Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Tumelo e Tshwanetse Go Theiwa Mo Godimo Ga Mabaka?

A Tumelo e Tshwanetse Go Theiwa Mo Godimo Ga Mabaka?

A Tumelo e Tshwanetse Go Theiwa Mo Godimo Ga Mabaka?

Moruti mongwe wa seminara ya thutabodumedi kwa United States o ne a kwala jaana: “Go na le batho ba le bantsi ba e nnang ‘badumedi’ fela gore ba se ka ba tshwanelwa ke go dirisa boboko jwa bone.” O oketsa jaana: “Ba batla fela go amogela sengwe le sengwe ba bo ba re ‘ke kafa tumelo e leng ka teng.’”

GO BONALA bontsi jwa batho ba ba bolelang gore ba a dumela ba se ke ba akanyetsa gore ke ka ntlha yang fa ba dumela se ba se dumelang kana gore a go na le mabaka a a utlwalang a tumelo ya bone e theilweng mo go one. Ga go gakgamatse go bo bodumedi e le kgang e ba le bantsi ba sa rateng go bua ka yone.

Ka maswabi, dilo tse di jaaka go dirisa ditshwantsho tsa bodumedi le go boaboeletsa dithapelo ka tlhogo le tsone di dira gore batho ba se ka ba akanya. Go bonala ditumelo tsa batho ba le dimilionemilione di tletse fela ka dilo tse di ntseng jalo, mmogo le dikago tse dintlentle, difensetere tse di nang le digalase tse di kgabisitsweng ka mebalabala, le mmino o o kgatlhang. Le mororo dikereke dingwe di bolela gore tumelo ya bone e theilwe mo Baebeleng, molaetsa wa bone wa gore ‘dumela mo go Jesu mme o tla bolokiwa’ o dira gore go ithuta Baebele e se ka ya nna selo se se botlhokwa go le kalo. Ba bangwe ba retologela mo go rereng ka mathata a setšhaba le ka dipolotiki. Seno sotlhe se felela ka eng?

Mokwadi mongwe wa bodumedi o ne a bolela jaana malebana le boemo jo bo leng kwa Amerika Bokone: “Go bonala fa Bokeresete . . . bo sa nonofa go le kalo, [mme] balatedi ba jone ga ba a rutiwa sepe ka tumelo ya bone.” Mmatlisisi mongwe o bile a ya bokgakaleng jwa go tlhalosa United States a re ke “setšhaba se se sa itseng Baebele.” Fa re bua boammaaruri, dilo tse di buiwang fano di ka direga le kwa dinageng tse dingwe tse mo go tsone go tletseng se go tweng ke Bokeresete. Ditumelo tse dintsi tse e seng tsa Bokeresete le tsone ga di rotloetse batho ba tsone go akanya mme go na le moo di gatelela go opela, dithapelo tsa meetlo, le mefuta e e farologaneng ya go tlhatlhanya e e akaretsang bosaitseweng, go na le gore ba kgothaletse go akanya ka tsela e e utlwalang.

Le fa go ntse jalo, mo botshelong jwa bone jwa letsatsi le letsatsi, bone batho ba ba sa batleng go akanyetsa gore ditumelo tsa bodumedi jwa bone di tlhomame go le kana kang kgotsa gore di boammaaruri go le kana kang gantsi ba akanyetsa dilo tse dingwe ka kelotlhoko thata. A ga go go gakgamatse gore motho yo o dirang dipatlisiso tse di tseneletseng go reka koloi fela—e ka letsatsi lengwe e tla felelang e le mo mokoeng wa matlakala—a bo a tlile go go bolelela jaana malebana le bodumedi jwa gagwe, ‘Fa e le gore bo ne bo siametse batsadi ba me, le nna bo ntshiametse’?

Fa e le gore tota re batla go itumedisa Modimo, a ga re a tshwanela go akanya ka masisi ka boammaaruri jwa se re se dumelang ka ene? Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka batho bangwe ba motlha wa gagwe ba ba neng ba rata badumedi a re ba na le “tlhoafalo ka Modimo; mme e seng go ya ka kitso ya boammaaruri.” (Baroma 10:2) Ba ba ntseng jalo ba ka tshwantshiwa le motho yo o hirilweng go penta yo o dirang ka natla gore a pente ntlo mme le fa go ntse jalo a bo a dirisa mebala e e sa siamang ka gonne a sa reetse ditaelo tsa mong wa gagwe. Motho yo o pentang yono a ka tswa a kgotsofalela tiro ya gagwe, mme a mong wa gagwe o tla e itumelela?

Ke eng se Modimo a se amogelang mo kobamelong ya boammaaruri. Baebele e arabela jaana: “Seno se molemo e bile se a amogelesega mo ponong ya Mmoloki wa rona, e bong Modimo, yo thato ya gagwe e leng gore batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone, ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:3, 4) Bangwe ba ka nna ba bo ba akanya gore go boima go bona kitso e e ntseng jalo mo gare ga ditumelo tse dintsintsi tse di teng gompieno. Mme akanya fela—fa e le gore ke thato ya Modimo gore batho ba nne le kitso ya boammaaruri, a o tla ba fitlhela yone ka tsela e e sa tshwanelang? Ga go a nna jalo go ya ka Baebele, e e bolelang jaana: “Fa o [batla Modimo], o tla dira gore o mmone.”—1 Ditiragalo 28:9.

Modimo o dira jang gore a itsiwe ke batho ba ba mmatlang ka tlhoafalo? Setlhogo se se latelang se tla araba potso eo.