Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O ka Falola Jang Bokhutlo Jwa Lefatshe Leno?

O ka Falola Jang Bokhutlo Jwa Lefatshe Leno?

O ka Falola Jang Bokhutlo Jwa Lefatshe Leno?

BAEBELE e tlhalosa bokhutlo jwa tsamaiso ya gone jaanong ya dilo e re ke “letsatsi la tšhakgalo, letsatsi la matshwenyego le la tlalelo e e mahehe, letsatsi la matsubutsubu le la kgakgabalo, letsatsi la lefifi le la letobo, letsatsi la maru le letobo le lentshontsho.” (Sefania 1:15) Kwantle ga pelaelo letsatsi la mofuta ono ga se letsatsi le o ka shwegashwegang pelo gore le fitlhe! Le fa go ntse jalo, moaposetoloi Petere o ne a kgothatsa Bakeresete mmogo le ene gore ba nne ba ‘letetse e bile ba ntse ba akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa, le mo go lone magodimo ka a tla bo a le mo molelong a tla nyerologang le dilo tse di a bopang ka di tla bo di le mogote thata di tla nyerologang! Mme go na le magodimo a masha le lefatshe le lesha tse re di letetseng go ya ka tsholofetso ya gagwe, mme ruri go tla nna tshiamo mo go tsone.’—2 Petere 3:12, 13.

Fano, Petere o ne a sa bue ka go senngwa ga magodimo le lefatshe tsa mmatota. “Magodimo” le “lefatshe” tse Petere a neng a bua ka tsone mo ditemaneng tse di dikologileng eno di tshwantshetsa dipuso tse di bosula tsa batho tsa gone jaanong le setšhaba sa batho ba ba boikepo. “Letsatsi la ga Jehofa” ga le na go senya lefatshe ka bolone mme le tla ‘nyeletsa baleofi ba lefatshe mo go lone.’ (Isaia 13:9) Ka jalo, letsatsi la ga Jehofa e tla nna letsatsi la poloko mo bathong ba ba “fegelwang le ba ba sonelang ka ntlha ya dilo tsotlhe tse di makgapha” tse di dirwang mo setšhabeng sa gompieno se se boikepo sa batho.—Esekiele 9:4.

Ka jalo he, motho o ka bolokwa jang mo ‘letsatsing le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa?’ “Lefoko la ga Jehofa” le le senoletsweng mongwe wa baporofeti ba gagwe le re naya karabo ya potso eo: “Go tla diragala gore mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla falola.” (Joele 1:1; 2:31, 32) Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa go ithuta se go bitsa leina la ga Jehofa go se rayang.