Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Boeteledipele jo bo Molemo—Re ka Bo Bona Kae?

Boeteledipele jo bo Molemo—Re ka Bo Bona Kae?

Boeteledipele jo bo Molemo—Re ka Bo Bona Kae?

BAEBELE ya re: “Ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.” (Bahebera 3:4; Tshenolo 4:11) E re ka Modimo wa boammaaruri Jehofa e le Mmopi wa rona, o “itse popego ya rona sentle.” (Pesalema 103:14) O itse ditlhaelo tsa rona le dilo tse re di tlhokang sentle. Mme e re ka e le Modimo yo o lorato, o batla go re tlamela ka dilo tse re di tlhokang. (Pesalema 145:16; 1 Johane 4:8) Seno se akaretsa le go tlhoka ga rona boeteledipele jo bo molemo.

Jehofa o ne a bolela jaana ka moporofeti Isaia: “Bona! Ke mo neile go nna mosupi mo ditlhopheng tsa ditšhaba, jaaka moeteledipele le molaodi mo ditlhopheng tsa ditšhaba.” (Isaia 55:4) Go rarabolola bothata jo bo leng teng gompieno jwa boeteledipele go akaretsa gore re itse Moeteledipele yono—yo o tlhomilweng ke Mothatayotlhe ka boene—le go amogela boeteledipele jwa gagwe. Ka gone, Moeteledipele le Molaodi yo go boleletsweng pele ka ene ke mang? Ke eng se se dirang gore a tshwanelege go nna moeteledipele? O tla re etelela pele kae? Re tshwanetse go dira eng gore re solegelwe molemo ke boeteledipele jwa gagwe?

Moeteledipele yo o Solofeditsweng o a Fitlha

Dingwaga tse di ka nnang 2 500 tse di fetileng, moengele Gabariele o ne a itlhagisa mo go moporofeti Daniele mme a mo raya a re: “O itse o bo o nne le temogo gore go simolola ka nako e lefoko le tswang ka yone la go tsosolosa le go aga Jerusalema sesha go fitlha Mesia, Moeteledipele a goroga, e tla nna dibeke di supa, le dibeke di le masome a marataro le bobedi. O tla boa mme a agiwe sesha, a na le patlelo le mosele, mme e le mo metlheng e e thata.”—Daniele 9:25.

Kwantle ga pelaelo, moengele o ne a itsise Daniele ka nako e e kgethegileng e Moeteledipele yo o tlhophilweng ke Jehofa a tla tlang ka yone. ‘Moeteledipele Mesia’ o ne a tla tlhaga kwa bofelong jwa dibeke tse 69, kana dingwaga di le 483, fa go balwa go tloga ka 455 B.C.E., nako e go neng ga ntshiwa taelo ya gore go agiwe Jerusalema sesha ka yone. * (Nehemia 2:1-8) Go ne ga diragala eng kwa bofelong jwa nako eo? Mokwadi wa Efangele Luke o tlhalosa jaana: “Mo ngwageng wa bolesome le botlhano wa puso ya ga Tiberio Kaesara, fa Ponto Pilato a ne a le molaodi wa Judea, mme Herode a ne a le mmusi wa kgaolo ya Galalea [29 C.E.], . . . Polelo ya Modimo ya tla mo go Johane morwa Sekarea kwa nageng. Jalo a tla mo nageng yotlhe e e dikologileng Joredane, a rera kolobetso e le tshwantshetso ya boikwatlhao jwa go bona boitshwarelo jwa maleo.” Ka nako eo “batho ba ne ba letile” Moeteledipele Mesia. (Luke 3:1-3, 15) Le mororo boidiidi bo ne jwa tla kwa go Johane, e ne e se ene Moeteledipele.

Mme mo e ka nnang ka October 29 C.E., Jesu wa Nasaretha o ne a tla kwa go Johane gore a kolobediwe. Mme Johane o ne a neela bosupi, a bolela jaana: “Ke ne ka bona moya o fologa jaaka lephoi o tswa legodimong, mme wa nna mo go ene. Le fa e le nna ke ne ke sa mo itse, mme Ene tota yo o nthomileng gore ke kolobetse mo metsing o ne a nthaya a re, ‘Le fa e le mang yo o bonang moya o fologela mo go ene mme o nna mo go ene, yono ke ene yo o kolobetsang ka moya o o boitshepo.’ Mme ke o bone, ka ba ka naya bosupi gore yono ke Morwa Modimo.” (Johane 1:32-34) Ka nako ya fa Jesu a kolobediwa, o ne a nna Moeteledipele yo o tloditsweng—Mesia, kana Keresete.

Ee, “moeteledipele le molaodi mo ditlhopheng tsa ditšhaba” o ne a itshupa e le Jesu Keresete. Mme fa re tlhatlhoba dinonofo tsa gagwe tsa go nna moeteledipele, re lemoga gore boeteledipele jwa gagwe bo feta kgakala se se batlegang gore motho e nne moeteledipele yo o tshwanelegang gompieno.

Mesia—Moeteledipele yo o Tshwanelang

Moeteledipele yo o nang le bokgoni o neela kaelo e e tshwanetseng mme o thusa batho ba a ba tlhokometseng gore ba nne le maatla le bokgoni jwa go ka rarabolola mathata a bone ka katlego. Buka ya 21st Century Leadership: Dialogues With 100 Top Leaders e bolela jaana: ‘Se ke se se batlegang gore moeteledipele a atlege mo lekgolong la bo21 la dingwaga.’ A bo Jesu a ile a thusa bareetsi ba gagwe sentle jang ne gore ba tle ba kgone go lebana le maemo a letsatsi le letsatsi! A ko o akanye fela ka puo ya gagwe e e tumileng—Thero ya mo Thabeng. Mafoko a a kwadilweng mo dikgaolong tsa 5 go ya go 7 tsa Mathaio a tletse ka kgakololo e ntsi e e molemo.

Ka sekai, akanya ka kgakololo ya ga Jesu malebana le go rarabolola dikgotlhang. O ne a re: “Fa, he, o tlisa mpho ya gago kwa sebesong mme o gakologelwa o le koo gore morwarraago o na le sengwe kgatlhanong le wena, tlogela mpho ya gago koo fa pele ga sebeso, mme o tsamaye; agisanya le morwarraago pele, go tswa foo, fa o boile, isa mpho ya gago tshupelo.” (Mathaio 5:23, 24) Go nna wena yo o tsayang kgato pele go dira kagiso le ba bangwe e tshwanetse go nna selo se se tlang pele—le e leng go dira ditiro tsa bodumedi, tse di jaaka go isa dimpho kwa sebesong sa tempele kwa Jerusalema jaaka go ne go bolelwa ke Molao wa ga Moshe. Fa motho a sa dire jalo, Modimo a ka se amogele ditiro tsa gagwe tsa go mo obamela. Kgakololo ya ga Jesu e sa ntse e le mosola gompieno fela jaaka e ne e ntse e le mosola makgolokgolo a dingwaga a a fetileng.

Gape Jesu o ne a thusa bareetsi ba gagwe gore ba tile seru sa boitsholo jo bo sa siamang. O ne a ba kgothatsa jaana: “Lo utlwile gore go ne ga twe, ‘O se ka wa dira boaka.’ Mme nna ke lo raya ke re mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.” (Mathaio 5:27, 28) A bo e le tlhagiso e e tshwanelang jang ne! Ke eng fa re tshwanetse go itsenya mo kotsing ya go wela mo boitsholong jo bo sa siamang ka go akanya ka jone? Jesu o ne a bolela gore boaka le kgokafalo di tswa mo pelong. (Mathaio 15:18, 19) Re tla bo re le botlhale fa re dibela dipelo tsa rona.—Diane 4:23.

Thero ya mo Thabeng e na le kgakololo e nngwe gape e e molemo malebana le gore motho a rate baba ba gagwe, go nna pelotshweu, go nna le pono e e siameng ka dilo tse di bonalang le ka dilo tsa semoya le tse dingwe. (Mathaio 5:43-47; 6:1-4, 19-21, 24-34) Jesu o ile a ba a bontsha bareetsi ba gagwe gore ba ka kopa jang thuso ya Modimo ka go ba ruta gore ba rapele jang. (Mathaio 6:9-13) Moeteledipele Mesia o nonotsha le go tlhomelela balatedi ba gagwe gore ba tle ba kgone go lebana le mathata a batho ba tleng ba kopane le one.

Jesu o simolola polelo ya gagwe ya Thero ya mo Thabeng ka makgetlo a le marataro ka mafoko a a reng “lo utlwile gore go ne go twe” kana “mo godimo ga moo go ne ga twe,” mme go tswa foo a bo a tlhalosa kgopolo e nngwe ka go re “le fa go ntse jalo, nna ke lo raya ke re.” (Mathaio 5:21, 22, 27, 28, 31-34, 38, 39, 43, 44) Se se bontsha gore bareetsi ba gagwe ba ne ba tlwaetse go dira ka tsela e e rileng, go ya ka dingwao tsa Bafarasai tse di sa kwalwang. Mme jaanong Jesu o ne a ba bontsha tsela e e farologaneng—e e neng e supa se tota Molao wa ga Moshe o neng o se bolela. Ka go dira jalo Jesu o ne a dira phetogo, mme o ne a dira seno ka tsela e e neng e le motlhofo gore balatedi ba gagwe ba e amogele. Ee, Jesu o ne a tlhotlheletsa batho go dira diphetogo tse dikgolo mo matshelong a bone, mo semoyeng le mo boitsholong. Se ke letshwao la moeteledipele wa mmatota.

Buka nngwe ya botsamaisi e tlhalosa kafa go leng thata ka teng go dira phetogo e e ntseng jalo. E bolela jaana: “Motho yo o dirang diphetogo [moeteledipele] o tshwanetse go nna le maikutlo a go amega jaaka modirediloago, a nne le temogo jaaka moithutatlhaloganyo, a nne le boitshoko jaaka motabogi wa marathone, a nne le bopelokgale jaaka ntša ya bulldog, go ikemela jaaka moitlhaodi le go nna pelotelele jaaka moitshepi. Mme tota le fa a na le dinonofo tseno tsotlhe, ga a ka ke a tlhomamisa gore o tla atlega.”

Setlhogo sengwe se se neng se re “Boeteledipele: A Dinonofo di Botlhokwa?” se ne sa bolela jaana: “Baeteledipele ba tshwanetse go itshwara ka tsela e ba batlang gore balatedi ba bone ba itshware ka yone.” Ebu, moeteledipele yo o molemo o dira se a se bolelang. A bo seo se ne se le boammaaruri jang ne ka Jesu Keresete! Ee, o ne a ruta ba a neng a na le bone gore ba ikokobetse, mme le ene o ne a ba tlhomela sekao se se molemo ka go ba tlhapisa dinao. (Johane 13:5-15) Ga a ka a roma barutwa ba gagwe fela gore ba ye go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo, mme ene ka boene o ne a dira ka natla mo tirong eo. (Mathaio 4:18-25; Luke 8:1-3; 9:1-6; 10:1-24; Johane 10:40-42) Mme mo kgannyeng ya go ikobela boeteledipele, Jesu o ne a tlhoma sekao. O ne a bolela jaana: “Morwa ga a ka ke a dira selo le fa se le sengwe ka boene fela, fa e se fela se a bonang Rara a se dira.”—Johane 5:19.

Go sekaseka ga rona dilo tse go builweng ka tsone fa godimo malebana le se Jesu a ileng a se bua le go se dira, go bontsha sentle gore ke Moeteledipele yo o tshwanelang. Tota e bile o feta kgakala ditekanyetso tse di beilweng ke batho tsa boeteledipele jo bo molemo. Jesu o itekanetse. E re ka a ile a fiwa bosasweng morago ga loso lwa gagwe le go tsosiwa mo baswing, o tshelela ruri. (1 Petere 3:18; Tshenolo 1:13-18) Ke moeteledipele ofe wa motho yo o ka fitlhelelang ditshwanelego tseno?

Re Tshwanetse go Dira Eng?

E re ka “Mesia Moeteledipele” e le Kgosi e e busang ya Bogosi jwa Modimo, o tla naya batho ba ba kutlo masego a mantsi. Dikwalo di solofetsa jaana malebana le seno: “Lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.” (Isaia 11:9) “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, Ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.” (Pesalema 37:11) “Mongwe le mongwe kafa tlase ga mofine wa gagwe le kafa tlase ga setlhare sa gagwe sa mofeige, mme go tla bo go se na ope yo o ba boifisang.” (Mika 4:4) “Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.”—Tshenolo 21:3, 4.

Lefatshe gompieno le na le bothata jwa boeteledipele. Le fa go ntse jalo, Jesu Keresete o etelela ba ba pelonomi pele go tsena mo lefatsheng le lesha la kagiso, mo batho ba ba kutlo ba tla nnang seoposengwe mo go obameleng Jehofa Modimo mme ba bo ba gatela pele go nna batho ba ba itekanetseng gone. A bo go le botlhokwa jang ne go ipha nako ya go nna le kitso ka Modimo wa boammaaruri le Moeteledipele yo a mo tlhophileng le go dira tumalanong le kitso eo!—Johane 17:3.

Tsela e e molemo go gaisa tsotlhe tse re ka tlotlang motho ka tsone ke ka go mo etsa. Ka jalo, a ga re a tshwanela go etsa moeteledipele yo mogolo go gaisa botlhe mo hisitoring ya batho—Jesu Keresete? Re ka dira jang jalo? Go amogela ga rona boeteledipele jwa gagwe go tla nna le tlhotlheletso efe mo matshelong a rona? Dipotso tseno le tse dingwe di tla sekasekiwa mo ditlhogong tse pedi tse di latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Bona ditsebe 185-92 tsa buka ya Ela Tlhoko Boporofeti Jwa ga Daniele!, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Daniele o ne a bolelela pele ka go tla ga Moeteledipele yo o tlhophilweng ke Modimo

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Dithuto tsa ga Jesu di ne di thusa batho go lebana le mathata a botshelo

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Jesu o tla etelela batho ba ba kutlo pele go tsena mo lefatsheng le lesha la kagiso