Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A go siame go bolela gore kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa e nolofatsa tshiamiso ya gagwe?

Le fa go ne go ntse go buiwa jalo, go ka nna molemo thata go tila go bua jalo ka gonne go lebega go raya gore kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa e a nolofatsa, kgotsa e thibela tshiamiso ya gagwe, jaaka e kete kutlwelobotlhoko ya gagwe e feta nonofo e e setlhogo ya tshiamiso. Seno ga se a siama.

Lefoko la Sehebera le le ranotsweng go twe “tshiamiso” mo go Thanolo ya Lefatshe le Lesha gape le ka raya “katlholo.” Tshiamiso e amana thata le tshiamo. Le fa go ntse jalo, gantsi tshiamiso e amana le dikgang tsa semolao. Gantsi ga go a nna jalo ka tshiamo. Ke boammaaruri gore tshiamiso ya ga Jehofa e ka akaretsa go ntsha katlholo e e tshwanetseng, mme gape e ka kopanyeletsa go boloka ba ba tshwanelwang ke poloko. (Genesise 18:20-32; Isaia 56:1; Malaki 4:2) Ka jalo, tshiamiso ya ga Jehofa ga e a tshwanela go lejwa e le setlhogo kgotsa e tshwanelwa ke go nolofadiwa.

Lefoko la Sehebera le le rayang “kutlwelobotlhoko” le ka raya go ithiba mo go ntsheng katlholo. Gape le ka raya go tsaya kgato go bontsha kutlwelobotlhoko, go thusa ba dilo di sa ba tsamaeleng sentle.—Duteronome 10:18; Luke 10:29-37.

Jehofa ke Modimo wa tshiamiso le kutlwelobotlhoko. (Ekesodo 34:6, 7; Duteronome 32:4; Pesalema 145:9) Tshiamiso ya gagwe le kutlwelobotlhoko ya gagwe di itekanetse e bile di dirisana sentle mmogo. (Pesalema 116:5; Hosea 2:19) Dinonofo tseo tsoopedi di a thusana. Ka gone, fa re ne re ka re kutlwelobotlhoko ya ga Jehofa e nolofatsa tshiamiso ya gagwe, re ka tshwanelwa ke gore gape re re tshiamiso ya gagwe e nolofatsa kutlwelobotlhoko ya gagwe.

Isaia o ne a porofeta jaana: “Ka jalo Jehofa o tla nna a lebeletse go lo bontsha kamogelo, mme ka jalo o tla ema a lo bontsha kutlwelobotlhoko. Gonne Jehofa ke Modimo wa katlholo [“tshiamiso,” The New English Bible].” (Isaia 30:18) Isaia fano o bontsha gore tshiamiso ya ga Jehofa e tlhotlheletsa gore go nne le ditiro tsa kutlwelobotlhoko mme e seng gore kutlwelobotlhoko ya gagwe e nolofatsa tshiamiso ya gagwe kgotsa gore e a e thibela. Jehofa o bontsha kutlwelobotlhoko ka gonne o siame e bile o lorato.

Ke boammaaruri gore mokwadi wa Baebele Jakobe o ne a kwala jaana: “Kutlwelobotlhoko e itumela ka phenyo e itumelela katlholo.” (Jakobe 2:13b) Le fa go ntse jalo, mo kgannyeng eo Jakobe ga a bue ka Jehofa mme o bua ka Bakeresete ba ba bontshang kutlwelobotlhoko—ka sekai, mo bathong ba ba bogang le ba ba humanegileng. (Jakobe 1:27; 2:1-9) Fa batho ba ba ntseng jalo ba ba kutlwelobotlhoko ba atlholwa, Jehofa o sekaseka boitshwaro jwa bone mme o ba itshwarela ka kutlwelobotlhoko a dirisa setlhabelo sa Morwawe. Ka jalo, boitshwaro jwa bone jwa kutlwelobotlhoko bo fenya katlholo nngwe le nngwe e e setlhogo e e neng e ka nna ya ba lebana.—Diane 14:21; Mathaio 5:7; 6:12; 7:2.

Ka jalo, ga go a siama go bolela gore katlholo ya ga Jehofa e nolofadiwa ke kutlwelobotlhoko ya gagwe ka tsela e e rayang gore tshiamiso ya gagwe e tlhoka go nolofadiwa ka kutlwelobotlhoko. Mo go Jehofa dinonofo tse pedi tseo di lekalekana ka tsela e e feletseng. Di a thusana fela jaaka di lekalekana—e bile di lekalekanngwa ke dinonofo tse dingwe tsa ga Jehofa tse di jaaka lorato le botlhale.