Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nna O Ntse O Direla Jehofa Ka Pelo E E Nitameng

Nna O Ntse O Direla Jehofa Ka Pelo E E Nitameng

Nna O Ntse O Direla Jehofa Ka Pelo E E Nitameng

“Pelo ya me e nitame, wena Modimo, pelo ya me e nitame.”—PESALEMA 57:7.

1. Ke eng fa re ka tlhatswega pelo jaaka Dafide?

JEHOFA a ka re nitamisa mo tumelong ya Bokeresete gore re ngaparele Bokeresete jwa boammaaruri jaaka batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng. (Baroma 14:4) Ka jalo, re ka tlhatswega pelo jaaka mopesalema Dafide, yo o neng a tlhotlheletsega go opela jaana: “Pelo ya me e nitame, wena Modimo.” (Pesalema 108:1) Fa pelo ya rona e nitame, re tla tlhotlheletsega go tshela tumalanong le boineelo jwa rona mo Modimong. Mme fa re leba kwa go ene gore a re kaele le go re nonotsha, re ka kgona go nna re nitame, re sa reketle mo boikemisetsong jwa rona le go tlhatswega pelo jaaka baboloki ba bothokgami, “ka metlha [re] na le mo gontsi go go dira mo tirong ya Morena.”—1 Bakorintha 15:58.

2, 3. Kgothatso ya ga Paulo e e kwadilweng mo go 1 Bakorintha 16:13 e botlhokwa go le kana kang?

2 Fa moaposetoloi Paulo a ne a kgothatsa balatedi ba ga Jesu kwa Korintha wa bogologolo ka kgothatso e e sa ntseng e dira le mo Bakereseteng ba motlha wa segompieno, o ne a re: “Nnang lo tsogile, emang lo nitame mo tumelong, tswelelang pele jaaka banna, nnang thata.” (1 Bakorintha 16:13) Mo Segerikeng, nngwe le nngwe ya ditaelo tseno e mo pakeng ya jaanong, e re kgothaletsa gore re se ka ra kgaotsa go dira jalo. Kgothatso eno e botlhokwa go le kana kang?

3 Re ka kgona go ‘nna re tsogile’ semoyeng ka go ganetsa Diabolo le go nna re le gaufi le Modimo. (Jakobe 4:7, 8) Go ikanya Jehofa go dira gore re kgone go tswelela re ntse re le seoposengwe le go ‘ema re nonofile mo tumelong ya Bokeresete.’ Rona—go akaretsa le basadi ba bantsi ba ba mo gare ga rona—re ‘tswelela pele jaaka banna’ ka go direla Modimo ka bopelokgale re le baboledi ba Bogosi. (Pesalema 68:11) Re ‘nna thata’ ka go kopa Rraarona wa selegodimo ka metlha gore a re nonotshe gore re dire thato ya gagwe.—Bafilipi 4:13.

4. Ke dikgato dife tse di neng tsa felela ka gore re kolobediwe go nna Bakeresete?

4 Re ne ra bontsha gore re amogetse tumelo ya boammaaruri fa re ne re ineela mo go Jehofa ka mo go feletseng re bo re bontsha boineelo joo ka go inwa mo metsing. Mme ke dikgato dife tse di neng tsa felela ka gore re kolobediwe? Sa ntlha re ne ra ithuta kitso e e tlhomameng ya Lefoko la Modimo. (Johane 17:3) Kitso eno e ne ya dira gore re nne le tumelo ya ba ya re tlhotlheletsa gore re ikwatlhae, re utlwe botlhoko ka tsela ya mmatota ka ntlha ya dilo tse di sa siamang tse re di dirileng mo nakong e e fetileng. (Ditiro 3:19; Bahebera 11:6) Morago ga moo re ne ra sokologa, ka gonne re ne ra kgaogana le mekgwa e e sa siamang gore re tshele tumalanong le thato ya Modimo. (Baroma 12:2; Baefeso 4:23, 24) Morago ga moo re ne ra ineela ka pelo yotlhe mo go Jehofa ka thapelo. (Mathaio 16:24; 1 Petere 2:21) Re ne ra kopa Modimo gore a re neye segakolodi se se siameng mme ra kolobediwa go tshwantshetsa boineelo jwa rona mo go ene. (1 Petere 3:21) Go nna re akantse ka dikgato tseno go tla re thusa go ela tlhoko gore ka metlha re leke go tshela tumalanong le boineelo jwa rona le go tswelela pele re direla Jehofa ka pelo e e nitameng.

Tswelela Pele go Batla Kitso e e Tlhomameng

5. Ke eng fa re tshwanetse go tswelela re ithuta kitso ya Dikwalo?

5 Gore re tshele tumalanong le boineelo jwa rona mo Modimong, re tshwanetse go tswelela pele re ithuta kitso ya Dikwalo e e agang tumelo. A bo go ne go itumedisa jang ne go ja dijo tsa semoya fa re ne re utlwa boammaaruri jwa Modimo lekgetlo la ntlha! (Mathaio 24:45-47) “Dijo” tseo di ne di le monate tota—e bile di ne tsa re otla sentle tota mo semoyeng. Jaanong go botlhokwa thata gore re nne re je dijo tse di nang le dikotla tsa semoya gore pelo ya rona e nne e nitame jaaka batlhanka ba ba ineetseng ba ga Jehofa.

6. O ka tswa o ile wa thusiwa jang go rata boammaaruri jwa Baebele go tswa pelong?

6 Go tlhokega maiteko gore re nne le kitso e e oketsegileng ya Dikwalo. Go tshwana le go batla dikhumo tse di fitlhegileng—sengwe se se batlang gore re iteke ka natla. Mme a bo go duela jang ne go bona “e e leng kitso ya Modimo”! (Diane 2:1-6) Fa mmoledi wa Bogosi a ne a ithuta Baebele le wena lekgetlo la ntlha, a ka tswa gongwe a ne a dirisa buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Go ka tswa go tsere lobaka lo loleele go fetsa kgaolo nngwe le nngwe, gongwe lo ne lo bala makgetlo a le mmalwa gore lo wetse kgaolo. O ne o solegelwa molemo fa go ne go balwa ditemana tse di umakilweng go bo go tlotlwa ka tsone. Fa go ne go le thata go tlhaloganya ntlha nngwe, e ne e tlhalosiwa. Motho yo o neng a go tshwarela thuto ya Baebele o ne a baakanyetsa sentle, a rapelela moya wa Modimo a bo a go thusa go rata boammaaruri go tswa pelong.

7. Ke eng se se dirang gore motho a tshwanelege go ruta ba bangwe boammaaruri jwa Modimo?

7 Maiteko ano a ne a tshwanela, ka gonne Paulo o ne a kwala jaana: “A motho yo o rutwang lefoko ka molomo a tlhakanele mo dilong tsotlhe tse di molemo le ene yo o nayang thuto eo ya molomo.” (Bagalatia 6:6) Mafoko a Segerika fano a bontsha gore dithuto tsa Lefoko la Modimo di ne di kokotelwa mo mogopolong le mo pelong ya yo o “rutwang lefoko ka molomo.” Go rutwa ka tsela eo go dira gore o tshwanelegele go ruta ba bangwe. (Ditiro 18:25) Gore o tshele tumalanong le boineelo jwa gago, o tshwanetse go tlhokomela botsogo jwa gago jwa semoya le go nna o nitame ka go tswelela pele o ithuta Lefoko la Modimo.—1 Timotheo 4:13; Tito 1:13; 2:2.

Gakologelwa Boikwatlhao Jwa Gago le go Sokologa ga Gago

8. O ka kgona jang go nna o itshwere sentle?

8 A o gakologelwa ka fa o neng wa wela makgwafo ka gone fa o ne o ithuta boammaaruri, o ikwatlhaya o bo o ikutlwa gore Modimo o go itshwaretse ka setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu? (Pesalema 32:1-5; Baroma 5:8; 1 Petere 3:18) Ga go na pelaelo gore ga o batle go boela gape kwa botshelong jwa boleo. (2 Petere 2:20-22) Go rapela Jehofa ka boikanyegi ke sengwe sa dilo tse di tla go thusang go nna o itshwere sentle, o tshela tumalanong le boineelo jwa gago le gore o tswelele pele o direla Jehofa ka boikanyegi.—2 Petere 3:11, 12.

9. Fa re sena go tlogela go dira ditiro tsa boleo, re tshwanetse go latelela tsela efe?

9 Fa o sena go sokologa ka go tlogela go dira ditiro tsa boleo, tswelela pele o kopa Modimo gore a go thuse go boloka pelo ya gago e nitame. Totatota, o ne o tsamaya ka tsela e e seng yone mme wa leba mmapa o o ikanyegang o bo o simolola go tsamaya ka tsela e e siameng. O se ka wa timela jaanong. Nna o ikanye Modimo gore a go kaele, mme o ititeye sehuba gore ga o kitla o tswa mo tseleng ya botshelo.—Isaia 30:20, 21; Mathaio 7:13, 14.

Le ka Motlha O se Ka wa Lebala Boineelo Jwa Gago le Kolobetso

10. Ke dintlha dife tse re tshwanetseng go nna re akantse ka tsone malebana le boineelo jwa rona mo Modimong?

10 Gakologelwa gore o ne wa ineela mo go Jehofa ka thapelo, ka boikaelelo jwa go mo direla ka boikanyegi ka bosakhutleng. (Jude 20, 21) Boineelo bo tshwantshetsa go beela selo kwa thoko, kgotsa go se lomololela tirelo e e boitshepo. (Lefitiko 15:31; 22:2) Boineelo jwa gago e ne e se go dira tumalano ya nakwana fela le batho kgotsa go ineela mo go bone. E ne e le go ineela mo go Molaodimogolo wa Lobopo Lotlhe ka bosakhutleng, mme gore motho a tshele tumalanong le gone, o tshwanetse go ikanyega mo Modimong botshelo jotlhe jwa gagwe. Ee, “fa re tshela le fa re swa, re ba ga Jehofa.” (Baroma 14:7, 8) Boitumelo jwa rona bo ikaegile ka go ineela go dira thato ya gagwe le go tswelela pele re mo direla ka pelo e e nitameng.

11. Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go gakologelwa kolobetso ya gago le se e se tshwantshetsang?

11 Ka metlha, gakologelwa gore go kolobediwa ga gago go tshwantshetsa go ineela ga gago ka pelo yotlhe mo Modimong. Ga o a patelediwa go kolobediwa, ke wena o neng wa itirela tshwetso eo. Jaanong a o ikemiseditse go dira gore thato ya gago e dumalane le thato ya Modimo botshelo jotlhe jwa gago? O ne wa kopa Modimo gore a go neye segakolodi se se siameng mme wa kolobediwa go tshwantshetsa boineelo jwa gago mo go ene. Nna o ntse o na le segakolodi se se molemo seo ka go tshela tumalanong le boineelo jwa gago, mme Jehofa o tla go segofatsa fela thata.—Diane 10:22.

Thato ya Gago E na Le Seabe

12, 13. Thato ya rona e amana jang le boineelo le kolobetso?

12 Eleruri, boineelo le kolobetso di tliseditse dimilione tsa batho mo lefatsheng lotlhe masego a magolo. Fa re tshwantshetsa boineelo jwa rona mo Modimong ka go kolobediwa mo metsing, re a swa malebana le tsela ya rona ya pele ya botshelo me e seng malebana le thato ya rona. Jaaka badumedi ba ba rutilweng sentle, tota re ne re dira thato ya rona fa re ne re ineela mo Modimong ka thapelo re bo re kolobediwa. Go ineela le go kolobediwa go batla gore re tlhomamise se thato ya Modimo e leng sone re bo re tlhopha go e dira ka go rata. (Baefeso 5:17) Fa re dira jalo, re tla bo re etsa Jesu yo o neng a dira thato ya gagwe ka esi fa a ne a tlogela tiro ya go betla, a kolobediwa a bo a ineela ka botlalo go dira thato ya ga Rraagwe wa selegodimo.—Pesalema 40:7, 8; Johane 6:38-40.

13 Jehofa Modimo o ne a ikaeletse gore Morwawe a ‘itekanedisiwe ka dipogo.’ Ka jalo, Jesu o ne a tshwanelwa ke go dira thato ya gagwe gore a tle a itshokele dipogo tseo ka boikanyegi. Gore a kgone go dira jalo, o ne a dira “mekokotlelo mmogo le dikopo . . . ka dilelo tse dikgolo le dikeledi, mme o ne a utlwiwa ka kamogelo ka ntlha ya poifo ya gagwe ya bomodimo.” (Bahebera 2:10, 18; 5:7, 8) Fa re bontsha gore re boifa Modimo ka tsela e e tshwanang, le rona re ka tlhomamisega gore re tla “utlwiwa ka kamogelo,” e bile re ka tlhatswega pelo gore Jehofa o tla re nitamisa jaaka Basupi ba gagwe ba ba ineetseng.—Isaia 43:10.

O ka Kgona go Nna le Pelo e e Nitameng ka Metlha

14. Ke eng fa re tshwanetse go bala Baebele letsatsi le letsatsi?

14 Ke eng se se tla go thusang gore o nne o ntse o na le pelo e e nitameng mme ka go rialo o tshele tumalanong le boineelo jwa gago mo Modimong? Bala Baebele letsatsi le letsatsi ka boikaelelo jwa go ithuta kitso e e ntseng e oketsega ya Lefoko la Modimo. Seno ke se “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” a re kgothatsang ka metlha gore re se dire. Re newa kgakololo e e ntseng jalo ka gonne re tlhoka go nna re tsamaya mo boammaaruring jwa Modimo gore re kgone go tshela tumalanong le boineelo jwa rona. Fa phuthego ya ga Jehofa e ka bo e buelela dithuto tsa maaka e ntse e itse, e ne e se kitla e gakolola Basupi ba ga Jehofa le ba ba rerelwang ke bone gore ba bale Baebele.

15. (a) Re tshwanetse go akanyetsa eng fa re dira ditshwetso? (b) Ke eng fa go ka bolelwa gore tiro ya boitshediso ga se yone tiro ya konokono mo Mokereseteng?

15 Fa o dira ditshwetso, ka metlha akanya kafa di ka amang go tshela tumalanong le boineelo jwa gago mo go Jehofa ka gone. Seno se ka nna sa ama tiro ya gago ya boitshediso. A o leka go dira gore e go thuse go tsweledisetsa kobamelo ya boammaaruri pele? Le mororo bathapi ka kakaretso ba fitlhela gore Bakeresete ba ba ineetseng ba a ikanyega e bile ba dira tiro ya bone sentle, gape ba lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ga ba gagamalele maemo gore ba gatele pele mo dilong tsa lefatshe e bile ga ba gaisane le ba bangwe go bona ditiro tsa maemo a a kwa godimo thata. Seno ke ka gonne mokgele wa Basupi ga se go nna le dikhumo, go tuma, go nna le maemo a a kwa godimo kgotsa go nna le dithata. Selo se se botlhokwa go di gaisa tsotlhe mo bathong ba ba tshelang tumalanong le boineelo jwa bone mo Modimong ke go dira thato ya Modimo. Tiro ya boitshediso e e ba thusang go nna le dilo tse ba di tlhokang tsa botshelo yone e tla morago. Jaaka moaposetoloi Paulo, tiro ya bone ya konokono ke bodiredi jwa Bokeresete. (Ditiro 18:3, 4; 2 Bathesalonika 3:7, 8; 1 Timotheo 5:8) A dilo tse di direlwang Bogosi di nna di tla pele mo botshelong jwa gago?—Mathaio 6:25-33.

16. Re ka dirang fa tlhobaelo e e sa tshwanelang e dira gore go nne thata go tshela tumalanong le boineelo jwa rona mo Modimong?

16 Bangwe ba ka tswa ba ile ba batla ba fekeediwa ke ditlhobaelo tse di farologaneng pele ba ithuta boammaaruri. Mme a bo dipelo tsa bone di ile tsa phophoma ka boitumelo, tebogo le go rata Modimo jang ne fa ba ne ba ithuta ka ditsholofetso tsa Bogosi! Go akanya ka masego a ba ileng ba a ipelela fa e sa le ka nako eo go ka nna ga ba thusa go tshela tumalanong le boineelo jwa bone mo go Jehofa. Ka fa letlhakoreng le lengwe, go tweng fa go tlhobaela ka tsela e e sa tshwanelang ka mathata a a tlwaelegileng a botshelo mo tsamaisong eno go hupetsa “lefoko la Modimo,” fela jaaka mebitlwa e ka dira gore dimela tse di sa ntseng di tlhoga di se ka tsa gola gore di bo di ungwe? (Luke 8:7, 11, 14; Mathaio 13:22; Mareko 4:18, 19) Fa o akanya gore seno se simolola go go diragalela kgotsa go diragalela lelapa la gago, latlhela tlhobaelo ya gago mo go Jehofa mme o mo rapele gore a go thuse go gola mo go bontsheng lorato le tebogo. Fa o latlhela tlhobaelo ya gago mo go ene, o tla go tshegetsa a bo a go nonotshe gore o tswelele o mo direla ka boitumelo ka pelo e e nitameng.—Pesalema 55:22; Bafilipi 4:6, 7; Tshenolo 2:4.

17. Re ka kgona jang go lebana le diteko tse di masisi?

17 Nna o rapele Jehofa Modimo ka metlha, fela jaaka o ne wa rapela fa o ne o ineela mo go ene. (Pesalema 65:2) Fa o raelesega go dira sengwe se se sa siamang kgotsa o lebane le teko e e masisi, kopa Modimo gore a go kaele le gore a go thuse go latela kaelo eo. Nna o gakologetswe gore go botlhokwa go nna le tumelo, ka gonne morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “Fa mongwe wa lona a tlhoka botlhale [jwa go lebana le teko], a a nne a kope Modimo, gonne o naya botlhe ka bopelotshweu e bile a sa kgobe; mme o tla bo newa. Mme a a nne a kope ka tumelo, a sa belaele ka gope, gonne yo o belaelang o tshwana le lekhubu la lewatle le le kgweediwang ke phefo e bile le phailakwa. Tota e bile, a motho yoo a se ka a tsaya gore o tla amogela sengwe mo go Jehofa; ke motho yo o sa kgoneng go dira tshwetso, yo o sa nitamang mo ditseleng tsotlhe tsa gagwe.” (Jakobe 1:5-8) Fa go lebega e kete teko e a re fekeetsa, re ka tlhomamisega ka seno: “Ga go thaelo epe e e lo wetseng fa e se e e tlwaelegileng mo bathong. Mme Modimo o a ikanyega, e bile ga a na go lo lesa lo raelwa go feta se lo ka se itshokelang, mme mmogo le thaelo gape o tla dira tsela ya go tswa gore lo kgone go e itshokela.”—1 Bakorintha 10:13.

18. Re ka dirang fa boleo bongwe jo bo masisi jo re bo fitlhileng bo koafatsa boikemisetso jwa rona jwa go tshela tumalanong le boineelo jwa rona mo go Jehofa?

18 Go tweng fa e le gore segakolodi sa gago se tshwenngwa ke boleo bongwe jo bo masisi jo o bo fitlhileng e bile bo koafatsa boikemisetso jwa gago jwa go tshela tumalanong le boineelo jwa gago mo Modimong? Fa o ikwatlhaya, o ka gomodiwa ke go itse gore Jehofa ‘ga a kitla a nyatsa pelo e e phatlogileng le e gateletsweng.’ (Pesalema 51:17) Senka thuso ya bagolwane ba ba lorato ba Bakeresete, ka go itse gore—e re ka ba etsa Jehofa—ga ba kitla ba tsaya keletso ya gago ya go tsosolosa kamano ya gago le Rrago wa selegodimo motlhofo. (Pesalema 103:10-14; Jakobe 5:13-15) Mme fa o sena go boa o nonofa gape mo semoyeng le go nna le pelo e e nitameng, o tla kgona go tlhamalatsa ditsela tsa gago e bile o tla fitlhela go kgonega go tshela tumalanong le boineelo jwa gago mo Modimong.—Bahebera 12:12, 13.

Nna o Direle ka Pelo e e Nitameng

19, 20. Ke eng fa go le botlhokwa gore re tswelele re tshela tumalanong le boineelo jwa rona?

19 Mo metlheng eno ya mathata, re tshwanetse go dira ka natla go tshela tumalanong le boineelo jwa rona mme re nne re direla Modimo ka pelo e e nitameng. Jesu o ne a re: “Yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.” (Mathaio 24:13) E re ka re tshela mo “metlheng ya bofelo,” bokhutlo bo ka nna jwa tla nako nngwe le nngwe. (2 Timotheo 3:1) Mo godimo ga moo, ga go na ope wa rona yo o ka tlhomamisegang gore a re tla bo re sa ntse re tshela ka moso. (Jakobe 4:13, 14) Ka jalo, go botlhokwa gore re nne re tshele tumalanong le boineelo jwa rona gompieno!

20 Moaposetoloi Petere o ne a gatelela seno mo lekwalong la gagwe la bobedi. O ne a bontsha gore fela jaaka batho ba ba boikepo ba ne ba nyelediwa ke Morwalela, lefatshe la tshwantshetso, kgotsa setšhaba se se boikepo sa batho, le sone se tla senngwa mo “letsatsing la ga Jehofa.” Ka jalo Petere o ne a bolela jaana: “Ana lo tshwanetse go nna batho ba mofuta ofe mo ditirong tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo”! Gape o ne a ba kgothatsa jaana: “Lona baratwa, ka lo na le kitso eno go sa le gale, nnang lo itisitse gore lo se ka lwa [timediwa ke barutisi le baikepi] mme lwa wa mo go nitameng ga lona.” (2 Petere 3:5-17) A bo e ne e tla nna selo se se utlwisang botlhoko jang ne fa motho yo o kolobeditsweng a ne a ka timediwa a bo a swa e le motho yo o neng a se ka a tswelela a na le pelo e e nitameng!

21, 22. Mafoko a Pesalema 57:7 a itshupile jang a le boammaaruri mo go Dafide le mo Bakereseteng ba boammaaruri?

21 Boikemisetso jwa gago jwa go tshela tumalanong le boineelo jwa gago mo Modimong bo ka nna jwa nonofa fa o nna o akantse ka letsatsi le le itumedisang le o neng wa kolobediwa ka lone o bo o kopa Modimo gore a go thuse gore mafoko le ditiro tsa gago di itumedise pelo ya gagwe. (Diane 27:11) Jehofa ga a ke a latlha batho ba gagwe, mme ruri re tshwanetse go ikanyega mo go ene. (Pesalema 94:14) O ne a bontsha kutlwelobotlhoko le bopelotlhomogi ka go senya maano a baba a bo a golola Dafide. E re ka Dafide a ne a itumeletse seno, o ne a bolela gore lorato lwa gagwe mo Mogoloding wa gagwe lo nitame, lo ka se reketlisiwe. O ne a opela jaana go tswa pelong: “Pelo ya me e nitame, wena Modimo, pelo ya me e nitame. Ke tla opela ke bo ke letse pina.”—Pesalema 57:7.

22 Jaaka Dafide, Bakeresete ba boammaaruri ga ba reketle mo boineelong jwa bone mo Modimong. Ka dipelo tse di nitameng, ba leba Jehofa e le ene mogolodi wa bone le mmoloki wa bone yo ba mo opelelang dipako ka boipelo. Fa pelo ya gago e nitame, e tla ikaega ka Modimo, mme o tla kgona go tshela tumalanong le boineelo jwa gago ka thuso ya gagwe. Ee, o ka tshwana le motho “yo o siameng” yo mopesalema a neng a opela jaana ka ene: “Ga a kitla a boifa le tsone dikgang tse di bosula. Pelo ya gagwe e nitame, e dirilwe gore e ikanye Jehofa.” (Pesalema 112:6, 7) Ka go dumela mo Modimong le go mo ikanya ka botlalo, o ka kgona go tshela tumalanong le boineelo jwa gago le go tswelela o direla Jehofa ka pelo e e nitameng.

A o A Gakologelwa?

• Ke eng fa re tshwanetse go tswelela pele re ithuta kitso e e tlhomameng ya Baebele?

• Ke eng fa re tshwanetse go nna re akantse ka boikwatlhao le go sokologa ga rona?

• Go gakologelwa boineelo jwa rona le kolobetso go re solegela molemo jang?

• Ke eng se se tla re thusang go nna re direla Jehofa ka pelo e e nitameng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

A o ipoloka o tsogile sentle semoyeng ka go bala Lefoko la Modimo letsatsi le letsatsi?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Go dira gore bodiredi jwa Bokeresete e nne yone tiro ya rona ya konokono go re thusa go tswelela re direla Jehofa ka pelo e e nitameng