Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Keresete o Etelela Phuthego ya Gagwe Pele

Keresete o Etelela Phuthego ya Gagwe Pele

Keresete o Etelela Phuthego ya Gagwe Pele

“Bonang! ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.”—MATHAIO 28:20.

1, 2. (a) Fa Jesu yo o tsositsweng a ne a naya taelo ya go dira barutwa, o ne a solofetsa balatedi ba gagwe eng? (b) Jesu o ne a etelela pele jang phuthego ya bogologolo ya Bokeresete ka tlhoafalo?

PELE Moeteledipele wa rona yo o tsositsweng e bong Jesu Keresete a tlhatlogela legodimong, o ne a bonala fa pele ga barutwa ba gagwe mme a re: “Taolo yotlhe ke e neilwe kwa legodimong le mo lefatsheng. Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng. Mme, bonang! ke na le lona malatsi otlhe go fitlha bokhutlong jwa tsamaiso eno ya dilo.”—Mathaio 23:10; Mathaio 28:18-20.

2 Jesu o ne a abela barutwa ba gagwe tiro e e bolokang botshelo ya go dira barutwa ba bangwe mme mo godimo ga moo a ba solofetsa gore o tla nna le bone. Hisitori ya Bokeresete jwa bogologolo, jaaka e kwadilwe mo bukeng ya Baebele ya Ditiro, e bontsha ntle le pelaelo epe gore Keresete o ne a dirisa taolo e a e neilweng go etelela pele phuthego e e neng e sa tswa go tlhomiwa. O ne a romela “mothusi” yo o neng a solofeditswe—moya o o boitshepo—gore o nonotshe balatedi ba gagwe le go kaela maiteko a bone. (Johane 16:7; Ditiro 2:4, 33; 13:2-4; 16:6-10) Jesu yo o tsositsweng o ne a dirisa baengele ba a neng a ba laela gore ba tshegetse barutwa ba gagwe. (Ditiro 5:19; 8:26; 10:3-8, 22; 12:7-11; 27:23, 24; 1 Petere 3:22) Mo godimo ga moo, Moeteledipele wa rona o ne a kaela phuthego ka go rulaganya gore banna ba ba tshwanelegang ba direle e le setlhopha se se laolang.—Ditiro 1:20, 24-26; 6:1-6; 8:5, 14-17.

3. Ke dipotso dife tse di tla tlotliwang mo setlhogong seno?

3 Le fa go ntse jalo, go tweng ka motlha wa rona, ‘bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo’? Jesu Keresete o etelela phuthego ya Bokeresete pele jang gompieno? Mme re ka bontsha jang gore re dumela go etelelwa pele ke ene?

Mong O na Le Motlhanka yo o Boikanyego

4. (a) Ke bomang ba ba bopang setlhopha sa “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale”? (b) Mong o neile motlhanka go tlhokomela eng?

4 Fa Jesu a ne a neela boporofeti kaga sesupo sa go nna gone ga gagwe, o ne a re: “Tota motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale ke mang yo mong wa gagwe a neng a mo tlhoma gore a okamele ba ntlo ya gagwe, go ba naya dijo tsa bone ka nako e e tshwanetseng? Go itumela motlhanka yoo yo fa mong wa gagwe a goroga a mo fitlhelang a dira jalo! Ammaaruri ke a lo raya, O tla mo tlhoma gore a okamele dilo tsa gagwe tsotlhe.” (Mathaio 24:45-47) “Mong” ke Moeteledipele wa rona, Jesu Keresete, mme o tlhomile “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale”—setlhopha sa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba mo lefatsheng—gore a okamele dilo tsa gagwe tsotlhe tse di mo lefatsheng.

5, 6. (a) Mo ponatshegelong e moaposetoloi Johane a neng a nna le yone, “ditlhomo tsa lobone tsa gouta tse supa” le “dinaledi tse supa” di tshwantshetsa eng? (b) Ke eng se se supiwang ke gore “dinaledi tse supa” di mo seatleng sa ga Jesu sa moja?

5 Buka ya Baebele ya Tshenolo e bontsha gore motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale o laolwa ke Jesu Keresete ka tlhamalalo. Mo ponatshegelong ya mo “letsatsing la Morena,” moaposetoloi Johane o ne a bona “ditlhomo tsa lobone tsa gouta di le supa, mme mo gare ga ditlhomo tsa lobone ga bo go le mongwe yo o tshwanang le morwa motho” yo “mo seatleng sa gagwe sa moja [a neng] a tshotse dinaledi di le supa.” Fa Jesu a tlhalosetsa Johane ponatshegelo o ne a re: “Mme ka sephiri se se boitshepo sa dinaledi tse supa tse o di boneng mo seatleng sa me sa moja, le sa ditlhomo tsa lobone tsa gouta tse supa: Dinaledi tse supa di kaya baengele ba diphuthego tse supa, mme ditlhomo tsa lobone tse supa di kaya diphuthego tse supa.”—Tshenolo 1:1, 10-20.

6 “Ditlhomo tsa lobone tsa gouta tse supa” di tshwantshetsa diphuthego tsotlhe tsa boammaaruri tsa Bakeresete tse di leng teng “mo letsatsing la Morena,” le le simologileng ka 1914. Mme go tweng ka “dinaledi tse supa”? La ntlha, di ne di tshwantshetsa balebedi botlhe ba ba tsetsweng ka moya ba ba tloditsweng ba ba neng ba tlhokometse diphuthego tsa lekgolo la ntlha la dingwaga. * Balebedi ba ne ba le mo seatleng sa ga Jesu sa moja—kafa tlase ga taolo ya gagwe le kaelo ya gagwe. Ee, Keresete Jesu o ne a eteletse pele setlhopha se se feletseng sa motlhanka. Le fa go ntse jalo, jaanong balebedi ba ba tloditsweng ba mmalwa ka palo. Boeteledipele jwa ga Keresete bo fitlha jang kwa diphuthegong tsa Basupi ba ga Jehofa tse di fetang 93 000 mo lefatsheng lotlhe?

7. (a) Jesu o dirisa jang Setlhopha se se Laolang go etelela pele diphuthego tse di mo lefatsheng lotlhe? (b) Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore balebedi ba Bakeresete ba tlhomiwa ka moya o o boitshepo?

7 Fela jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, setlhopha se sennye sa batho ba ba tshwanelegang go tswa mo balebeding ba ba tloditsweng jaanong ba direla e le Setlhopha se se Laolang, ba emela setlhopha sotlhe sa motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. Moeteledipele wa rona o dirisa Setlhopha se se Laolang seno go tlhoma banna ba ba tshwanelegang—e ka tswa e le ba ba tloditsweng ka moya kgotsa nnyaa—gore e nne bagolwane mo diphuthegong. Mo ntlheng eno, moya o o boitshepo, o Jehofa a neileng Jesu taolo ya go o dirisa, o na le seabe sa botlhokwa. (Ditiro 2:32, 33) Sa ntlha, balebedi bano ba tshwanetse ba fitlhelela dilo tse di batlegang tse di kwadilweng mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng ke moya o o boitshepo. (1 Timotheo 3:1-7; Tito 1:5-9; 2 Petere 1:20, 21) Batho ba buelelwa le go tlhomiwa morago ga thapelo e bile e le ka kaelo ya moya o o boitshepo. Mo godimo ga moo, batho ba ba tlhomilweng ba naya bosupi jwa gore ba ungwa maungo a moya. (Bagalatia 5:22, 23) Kgakololo ya ga Paulo he, e dira le mo bagolwaneng botlhe, e ka tswa e le ba ba tloditsweng kgotsa ba sa tlodiwa: “Itlhokomeleng lo bo lo tlhokomele letsomane lotlhe, le moya o o boitshepo o lo tlhomileng balebedi mo go lone.” (Ditiro 20:28) Banna bano ba ba tlhomilweng ba newa kaelo ke Setlhopha se se Laolang e bile ba disa phuthego ka go rata. Ka tsela eno, Keresete o na le rona gone jaanong e bile o etelela phuthego pele ka tlhoafalo.

8. Keresete o dirisa baengele jang go etelela balatedi ba gagwe pele?

8 Gape Jesu o dirisa baengele tota go etelela balatedi ba gagwe pele gompieno. Go ya ka setshwantsho sa korong le mefero, nako ya thobo e ne e tla tla ka “bokhutlo jwa tsamaiso ya dilo.” Mong o ne a tla dirisa mang go roba? Keresete o ne a re, “barobi ke baengele.” O ne a oketsa jaana: “Morwa motho o tla romela baengele ba gagwe, mme ba tla phutha go tswa mo bogosing jwa gagwe dilo tsotlhe tse di kgopang le batho ba ba sa direng kafa molaong.” (Mathaio 13:37-41) Mo godimo ga moo, fela jaaka moengele a ne a kaela dikgato tsa ga Filipo gore a bone moopafadiwa wa Moethiopia, go na le bosupi jo bontsi le gompieno jwa gore Keresete o dirisa baengele ba gagwe go kaela tiro ya Bakeresete ba boammaaruri ya go bona batho ba ba dipelo di ikanyegang.—Ditiro 8:26, 27; Tshenolo 14:6.

9. (a) Keresete o etelela phuthego ya Bokeresete a dirisa eng gompieno? (b) Ke potso efe e re tshwanetseng ra e akanyetsa fa re batla go solegelwa molemo ke boeteledipele jwa ga Keresete?

9 A bo go kgothatsa jang ne go itse gore Jesu Keresete o etelela barutwa ba gagwe pele gompieno ka Setlhopha se se Laolang, moya o o boitshepo le baengele! Le fa go ne go ka direga gore ka nakwana bangwe ba baobamedi ba ga Jehofa ba se ka ba kgona go ikgolaganya le Setlhopha se se Laolang ka ntlha ya pogiso kana sengwe se se ntseng jalo, Keresete o ne a ntse a tla etelela pele ka moya o o boitshepo le ka tshegetso ya baengele. Le fa go ntse jalo, re solegelwa molemo ke boeteledipele jwa gagwe fa fela re bo amogela. Re ka bontsha jang gore ruri re amogela boeteledipele jwa ga Keresete?

“Utlwang . . . Lo Ikobe”

10. Re ka bontsha jang gore re tlotla bagolwane ba ba tlhomilweng mo phuthegong?

10 Moeteledipele wa rona o neile diphuthego “dimpho tse e leng banna”—“bangwe go nna baefangedi, bangwe go nna badisa le barutisi.” (Baefeso 4:8, 11, 12) Boikutlo jwa rona ka bone le ditiro tsa rona di senola sentle gore a re amogela boeteledipele jwa ga Keresete. Go matshwanedi gore re ‘itshupe re na le tebogo’ ka banna bano ba ba tshwanelegang semoyeng ba Keresete a ba tlhomileng. (Bakolosa 3:15) Gape ba tshwanelwa ke gore re ba tlotle. “A banna ba bagolwane ba ba okamelang ka tsela e e molemo ba kaiwe ba tshwanelwa ke tlotlo e e menaganeng sebedi,” go ne ga kwala jalo moaposetoloi Paulo. (1 Timotheo 5:17) Re ka bontsha jang go leboga le go tseela banna ba bagolwane kwa godimo—bagolwane, kgotsa balebedi—mo phuthegong? Paulo o araba jaana: “Utlwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona mme lo ikobe.” (Bahebera 13:17) Ee, re tshwanetse ra ba utlwa le go ba ikobela, ra ineela mo go bone.

11. Ke ka ntlha yang fa go tlotla thulaganyo ya bagolwane e le karolo ya go tshela tumalanong le kolobetso ya rona?

11 Moeteledipele wa rona o itekanetse. Banna ba a re ba fileng e le dimpho ga ba a itekanela. Ka jalo ba ka dira diphoso ka dinako tse dingwe. Le fa go ntse jalo, go botlhokwa gore re nne re ikanyega mo thulaganyong ya ga Keresete. E bile tota, go tshela tumalanong le boineelo jwa rona le kolobetso go kaya gore re dumela gore batho ba ba tlhomilweng ka moya mo phuthegong gore ba nne le taolo ba a tshwanelega e bile re ineela mo taolong ya bone ka go rata. Go kolobediwa ga rona ‘mo leineng la moya o o boitshepo’ ke polelo ya phatlalatsa ya gore re dumela gore moya o o boitshepo o teng e bile re amogela seabe sa one mo maikaelelong a ga Jehofa. (Mathaio 28:19) Kolobetso e e ntseng jalo e bontsha gore re dirisana le moya e bile ga re dire sepe go kgoreletsa go dira ga one mo balateding ba ga Keresete. E re ka moya o o boitshepo o na le seabe sa botlhokwa mo go buelelweng le mo go tlhomiweng ga bagolwane, a ruri re ka re re tshela tumalanong le boineelo jwa rona fa re sa tsamaisane le thulaganyo ya bagolwane mo phuthegong?

12. Jude o ntsha dikai dife tse di malebana le go sa tlotle taolo, mme di re ruta eng?

12 Dikwalo di na le dikai tse di re rutang mosola wa go utlwa le go ikoba. Morutwa Jude o ne a umaka dikai tse tharo tsa tlhagiso fa a ne a bua ka batho ba ba neng ba bua bosula ka banna ba ba tlhomilweng mo phuthegong, a re: “A bo go latlhega bone, ka gonne ba tsamaile mo tseleng ya ga Kaine, e bile ba itlhaganeletse mo tselaneng ya tlolo ya ga Balaame gore ba bone maduo, mme ba nyeletse mo puong ya botsuolodi ya ga Kora!” (Jude 11) Kaine o ne a tlhokomologa kgakololo e e lorato ya ga Jehofa mme a itlhophela go diragatsa letlhoo ka go bolaya motho. (Genesise 4:4-8) Le fa Balaame a ne a amogetse ditlhagiso tsa Modimo kgapetsakgapetsa, o ne a leka go hutsa batho ba Modimo gore a bone tuelo. (Dipalo 22:5-28, 32-34; Duteronome 23:5) Kora o ne a na le maemo a a tlotlegang mo Iseraele, mme o ne a sa kgotsofala. O ne a rotloetsa batho gore ba tsuologele motlhanka wa Modimo Moshe, monna yo o boikokobetso thata go gaisa batho botlhe mo lefatsheng. (Dipalo 12:3; 16:1-3, 32, 33) Kaine, Balaame le Kora ba ne ba welwa ke masetlapelo. A bo dikai tseno di re ruta sentle jang ne go reetsa kgakololo ya batho ba Jehofa a ba dirisang mo maemong a a nang le maikarabelo le go ba tlotla!

13. Moporofeti Isaia o ne a bolelela pele masego afe a a tla tlelang batho ba ba ineelang mo thulaganyong ya bagolwane?

13 Ke mang mo gare ga rona yo o neng a ka se batle go solegelwa molemo ke thulaganyo e e molemolemo ya bolebedi e Moeteledipele wa rona a e tlhomileng mo phuthegong ya Bokeresete? Moporofeti Isaia o ne a bolelela pele masego a gone, a re: “Bona! Kgosi e tla busa gore go nne le tshiamo; mme fa e le dikgosana, di tla busa e le dikgosana gore go nne le tshiamiso. Mme mongwe le mongwe o tla nna jaaka lefelo la go iphitlhela phefo le lefelo la go iphitlhela pula ya matsubutsubu, jaaka melatswana ya metsi mo nageng e e se nang metsi, jaaka moriti wa lefika le legolo thata mo lefatsheng le le omileng.” (Isaia 32:1, 2) Mogolwane mongwe le mongwe o tshwanetse a nna “lefelo” le le ntseng jalo la tshireletsego le pabalesego. Tota le fa go ka se nne motlhofo ka rona gore re ineele mo taolong, a re lekeng ka thapelo go nna kutlo le go ikobela taolo e e beilweng ke Modimo mo phuthegong.

Kafa Bagolwane ba Ineelang ka Teng mo Boeteledipeleng Jwa ga Keresete

14, 15. Ba ba etelelang pele mo phuthegong ba bontsha jang gore ba ineetse mo boeteledipeleng jwa ga Keresete?

14 Mokeresete mongwe le mongwe—segolobogolo bagolwane—o tshwanetse a latela boeteledipele jwa ga Keresete. Balebedi, kgotsa bagolwane, ba na le selekanyo se se rileng sa taolo mo phuthegong. Mme ga ba leke go nna ‘beng ba tumelo ya badumedi ka bone’ ka go leka go laola matshelo a bone. (2 Bakorintha 1:24) Bagolwane ba tsaya tsia mafoko ano a ga Jesu: “Lo a itse gore babusi ba ditšhaba ba rena mo go bone le banna ba bagolo ba dirisa taolo mo go bone. Ga go a nna jalo mo go lona.” (Mathaio 20:25-27) Fa bagolwane ba ntse ba leka go diragatsa boikarabelo jwa bone, ba leka ka pelo yotlhe go direla ba bangwe.

15 Bakeresete ba rotloediwa jaana: “Gakologelwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona, . . . mme e re lo akanya kafa boitshwaro jwa bone bo felelang ka gone lo etse tumelo ya bone.” (Bahebera 13:7) Seno ga se batliwe ka gonne bagolwane e le baeteledipele. Jesu o ne a re: “Moeteledipele wa lona o mongwe, e bong Keresete.” (Mathaio 23:10) Tumelo ya bagolwane ke yone e tshwanetseng ya ediwa ka gonne ba etsa Moeteledipele wa rona wa mmatota, Keresete. (1 Bakorintha 11:1) Akanya ka ditsela dingwe tse bagolwane ba lekang go tshwana le Keresete ka tsone fa ba dirisana le ba bangwe mo phuthegong.

16. Le fa Jesu a ne a na le taolo, o ne a tshwara balatedi ba gagwe jang?

16 Le fa Jesu a ne a le mo maemong a ka ditsela tsotlhe a fetang a batho ba ba sa itekanelang e bile a na le taolo e e sa tshwaneng le ya ope e a e filweng ke Rraagwe, o ne a le boingotlo fa a dirisana le barutwa ba gagwe. O ne a sa sere bareetsi ba gagwe ka go bontsha kitso ya gagwe ka tsela e e feteletseng. Jesu o ne a bontsha gore o amega ka balatedi ba gagwe e bile a ba utlwela botlhoko, a akanyetsa dilo tse ba di tlhokang jaaka batho. (Mathaio 15:32; 26:40, 41; Mareko 6:31) O ne a se ke a batla barutwa ba gagwe ba dira se ba ka se kgoneng go se dira, e bile o ne a se ke a ba naya maikarabelo a ba ka se kgoneng go a sikara. (Johane 16:12) Jesu o ne a le “bonolo e bile [a le] boikokobetso mo pelong.” Ka jalo, ga go gakgamatse go bo ba le bantsi ba ne ba fitlhela a lapolosa.—Mathaio 11:28-30.

17. Bagolwane ba tshwanetse ba bontsha jang boingotlo jo bo tshwanang le jwa ga Keresete mo tseleng e ba dirisanang ka yone le ba bangwe mo phuthegong?

17 Fa Keresete Moeteledipele a bontshitse boingotlo, a bo ba ba eteletseng phuthego pele ba tshwanetse ba bo bontsha le go feta jang ne! Ee, ba kelotlhoko gore taolo epe e ba e neilweng ba se ka ba e dirisa botlhaswa. Le gone ga ba tle “ka puo e e feteletseng,” ba leka go kgatlha ba bangwe. (1 Bakorintha 2:1, 2) Go na le moo, ba leka go bua mafoko a boammaaruri jwa Dikwalo ka tsela e e motlhofo le ka bopeloephepa. Mo godimo ga moo, bagolwane ba leka go nna tekatekano ka se ba se lebeletseng mo go ba bangwe e bile ba akanyetsa dilo tse ba di tlhokang. (Bafilipi 4:5) E re ka ba lemoga gore mongwe le mongwe o na le fa a tlhaelang teng, ka lorato ba akanyetsa ditlhaelo tseno fa ba dirisana le bakaulengwe ba bone. (1 Petere 4:8) A mme bagolwane ba ba ikokobeditseng le ba ba bonolo ga ba lapolose e le tota? Ba a lapolosa ruri.

18. Bagolwane ba ka ithuta eng mo tseleng e Jesu a neng a tshwara bana ka yone?

18 Jesu o ne a atamelesega bonolo mo le bana ba bannye tota ba neng ba kgona go bua le ene. Ela tlhoko kafa a ileng a arabela ka teng fa barutwa ba gagwe ba ne ba kgalemela batho ba ba neng ba “mo tlisetsa bana ba babotlana.” Jesu o ne a re: “Lesang bana ba babotlana ba tle kwa go nna; lo se ka lwa leka go ba thiba.” Foo “a tsaya bana ka mabogo mme a simolola go ba segofatsa, a ba baya diatla.” (Mareko 10:13-16) Jesu o ne a le lorato e bile a le pelonomi, mme ba bangwe ba ne ba mo rata. Batho ba ne ba sa tshabe Jesu. Tota le bana ba ne ba gololesega fa ba na le ene. Bagolwane le bone ba motlhofo go ba atamela, mme fa ba ntse ba bontsha lorato le bopelonomi, ba bangwe—le bana tota—ba ikutlwa ba gololesegile fa ba na le bone.

19. Go nna le “mogopolo wa ga Keresete” go akaretsa eng, mme go tlhoka maiteko afe?

19 Selekanyo se bagolwane ba ka kgonang go etsa sekao sa ga Keresete Jesu ka sone se ikaegile ka gore ba mo itse go le kana kang. Paulo o ne a botsa a re: “Ke mang yo o itseng mogopolo wa ga Jehofa, gore a tle a mo laye?” A bo a oketsa a re: “Mme rona re na le mogopolo wa ga Keresete.” (1 Bakorintha 2:16) Go nna le mogopolo wa ga Keresete go akaretsa go itse tsela e a akanyang ka yone le go itse botho jwa gagwe jotlhe gore re itse se a ka se dirang mo maemong a a rileng. Akanya fela re itse Moeteledipele wa rona sentle jalo! Ee, seno se tlhoka gore re ele tlhoko dipego tsa Efangele mme ka metlha re tlatse megopolo ya rona ka go tlhaloganya botshelo le sekao sa ga Jesu. Fa bagolwane ba leka go latela boeteledipele jwa ga Keresete ka selekanyo seo, go tla nna motlhofo ka ba ba mo phuthegong gore ba etse tumelo ya bone. Mme bagolwane ba itumelela go bona ba bangwe ba latela dikgato tsa Moeteledipele ka boitumelo.

Tswelela o Etelelwa Pele ke Keresete

20, 21. Fa re ntse re lebile pele kwa lefatsheng le lesha le le solofeditsweng, re tshwanetse ra ititaya sehuba go dira eng?

20 Go botlhokwa gore rotlhe re tswelele re etelelwa pele ke Keresete. Fa re ntse re atamela bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo, seemo sa rona se tshwana le sa Baiseraele mo Dipoeng tsa Moabe ka 1473 B.C.E. Ba ne ba le gaufi thata le go tsena mo Nageng e e Solofeditsweng, mme Modimo o ne a bolela jaana a dirisa moporofeti Moshe: “[Wena Joshua] o tla tlisa setšhaba seno mo lefatsheng le Jehofa a neng a ikanela borraabonemogologolwane gore o tla le ba naya.” (Duteronome 31:7, 8) Joshua e ne e le ene moeteledipele yo o tlhomilweng. Gore Baiseraele ba tsene mo Nageng e e Solofeditsweng, ba ne ba tshwanelwa ke go ikobela boeteledipele jwa ga Joshua.

21 Baebele e re bolelela jaana: “Moeteledipele wa lona o mongwe, e bong Keresete.” Keresete ke ene fela a tla re isang kwa lefatsheng le lesha le le solofeditsweng le tshiamo e tla nnang mo go lone. (2 Petere 3:13) Ka gone, a re ititeyeng sehuba gore re tla ineela mo boeteledipeleng jwa gagwe mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Fano “dinaledi” ga di tshwantshetse baengele ba mmatota. Ruri Jesu o ne a ka se ka a dirisa motho go kwala tshedimosetso a e kwalela dibopiwa tse di sa bonaleng tsa semoya. Ka gone, “dinaledi” di tshwanetse tsa bo di emela balebedi, kgotsa bagolwane ba e leng batho, mo diphuthegong, ba ba tsewang e le barongwa ba ga Jesu. Lebaka la go bo ba le supa ka palo le bontsha gore ba feletse go ya ka ditekanyetso tsa Modimo.

A o A Gakologelwa?

• Keresete o ne a etelela pele jang phuthego ya bogologolo?

• Keresete o etelela pele jang phuthego ya gagwe gompieno?

• Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse ra ikobela ba ba eteletseng phuthego pele?

• Bagolwane ba ka bontsha ka ditsela dife gore Keresete ke Moeteledipele wa bone?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Keresete o etelela phuthego ya gagwe pele e bile o tshwere balebedi mo seatleng sa gagwe sa moja

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

“Utlwang ba ba etelelang pele mo gare ga lona mme lo ikobe”

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Jesu o ne a le lorato e bile a atamelesega. Bagolwane ba Bakeresete ba leka go tshwana le ene