Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Fa go Le Botlhale Gore o Tshabe

Fa go Le Botlhale Gore o Tshabe

Fa go Le Botlhale Gore o Tshabe

MO LEFATSHENG la gompieno gantsi go rena moya wa go nna pelokgale le go rata ntwa kana go na le dilo di le dintsi tse di raelang. Gantsi fa motho a tshaba boemo jo bo rileng o tsewa a le bokoa kana e le legatlapa. A ka nna a bo a sotliwa.

Le fa go ntse jalo, Baebele e bontsha sentle gore go na le dinako dingwe tse ka tsone go leng botlhale e bile e le bopelokgale go tshaba. Go bona boammaaruri jwa seno, pele ga Jesu Keresete a romela barutwa ba gagwe mo bodireding, o ne a ba raya a re: “Fa ba lo bogisa mo motseng o mongwe, tshabelang kwa go o mongwe.” (Mathaio 10:23) Ee, barutwa ba ga Jesu ba ne ba tshwanetse go leka go itshomola mo babogising ba bone. Ba ne ba sa tshwanela go dira sepe se se jaaka ntwa ya bodumedi, ba leka go sokolola ba bangwe ka dikgoka. Ba ne ba tshwere molaetsa wa kagiso. (Mathaio 10:11-14; Ditiro 10:34-37) Ka jalo go na le gore Bakeresete ba galefe, ba ne ba tshwanetse go tshaba, ba tloge mo go se se ba galefisang. Ka go dira jalo, ba ne ba tla boloka segakolodi se se siameng le kamano ya bone e e botlhokwatlhokwa le Jehofa.—2 Bakorintha 4:1, 2.

Go na le sekai se se farologaneng le seno mo bukeng ya Baebele ya Diane. E bua ka lekawana lengwe le mo boemong jwa gore le tshabe fa le raelesega, le ileng la latela seaka “jaaka poo e e tlang go tlhabiwa.” Matswela e nnile afe? E ne ya nna masetlapelo ka gonne o ne a ineela mo thaelong e e amang botshelo jwa gagwe.—Diane 7:5-8, 21-23.

Go tweng fa e le gore o lebana le thaelo ya go kopanela mo boitsholong jo bo sa siameng jwa tlhakanelodikobo kana o lebana le kotsi e nngwe? Go ya ka Lefoko la Modimo, kgato e e siameng e o tshwanetseng go e tsaya ke go tshaba, go dira gore o tswe mo lefelong leo ka bonako.—Diane 4:14, 15; 1 Bakorintha 6:18; 2 Timotheo 2:22.