone?
Batlhanka ba Modimo ba lebana le boikutlo joo letsatsi le letsatsi, mme ga ba a tshwanela go letla gore bo ba tshwaetse. Bakeresete ba ba godileng ba amogela molaomotheo wa gore “yo o amogelwang ga se yo o ipuelelang, mme [ke] motho yo Jehofa a mmuelelang.”—2 Bakorintha 10:18.
Go dirisa molaomotheo o o mo go Bafilipi 2:3 go ka thusa. Temana eo e go kgothaletsa go se “dire sepe ka ntlha ya manganga kgotsa ka ntlha ya go itseela kwa godimo thata, mme ka mogopolo o o ikokobeditseng [o] tsaya ba bangwe ba le kwa godimo ga [gago].” Ka go dira jalo o tla bo “[o] tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang [wena] fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.”
Mongwe yo o neng a na le boikutlo jo bo siameng ka ga gagwe e bile a itsaya a le botlhokwa ka tsela e e tshwanetseng e ne e le Gidione, mongwe wa baatlhodi Baatlhodi 6:12-16.
ba Bahebera ba bogologolo. O ne a sa batle go nna moeteledipele wa Iseraele. Le fa go ntse jalo, fa Gidione a ne a tlhophelwa maemo ao, o ne a tlhalosa kafa a neng a sa tshwanelege ka teng. O ne a tlhalosa jaana: “Sekete sa me ke sone se sebotlana thata mo go tsa Manase, mme ke nna yo mmotlana thata mo ntlong ya ga rre.”—Mo godimo ga moo, fa Jehofa a sena go dira gore Gidione a fenye, banna ba Eferaime ba ne ba mo rumola mme ba ngangisana le ene. Gidione o ne a itshwara jang? A phenyo ya gagwe e ne ya dira gore a ikutlwe a le botlhokwa? Nnyaa. O ne a tila masetlapelo ka go araba ka bonolo. “Ke kgonne go dira eng fa ke bapisiwa le lona?” Gidione o ne a le boikokobetso.—Baatlhodi 8:1-3.
Gone ke boammaaruri gore ditiragalo tse di amanang le Gidione di diragetse bogologolo. Le fa go ntse jalo, go sa ntse go le botlhokwa go sekaseka pego eo. O kgona go bona gore Gidione o ne a na le boikutlo jo bo farologaneng thata le jo bo tlwaelegileng gompieno, mme o ne a tshela tumalanong le seo gore ene ka boene a solegelwe molemo.
Boikutlo jo bo leng teng gompieno jwa boithati bo ka sokamisa tsela e re itsayang re le botlhokwa ka yone. Melaometheo ya Baebele e tlhamalatsa boikutlo joo jo bo sokameng, ka go re ruta gore re botlhokwa go le kana kang mo Mmoping wa rona le mo go ba bangwe.
Fa re tsaya tsia melaometheo ya Baebele, re ka kgona go fenya boikutlo jo bo anameng thata gompieno. Ga re tlhole re laolwa ke maikutlo kana botho. Fa re ntse re tswelela ka go ithuta melaometheo e e siameng, re kgona go itse Mosimolodi wa yone botoka. Ee, go ela tlhoko thata melaometheo ya bomodimo fa re bala Baebele go ka re solegela molemo thata.—Bona lebokoso.
Jehofa o dirile gore batho ba nne kwa godimo ga diphologolo tse di laolwang thata ke maikutlo a tlholego. Go dira go rata ga Modimo go akaretsa go dirisa melaometheo ya Modimo. Ka gone re ka kgona go dira gore kompase ya rona ya boitsholo e nne mo seemong se se siameng, e leng kompase e e tla re kaelang mo tsamaisong e ntšha ya Modimo. Baebele e re neela lebaka la gore re ka lebelela gore go tla tloga go nna le tsamaiso e ntšha ya lefatshe lotlhe e go ‘tla nnang tshiamo mo go yone.’—2 Petere 3:13.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 6]
Mengwe ya Melaometheo e e Mosola ya Baebele
Mo lelapeng:
“A mongwe le mongwe a nne a batle, e seng molemo wa gagwe, fa e se wa motho yo mongwe.”—1 Bakorintha 10:24.
“Lorato . . ga lo ipatlele melemo ya lone fela.”—1 Bakorintha 13:4, 5.
“A mongwe le mongwe wa lona ka bongwe a rate mosadi wa gagwe jalo jaaka a ithata.”—Baefeso 5:33.
“Basadi ba lo nyetsweng, nnang mo taolong ya banna ba lona.”—Bakolosa 3:18.
“Reetsa rrago yo o dirileng gore o tsholwe, mme o se ka wa nyatsa mmago fela ka gonne a tsofetse.”—Diane 23:22.
Kwa sekolong, kwa tirong, kana mo kgwebong:
“Sekale se se tsietsang ke selo se se makgapha . . . Moikepi o dira dituelo tsa maaka.”—Diane 11:1, 18.
“A moutswi a se ka a tlhola a utswa, mme go na le moo a a dire ka natla.”—Baefeso 4:28.
“Fa motho ope a sa batle go dira, lo se ka lwa mo letla go ja.”—2 Bathesalonika 3:10.
“Le fa e le eng se lo se dirang, se direng ka moya otlhe jaaka lo se direla Jehofa.”—Bakolosa 3:23.
“Re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.”—Bahebera 13:18.
Boikutlo jo o nang najo ka dikhumo:
“Yo o potlakelang go nna le dikhumo ga a na go nna a se na molato.”—Diane 28:20.
“Morati wa selefera ga a kitla a kgotsofadiwa ke selefera.”—Moreri 5:10.
Go lekanya botlhokwa jwa gago:
“A ke kgalalelo gore batho ba ipatlele kgalalelo ya bone?”—Diane 25:27.
“E kete o ka bakwa ke motswakwa, e seng ke molomo wa gago.”—Diane 27:2.
“Ke bolelela mongwe le mongwe mo go lona gore a se ka a ikgopola thata go feta kafa go tlhokegang go ikgopola ka gone.”—Baroma 12:3.
“Fa mongwe a akanya gore o sengwe fa a se sepe, o tsietsa mogopolo wa gagwe.”—Bagalatia 6:3.
[Setshwantsho mo go tsebe 5]
Daniele o ne a naya Modimo tlotlo e e mo tshwanelang
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Go dirisana le ba bangwe go ya ka melaometheo ya bomodimo go thusa gore lo nne le dikamano tse di molemo le boitumelo
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 7]
U.S. Fish & Wildlife Service, Washington, D.C./Robert Bridges