Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A bosaitekanelang jwa ga Marea wa kgarebane bo ile jwa nna le diphelelo tse di sa siamang mo go imiweng ga ga Jesu?

Malebana le “go tsholwa ga ga Jesu,” pego e e tlhotlheleditsweng e bolela jaana: “Ka nako ya fa mmaagwe e bong Marea a ne a solofeditswe lenyalo ke Josefa, o ne a fitlhelwa a imile ka moya o o boitshepo pele ga ba tshwaraganngwa.” (Mathaio 1:18) Eleruri, moya o o boitshepo wa Modimo o ne wa nna le seabe se segolo mo go imeng ga ga Marea.

Le fa go ntse jalo, go tweng ka Marea? A lee la gagwe le ne la nna le seabe sepe mo go imeng ga gagwe? Fa re akanya ka ditsholofetso tse Modimo a neng a di dira mo go Aborahame, Isake, Jakobe, Juda le Kgosi Dafide—bagologolo ba ga Marea—ngwana yo o neng a tla tsholwa o ne a tla tshwanelwa ke gore e nne setlogolwana sa bone sa mmatota. (Genesise 22:18; 26:24; 28:10-14; 49:10; 2 Samuele 7:16) Ngwana yo o neng a tla belegwa ke Marea o ne a tla nna moruaboswa yo o tshwanetseng wa ditsholofetso tseo tsa Modimo jang? O ne a tla tshwanelwa ke go nna morwawe wa mmatota.—Luke 3:23-34.

Moengele wa ga Jehofa o ne a bonala mo go Marea wa kgarebane, a mo raya a re: “Se boife, Marea, gonne o bone kamogelo mo Modimong; mme, bona! o tla ithwala mo sebopelong sa gago o bo o tshola ngwana wa mosimane, mme o mo reye leina o re Jesu.” (Luke 1:30, 31) Gore motho a ime, lee la gagwe le tshwanetse go siamela go ima pele. Go bonala Jehofa Modimo a ile a dira gore lee le le mo popelong ya ga Marea le siamele go ima, a dira seno ka go fetisetsa botshelo jwa Morwawe yo o tsetsweng a le esi go tswa kwa lefelong la semoya go tla mo lefatsheng.—Bagalatia 4:4.

A ngwana yo o imilweng ka tsela eno ke mosadi yo o sa itekanelang a ka nna ngwana yo o itekanetseng yo o se nang boleo? Melao ya segotso e bereka jang fa boitekanelo bo kopana le bosaitekanelang? Gakologelwa gore moya o o boitshepo o ne wa dirisiwa go fetisetsa maatla a botshelo a a itekanetseng a Morwa Modimo mo go Marea mme a ima. Seno se ne sa phimola bosaitekanelang bope fela jo bo neng bo le teng mo leeng la ga Marea, ka go rialo a tlhagisa dijini tse di itekanetseng go tloga fela kwa tshimologong.

Go sa kgathalesege gore lee la ga Marea le ne la imisiwa ka tsela efe, re ka tlhomamisega gore go dira ga moya o o boitshepo wa Modimo ka nako eo go ne ga tlhomamisa gore boikaelelo jwa Modimo bo diragale. Moengele Gabariele o ne a ile a tlhalosetsa Marea jaana: “Moya o o boitshepo o tla tla mo go wena, le maatla a Mogodimodimo a tla go okama. Ka lebaka leo le se se tsalwang se tla bidiwa boitshepo, Morwa Modimo.” (Luke 1:35) Ee, moya o o boitshepo wa Modimo o ne wa dira legora, jaaka fa re ne re ka bolela jalo, gore go se ka ga tsena bosaitekanelang bope kgotsa diphelelo dipe tse di sa siamang tse di neng di ka leswafatsa ngwana yo o golang go tloga ka nako ya fa a imiwa.

Go phepafetse gore botshelo jo bo itekanetseng jwa ga Jesu bo ne bo tswa kwa go Rraagwe wa selegodimo, e seng mo mothong ope. Jehofa ‘o ne a mmaakanyetsa mmele,’ mme Jesu—go simolola ka go imiwa ga gagwe go ya pele—ruri “o ne a sa leswafala, a lomologane le baleofi.”—Bahebera 7:26; 10:5.

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

“O tla ithwala mo sebopelong sa gago o bo o tshola ngwana wa mosimane”