Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A go siame go rapela Modimo kwantle ga go dirisa mafoko a a reng “ka leina la ga Jesu”?

Baebele e bontsha gore Bakeresete ba ba batlang go rapela Jehofa ba tshwanetse go dira jalo ka leina la ga Jesu. Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.” A oketsa jaana: “Le fa e le eng se lo se kopang ka leina la me, ke tla se dira, gore Rara a tle a galalediwe ka ga Morwa. Fa lo kopa sengwe ka leina la me, ke tla se dira.”—Johane 14:6, 13, 14.

Fa Cyclopedia of Biblical, Theological, and Ecclesiastical Literature e bua ka boemo jwa ga Jesu jo bo tlhomologileng e bolela jaana: “Motho yo o tshwanetseng go rapelwa ke Modimo a le esi ka Jesu Keresete yo e leng Motsereganyi. Ka jalo, dithapelo tsotlhe tse di direlwang baitshepi kana baengele ga se tsa lefela fela, mme gape di a tlhapaola. Kobamelo epe fela e e neelwang sebopiwa sengwe, go sa kgathalesege gore sebopiwa seo se tlotlometse go le kana kang, ke kobamelo ya medingwana, mme e ilediwa ka mo go feletseng mo molaong o o boitshepo wa Modimo.”

Go tweng fa e le gore morago ga gore motho a diragalelwe ke sengwe se se molemo a bo a re, “Ke a go leboga Jehofa” a bo a sa oketse ka go re “ka leina la ga Jesu”? A se se tla bo se sa tshwanela? Nnyaa. A re re Mokeresete o lebana le kotsi a sa lebelela mme a bo a goa a re: “Jehofa, nthuse!” Modimo a ka se ka a gana go thusa motlhanka wa gagwe fela ka gonne a sa re “ka leina la ga Jesu.”

Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go ela tlhoko gore go buela kwa godimo fela le Modimo ga go reye gore gone ka bogone ke thapelo. Ka sekai, fa Jehofa a sena go atlhola Kaine ka go bo a ne a bolaile morwarragwe e bong Abele, o ne a re: “Go otlhaelwa phoso ga me go gogolo thata mo ke ka se go emeleng. Bona, mo letsatsing leno o a nteleka gore ke tswe mo godimo ga lefatshe, mme ke tla bo ke fitlhetswe sefatlhego sa gago; e bile ke tla nna mokgarakgatshegi le mofaladi mo lefatsheng, mme ga go na pelaelo gore mongwe fela yo o mponang o tla mpolaya.” (Genesise 4:13, 14) Le mororo Kaine a ne a bua le Jehofa, ngongorego ya gagwe e ne e le malebana le ditlamorago tse di botlhoko tsa boleo.

Baebele e re bolelela jaana: “Modimo o ganetsa ba ba mabela, mme o naya ba ba boikokobetso bopelonomi jo bo sa ba tshwanelang.” Fa re bua le Mogodimodimo jaaka e kete ke motho yo o tlwaelegileng fela go tla bo go supa gore ga re ikokobetse. (Jakobe 4:6; Pesalema 47:2; Tshenolo 14:7) Mme gape e tla bo e le go sa bontshe tlotlo fa e le gore re itse gore Lefoko la Modimo le a reng ka seabe sa ga Jesu mme ka boomo fela re bo re rapela kwantle ga go tlotla Jesu Keresete.—Luke 1:32, 33.

Se ga se reye gore Jehofa o lebeletse gore re nne le mokgwa o o rileng kana re itlhomele tsela e e rileng ya go rapela. Ntlha e e botlhokwa ke boemo jwa pelo ya motho. (1 Samuele 16:7) Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., molaodi wa sesole wa Moroma yo o bidiwang Korenelio o ne “a kokotlela Modimo a sa kgaotse.” Korenelio yo e neng e le Moditšhaba yo o sa rupisiwang, o ne a sa ineela mo go Jehofa. Le fa gone go ka se ka ga direga gore fa a ne a rapela dithapelo tsa gagwe o ne a dirisa leina la ga Jesu, di ne tsa “[tlhatloga] e le kgopotso fa pele ga Modimo.” Ka ntlha yang? Ka gonne “motlhatlhobi wa dipelo,” o ne a bona gore Korenelio e ne e le “monna yo o ineetseng le yo o boifang Modimo.” (Ditiro 10:2, 4; Diane 17:3) Fa Korenelio a sena go itse kaga “Jesu yo o neng a tswa Nasaretha,” o ne a amogela moya o o boitshepo mme a nna morutwa yo o kolobeditsweng wa ga Jesu.—Ditiro 10:30-48.

Kgabagare, ga se batho ba ba swetsang gore ke dithapelo dife tse Modimo a di utlwang. Fa ka dinako tse dingwe Mokeresete a bua le Modimo mme a bo a lebala go dirisa polelwana e e jaaka “mo leineng la ga Jesu” ga go tlhokege gore a ithwese morwalo wa go ikutlwa molato. Jehofa o itse ditlhaelo tsa rona sentle mme o batla go re thusa. (Pesalema 103:12-14) Re ka tlhomamisega gore fa re nna le tumelo mo go “Morwa Modimo . . . , go sa kgathalesege gore ke eng se re se kopang kafa thatong ya gagwe, o a re utlwa.” (1 Johane 5:13, 14) Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba boammaaruri ba lemoga seabe se Jesu a nang naso mo maikaelelong a ga Jehofa go ya ka tsela e go tlhalosiwang ka yone mo Dikwalong, segolobogolo fa ba emela ba bangwe ka go rapela phatlalatsa. Mme ba leka ka kutlo go tlotla Jesu ka go isa dithapelo tsa bone go Modimo ka ene.