Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipokano Tse di re Tlhotlheletsang mo Loratong le mo Ditirong Tse di Molemo

Dipokano Tse di re Tlhotlheletsang mo Loratong le mo Ditirong Tse di Molemo

“Tlang mo go Nna, . . . Mme Ke Tla Lo Lapolosa”

Dipokano Tse di re Tlhotlheletsang mo Loratong le mo Ditirong Tse di Molemo

GO TSWA Toronto go ya Tokyo, go tswa Moscow go ya Montevideo—dimilione tsa Basupi ba ga Jehofa le ditsala tsa bone ba ologela kwa mafelong a bone a kobamelo makgetlo a le mmalwa beke nngwe le nngwe. Mo go bone go na le borramalapa ba ba dirang ka natla, ba ba nang le letsapa morago ga go tlhola letsatsi lotlhe kwa tirong; dinatla tsa basadi ba ba nyetsweng e bile e le bommamalapa ba ba tsamayang le bananyana ba bone; basha ba ba matlhagatlhaga ba ba tlhotseng kwa sekolong; batsofe ba ba bokoa ba ba gogang dinao ka ntlha ya ditlhabi le matlhoko; batlholagadi le masiela a a pelokgale; le ba ba utlwileng botlhoko thata mo maikutlong ba ba tlhokang go gomodiwa.

Basupi bano ba ga Jehofa ba dirisa dipalangwa tse dintsi tse di farologaneng—go tswa go diterena tse di tsamayang ka lobelo lo logolo go ya go ditonki, go tswa go materoko a mannye thata a diterena tse di tsamayang kafa tlase ga lefatshe go ya go dilori tse di rorang dithoto. Bangwe ba tshwanelwa ke go tshela dinoka tse di tletseng dikwena, fa ba bangwe bone ba tshwanelwa ke go itshokela pharakano e e modumo mo ditoropong tse dikgolo. Ke ka ntlha yang fa batho bano botlhe ba iteka ka natla jaana?

Lebaka legolo ke gore go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete le go nna le seabe mo go tsone ke tsela e e botlhokwa ya go obamela Jehofa Modimo. (Bahebera 13:15) Moaposetoloi Paulo o ne a umaka lebaka le lengwe gape fa a ne a kwala jaana: “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona, . . . mme re kgothatsana, mme re dira jalo le go feta e re ka lo bona letsatsi le atamela.” (Bahebera 10:24, 25) Fano, Paulo o ne a bontsha maikutlo a a tshwanang le a mopesalema Dafide a neng a a bontsha fa a ne a opela a re: “Ke ne ka ipela fa ba ne ba nthaya ba re: ‘A re yeng kwa ntlong ya ga Jehofa.’”—Pesalema 122:1.

Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba ipelela go nna gone kwa dipokanong tsa bone? Ka gonne ba ba leng teng mo go tsone ga se babogedi fela. Go na le moo, dipokano di ba naya ditshono tsa go itsane. Se se botlhokwa thata ke gore dipokano tseno di ba naya tshono ya go aba, e seng ya go amogela fela, le ya go tlhotlheletsana go bontsha lorato le go dira ditiro tse di molemo. Seno se thusa go dira gore dipokano e nne dinako tse di kgothatsang. Mo godimo ga moo, dipokano tsa Bokeresete ke nngwe ya ditsela tse ka tsone Jesu a diragatsang tsholofetso ya gagwe e e reng: “Tlang mo go nna, . . . mme ke tla lo lapolosa.”—Mathaio 11:28.

Botshabelo Jwa go Bona Kgomotso le Kutlwelobotlhoko

Basupi ba ga Jehofa ba na le mabaka a a utlwalang a go leba dipokano tsa bone e le tse di lapolosang. Selo sa botlhokwa ke gore kwa dipokanong, “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o ba abela dijo tsa semoya ka nako e e tshwanetseng. (Mathaio 24:45) Gape, dipokano di na le seabe se se botlhokwa mo go direng gore batlhanka ba ga Jehofa ba nne barutisi ba ba ditswerere le ba ba tlhoafetseng ba Lefoko la Modimo. Mo godimo ga moo, kwa Holong ya Bogosi, motho a ka bona setlhopha sa ditsala tse di lorato, tse di kutlwelobotlhoko le tse di amegang ka ba bangwe tse di iketleeleditseng go thusa le go gomotsa ba bangwe ba ba leng mo dinakong tsa matshwenyego.—2 Bakorintha 7:5-7.

Seno ke se se neng sa diragalela Phillis, motlholagadi yo o neng a swelwa ke monna wa gagwe fa ngwana wa gagwe a ne a le dingwaga di le tlhano mme yo mongwe a le dingwaga di le robedi. Fa a tlhalosa kafa dipokano tsa Bokeresete di neng di mo lapolosa ka gone ene le bananyana ba gagwe, o ne a re: “Go ya kwa Holong ya Bogosi go ne go gomotsa ka gonne badumedi ka rona ba ne ba re bontsha lorato le kutlwelobotlhoko ka metlha ka go re tlamparela, ka temana nngwe ya Dikwalo kgotsa ka go re tshwara ka seatla se se botsalano. Ke lefelo le ke neng ke batla go ya kwa go lone ka metlha.”—1 Bathesalonika 5:14.

Fa Marie a sena go dirwa karo e kgolo, ngaka ya gagwe e ne ya mmolelela gore o ne a tla fola morago ga dibeke di ka nna thataro. Mo dibekeng tsa gagwe tsa ntlha tsa fa a ntse a fola, Marie o ne a sa kgone go ya dipokanong. Ngaka ya gagwe e ne ya lemoga gore o ne a sa tlhole a itumetse jaaka pele. E ne ya re fa a lemoga gore o ne a sa ye dipokanong, a mo kgothaletsa go ya. Marie o ne a araba ka gore monna wa gagwe, yo a neng a se mo bodumeding jo bo tshwanang le jwa gagwe, o ne a ka se rate go mo letla go ya dipokanong ka ntlha ya botsogo jwa gagwe. Ka jalo ngaka e ne ya mo kwalela lekwalo la ngaka e “laela” gore Marie a ye kwa Holong ya Bogosi gore a tle a kgothadiwe le go ipelela botsalano jo bo agang. Marie o konela jaana: “Ke ne ka ikutlwa botoka thata fa ke sena go ya dipokanong tsa ntlha morago ga moo. Ke ne ka simolola go ja, ke ne ke kgona go robala bosigo jotlhe, ke ne ke sa tlhoke go nwa melemo ya ditlhabi gangwe le gape, e bile ke ne ke itumetse gape!”—Diane 16:24.

Batho ba ba kwa ntle le bone ba lemoga tsela e e lorato e batho ba tshwaranang ka yone kwa dipokanong tsa Bokeresete. Moithuti mongwe wa kwa kholetšheng o ne a tlhopha go ela Basupi ba ga Jehofa tlhoko gore a tle a kwale tlhatlhobo e e kaga thutaditso. O ne a kwala jaana mo pampiring ya gagwe malebana le tsela e batho ba tshwaranang ka yone kwa dipokanong: “[Ke ne ka] kgatlhwa thata . . . ke tsela e e lorato e ke neng ka amogelwa ka yone. . . . Botsalano jwa Basupi ba ga Jehofa e ne e le nonofo e e tlhomologileng thata e ke e tsayang e le yone e e botlhokwa mo go bone.”—1 Bakorintha 14:25.

Mo lefatsheng leno le le tletseng matshwenyego, phuthego ya Bokeresete ke lefelo la semoya la botshabelo. Ke lefelo la kagiso le lorato. Fa o le kwa dipokanong, o tla iponela boammaaruri jwa mafoko a ga mopesalema a a reng: “Bona! Abo go le molemo jang e bile go itumedisa jang ne fa barwarramotho ba nna mmogo ka kutlwano!”—Pesalema 133:1.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 25]

GO THUSA BA BA TLHOKANG THUSO E E KGETHEGILENG

Bosusu ba ka solegelwa molemo jang ke dipokano tsa Bokeresete? Basupi ba ga Jehofa ba tlhoma diphuthego tse di dirisang puo ya diatla mo lefatsheng lotlhe. Mo dingwageng di le 13 tse di fetileng, go ile ga tlhongwa diphuthego di le 27 tse di dirisang puo ya diatla le ditlhopha di le 43 tse di dirisang puo ya diatla kwa United States. Mo dinageng tse dingwe di ka nna 40, go na le diphuthego di ka nna 140 jaanong tse di dirisang puo ya diatla. Go dirilwe dikgatiso tsa Bokeresete tsa bidio ka dipuo tsa diatla di le 13.

Phuthego ya Bokeresete e naya bosusu tshono ya go baka Jehofa. Odile, yo pele a neng a tsena kereke ya Katoliki kwa Fora, yo o neng a ile a nna le bothata jo bogolo jwa go tshwenyega thata mo maikutlong e bile a kile a akanya ka go ipolaya, o itumelela thata thuto ya Baebele e a e amogetseng kwa dipokanong tsa Bokeresete. O bolela jaana: “Ke ne ka boa gape ka ipelela botsogo jo bo siameng le boitumelo mo botshelong. Mme mo godimo ga tsotlhe, ke bone boammaaruri. Botshelo jwa me bo na le boikaelelo jaanong.”