Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Tlhomeletse ka Botlalo go Nna Barutisi ba Lefoko la Modimo

Re Tlhomeletse ka Botlalo go Nna Barutisi ba Lefoko la Modimo

Re Tlhomeletse ka Botlalo go Nna Barutisi ba Lefoko la Modimo

‘Modimo eleruri o dirile gore re tshwanelege sentle go nna badiredi.’—2 BAKORINTHA 3:5, 6.

1, 2. Go a tle go dirwe maiteko afe a go rera, mme ke ka ntlha yang fa gantsi a itaya se fololetse?

O NE o ka ikutlwa jang fa o ne o ka newa tiro e o sa tshwanelegeng go e dira? Akanya fela: Dilwana tsotlhe tse o tla di tlhokang di beilwe fa pele ga gago, le didirisiwa di fa gaufi. Mme ga o itse gore tota tiro eo e dirwa jang. Se se thatafatsang dilo ke gore tiro eno e batlega ka bonako. Batho ba ikantse wena. A bo seo se ne se ka kgoba marapo jang ne!

2 Bothata jono ga se sengwe se se ikakanyediwang fela. Akanya ka sekai ke se. Ka dinako dingwe, nngwe ya dikereke tsa Labokeresete e ile ya leka go rulaganya le go dira bodiredi jwa ntlo le ntlo. Gantsi maiteko a a ntseng jalo a ile a retela, a phutlhama mo dibekeng kgotsa mo dikgweding di se kae. Ka ntlha yang? Labokeresete ga a ka a thusa balatedi ba yone go tshwanelegela tiro eno. Tota le baruti ga ba tshwanelegele tiro ya go rera, gantsi le fa ba feditse dingwaga tse dintsi ba tsena dikolo tse di tlwaelegileng le dikolo tsa boruti. Ke eng fa re ka rialo?

3. Mo go 2 Bakorintha 3:5, 6 ke polelwana efe e e dirisitsweng gararo, mme e kayang?

3 Lefoko la Modimo le tlhalosa gore ke eng se se dirang gore motho a tshwanelegele go nna moreri wa boammaaruri wa dikgang tse di molemo tsa Bokeresete. Moaposetoloi Paulo o ne a tlhotlhelediwa go kwala jaana: “E seng gore rona ka borona re tshwanelega sentle go tsaya sengwe e le se se tswang mo go rona, mme go tshwanelega sentle ga rona go tswa mo Modimong, yo eleruri a dirileng gore re tshwanelege sentle go nna badiredi.” (2 Bakorintha 3:5, 6) Ela tlhoko polelwana eno e e dirisitsweng gararo fano—‘go tshwanelega sentle.’ E kayang? Vine’s Expository Dictionary of Biblical Words ya re: “Fa [lefoko la Segerika sa ntlhantlha] le dirisiwa e le gore go buiwa ka dilo le kaya ‘go lekana’ . . . ; fa le dirisiwa go buiwa ka batho, le kaya ‘go nna le bokgoni,’ ‘go tshwanela.’” Ka gone, motho yo o ‘tshwanelegang sentle’ o na le bokgoni e bile o a tshwanela gore a ka dira tiro e e rileng. Ee, badiredi ba boammaaruri ba dikgang tse di molemo ba a tshwanelega go dira tiro eno. Ba a kgona, kgotsa ba a tshwanela gore ba ka rera.

4. (a) Sekai sa ga Paulo se bontsha jang gore go tshwanelegela bodiredi jwa Bokeresete ga se ga batho ba se kae fela ba ba kgethegileng? (b) Jehofa o dirisa ditsela dife tse tharo go re thusa gore re tshwanelege jaaka badiredi?

4 Le fa go ntse jalo, ke eng se se dirang gore motho a tshwanelege jalo? A ke ditalenta tse a nang natso? A ke botlhale bongwe jwa gagwe jwa maemo a a kwa godimo? A ke thutego e e kgethegileng ya dikolo tsa maemo? Go bonala moaposetoloi Paulo a ne a na le dilo tseo tsotlhe. (Ditiro 22:3; Bafilipi 3:4, 5) Le fa go ntse jalo, ka boikokobetso o ne a dumela gore o ne a tshwanelega go nna modiredi ka ntlha ya ga Jehofa Modimo, e seng ka ntlha ya dikolo tsa thutego ya maemo a a kwa godimo. A batho ba se kae fela ba ba kgethegileng ke bone ba nang le ditshwanelego tseo? Paulo o ne a kwalela phuthego ya Bakorintha kaga “go tshwanelega sentle ga rona.” Ruri seo se bontsha gore Jehofa o tlhomamisa gore batlhanka ba gagwe botlhe ba ba ikanyegang ba a tshwanelega, ba kgona go dira tiro e a ba abetseng gore ba e dire. Gompieno Jehofa o dira jang gore Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanelege? A re tlotleng ka ditsela tse tharo tse a di dirisang: (1) Lefoko la gagwe, (2) moya wa gagwe o o boitshepo, le (3) phuthego ya gagwe e e mo lefatsheng.

Lefoko la ga Jehofa le Dira Gore re Tshwanelege

5, 6. Dikwalo Tse di Boitshepo di ama Bakeresete ba boammaaruri jang?

5 Sa ntlha, Lefoko la Modimo le re thusa jang gore re tshwanelege go nna badiredi? Paulo o ne a kwala jaana: “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng, mo go kgalemeleng, mo go tlhamalatseng dilo, mo go otlhayeng ka tshiamo, gore motho wa Modimo a tshwanelege ka botlalo, a tlhomeleletse ka botlalo go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo.” (2 Timotheo 3:16, 17) Ka jalo Dikwalo Tse di Boitshepo di re thusa gore re “tshwanelege ka botlalo, [re] tlhomeleletse ka botlalo” go dira ‘tiro e e molemo’ ya go ruta batho ka ga Lefoko la Modimo. Le fa go ntse jalo, go tweng ka batho botlhe ba ba tsenang dikereke tsa Labokeresete? Ba na le Baebele. Go tla jang gore buka e le nngwe e bo e ka thusa batho bangwe gore ba nne badiredi ba ba tshwanelegang mme ba bangwe e sa ba thuse? Karabo e mo goreng re ikutlwa jang ka Baebele.

6 Ka maswabi, batho ba le bantsi ba ba tsenang kereke ga ba amogele molaetsa wa Baebele “jaaka ruri [o] ntse, jaaka lefoko la Modimo.” (1 Bathesalonika 2:13) Labokeresete o itiretse rekoto ya matlhabisa ditlhong mo ntlheng eno. Fa baruti ba sena go ithuta kwa dikolong tsa thutabodumedi ka dingwaga tse dintsi, a ba a bo ba tlhomeletse go nna barutisi ba Lefoko la Modimo? E seng ka dinako tsotlhe. Ebu, baithuti bangwe ba simolola dithuto tsa boruti ba dumela mo Baebeleng, mme ba ya go aloga ba sa tlhole ba dumela dilo dingwe tse e di buang! Morago ga moo, mo boemong jwa go rera Lefoko la Modimo—le bontsi jwa bone ba sa tlholeng ba le dumela—ba lebisa bodiredi jwa bone go sele, ba tsaya letlhakore mo dikganetsanong tsa bopolotiki, ba rotloetsa go rarabololwa ga mathata a setšhaba ka bodumedi, kgotsa ba gatelela difilosofi tsa batho mo ditherong tsa bone. (2 Timotheo 4:3) Go fapaana le seo, Bakeresete ba boammaaruri ba latela sekao sa ga Jesu Keresete.

7, 8. Boikutlo jwa ga Jesu ka Lefoko la Modimo bo ne bo farologana jang le jwa baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe?

7 Jesu ga a ka a letla baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe go tlhotlheletsa tsela e a akanyang ka yone. Jesu o ne a dirisa dikwalo tse di boitshepo ka botlalo, go sa kgathalesege gore a o ruta setlhotshwana, jaaka fa a ruta baaposetoloi ba gagwe, kgotsa o ruta boidiidi jo bogolo jwa batho. (Mathaio 13:10-17; 15:1-11) Mokgwa ono o ne o mo tlhaola mo baeteledipeleng ba bodumedi ba motlha wa gagwe. Ba ne ba iletsa batho thata gore ba se ka ba tlhola dikgang tse di kwa teng tsa Modimo. E bile tota, go ne go tlwaelegile mo metlheng eo gore morutisi a dumele gore ditemana dingwe mo Baebeleng di ne di le boteng thata mo a neng a ka se ka a di tlotla le ope fa e se moithuti wa gagwe yo a mo ratang thata—mme le gone a buela kwa tlase, e bile a ipipile tlhogo. Baeteledipele bao ba bodumedi ba ne ba batlile ba tsaya gore go bua ka dikarolo dingwe tsa Baebele ke moila fela jaaka ba ne ba tsaya go bitsa leina la Modimo e le moila!

8 Keresete o ne a sa nna jalo. O ne a dumela gore batho botlhe ba ne ba tlhoka go tlhatlhoba “lefoko lengwe le lengwe le le tswang ka molomo wa ga Jehofa,” e seng setlhotshwana fela sa batho ba ba tlhophilweng. Jesu o ne a sa batle go naya bakanoki ba sekae fela ba ba tlhophilweng tsela ya go nna le kitso. O ne a bolelela barutwa ba gagwe a re: “Se ke se lo bolelelang mo lefifing, se bueng mo leseding; le se lo utlwang se sebasebiwa, se rereng kwa godimo ga matlo.” (Mathaio 4:4; 10:27) Jesu o ne a eletsa ka pelo yotlhe go abela batho ba le bantsi kafa a ka kgonang ka teng kitso ka ga Modimo.

9. Bakeresete ba boammaaruri ba dirisa Baebele jang?

9 Lefoko la Modimo e tshwanetse ya nna sone selo sa konokono fa re ruta batho. Ka sekai, fa re neela puo kwa Holong ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa, gantsi ga go a lekana go bala ditemana dingwe tsa Baebele fela. Re ka nna ra tlhoka go tlhalosa, go tshwantsha le go bontsha kafa temana e ka dirisiwang ka teng mo seemong se se rileng. Boikaelelo jwa rona ke gore, ka tsela ya tshwantshetso re tseye molaetsa wa Baebele o o mo ditsebeng tsa yone mme re o tsenye mo dipelong tsa bareetsi ba rona. (Nehemia 8:8, 12) Gape Baebele e tshwanetse ya dirisiwa fa go tlhokega go naya kgakololo kgotsa go kgalemela mongwe gore a baakanye tsela ya gagwe. Le fa batho ba ga Jehofa ba bua dipuo tse di farologaneng e bile ba godisitswe ka ditsela tse di sa tshwaneng, botlhe ba tlotla Buka e e di gaisang tsotlhe—Baebele.

10. Molaetsa o o tlhotlheleditsweng wa Baebele o ka re ama jang?

10 Fa molaetsa wa Baebele o dirisiwa ka tlotlo e e ntseng jalo, o na le maatla. (Bahebera 4:12) O tlhotlheletsa batho gore ba dire diphetogo mo matshelong a bone, ba tlogele mekgwa e e kgalwang ke Dikwalo ya kgokafalo, boaka, kobamelo ya medingwana, botagwa le bogodu. O thusitse batho ba le bantsi tota gore ba apole botho jwa bogologolo mme ba apare jo bosha. (Baefeso 4:20-24) Ee, fa re tlotla Baebele go feta kgopolo epe fela kgotsa ngwao ya batho mme re e dirisa ka boikanyegi, e ka re thusa gore re tshwanelege, re tlhomelelwe ka botlalo go nna barutisi ba Lefoko la Modimo.

Moya wa ga Jehofa o Dira Gore re Tshwanelege

11. Ke ka ntlha yang fa go tshwanela gore moya o o boitshepo wa ga Jehofa o bo o bidiwa “mothusi”?

11 Sa bobedi, a re tlhatlhobeng seabe se moya o o boitshepo wa ga Jehofa, kgotsa maatla a a dirang, o nang naso go dira gore re tlhomelele ka botlalo. Le ka motlha re se ka ra lebala gore moya wa ga Jehofa ke maatla a a nonofileng go gaisa otlhe a a leng teng. Jehofa o file Morwawe yo a mo ratang nonofo ya gore a dirise maatla ao a a gakgamatsang go thusa Bakeresete botlhe ba boammaaruri. Go a tshwanela go bo Jesu a ne a bitsa moya o o boitshepo a re ke “mothusi.” (Johane 16:7) O ne a rotloetsa balatedi ba gagwe gore ba kope Jehofa moya oo, a ba tlhomamisetsa gore Jehofa o ne a tla ba o naya ka bopelotshweu.—Luke 11:10-13; Jakobe 1:17.

12, 13. (a) Ke eng fa go le botlhokwa gore re rapelele moya o o boitshepo gore o re thuse mo bodireding jwa rona? (b) Bafarasai ba ne ba bontsha jang gore moya o o boitshepo o ne o sa dire mo go bone?

12 Re tshwanetse ra rapelela moya o o boitshepo letsatsi le letsatsi, bogolo jang gore o re thuse mo bodireding jwa rona. Maatla ano a a dirang a ka re ama jang? A ka ama mogopolo wa rona le pelo, a re thusa go fetoga, go gola semoyeng le go emisetsa botho jo bogologolo ka jo bosha. (Bakolosa 3:9, 10) A ka re thusa go nna le dinonofo tse di botlhokwa tse di tshwanang le tsa ga Keresete. Bontsi jwa rona re itse mafoko a Bagalatia 5:22, 23 ka tlhogo. Ditemana tseo di thathamisa maungo a moya wa Modimo. Lwa ntlha ke lorato. Nonofo eo e botlhokwa mo bodireding jwa rona. Ka ntlha yang?

13 Lorato lo na le tlhotlheletso e kgolo. Go rata Jehofa le mongwe ka rona go tlhotlheletsa Bakeresete ba boammaaruri go abela ba bangwe dikgang tse di molemo. (Mareko 12:28-31) Fa re se na lorato lono, re ka se ka ra tshwanelega tota go nna barutisi ba Lefoko la Modimo. Ela tlhoko pharologanyo fa gare ga ga Jesu le Bafarasai. Mathaio 9:36 e bolela jaana ka ga Jesu: “Fa a bona boidiidi a utlwa a ba tlhomogela pelo, ka gonne ba ne ba sotlegile e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa.” Bafarasai ba ne ba ikutlwa jang ka batho ba ba tlwaelegileng fela? Ba ne ba re: “Boidiidi jono jo bo sa itseng molao ke batho ba ba hutsegileng.” (Johane 7:49) Bafarasai bao ba ne ba sa rate batho mme ba ne ba ba tseetse kwa tlase fela thata. Go phepafetse gore moya wa ga Jehofa o ne o sa dire mo go bone.

14. Sekao sa ga Jesu sa go bontsha lorato mo bodireding jwa gagwe se tshwanetse sa re tlhotlheletsa jang?

14 Jesu o ne a utlwela batho botlhoko. O ne a itse gore ba mo botlhokong. O ne a itse gore ba ne ba sa tshwarwa sentle, ba ne ba sotlegile, e bile ba gasame jaaka dinku tse di se nang modisa. Johane 2:25 e re bolelela gore Jesu “o ne a itse se se neng se le mo mothong.” E re ka Jesu e ne e le Modiri yo o Setswerere wa ga Jehofa ka nako ya popo, o ne a tlhaloganya sentle tsela e motho a leng ka yone. (Diane 8:30, 31) Tsela eo e a neng a ba tlhaloganya ka yone e ne ya dira gore a ba rate le go feta. E kete ka metlha re ka tlhotlhelediwa ke lorato lo lo ntseng jalo fa re dira tiro ya rona ya go rera! Fa re akanya gore re ne re ka tokafatsa mo ntlheng eno, a re rapeleleng moya wa ga Jehofa o o boitshepo re bo re dira tumalanong le dithapelo tsa rona. Jehofa o tla re araba. O tla romela maatla ano a a nonofileng go re thusa gore re tshwane thata le Keresete, yo o neng a tshwanelegela thata go rera dikgang tse di molemo.

15. Mafoko a Isaia 61:1-3 a ne a dira jang mo go Jesu mme gape a senola bakwadi le Bafarasai?

15 Go tshwanelega ga ga Jesu go ne go tswa kae? O ne a re: “Moya wa ga Jehofa o mo go nna.” (Luke 4:17-21) Ee, Jehofa ka boene o ne a tlhoma Jesu ka moya o o boitshepo. Jesu o ne a sa tlhoke go tshwanelegisiwa ke motho ope o sele. A baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa gagwe ba ne ba tlhomilwe ka moya o o boitshepo? Nnyaa. Le gone ba ne ba sa tlhomelelwa go diragatsa Isaia 61:1-3, e Jesu a neng a e balela kwa godimo a bo a tlhalosa fa e kaya ene. Tsweetswee bala ditemana tseo mme o iponele ka bowena gore bakwadi le Bafarasai bao ba baitimokanyi ba ne ba sa tshwanelege. Ba ne ba sa tshwarela bahumanegi dikgang dipe tse di molemo. Mme ba ne ba ka rerela bagolegwa jang gore ba tla gololwa le difofu gore di tla bona? Ka tsela ya semoya, bone ka bobone ba ne ba le difofu e bile ba le mo botshwarong jwa dingwao tse di itiretsweng ke batho! Go fapaana le banna bao, a rona re tshwanelegela go ruta batho?

16. Batho ba ga Jehofa gompieno ba ka ikutlwa ba na le tlhomamisego efe malebana le go tshwanelega ga bone jaaka badiredi?

16 Ke boammaaruri, ga re a tsena dikolo tsa Labokeresete tsa thuto e e kwa godimo. Ga re tlhomiwe ke sekolo sa boruti sa thutabodumedi gore re nne barutisi. A seo se raya gore ga re tshwanelege? Le e seng! Jehofa ke ene a re tlhomang go nna Basupi ba gagwe. (Isaia 43:10-12) Fa re rapelela moya wa gagwe mme re dira go dumalana le thapelo ya rona, re na le ditshwanelego tse di kwa godimo go gaisa tsotlhe. Ke boammaaruri gore ga re a itekanela mme ga re kgone go fitlhelela ka botlalo sekao se se beilweng ke Morutisi yo Mogolo, Jesu. Le fa go ntse jalo, a ga re leboge go bo Jehofa a dirisa moya wa gagwe go dira gore re tshwanelege re bo re tlhomelele go nna barutisi ba Lefoko la gagwe?

Phuthego ya ga Jehofa e Dira Gore re Tshwanelege

17-19. Dipokano tse tlhano tsa beke le beke tse di rulaganngwang ke phuthego ya ga Jehofa di re thusa jang gore re tlhomelele bodiredi?

17 Jaanong a re tlhatlhobeng tsela ya boraro e Jehofa a e dirisang go re tlhomelela go nna barutisi ba Lefoko la gagwe—phuthego kgotsa mokgatlho wa gagwe o o mo lefatsheng, o o re thapisang go nna badiredi. Jang? Akanya fela ka thulaganyo e re nang nayo ya go rutiwa! Ka tlwaelo, re nna le dipokano tse tlhano tsa Bokeresete mo bekeng. (Bahebera 10:24, 25) Re kopana ka ditlhotshwana kwa Thutong ya Buka ya Phuthego go tla go nna le thuto e e tseneletseng ya Baebele re dirisa bukathuto e re e neetsweng ke phuthego ya ga Jehofa. Fa re reetsa e bile re akgela, re ithuta mo go ba bangwe e bile re a kgothatsana. Gape molebedi wa thuto ya buka o kgona go re ruta le go re tlhokomela mongwe ka bongwe. Kwa Pokanong ya Phatlalatsa le mo Thutong ya Tora ya Tebelo, re ja dijo tse dingwe gape tse di nonotshang tsa semoya.

18 Sekolo sa rona sa Bodiredi sa Puso ya Modimo se diretswe go re kaela kafa re ka rutang ka teng. Fa re baakanyetsa dipuo re le baithuti, re ithuta go dirisa Lefoko la Modimo go ruta ka dikgang tse di farologaneng. (1 Petere 3:15) A o kile wa abelwa go naya puo e e buang ka kgang e o neng o tsaya gore o e itse sentle, mme o bo o ithuta sengwe se sesha ka yone? Seo se a tle se direge. Ga go sepe se se tokafatsang kitso e re nang le yone ka kgang nngwe go feta go e ruta ba bangwe. Le fa re sa abelwa puo ka borona, re sa ntse re ka ithuta go nna barutisi ba ba botoka. Re bona dinonofo tse di molemo tsa moithuti mongwe le mongwe, mme re ka ipotsa gore re ka etsa dinonofo tseo jang.

19 Pokano ya Tirelo le yone e diretswe go re tlhomelela gore re nne barutisi ba Lefoko la Modimo. Beke le beke re utlwa dipuo tse di monate, metlotlo le dipontsho tse di diretsweng go re thusa mo bodireding jwa rona. Re tla buisana le batho jang? Re ka lebana jang le mathata a re kopanang le one mo bodireding jwa rona jwa phatlalatsa? Ke ditsela dife tsa go rera tse re ka tlhokang go di dirisa go ya pele? Ke eng se se tla re thusang go nna barutisi ba ba nang le bokgoni thata fa re dira maeto a go boela le fa re tshwara dithuto tsa Baebele? (1 Bakorintha 9:19-22) Dipotso tseno di arabiwa le go tlhalosiwa ka botlalo kwa Pokanong ya Tirelo. Dipuo tse dintsi tsa pokano eno di theilwe mo go Tirelo ya Rona ya Bogosi, sedirisiwa se sengwe gape se re se newang gore se re tlhomelele tiro ya rona ya botlhokwa.

20. Dipokano le dikopano di re solegela molemo jang ka botlalo?

20 Ka go baakanyetsa dipokano tsa rona le go nna teng kwa go tsone re bo re dirisa se re se ithutileng mo tirong ya rona ya go nna barutisi, re amogela thapiso e e tseneletseng. Mme ga go felele foo. Gape re na le dipokano tse dikgolwane—dikopano tse dinnye le tse dikgolo—tse di diretsweng go re tlhomelela jaaka barutisi ba Lefoko la Modimo. A bo re nna re lebile pele jang ne gore re reetse ka tlhoafalo le go dirisa kgakololo eo!—Luke 8:18.

21. Ke bosupi bofe jo bo bontshang gore thapiso ya rona e nnile le matswela, mme pako e ya kwa go mang?

21 A thapiso e Jehofa a re neileng yone e nnile le mosola? A re tlhatlhobeng bosupi. Ngwaga le ngwaga, dikete di le makgolokgolo tsa batho ba thusiwa go ithuta dithuto tsa motheo tsa Baebele le go tshela go dumalana le se Modimo a batlang ba se dira. Palo ya rona e a oketsega, mme ga go ope wa rona yo o ka iphakang gore ke ene a tlisang koketsego eno. Re tshwanetse ra leba dilo fela jaaka di ntse, jaaka Jesu a ile a dira. O ne a re: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.” Fela jaaka baaposetoloi ba bogologolo, bontsi jwa rona ga re a rutega e bile re batho fela. (Johane 6:44; Ditiro 4:13) Go atlega ga rona go ikaegile ka Jehofa, yo o gogelang batho ba ba dipelo di ikanyegang mo boammaaruring. Paulo o ne a e baya sentle fa a re: “Ke ne ka jala, Apolose a nosetsa, mme Modimo o ne a nna a godisa.”—1 Bakorintha 3:6.

22. Ke ka ntlha yang fa le ka motlha re sa tshwanela go kgobega marapo mo go feteletseng malebana le go nna le seabe ka botlalo mo bodireding jwa Bokeresete?

22 Ee, Jehofa Modimo o na le seabe se segolo mo tirong ya rona barutisi ba Lefoko la gagwe. Ka dinako tse dingwe re ka nna ra se ka ra ikutlwa re tshwanelega go nna barutisi. Mme gakologelwa, Jehofa ke ene a gogelang batho kwa go ene le kwa go Morwawe. Jehofa ke ene a dirang gore re tshwanelege gore re direle batho ba basha bao a dirisa Lefoko la gagwe, moya wa gagwe o o boitshepo le phuthego ya gagwe ya mo lefatsheng. A re tsibogeleng thapiso ya ga Jehofa ka go dirisa dilo tse di molemo tse a re nayang tsone gone jaanong go re tlhomelela ka botlalo go nna barutisi ba Lefoko la Modimo!

O ne O ka Araba Jang?

• Baebele e re tlhomelelela jang tiro ya go rera?

• Moya o o boitshepo o na le seabe sefe mo go direng gore re tshwanelege jaaka badiredi?

• Phuthego ya ga Jehofa ya mo lefatsheng e go thusitse ka ditsela dife gore o tshwanelege go nna moreri wa dikgang tse di molemo?

• Ke ka ntlha yang fa re ka dira re tlhomamisegile mo bodireding?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 25]

Jaaka morutisi wa Lefoko la Modimo, Jesu o ne a bontsha gore o rata batho