Boammaaruri bo Tlhwatlhwakgolo go le Kana Kang mo go Wena?
Boammaaruri bo Tlhwatlhwakgolo go le Kana Kang mo go Wena?
“Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.”—JOHANE 8:32.
1. Go bonala tsela e Pilato a neng a dirisa lefoko “boammaaruri” ka yone e ne e farologana jang le e Jesu a neng a le dirisa ka yone?
“BOAMMAARURI ke eng?” Fa Pilato a ne a botsa potso eno, go bonala a ne a kgatlhegela fela go itse boammaaruri ka kakaretso. Kafa letlhakoreng le lengwe, Jesu o ne a sa tswa go bolela jaana: “Ke tsaletswe sone seo, e bile ke tletse sone seo mo lefatsheng, gore ke supe ka ga boammaaruri.” (Johane 18:37, 38) Go farologana le Pilato, Jesu o ne a bua ka boammaaruri jwa Modimo.
Kafa Lefatshe le Lebang Boammaaruri ka Gone
2. Ke mafoko afe a ga Jesu a a bontshang mosola wa boammaaruri?
2 Paulo o ne a re: “Tumelo ga se selo se batho botlhe ba nang le sone.” (2 Bathesalonika 3:2) Go ka bolelwa jalo le ka boammaaruri. Batho ba le bantsi ba tlhokomologa boammaaruri jo bo theilweng mo Baebeleng ka boomo fela le fa ba na le sebaka sa go bo ithuta. Le fa go ntse jalo, a bo bo le tlhwatlhwakgolo jang ne! Jesu o ne a re: “Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.”—Johane 8:32.
3. Ke tlhagiso efe e re tshwanetseng go e tsaya tsia kaga dithuto tse di tsietsang?
3 Moaposetoloi Paulo o ne a bontsha gore boammaaruri ga bo ka ke jwa bonwa mo difilosofing tsa batho le mo dingwaong tsa bone. (Bakolosa 2:8) Eleruri, dithuto tse di ntseng jalo di a tsietsa. Paulo o ne a tlhagisa Bakeresete ba Baefeso gore fa ba ne ba ka di dumela, ba tla bo ba tshwana le masea a semoya a a “[heheutlelwang] kwa le kwa . . . ke phefo nngwe le nngwe ya thuto ka tsietso ya batho, ka boferefere ka go loga leano le le tsietsang.” (Baefeso 4:14) Gompieno, “tsietso ya batho” e bakwa ke maaka a batho ba ba ganetsang boammaaruri jwa Modimo. Maaka a a ntseng jalo a sokamisa boammaaruri ka boferefere a bo a dira gore maaka a lebege e kete ke boammaaruri. Re tshwanetse go sekaseka Dikwalo ka tlhagafalo gore re bone boammaaruri fa re lebane le dikgatelelo tse di ntseng jalo tse di tsietsang.
Bakeresete le Lefatshe
4. Ke bomang ba ba ka bonang boammaaruri, mme ba ba bo amogelang ba na le boikarabelo bofe?
4 Jesu Keresete o ne a rapela Jehofa jaana a bua ka ba e neng e setse e le barutwa ba gagwe: “Ba itshepise ka boammaaruri; lefoko la gago ke boammaaruri.” (Johane 17:17) Batho ba ba ntseng jalo ba ne ba tla itshepisiwa, kana go beelwa kwa thoko, ka boikaelelo jwa gore ba direle Jehofa le go itsise leina le Bogosi jwa gagwe. (Mathaio 6:9, 10; 24:14) Le mororo boammaaruri jwa ga Jehofa e se selo se batho botlhe ba nang le sone, botlhe ba ba bo senkang ba ka bo bona e le mpho ya mahala, go sa kgathalesege setšhaba, morafe kgotsa lotso lwa bone. Moaposetoloi Petere o ne a bolela jaana: “Ke a lemoga gore Modimo ga a na tlhaolele, mme mo setšhabeng sengwe le sengwe motho yo o mmoifang a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene.”—Ditiro 10:34, 35.
5. Ke eng fa Bakeresete gantsi ba bogisiwa?
5 Bakeresete ba bolelela batho boammaaruri jwa Baebele mme ga ba amogelwe gongwe le gongwe. Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Batho ba tla lo isa kwa pitlaganong e bile ba tla lo bolaya, mme lo tla nna ba ba tlhoilweng ke ditšhaba tsotlhe ka ntlha ya leina la me.” (Mathaio 24:9) Ka 1817, moruti mongwe wa kwa Ireland e bong John R. Cotter o ne a kwala jaana a akgela ka temana eno: “Maiteko a bone [Bakeresete] a go fetola matshelo a batho ka go rera, a ne a ka se itumedise batho gotlhelele, mme ruri a ne a tla dira gore batho ba tlhoe barutwa le go ba bogisa ka ntlha ya go bo ba senola ditiro tsa bone tse di bosula.” Babogisi ba ba ntseng jalo ga ba “[amogele] lorato lwa boammaaruri gore ba bolokwe.” “Ke gone ka moo Modimo a letlang gore go dira ga tlolo go ye kwa go bone, gore ba tle ba dumele maaka ano, gore botlhe ba atlholwe ka gonne ba ne ba se ka ba dumela boammaaruri mme ba natefelelwa ke tshiamololo.”—2 Bathesalonika 2:10-12.
6. Mokeresete ga a tshwanela go nna le dikeletso dife?
6 Moaposetoloi Johane o tlhagisa Bakeresete ba ba nnang mo lefatsheng leno le le tletseng bobaba jaana: “Lo se ka lwa bo lo rata lefatshe le fa e le dilo tse di mo lefatsheng. . . . Sengwe le sengwe se se mo lefatsheng—keletso ya nama le keletso ya matlho le go bontsha ka mabela se motho a nang le sone mo botshelong—ga se tswe mo go Rara, mme se tswa mo lefatsheng.” (1 Johane 2:15, 16) Johane ga a tlogele sepe kwa morago fa a re “sengwe le sengwe.” Ka ntlha ya moo, le ka motlha ga re a tshwanela go eletsa sepe sa lefatshe leno se se ka re faposang mo boammaaruring. Go dirisa kgakololo ya ga Johane go tla nna le tlhotlheletso e kgolo thata mo botshelong jwa rona. Jang?
7. Kitso ya boammaaruri e tlhotlheletsa jang batho ba ba dipelo tse di siameng?
7 Mo ngwageng wa 2001, Basupi ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba ile ba tshwara dithuto tsa magae tsa Baebele tse di fetang dimilione di le nnè le halofo kgwedi nngwe le nngwe, ba ruta batho le ditlhopha tsa batho melao ya Modimo ya botshelo. Ka ntlha ya moo, go ne ga kolobediwa batho ba le 263 431. Lesedi la boammaaruri le ne la nna tlhwatlhwakgolo mo barutweng ba basha bano, mme ba ne ba kgaogana le ditsala tse di bosula le ditsela tse di tlontlololang Modimo tsa boitsholo jo bo maswe tse di tletseng mo lefatsheng leno. Fa e sa le ba kolobediwa, ba ile ba tswelela pele go tshela ka ditekanyetso tse Jehofa a di beetseng Bakeresete botlhe. (Baefeso 5:5) A boammaaruri bo tlhwatlhwakgolo ka tsela e e ntseng jalo mo go wena?
Jehofa O a Re Tlhokomela
8. Jehofa o tsaya boineelo jwa rona jang, mme ke eng fa go le botlhale go ‘batla pele bogosi’?
8 Le fa re sa itekanela, Jehofa ka bopelotlhomogi o amogela boineelo jwa rona, a kokobela, jaaka fa re ka rialo, gore a re gogele kwa go ene. Ka go dira jalo o re ruta go ipeela mekgele e e kwa godimo. (Pesalema 113:6-8) Mo godimo ga moo, Jehofa o re letla go nna ditsala tsa gagwe e bile o re solofetsa gore o tla re tlhokomela fa re ‘nna re batla pele bogosi le tshiamo ya gagwe.’ Fa re dira jalo e bile re itlhokomela semoyeng, o solofetsa jaana: “Dilo tse dingwe tseno tsotlhe lo tla di okelediwa.”—Mathaio 6:33.
9. “Motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ke mang, mme Jehofa o re tlhokomela jang a dirisa “motlhanka” yono?
9 Jesu Keresete o ne a itlhophela baaposetoloi ba le 12 mme a thaya motheo wa phuthego ya Bakeresete ba ba tloditsweng e e neng ya bidiwa “Iseraele wa Modimo.” (Bagalatia 6:16; Tshenolo 21:9, 14) Moragonyana e ne ya bidiwa “phuthego ya Modimo yo o tshelang, pilara le setshegetso sa boammaaruri.” (1 Timotheo 3:15) Jesu o ne a bitsa maloko a phuthego eo a re ke “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” le “molebedi yo o boikanyego, yo o botlhale.” Jesu o ne a bolela gore motlhanka yo o boikanyego yoo o ne a tla nna le boikarabelo jwa go naya Bakeresete “selekanyo sa bone sa dijo ka nako e e tshwanetseng.” (Mathaio 24:3, 45-47; Luke 12:42) Re ka bolawa ke tlala fa re sa je. Ka tsela e e tshwanang, re ka koafala le go swa semoyeng fa re sa je dijo tsa semoya. Ka jalo, go nna gone ga “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” ke bosupi jo bongwe jwa gore Jehofa o a re tlhokomela. E kete ka metlha re ka anaanela dijo tse di tlhwatlhwakgolo tsa semoya tse re di baakanyediwang ka “motlhanka” yoo.—Mathaio 5:3.
10. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa gore re nne gone kwa dipokanong ka metlha?
10 Go ja dijo tsa semoya go akaretsa go ithuta ka namana. Gape go raya go kopana mmogo le Bakeresete ba bangwe le go nna gone kwa dipokanong tsa phuthego. A o gakologelwa sentle gore o ne o ja eng dikgwedi di le thataro tse di fetileng, kgotsa le e leng dibeke tse thataro tse di fetileng? O ka tswa o sa gakologelwe. Le fa go ntse jalo, sepe fela se o ileng wa se ja ka nako eo se ile sa go naya dikotla tse o di tlhokang gore o tshele. E bile o ka nna wa bo o jele dijo tse di tshwanang le tseo fa e sa le ka nako eo. Go ntse fela jalo le ka dijo tsa semoya
tse re di newang kwa dipokanong tsa rona tsa Bokeresete. Gongwe ga re gakologelwe sengwe le sengwe ka botlalo se re se utlwileng kwa dipokanong. E bile go ka tswa e le gore tshedimosetso e le nngwe fela e ile ya newa gangwe le gape. Le fa go ntse jalo, e sa ntse e le dijo tsa semoya tse di botlhokwa gore re nne re tsogile sentle. Kwa dipokanong tsa rona, ka metlha re newa dijo tse di molemo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng.11. Re na le boikarabelo bofe fa re le kwa dipokanong tsa Bokeresete?
11 Go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete gape go re naya boikarabelo bongwe. Bakeresete ba kgothalediwa go “kgothatsana,” go tlhotlheletsa maloko a mangwe a phuthego “mo loratong le mo ditirong tse di molemo.” Go baakanyetsa dipokano tsotlhe tsa Bokeresete, go nna teng kwa go tsone le go nna le seabe mo go tsone go nonotsha tumelo ya rona ka namana e bile go kgothatsa ba bangwe. (Bahebera 10:23-25) Jaaka bananyana ba ba ratang go tlhopha dijo, bangwe ba ka nna ba tlhoka go gakololwa ka metlha gore ba ikotle semoyeng. (Baefeso 4:13) Go kgothatsa ba ba ntseng jalo fa go tlhokega go bontsha lorato mme go tla dira gore ba nne Bakeresete ba ba godileng sentle, ba moaposetoloi Paulo a neng a kwala ka bone a re: “Dijo tse di tiileng ke tsa batho ba ba godileng sentle, ba bokgoni jwa bone jwa go lemoga bo thapisiwang ka go dirisiwa gore bo farologanye se se siameng le se se sa siamang.”—Bahebera 5:14.
Go Itlhokomela Semoyeng
12. Ke boikarabelo jwa ga mang go bona gore re tswelela re le mo boammaaruring? Tlhalosa.
12 Molekane wa rona wa lenyalo kgotsa batsadi ba rona ba ka nna ba re kgothatsa gore re tsamaye mo tseleng ya boammaaruri. Ka tsela e e tshwanang, bagolwane ba phuthego ba ka re disa jaaka karolo ya letsomane le ba le tlhokometseng. (Ditiro 20:28) Mme ke mang tota yo o nang le boikarabelo jwa go dira gore re nnele ruri mo tseleng ya rona ya botshelo e e theilweng mo boammaaruring? Ruri ke boikarabelo jwa mongwe le mongwe wa rona. Mme go ntse jalo fa re le mo maemong a a itshiametseng fela le fa re le mo dinakong tsa mathata. Akanya ka tiragalo eno e e latelang.
13, 14. Jaaka go tshwantshitswe ka se se neng sa diragalela kwanyana, re ka kgona go bona thuso ya semoya jang fa re e tlhoka?
13 Kwa Scotland, dikwanyana dingwe di ne di le mo mafulong fa e nngwe ya tsone e ne e tsamaela thata kwa lepaweng la thotana e bo e pitikologela kwa tlase. E ne e sa gobala, mme e ne e tshogile e bile e sa kgone go palamelela gape. Ka jalo e ne ya simolola go lela botlhoko. Mmaayone o ne a e utlwa, mme le ene a simolola go lela go fitlha modisa a tla go namola kwanyana eo.
14 Ela tlhoko mokgwa o dilo di neng tsa direga ka one fano. Kwanyana e ne ya lela e kopa thuso, mmaayone le ene a e thusa ka go lela, mme modisa yo o neng a utlwa selelo sa tsone a tla go e namola ka bonako. Fa phologotswana e nnye jaana le mmaayone ba kgona go lemoga kotsi ba bo ba kopa thuso ka bonako, a ga re a tshwanela go dira se se tshwanang fa re kgotšwa semoyeng kgotsa fa re lebana le dikotsi tse re neng re sa di lebelela tsa lefatshe la ga Satane? (Jakobe 5:14, 15; 1 Petere 5:8) Re tshwanetse go dira jalo, segolo jang fa re se na maitemogelo e le ka gonne re le bannye kgotsa re sa ntse re le basha thata mo boammaaruring.
Go Latela Kaelo ya Modimo go Lere Boitumelo
15. Mosadi mongwe o ne a ikutlwa jang fa a ne a simolola go kopanela le phuthego ya Bokeresete?
15 Akanya ka mosola wa go tlhaloganya Baebele le go ritibala ga mogopolo mo e go leretseng ba ba direlang Modimo wa boammaaruri. Mosadimogolo mongwe yo o nang le dingwaga di le 70 yo o neng a tsene Kereke ya Engelane botshelo jotlhe jwa gagwe o ne a dumela gore mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a mo tshwarele thuto ya Baebele. Go ise go ye kae, o ne a ithuta gore leina la Modimo ke Jehofa a ba a bua mmogo le ba bangwe a re “Amen” morago ga dithapelo tse di tswang pelong tse di neng di rapelwa phatlalatsa kwa Holong ya Bogosi ya lefelo la gabone. O ne a bua jaana ka boitumelo: “Go na le gore lo bue ka Modimo jaaka e kete ke motho yo o kwa godimodimo yo re ka se kang ra kgona go mo fitlhelela rona batho, lo lebega lo mo tlisa mo gare ga rona jaaka tsala e e rategang. Ga ke ise nke ke diragalelwe ke selo se se ntseng jalo.” Motho yo o rategang yoo yo o kgatlhegang o tshwanetse a bo a se kitla a tsamaya a lebala tsela e boammaaruri bo neng jwa mo ama ka yone fa a ne a bo amogela lekgetlo la ntlha. Ka tsela e e tshwanang, le rona e kete re ka se ka ra lebala kafa boammaaruri bo neng bo le
tlhwatlhwakgolo ka gone fa re ne re bo amogela lekgetlo la ntlha.16. (a) Go ka diregang fa re dira gore go nna le madi a mantsi e nne mokgele o mogolo mo botshelong jwa rona? (b) Re ka bona jang boitumelo jwa boammaaruri?
16 Batho ba le bantsi ba dumela gore ba ne ba tla nna ba itumetse thata fa ba ka bo ba na le madi a mantsi. Le fa go ntse jalo, fa e le gore mokgele wa rona o mogolo mo botshelong ke go nna le madi a mantsi, re ka nna ra nna le “matshwenyego a mantsi thata mo mogopolong.” (1 Timotheo 6:10, Phillips) Akanya kafa batho ba le bantsi ba rekang dithekete tsa lothari ka gone, ba dirisang madi a mantsi mo dikhasinong ka gone, kana ba tsenelang dikgwebo tse di sa tlhomamang ka gone mo mebarakeng ya tsa madi, ba ijesa dijo tsa ditoro tsa go nna le madi a a seng kana ka sepe. Ke ba le mmalwa fela ba ba feleletsang ba na le madi a mantsi a ba a batlang. Mme le bone ba ba nnang le one, gantsi ba fitlhela gore khumo eno e ba e boneng ka bonako ga e ba leretse boitumelo bope. Go na le moo, boitumelo jo bo nnelang ruri bo leriwa ke go dira thato ya ga Jehofa, go dira mmogo le phuthego ya Bokeresete kafa tlase ga kaelo ya moya o o boitshepo wa ga Jehofa le thuso ya baengele ba gagwe. (Pesalema 1:1-3; 84:4, 5; 89:15) Fa re dira jalo, re ka nna ra bona masego a re neng re sa a lebelela. A boammaaruri bo tlhwatlhwakgolo go le kalo mo go wena gore bo ka go tlisetsa masego a a ntseng jalo mo botshelong?
17. Go nna ga ga Petere kwa ntlong ya ga Simone, mosugamatlalo, go ne go senola eng ka boikutlo jwa moaposetoloi yono?
17 Akanya ka boitemogelo jono jwa ga moaposetoloi Petere. Ka ngwaga wa 36 C.E., o ne a tsaya loeto lwa borongwa go ya kwa Dipoeng Tsa Sharona. O ne a fapogela kwa Lida, kwa a neng a fodisa Aenease yo o neng a sule ditokololo gone mme morago ga moo a tswelela ka loeto lwa gagwe go ya kwa boemakepeng jwa Jopa. Fa a fitlha koo o ne a tsosa Dorekase mo baswing. Ditiro 9:43 e re bolelela jaana: “O ne a nna kwa Jopa malatsi a le mantsi thata a na le Simone mongwe, mosugamatlalo.” Ntlhanyana eno e e umakiwang go fetwa fela e bontsha gore Petere o ne a se na tlhaolele fa a ntse a rerela batho ba motse oo. Jang? Mokanoki mongwe wa Baebele e bong Frederic W. Farrar o kwala jaana: “Ga go na motho ope yo o latelang Molao O o Sa Kwalwang [wa ga Moshe] a o latela ka tsela e e gagametseng e bile a sa ineele yo o neng a ka dumela go nna kwa ntlong ya mosugamatlalo. Go kopana le matlalo le ditoto tsa diphologolo tse di farologaneng go go batlwang ke tiro eno letsatsi le letsatsi, le didirisiwa tse e dirwang ka tsone, go ne go dira gore tiro eno e lebege e sa itsheka e bile e le makgapha mo matlhong a batho botlhe ba ba latelang molao ka tsela e e gagametseng.” Go ya ka Farrar, le fa ‘ntlo e e bapileng le lewatle’ ya ga Simone e ne e sa tshwaragana le ntlo e a sugelang matlalo mo go yone, Simone o ne a dira ‘tiro e e neng e sa ratege mme ka jalo e diga seriti sa botlhe ba ba neng ba e dira.’—Ditiro 10:6.
18, 19. (a) Ke eng fa Petere a ne a akabadiwa ke ponatshegelo e a neng a e bona? (b) Petere o ne a tlelwa ke lesego lefe le a neng a sa le lebelela?
18 E re ka Petere a ne a se na tlhaolele, o ne a amogelwa sentle jaaka moeng kwa ntlong ya ga Simone, mme fa a le koo, a amogela kaelo e a neng a sa e lebelela e e tswang kwa Modimong. O ne a bona ponatshegelo e mo go yone a neng a laelwa go ja ditshedi tse di neng di itshekologile go ya ka molao wa Bajuda. Petere o ne a gana, a re ga a ise a ko a “je sepe se se leswafetseng e bile se se phepa.” Mme o ne a bolelelwa jaana makgetlo a le mararo: “Tlogela go bitsa dilo tse Modimo a di ntlafaditseng o re di leswafetse.” Go a utlwala go bo “Petere a ne a akabetse thata ka ga gore ponatshegelo e a neng a e bone e ka tswa e raya eng.”—Ditiro 10:5-17; 11:7-10.
19 Petere o ne a sa itse gore mo letsatsing le le fetileng, Moditšhaba mongwe yo o bidiwang Korenelio kgakala kwa Kaesarea, sekgala sa dikilometara di le 50, le ene o ne a bone ponatshegelo. Ditiro 10:1-48; 11:18) A bo eno e ne e le tshiamelo e e kgethegileng jang ne mo go Petere—fela ka gonne boammaaruri bo ne bo le tlhwatlhwakgolo mo go ene mo bo neng jwa dira gore a tseye kaelo e e tswang kwa go Jehofa tsia mme a dira ka tumelo!
Moengele wa ga Jehofa o ne a laetse Korenelio gore a rome batlhanka go ya go batla Petere kwa ntlong ya ga Simone, mosugamatlalo. Korenelio o ne a roma batlhanka ba gagwe kwa ntlong ya ga Simone, mme Petere a ba pata go boela kwa Kaesarea. Fa a fitlha koo, o ne a rerela Korenelio le ba losika lwa gagwe le ditsala. Ka go rialo, e ne ya nna bone badumedi ba ntlha ba Baditšhaba ba ba sa rupang go amogela moya o o boitshepo gore ba nne baruaboswa ba Bogosi. Tota le fa banna bano ba ne ba sa rupa, botlhe ba ba neng ba utlwa lefoko la ga Petere ba ne ba kolobediwa. Seno se ne sa bulela batho ba ditšhaba tse dingwe tsela ya go nna maloko a phuthego ya Bokeresete, le fa Bajuda ba ne ba ba leba e le ba ba seng phepa. (20. Modimo o re thusa jang fa re dira gore boammaaruri bo tle pele mo botshelong jwa rona?
20 Paulo o kgothatsa jaana: “Ka go bua boammaaruri, a ka lorato re goleng mo dilong tsotlhe mo go ene yo e leng tlhogo, e bong Keresete.” (Baefeso 4:15) Ee, boammaaruri bo tla re tlisetsa boitumelo jo bo seng kana ka sepe gone jaanong fa re dira gore bo tle pele mo botshelong jwa rona re bo re letla Jehofa gore a kaele dikgato tsa rona ka moya wa gagwe o o boitshepo. Gape, se lebale gore baengele ba ba boitshepo ba a re tshegetsa mo tirong ya rona ya go rera. (Tshenolo 14:6, 7; 22:6) A bo e le tshiamelo e kgolo jang ne go bo re na le tshegetso e e ntseng jalo mo tirong e Jehofa a e re abetseng go e dira! Go boloka bothokgami go tla dira gore re bake Jehofa Modimo wa boammaaruri ka bosakhutleng. A go na le sengwe se se tlhwatlhwakgolo go feta seo?—Johane 17:3.
Re Ithutileng?
• Ke eng fa batho ba le bantsi ba sa amogele boammaaruri?
• Bakeresete ba tshwanetse go leba dilo tsa lefatshe la ga Satane jang?
• Re tshwanetse ra leba dipokano jang le gone ka ntlha yang?
• Re na le boikarabelo bofe jwa go itlhokomela semoyeng?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 18]
(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)
LEWATLE LE LEGOLO
Kaesarea
DIPOA TSA SHARONA
Jopa
Lida
Jerusalema
[Setshwantsho]
Petere o ne a latela kaelo ya Modimo mme a segofadiwa ka tsela e a neng a sa e lebelela
[Motswedi wa Setshwantsho]
Map: Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
Jesu o ne a neela bosupi ka boammaaruri
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Jaaka go ntse ka dijo tsa senama, dijo tsa semoya di botlhokwa gore re nne le botsogo jo bo siameng