Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Ka Ntlha Yang Fa o tshwanetse Go Kolobediwa?

Ke Ka Ntlha Yang Fa o tshwanetse Go Kolobediwa?

Ke Ka Ntlha Yang Fa o tshwanetse Go Kolobediwa?

“Tsamayang . . . mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse.”—MATHAIO 28:19.

1, 2. (a) Batho bangwe ba ne ba kolobediwa kafa tlase ga maemo afe? (b) Go tsoga dipotso dife malebana le kolobetso?

KGOSI Charlemagne wa Mo-Frank o ne a patelela boidiidi jwa Ba-Saxon ba ba neng ba fentswe gore ba kolobediwe ka bontsi ka 775-77 C.E. Rahisitori John Lord o ne a kwala jaana: “O ne a ba patelela gore ba sokologe ba nne Bakeresete ka leina fela.” Ka tsela e e tshwanang, fa mmusi wa Mo-Russia e bong Vladimir I a sena go nyala mohumagatsana wa Greek Orthodox ka 987 C.E., o ne a dira tshwetso e e tshwanang ya gore babusiwa ba gagwe ba nne “Bakeresete.” O ne a laela bontsintsi jwa batho ba gagwe gore ba kolobediwe—a ba tshosetsa ka tšhaka fa go tlhokega!

2 A dikolobetso tse di ntseng jalo e ne e le tse di tshwanetseng? A di na le mosola mongwe wa mmatota? A go tshwanetse ga kolobediwa mongwe le mongwe fela?

Kolobetso—E Dirwa Jang?

3, 4. Ke eng fa go kgatsha motho ka metsi kgotsa go mo tshela one mo tlhogong e se kolobetso e e tshwanetseng ya Bokeresete?

3 Babusi bao e bong Charlemagne le Vladimir I ba ne ba sa dire tumalanong le Lefoko la Modimo fa ba ne ba patelela batho go kolobediwa. Tota e bile, kolobetso ga e na mosola ope fa e dirwa ka go kgatsha batho ka metsi, go ba tshela one mo tlhogong kgotsa le e leng go ba ina mo metsing mme ba sa rutwa boammaaruri jwa Dikwalo.

4 Akanya ka se se neng sa direga fa Jesu wa Nasaretha a ne a ya kwa go Johane Mokolobetsi ka 29 C.E. Johane o ne a kolobetsa batho mo Nokeng ya Joredane. Ke bone ba neng ba ithaopetse go tla kwa go ene gore a ba kolobetse. A o ne a ba emisa fela mo Joredane a bo a ba tshela metsinyana a noka mo ditlhogong kgotsa a ba kgatsha ka one? Go ne ga diragalang fa Johane a ne a kolobetsa Jesu? Mathaio o bega gore fa a sena go kolobediwa “Jesu . . . ka yone nako eo a tlhatloga a tswa mo metsing.” (Mathaio 3:16) O ne a tsene mo metsing, a innwe mo Nokeng ya Joredane. Ka tsela e e tshwanang, moopafadiwa yo o ineetseng wa Moethiopia o ne a kolobediwa mo “bodibeng bongwe jwa metsi.” Madiba a a ntseng jalo a metsi a ne a tlhokega ka gonne Jesu le barutwa ba gagwe ba ne ba kolobediwa ka go inwa gotlhelele mo metsing.—Ditiro 8:36.

5. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba kolobetsa batho jang?

5 Mafoko a Segerika a a ranotsweng ka go re “kolobetsa,” “kolobetso,” le a mangwe, a raya go ina, kgotsa go thabuetsa kafa tlase ga metsi. Smith’s Bible Dictionary e bolela jaana: “Sentlentle, kolobetso tota e raya go ina.” Ka gone, dithanolo dingwe tsa Baebele di bua ka “Johane Moini” le “Johane Mothabuetsi.” (Mathaio 3:1, Rotherham; Diaglott interlinear) History of the Christian Religion and Church, During the Three First Centuries ya ga Augustus Neander e bolela jaana: “Kwa tshimologong, batho ba ne ba kolobediwa ka go inwa mo metsing.” Buka e e itsegeng thata ya Sefora e leng Larousse du XXe Siècle (Paris, 1928) e akgela jaana: “Bakeresete ba ntlha ba ne ba kolobediwa ka go inwa mo metsing gongwe le gongwe kwa metsi a neng a ka bonwa gone.” Mme New Catholic Encyclopedia ya re: “Go phepafetse gore mo Kerekeng ya bogologolo, Kolobetso e ne e dirwa ka go ina motho mo metsing.” (1967, Bolumo II, tsebe 56) Ka jalo gompieno, go kolobediwa go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa ke selo se motho a ithaopelang go se dira se se akaretsang go inwa gotlhelele mo teng ga metsi.

Lebaka le Lesha la go Kolobediwa

6, 7. (a) Boikaelelo jwa kolobetso ya ga Johane e ne e le eng? (b) Ke eng se se neng se le sesha ka kolobetso ya balatedi ba ga Jesu?

6 Boikaelelo jwa kolobetso ya ga Johane bo ne bo farologana le jwa e e neng e dirwa ke balatedi ba ga Jesu. (Johane 4:1, 2) Johane o ne a kolobetsa batho e le bosupi jwa phatlalatsa jwa gore ba ikwatlhaela maleo a ba a dirileng kgatlhanong le Molao. * (Luke 3:3) Mme go kolobediwa ga balatedi ba ga Jesu go ne go akaretsa sengwe se sesha. Ka Pentekosete ya 33 C.E., moaposetoloi Petere o ne a kgothaletsa bareetsi ba gagwe jaana: “Ikwatlhayeng, mme a mongwe le mongwe wa lona a kolobediwe mo leineng la ga Jesu Keresete gore lo itshwarelwe maleo.” (Ditiro 2:37-41) Le mororo Petere a ne a bua le Bajuda le basokologi, o ne a sa bue ka kolobetso e e tshwantshetsang go ikwatlhaela maleo a a dirilweng kgatlhanong le Molao; e bile o ne a sa bontshe gore go kolobediwa mo leineng la ga Jesu go ne go tshwantshetsa go tlhatswiwa ga maleo.—Ditiro 2:10.

7 Mo nakong eo, Petere o ne a dirisa selotlolo sa ntlha sa “dilotlolo tsa bogosi.” Ka boikaelelo bofe? Gore a senolele bareetsi ba gagwe kitso ka tshono e ba neng ba na le yone ya go tsena mo Bogosing jwa legodimo. (Mathaio 16:19) E re ka Bajuda ba ne ba ganne Jesu yo e leng Mesia, go ikwatlhaya le go dumela mo go ene e ne e le selo se sesha se se botlhokwa sa go kopa boitshwarelo mo Modimong le go bo bona. Ba ne ba ka bontsha tumelo e e ntseng jalo phatlalatsa ka go inwa mo metsing mo leineng la ga Jesu Keresete. Ka tsela e e ntseng jalo ba ne ba tshwantshetsa boineelo jwa bone mo Modimong ka Keresete. Botlhe ba ba batlang go amogelwa ke Modimo gompieno ba tshwanetse go nna le tumelo e e tshwanang, ba ineele mo go Jehofa Modimo, ba bo ba kolobediwe go nna Bakeresete go tshwantshetsa gore ba ineetse gotlhelele mo go Modimo Mogodimodimo.

Kitso e e Tlhomameng e Botlhokwa

8. Ke eng fa go ka se ka ga kolobediwa mongwe le mongwe fela gore a nne Mokeresete?

8 Ga go kolobediwe mongwe le mongwe fela gore a nne Mokeresete. Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe a re: “Tsamayang . . . lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.” (Mathaio 28:19, 20) Pele batho ba kolobediwa, ba tshwanetse go ‘rutwa dilo tsotlhe tse Jesu a di laetseng barutwa ba gagwe.’ Ka jalo, kolobetso e e patelediwang batho ba ba se nang tumelo e e theilweng mo kitsong e e tlhomameng ya Lefoko la Modimo ga e na mosola e bile ga e dumalane le thomo e Jesu a neng a e naya balatedi ba gagwe ba boammaaruri.—Bahebera 11:6.

9. Go kolobediwa “mo leineng la Rara” go rayang?

9 Go kolobediwa “mo leineng la Rara” go rayang? Go raya gore motho yo o kolobediwang o ikobela boemo jwa Rraarona wa selegodimo le taolo e a nang le yone. Ka jalo Jehofa Modimo o amogelwa e le Mmopi wa rona, “Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe,” le Molaodimogolo wa Lobopo lotlhe.—Pesalema 83:18; Isaia 40:28; Ditiro 4:24.

10. Go kolobediwa ‘mo leineng la Morwa’ go rayang?

10 Go kolobediwa “mo leineng la Morwa” go raya go ikobela boemo le taolo e Jesu a nang le yone jaaka Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo. (1 Johane 4:9) Ba ba tshwanelegelang go kolobediwa ba amogela Jesu e le yo ka ene Modimo a re neileng “thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mathaio 20:28; 1 Timotheo 2:5, 6) Ba ba kolobediwang ba tshwanetse gore gape ba ikobele “boemo jo bo kwa godimo” jo Modimo a tlhatloseditseng Morwawe kwa go jone.—Bafilipi 2:8-11; Tshenolo 19:16.

11. Go kolobediwa ‘mo leineng la moya o o boitshepo’ go supa eng?

11 Go kolobediwa ‘mo leineng la moya o o boitshepo’ go supa eng? Go supa gore batho ba ba kolobediwang ba lemoga gore moya o o boitshepo ke maatla a a dirang a ga Jehofa, a a dirisiwang ka ditsela tse di farologaneng tumalanong le maikaelelo a gagwe. (Genesise 1:2; 2 Samuele 23:1, 2; 2 Petere 1:21) Ba ba tshwanelegelang go kolobediwa ba dumela gore moya o o boitshepo o ba thusa go tlhaloganya “dilo tse di boteng tsa Modimo,” go tswelela pele ka tiro ya go rera ka Bogosi, le go bontsha maungo a moya a “lorato, boipelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo.”—1 Bakorintha 2:10; Bagalatia 5:22, 23; Joele 2:28, 29.

Botlhokwa Jwa go Ikwatlhaya le go Sokologa

12. Kolobetso ya Bokeresete e amana jang le boikwatlhao?

12 Kwantle ga kolobetso ya ga Jesu yo o se nang boleo, kolobetso ke letshwao le le amogelwang ke Modimo le le amanang le boikwatlhao. Fa re ikwatlhaya, re swaba thata kgotsa re utlwisiwa botlhoko thata ke go bo re dirile sengwe kgotsa re sa kgona go dira sengwe. Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ba neng ba batla go itumedisa Modimo ba ne ba tshwanelwa ke go ikwatlhaela maleo a ba neng ba a diretse Keresete. (Ditiro 3:11-19) Badumedi bangwe ba Baditšhaba kwa Korintha ba ne ba ikwatlhaela kgokafalo, kobamelo ya medingwana, bogodu le maleo a mangwe a a masisi. Ka ntlha ya boikwatlhao jwa bone, ba ne ba ‘tlhapisiwa ba nna phepa’ ka madi a ga Jesu; ba ne ba ‘itshepisiwa,’ kana ba lomololelwa go direla Modimo; mme ba ‘bolelwa e le ba ba siameng’ mo leineng la ga Keresete le ka moya wa Modimo. (1 Bakorintha 6:9-11) Boikwatlhao ke kgato e e botlhokwa gore motho a nne le segakolodi se se molemo le gore a gololwe ke Modimo mo molatong wa boleo.—1 Petere 3:21.

13. Malebana le kolobetso, go sokologa go akaretsa eng?

13 Re tshwanetse go sokologa pele re kolobediwa go nna Basupi ba ga Jehofa. Go sokologa ke selo se motho yo o sweditseng ka pelo ya gagwe yotlhe gore o tla sala Keresete Jesu morago a ithaopelang go se dira ka kgololesego. Batho ba ba ntseng jalo ba latlha mokgwa wa bone o o sa siamang wa pele ba bo ba ititaya sehuba gore ba tla dira se se siameng mo matlhong a Modimo. Mo Dikwalong, madiri a Sehebera le a Segerika a a kayang go sokologa a na le kgopolo ya go boela morago, go retologa. Kgato eno e raya go retologela mo Modimong go tswa mo tseleng e e sa siamang. (1 Dikgosi 8:33, 34) Go sokologa go batla gore motho a dire “ditiro tse di tshwanelang boikwatlhao.” (Ditiro 26:20) Go batla gore re tlogele bodumedi jwa maaka, re dire tumalanong le ditaelo tsa Modimo re bo re ineele ka mo go feletseng mo go Jehofa. (Duteronome 30:2, 8-10; 1 Samuele 7:3) Go sokologa go felela ka gore re fetole tsela e re akanyang ka yone, mekgele ya rona le boikutlo jwa rona. (Esekiele 18:31) Re a ‘sokologa’ fa mekgwa e e maswe e tseelwa sebaka ke botho jo bosha.—Ditiro 3:19; Baefeso 4:20-24; Bakolosa 3:5-14.

Go Ineela ka Pelo Yotlhe go Botlhokwa

14. Boineelo jwa balatedi ba ga Jesu bo tshwantshetsang?

14 Gape, balatedi ba ga Jesu ba tshwanetse go kolobediwa fa ba sena go ineela ka pelo yotlhe mo Modimong. Boineelo bo tshwantshetsa go lomololelwa boikaelelo bongwe jo bo boitshepo. Kgato eno e botlhokwa thata mo e leng gore re tshwanetse go tlhalosetsa Jehofa ka thapelo tshwetso ya rona ya go ineela ka bojotlhe mo go ene ka bosakhutleng. (Duteronome 5:9) Gone ke boammaaruri gore ga re ineele mo tirong nngwe kgotsa mo mothong mme re ineela mo Modimong ka boene.

15. Ke ka ntlha yang fa batho ba ba kolobediwang ba inwa mo teng ga metsi?

15 Fa re ineela mo Modimong ka Keresete, re bontsha gore re ititeile sehuba gore re tla dirisetsa matshelo a rona go dira thato ya Modimo jaaka e tlhalosiwa mo Dikwalong. Batho ba tshwantshetsa boineelo joo ka go kolobediwa ba inwa mo teng ga metsi, fela jaaka Jesu a ne a kolobediwa mo Nokeng ya Joredane go tshwantshetsa go itlhagisa ga gagwe mo Modimong. (Mathaio 3:13) Ela tlhoko gore Jesu o ne a rapela mo tiragalong eo e e botlhokwa thata.—Luke 3:21, 22.

16. Re ka bontsha boitumelo jwa rona jang ka tsela e e tshwanetseng fa re bona batho ba kolobediwa?

16 Go kolobediwa ga ga Jesu e ne e le tiragalo e e masisi mme e le e e itumedisang. Go kolobediwa ga Bakeresete ba motlha wa segompieno le gone go ntse jalo. Fa re bona batho ba tshwantshetsa boineelo jwa bone mo Modimong, re ka bontsha boitumelo jwa rona ka go opa diatla ka tlotlo le go ba akgola ka botsalano. Mme re tila go duduetsa, go letsa melodi le dilo tse di tshwanang le tseo ka ntlha ya gore tiragalo eno ya go kolobediwa e le fa re bontsha tumelo, ke selo se se boitshepo. Re bontsha boitumelo jwa rona ka tsela e e nang le seriti.

17, 18. Ke eng se se thusang go bona gore a batho ba tshwanelegela go ka kolobediwa?

17 Go farologana le ba ba kgatshang masea ka metsi kgotsa ba ba patelelang bontsi jwa batho ba ba se nang kitso ya Dikwalo gore ba kolobediwe, Basupi ba ga Jehofa ga ba patelele ope gore a kolobediwe. Tota e bile, ga ba kolobetse batho ba ba sa tshwanelegeng semoyeng. Pele le eleng motho ope fela a nna moreri yo o sa kolobediwang wa dikgang tse di molemo, bagolwane ba Bakeresete ba tlhomamisa gore o tlhaloganya dithuto tsa motheo tsa Baebele, gore o tshela tumalanong le tsone le gore o araba potso e e tshwanang le eno ka ee, “A tota ruriruri o batla go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa?”

18 Gantsi fa batho ba nna le seabe ka botlalo mo tirong ya go rera ka Bogosi ba bo ba bolela gore ba eletsa go kolobediwa, bagolwane ba Bakeresete ba tlotla le bone go tlhomamisa gore ke badumedi ba ba ineetseng mo go Jehofa le gore ba fitlhelela dilo tse di batlwang ke Modimo gore ba ka kolobediwa. (Ditiro 4:4; 18:8) Go araba ga bone dipotso tse di fetang 100 malebana le dithuto tsa Baebele go thusa bagolwane go bona gore a ba ba di arabang ba fitlhelela dilo tse di batlegang go ya ka Dikwalo gore ba ka kolobediwa. Bangwe ga ba tshwanelege mme ka jalo ga ba ka ke ba kolobediwa go nna Bakeresete.

A go Na le Sengwe Se se Go Thibelang?

19. Go ya ka Johane 6:44, ke bomang ba ba tla nnang baruaboswa mmogo le Jesu?

19 Batho ba le bantsi ba ba ileng ba patelediwa go kolobediwa mo dikolobetsong tsa batho ba bantsi ba ka tswa ba boleletswe gore ba ne ba tla ya legodimong fa ba swa. Mme Jesu o ne a bua jaana ka balatedi ba gagwe ba ba tsamayang mo dikgatong tsa gagwe: “Ga go na motho ope yo o ka tlang mo go nna fa Rara, yo o nthomileng, a sa mo goge.” (Johane 6:44) Jehofa o gogetse batho ba le 144 000 mo go Keresete ba e tla nnang baruaboswa mmogo le Jesu kwa Bogosing jwa selegodimo. Ga go na ope yo o kileng a itshepisediwa lefelo le le galalelang leo mo thulaganyong ya Modimo ka go patelediwa go kolobediwa.—Baroma 8:14-17; 2 Bathesalonika 2:13; Tshenolo 14:1.

20. Ke eng se se ka thusang bangwe ba ba iseng ba kolobediwe?

20 Segolobogolo fa e sa le go tloga mo magareng a bo1930, matshwititshwiti a a solofetseng go falola “pitlagano e kgolo” le go tshelela ruri mo lefatsheng a ikopantse mmogo le bontsintsi jwa “dinku tse dingwe” tsa ga Jesu. (Tshenolo 7:9, 14; Johane 10:16) A tshwanelegela go ka kolobediwa ka gonne a dumalantse matshelo a one le Lefoko la Modimo e bile a mo rata ka ‘pelo ya one yotlhe, moya, nonofo le tlhaloganyo.’ (Luke 10:25-28) Le mororo batho bangwe ba lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ba ‘obamela Modimo ka moya le ka boammaaruri,’ ga ba ise ba latele sekao sa ga Jesu le go bontsha phatlalatsa gore ba rata Jehofa ka mmatota le gore ba ineetse mo go ene ka mo go feletseng ka go kolobediwa. (Johane 4:23, 24; Duteronome 4:24; Mareko 1:9-11) Go rapelela kgato e e botlhokwa eno ka tlhamalalo le ka tlhoafalo go ka ba tlhotlheletsa le go ba naya bopelokgale jwa go dumalana ka botlalo le Lefoko la Modimo, gore ba ineele ka botlalo mo go Jehofa Modimo le go kolobediwa.

21, 22. Ke eng fa bangwe ba ikgogona go ineela le go kolobediwa?

21 Bangwe ba ikgogona go ineela le go kolobediwa ka gonne ba tshwaregile thata ka dilo tsa lefatshe kgotsa ka go gagamalela dikhumo mo e leng gore ga ba na nako e e kalo ya dilo tsa semoya. (Mathaio 13:22; 1 Johane 2:15-17) A bo ba ne ba ka itumela jang ne fa ba ne ba ka fetola tsela e ba lebang dilo ka yone le mekgele ya bone! Go atamela gaufi thata le Jehofa go ne go tla ba humisa semoyeng, go ne go tla ba thusa go fokotsa tlhobaelo e ba nang le yone, e bile go ne go tla ba leretse kagiso le kgotsofalo tse di tlisiwang ke go dira thato ya Modimo.—Pesalema 16:11; 40:8; Diane 10:22; Bafilipi 4:6, 7.

22 Bangwe ba re ba rata Jehofa mme ga ba ineele le go kolobediwa ka gonne ba akanya gore ba tila go nna le maikarabelo. Mme mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelela mo Modimong. Re simolotse go nna le maikarabelo fa re ne re utlwa lefoko la ga Jehofa. (Esekiele 33:7-9; Baroma 14:12) Jaaka ‘setšhaba se se itlhophetsweng,’ Baiseraele ba bogologolo ba ne ba tsholelwa mo setšhabeng se se neng se ineetse mo go Jehofa mme ka gone, ba ne ba na le boikarabelo jwa go mo direla ka boikanyegi tumalanong le ditaelo tsa gagwe. (Duteronome 7:6, 11) Ga go na ope yo o tsholelwang mo setšhabeng se se ntseng jalo gompieno, mme fa re amogetse thuto e e boammaaruri ya Dikwalo, re tshwanetse go e dirisa ka tumelo.

23, 24. Ke mefuta efe ya poifo e e sa tshwanelang go thibela batho go kolobediwa?

23 Bangwe ba ka ikgogona go kolobediwa ka ntlha ya go belaela gore a ba na le kitso e e lekaneng. Le fa go ntse jalo, rotlhe re na le dilo di le dintsi go di ithuta ka gonne ‘batho ga ba ka ke ba kgona go batlisisa tiro e Modimo wa boammaaruri a e dirileng go tloga tshimologong go ya bokhutlong.’ (Moreri 3:11) Akanya ka moopafadiwa wa Moethiopia. E re ka e ne e le mosokologi, o ne a itse Dikwalo go sekae, mme o ne a sa kgone go araba potso nngwe le nngwe ka maikaelelo a Modimo. Le fa go ntse jalo, fa a sena go ithuta ka thulaganyo ya poloko e Jehofa a e dirileng ka setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu, moopafadiwa o ne a kolobediwa mo metsing ka yone nako eo.—Ditiro 8:26-38.

24 Bangwe ba okaoka go ineela mo Modimong ka gonne ba boifa gore ba ka nna ba se ka ba kgona go tshela tumalanong le boineelo jwa bone. Monique yo o nang le dingwaga di le 17 o bolela jaana: “Ke ntse ke ikgogona go kolobediwa ke boifa gore nka nna ka se ka ka kgona go tshela tumalanong le boineelo jwa me.” Le fa go ntse jalo, fa re ikanya Jehofa ka pelo yotlhe ya rona, ‘o tla tlhamalatsa ditselana tsa rona.’ O tla re thusa gore re ‘tswelele re tsamaya mo boammaaruring’ re le batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ba ba ineetseng.—Diane 3:5, 6; 3 Johane 4.

25. Ke potso efe e e tlhokang go akanyediwa jaanong?

25 Ngwaga le ngwaga, batho ba le diketekete ba tlhotlheletsega go ineela le go kolobediwa ka gonne ba ikanya Jehofa ka mo go feletseng e bile ba mo rata ka pelo yotlhe. Mme ga go na pelaelo gore batlhanka botlhe ba ba ineetseng ba Modimo ba batla go ikanyega mo go ene. Le fa go ntse jalo, re tshela mo dinakong tsa mathata, e bile re lebana le diteko tse di farologaneng tsa tumelo ya rona. (2 Timotheo 3:1-5) Re ka dirang gore re kgone go tshela tumalanong le boineelo jwa rona mo go Jehofa? Re tla tlotla ka seno mo setlhogong se se latelang.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 E re ka Jesu a ne a se na boleo, o ne a sa kolobelediwe go bontsha boikwatlhao. Go kolobediwa ga gagwe go ne go tshwantshetsa go itlhagisa ga gagwe mo Modimong gore a dire thato ya ga Rraagwe.—Bahebera 7:26; 10:5-10.

A o A Gakologelwa?

• Kolobetso ya Bokeresete e dirwa jang?

• Motho o tshwanetse go nna le kitso efe gore a kolobediwe?

• Ke dikgato dife tse di felelang ka go kolobediwa ga Bakeresete ba boammaaruri?

• Ke eng fa bangwe ba ikgogona go kolobediwa, mme ba ka thusiwa jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 14]

A o itse gore go kolobediwa ‘mo leineng la Rara, la Morwa, le la moya o o boitshepo’ go rayang?