Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tiragalo e e Botlhokwa Thata mo Hisitoring

Tiragalo e e Botlhokwa Thata mo Hisitoring

Tiragalo e e Botlhokwa Thata mo Hisitoring

E NE e le loso lwa ga Jesu Keresete. Ke ka ntlha yang fa tiragalo eno e ne le le botlhokwa jaana? Ka ntlha ya mabaka a le mmalwa.

Go ikanyega ga ga Jesu go fitlha losong go ile ga supa gore batho ba ka kgona go nna ba thokgame mo Modimong.

Loso lwa ga Keresete lo ile lwa naya batho ba bangwe sebaka sa gore ba nne babusi le ene kwa legodimong. Mme gape le ile la bulela batho ba le bantsi tsela ya gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise.

Mo bosigong jwa pele ga Jesu a swa, o ne a dirisa senkgwe se se sa bedisiwang le beine e khibidu go nna ditshwantshetso tsa setlhabelo sa gagwe sa lorato sa motho. Mme o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Nnang lo dire seno e le go nkgopola.” (Luke 22:19) A o tla gopola tiragalo e e botlhokwa eno?

Basupi ba ga Jehofa ba go laletsa ka lorato gore o kopanele le bone mo go ketekeng Segopotso sa loso lwa ga Jesu. Ngwaga ono letlha la segopotso seno e tla nna ka Labone, March 28, fa letsatsi le sena go phirima. O ka nna wa ya kwa Holong ya Bogosi e e gaufi le legae la gago. Tsweetswee botsa Basupi ba ga Jehofa ba lefelo la lona ka nako le lefelo le le tlhomameng.